Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Boloka Bothokgami Tlase ga Thibelo
GO SETSE jaanong go fetile dingwaga di le 11 tiro ya go rera e thibetswe ka taolo ya semmuso mo nageng nngwe mo Borwa-Botlhaba jwa Asia. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, bakaulengwe ba ne ba tlhomamisa gore go tshwanetse ga bo go na le batho bangwe ba ba nang le maikutlo a mantle mo pusong bao ba nang ba ka rata go ba golola mo boemong joo. Go bonala fa thibelo a ne e rotloeditswe ke tlhotlheletso e e nonofileng ya ditumelo tsa La-Bodumedi mo badiring ba puso.
Ka dinako tse dingwe bakaulengwe ba ile ba tsenngwa leitlho thata, ba tshwarwa, le go bodiwa dipotso thata. Ba ba di rang mo maphateng a puso ba ile ba tshosediwa ka go re ba tla fokolediwa maemo kana ba patelediwe go tlogala tiro fa ba ne ba sa nne maloko a lekoko la sepolotiki la Naga eo. Setlhopha sengwe sa baboledi se ne sa itewa mo go botlhoko.
Basupi gape ba ne ba amogwa ditshwanelo tsa kafa molaong, jaaka gore ba ikuele mo dikgotlatshekelong tsa morafe le tshwanelo ya bone ya go tsamaisa diphitlho. (Babusi ba tlhopha moruti gore e nne ene a dirang seno.) Mo mafelong mangwe, le e leng go kwadisa manyalo go rontshiwa Basupi!
Lefa go le jalo, bao ba okametseng tira koo ba bega jaana: “Ka ditsela tse di sa tshwaneng, koo bakaulengwe ba itebaganyang le seemo ka bopelokgale, baa fa bosupi ka tlotlo go tswa mo Bibeleng, ditlhotlhomiso kgabagare di a emisiwa, le go tsenngwa leitlho go fokotsege, mme seo se kgonisa gore bakaulengwe ba tswelele pele ka tiro ya bone ya go rera le go dira barutwa.”—Mathaio 28:19, 20.
Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o neng a tlhotlhomisiwa o ne a bodiwa gore re bona leina Jehofa fa kae. Ka bopelokgale o ne a bu la Bibela ya gagwe go Ekesodo 15:3, koo lei na le tlhagang gone. Motlhotlhomisi, yo o neng e le tlhogo ya masole, o ne a bal a mo teng ga Bibela ya gagwe, me are: “Ee, ruriruri, le teng mo Bibaleng.” Go tswa foo, fa a gadimela kwa moruting yo o neng a thusa mo ditlhotlhomisong, o ne a botsa a re: “Ke ka ntlhayang fa 10 sa bolelele batho kaga leina leo?” Moruti ka botlhokakitso o ne a araba are, “Ebu, leina leo le mo Testamenteng e Kgologolo. Mme ka go bo naga eno e sena dikamano dipe tsa semmuso le Iseraele, ke sone se re sa diriseng leina leo.” Kgaitsadi o ne a gololwa ka bofefo!
Ka go lomiwa tsebe ke motho “yo o kgatlhegang,” mapodise a ne a phimola ya ntlha mo di kopanong tse tharo tsa kgaolo mo bosigong jwa pele ga e simologa! Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsinyana bao ba neng ba na le maikutlo a mantle mo sepodising ba ne ba thusa gore go se nne ditlhotlhomiso dipe tse di neng di tla dirwa. Ka bopelokgale, bakaulengwe ba ne ba tshwara dikopano tse dingwa tse pedi.
Go sa kgathalesege kganetso e e nonofileng ya sedumedi mo nageng eno, go santse go na le bathe ba ba ratang tshiamo. Ka sekai, mohiri mongwe, fa a sena go bona boikanyegi jwa bakaulengwe mo melao-metheong le mo tumelong ya bone, o ne a simolola go ikanya Qakaulengwe. Ba fiwa maikarabelo a mantsi mo tirong.
Dilo tse di tshwanang di diragalela bana ba sekolo. Barutabana ba ba pelo-di-ntle ba ba ratela boemo jwa bone jo bo nitameng mo tumelong ya bone.
Lemororo seemo mo tshimong se ntse se tokafalela bakaulengwe ba rona, dikereke di santse di tsweletse ka leferetlho la tsone le go leka ka ditsela tsotlhe go emisa tiro ya go neela bosupi. Ka dinako tse dingwe ba leka go gobatsa mo mmeleng bao ba ithutang Bibela le Basupi. Lefa go ntse jalo, batho ba ba kgatlhegang ba santse ba ketemela mo phuthegong ya ga Jehofa. Maitemogelo mangwe ke a mosadimogolo mongwe yo o neng a le dingwaga tsa bo-70. Fa a sena go ariwa lengwe la matlho a gagwe, o ne a bontsha kafa a neng a eletsa go nna mmulatsela yo o thusang ka gone. Ka ntlha ya dingwaga tsa gagwe, pele o ne a ikutlwa gore patlafalo ya dioura tse 60 e ne e mo fetile, mme morago ga go iteka,o ne a lemoga gore o ka kgona. Tota, e ne ya re mo malatsing a le lesome fela, a bo a tladitse dioura di le 38 mo tirelong ya tshimo; a tsamaisitse dibuka di le pedi, dibukana di le tharo, le dimakasine di le pedi mo tshimong e e boima; ebile a simolotse dithuto tsa Bibela di le pedi. O ne a itumela thata!
Ka kakaretso, seemo sa tirelo ya tshimo mo nageng eno se molemo thata. Segolo bogolo morago ga ditlhopho, bakaulengwe ba ile ba kgona go tsena mo met haleng e e farologaneng ya go neela bosupi. Se no ruri se ne sa akofisa tiro. Mmoledi wa ka metlha o kgona go nna le dithuto tsa Bibela di supa kana di le lesome. Pele, beng ba matlo ba ne ba kgatlhegela go itse gore re bomang, re tswa kae, jalo le jalo. Jaanong ga go sa tlhole go tlhokafala thata gore bakaulengwe ba ipolele. Batho ba nyoretswe dijo tsa semoya tse di kgorisang. Masimo ruri a siametse go rojwa.—Mathaio 9:37, 38.
Ruriruri, bakaulengwe mo lefatsheng leno ba ile ba boloka bothokgami kafa tlase ga teko, mo bosheng jaana ba neng ba ipalala koketsego ya 7 mo lekgolong ya baboledi! Ba bua fela jaaka mopesalema fa a ne are: “Kaga me ke tla nna ke tsamaea mo go tlhokeñ molato [bothokgaming, NW] ga me.”—Pesalema 26:11.