LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/15 ts. 24-26
  • Boidiidi Jwa Batho bo ne Jwa Utlwa Jesu Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boidiidi Jwa Batho bo ne Jwa Utlwa Jesu Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tla O Etele Lewatle la Galilea!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Genesereta—‘E E Gakgamatsang Ebile E le Ntle’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A7-D Ditiragalo Tsa Botlhokwa Tsa Botshelo Jwa ga Jesu mo Lefatsheng—Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Galalea (Karolo 2)
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Mesia O ne A Diragatsa Boporofeti
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/15 ts. 24-26

Boidiidi Jwa Batho bo ne Jwa Utlwa Jesu Jang?

EFANGELE ya ga Mathaio e bega gore nako nngwe Jesu o ne “a tsèna mo mokoroñ adula gōna; me bontsi yotlhe yoa batho yoa èma ha thokō ga lewatlè. Me a bua nabō dilō di le dintsi ka dichwanchō.” (Mathaio 13:1-35; Mareko 4:1-9) Robert J. Bull le B. Cobbey Crisler ba tsosa dipotso dingwe tse di kgatlhisang malebana le polelo eno, mo bukeng ya bone e e bidiwang Come See the Place: The Holy Land Jesus Knew. Ba botsa ka go re: “Motho o ka bo a ne a utlwiwa jang ke ‘boidiidi jo bogolo jwa batho’ a sa dirise segodisa lentswe sa mofuta mongwe fela? Ebile a go ka kgonega go boñ a lefelo le le fa thoko ga lewatle leo le kgonang go godisa modumo mo go kalo?” Gongwe le wena o ntse o ipotsa kaga seno.

Ebu, elatlhoko karabo ya bone: “Mo mekgatsheng e mentsi ya Kaperenama, go na le mongwe oo bosheng jaana go fitlhetsweng fa o na le dibopego tsa go godisa modumo fela jaaka lefelo la bophuthegelo la tlholego. Ditekeletso tsa go utlwala kgakala ga modumo di dirilwe mo lefelong leno go bontsha gore ‘boidiidi jo bogolo’ jwa batho ba ba ka nnang dikete tse tlhano go ya go tse supa, bao ba neng ba phuthegetse fano, eleruri ba ne ba bona sentle ba bo ba utlwa motho yo o neng a bua a le mo mokorong o o neng o le gaufi le mokgatšha.” Mme ditekeletso tseno tsa go utlwala kgakala ga modumo di ne tsa dirwa jang? Virginia Bortiñ, mokwadi wa dikgang tsa thutamarope, o tlhalosa jaana mo go The Sañ Juañ Star, eleng koranta ya Puerto Rico.

Go ya ka Bortiñ, moithuta-marope B. Cobbey Crisler, yoo a thusitseng mo go kwaleng buka e e umakilweng fa godimo, le moenjenere wa tsa modumo ebong Mark Myles ba ne ba dira ditekeletso tseo “gaufi le Tell Hum, fa Kaperenama wa bogologolo a neng a le gone.” Koo “lefatshe le tlhatlogela kwa godimo go sekae go tswa Lewatleng la Galilea go ya tseleng ya segompieno e e bokgakala jwa selekanyo sa lebala la metshameko.” Crisler o ne a gobuela kwa mokgatšheng oo mme a ema mo godimo ga letlapa le legolo koo. Go tswa foo a bo a tlatsa dibalunu tse di lekanang gore di tle di dire modumo o o tshwanang ka moya mme a bo a di thuba morago ga sebaka se se lekantsweng sa nako. Myles, a dirisa selekanya-modumo sa eleketeroniki, o ne a kwala selekanyo sa modumo fa a ne a ntse a palamela go ya kwa tseleng. Go tswa foo Crisler o ne a tla fa losing lwa lewatle mme a nna a thubela dibalunu foo. Diphelelo e ne ya nna dife? Modumo o ne o le mogolo go tswa fa letlapeng le le mo mokgatšheng go feta go tswa fa losing lwa lewatle! Ka mo go kgatlhisang, fa Crisler a ne a le mo mokgatšheng, bajanala ba le mmalwa ba ne ba emisa dikara fa tseleng e e fa godimo ga gagwe. O ne a kgona go utlwa sentle fa motho mongwe a ne a botsa are: “O dira eng kwa tlase kwa?” Yo mongwe a araba ka go re: “Ga ke itse. O eme fela a tshotse dibalunu tse dikhubidu.”

Go bonala sentle gore, fa batho ba eme kana ba ntse mo lefelong le le lekalekanang, modumo wa lentswe o kgorelediwa ke mebele, meriri, diaparo, dijalo, le lefelo. Lefa go ntse jalo, fa ba le mo godimo ga thaba kana ba le fa go fologelang jaaka kwa gaufi le Kaperenama, sebui, fa se le mo lefelong le le tshwanetseng kwa tlase se bile se le kgakala le bone, se ka utlwiwa, ka jaana lentswe la gagwe le godisiwa thata. Legale, seo se ka sekeng sa tlhokomologiwa ke gore bareetsi ka nako eo ba ne ba reetsa ka tidimalo, le ka moya otlhe gape go ne go sena medumo ya segompieno e e kgoreletsang ya difofane tse dikgolo, dikara, dikoloi, jalo le jalo.

Mme go tweng ka dinako tse dingwe tseo Bibela e begang gore Jesu o ne a bua le boidiidi jo bogolo jwa batho? Crisler le Myles ba tsaya gore Jesu le bat ho ba bangwe ba Bibela bao ba neng ba bua le bareetsi ba bantsi ba ne ba tsaya nako “ba senka mabala ao go neng go itsiwe fa a kgona go godisa modumo ka Uholego mme ba a dirisetsa õ bua le batho ba bantsi.”

Crisler le Myles gape ba dirile ditlhotlhomiso “go tlhomamisa gore ke batho ba le kae bao ba ka bong ba ne ba bona Jesu sentle ka letsatsi leo a neng a bua koo.” Ba tsaya gore ka letsatsi leo go ne go apogile, go sena maru, ba ne ba fopholetsa gore “bareetsi ba ba ka nnang 5 000 le 7 000 ba ka tswa ba ne ba utlwa ba ba ba bona Jesu a bua a le fa losing lwa lewatle.” Seno se ne sa dira gore mokwadi wa koranta ebong Bortiñ a dire phetso ya gore “seno se tshegetsa dipolelo tsa Efangele kaga boidiidi jo bogolo jwa batho bao ba neng ba tswa Palesetine bao ba neng ba fologela kwa Galilea go ya go iponela ka matlho motho yo o neng a fodisa ka dikgakgamatso jaaka fa a ne a bua le bone ka ditshwantsho. Lefelo la kwa Kaperenama leo le nang le bophuthegelo jwa tlholego joo bo bopegileng jaaka sejana eleruri le ne la kgonisa mongwe le mongwe go mmona sentle.

Legale, ga go kake ga bolelwa ka tlhomamo gore Crisler le Myles ba bone lefelo leo tota Jesu a ne a rutela fa go lone fa losing lwa lewatle. Lefa go le jalo, go a kgatlhisa go elatlhoko gore lefelo leo go akanngwang gore ke lone ke leo go nang le masunyana a mantsi le matlapa mo go lone, leo go tlhogang dithunya tsa bosetlha jwa borobe fa gare ga tsone. Ka gone go di dirisa ga ga Jesu mo ditshwantshong tsa gagwe go ka tswa go ne ga tsenya moko mo thutong ya gagwe. Mo lefelong leo modumo o utlwalang sentle kwa kgakala jalo, taolo ya ga Jesu ya go ‘reetsa’ le yone e ka bo e ne e tshwanela thata. (Mareko 4:3) Ka mo go tshwanang, go dirisa ga gagwe lefoko “ditsèbè” le lediri “go utlwa” ka mefuta e mentsi ya lone go tshwanetse ga bo go ne ga tlhaloganngwa motlhofo ke bareetsi botlhe ba gagwe mo lefelong le le ntseng jalo. Ee, botlhe bao ba neng ba nna gone mo ‘bophuthegelong joo jwa tlholego’ ba tshwanetse ba bo ba ne ba seka ba utlwa le go bona Jesu sentle fela mme gape ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhaloganya ka botlalo ditshwantsho tsa gagwe ka go leba fela mo tikologong ya bone.

[Mmapa mo go tsebe 25]

(For fully formatted text, see publication)

Lefelo la:

1. Kaperenama

2. Dipoa tsa Genesareta

3. Tiberio

4. Matso a Noka ya Joredane kafa borwa

5. Thaba ya Tabor

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Nesr Eastern History) Est. and Survey of Israel

Lewatle la Galilea

Galilea

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fa go lebiwa kafa bokone-botlhaba go bapa le Lewatle la Galilea ntlheng ya Kaperenama; go lebilwe go tswa fa losing lwa Dipoa tsa Genesareta

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Sekhutlo se se ka fa bokone-bophirima sa Lewatle la Galilea. Jesu o ka tswa a ne a bua le boidiidi Jwa batho a le mo mokorong gaufi le Kaperenama

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela