LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 7/1 ts. 14-15
  • Go Galaletsa Leina la ga Jehofa mo Ditlhaketlhakeng tsa Lewatle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Galaletsa Leina la ga Jehofa mo Ditlhaketlhakeng tsa Lewatle
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Jehofa—Leina leo le Neng le Itsege Sentle Pele
  • Maiteko a go Timetsa Leina
  • Mofemedi wa Leina
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 7/1 ts. 14-15

Go Galaletsa Leina la ga Jehofa mo Ditlhaketlhakeng tsa Lewatle

A O KO o akanye ka kgakgamalo ya motlhotlhomisi yoo e reng fa a tlhoma lonao lwa gagwe mo setlhaketlhakeng sengwe “se se sa itseweng” a fitlhela folaga ya naga ya ga bone koo mo patlelong fela. Masimologong a lekgolo la bo-19 la dingwaga, John Williams, yo o neng e le leloko la London Missionary Society, o ne a bona kgakgamalo e e tshwanang fa a goroga mo Rarotonga, mo e neng e le setlhaketlhake se sebotlana mo Cook Islands, mo borwa jwa Pacific. Mo setlhaketlhakeng sena se a neng a akanya gore e ne e le ene moemedi wa ntlha wa La-Bodumedi mo go sone, o ne a lemoga gore go ne go na le aletare eo e neng e diretswe go tlotla Jehofa le Jesu Keresete. Pego ya maeto a morongwa yono e tlhalosa se se latelang:

Dingwaga pele ga Williams a goroga, mosadi mongwe o ne a tlile go tswa kwa Tahiti mme a ile a bua le baagi ba koo kaga dikgakgamatso tse ene a di boneng kwa lefatsheng la ga bone. O ne a ba bolelela kafa go nang le batho basweu ba ba bidiwang Cookees (ba ba teeletsweng ka Captaiñ Cook). O ne a tlhalosa ka didirisiwa tsa tshipi tseo ba neng ba di dirisa mo boemong jwa marapo go rema ditlhare le go betla mekoro ka motlhofo le ka bofefo. Mme o ne a ba bolelela gape kafa batho basweu ba neng ba obamela Modimo Jehofa le Jesu Keresete ka gone. Ka go kgatlhwa ke seo thata, malomaagwe kgosi ya setlhaketlhake seo o ne a fetsa ka gore a age aletare le marae tseo di neng di diretswe bone.a Ka tsela eno, leina la Modimo ka sebele le ne la fitlha mo Ditlhaketlhakeng tsa Polynesia pele ga barongwa ba La-Bodumedi.

Jehofa—Leina leo le Neng le Itsege Sentle Pele

Fa ba ne ba simolola go ruta batho ba Polynesia bodumedi jwa bone, barongwa ba La-Bodumedi ba ne ba lemoga gore go ne go obamelwa medimo e le ment si mo ditlhaketlhakeng tseo. Gore go se nne ketsaetsego epe ka ntlha ya medimo eno, ba ne ba simolola go bitsa Modimo Mogodimodimo ka leina la gagwe go na le ka sereto fela jaaka Morena, Wa-Bosakhutleng, kana le eleng Atua, leina le le rayang “Modimo” mo bontsing jwa dipuo tsa Sepolynesia. Ka jalo baagi ba setlhaketlhake sena ba ne ba ithuta go rapela Jehofa, ba dirisa leina la gagwe la sebele.

Moragonyana, dithanolelo tsa ntlha tsa Bibela di ne tsa tlhaga mo dipuong tsa mafelo ao. Ka mo go utlwalang he, ba ne ba dirisa leina la sebele la Modimo: Iehova ka Sehawaii, Serarotonga, Setahiti, le Seniuea; Ieova ka Sesamoa; le Ihowa ka Semaori. Se sengwe gape se se neng se tshwaega ke gore, mo dithanolelong di le dintsi leina le ne le bile le tlhaga le mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete (Testamente e Ntšha).

Kokomana ya bogologolo ya Bamaori mo New Zealand ba santse ba gakologelwa fa leina la ga Jehofa le ne le dirisiwa thata thata—segolo bogolo go marae. Fa go na le ditiro dingwe tsa semmuso, go ne go a tle go dirisiwe ditsopolo tse di tshwanang le “go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale” jaaka bontlhanngwe jwa mafoko a go simololwang ka one fa go amogelwa batlotlegi ba ba etileng. Mo Polynesia yotlhe, dikereke di ne di dirisa leina leo thata mo ditherong tsa tsone. Le gone jaanong jaana, bagodi ba itse leina la Modimo ka dipuo tsa bone. Lefa go ntse jalo, ga go a nna jalo ka kokomana ya babotlana, bao ba latlhileng mekgwa ya bogologolo ya botshelo.

Maiteko a go Timetsa Leina

Moragonyana, dithanolelo di le dintsinyana tsa Sepolynesia di ne tsa gatisiwa sesha. Fela jaaka go ile ga diragalela dikgatiso tse di farologaneng tse disha mo Yuropa le mo Amerika Bokone, nngwe ya diphetogo tse dikgolo e ne e le go phimola leina Jehofa (kana mafoko ape fela a a gautshwane le lone). Ka jalo, le ne la emisediwa ka Alii (Morena) mo kgatisong e ntšha ya Bibela ya Sesamoa e e neng ya nna gone ka 1969, mme go rulaganyeditswe kgatiso e ntsha gape ka Seniuea.

Gone ke boammaaruri gore baagi ba Polynesia ga ba tlhole ba obamela medimo ya bone kana medimo ya disetwa jaaka ba ne ba dira pele, lefa e le ene lo wa Sefatlhego se se Fitlhegileng, yo pele e neng e le modimo o mogolo wa Bamaori. A mme seo se fa baranodi ba Bibela tetla epe ya gore ba dire gore leina la Modimo wa Bibela le nne le le sa itsegeng ka go emisetsa lei na la gagwe ka sereto fela? A leina leno ga le na botlhokwa bope gompieno? Tota ruri nnyaa, ereka jaana Jesu ka boene, mo thapelong ya gagwe ya sekao, a ne a ruta barutwa ba gagwe gore selo sa ntlha ba rapelele gore leina leo le itshepisiwe.b

Mofemedi wa Leina

Go sa kgathalesege ditiragalo tseno tsa bosheng, ga go bonale gore leina Jehofa le tloga le nyelela mo Polynesia. Ka ntlhayang go sa nna jalo? Ka go bo, fela jaaka go ntse mo mafatsheng otlhe a mangwe, Basupi ba ga Jehofa ba etela baagi ba ditlhaketlhake tseno ka metlha yotlhe gore ba tle ba ba itsise leina leo. Gone jaanong jaana go na le Basupi ba ba fetang 16 000 mo karolong eno ya lefatshe ba ba dirang mmogo mo tirong eno e e botlhokwa, mme ba bontsha ba ga bone botlhokwa jwa go nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo le go dirisa thuto eo. Seo ke sone se bolelwang ke go obamela Modimo le go itshepisa leina la gagwe.—Yohane 4:21-24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Marae pelepele e ne e le lesakana le le boitshepo le le neng le dirisediwa ditiro tsa bodumedi le tsa morafe. Gompieno gantsi le dirisediwa lefelo leo morafe o phuthegelang mo go lone.

b Thapelo ya sekao eo Jesu a neng a e rota barutwa ha gagwe (e gantsi e bidiwang ya Rraetsho) e simolola ka mafoko ano: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè.”—Mathaio 6:9.

[Mmapa mo go tsebe 14]

(For fully formatted text, see publication)

Hawaii

Samoa

Niue

Tahiti

Rarotonga

New Zealand

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Tutuila, Americañ Samoa

Lake Gunn, New Zealand

Savaii, Western Samoa

Avatela Beach mo Niue Island

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela