LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/15 ts. 21-23
  • Ba ne ba Tlhatswega Pelo Gore Jehofa o a ba Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne ba Tlhatswega Pelo Gore Jehofa o a ba Rata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bosupi jwa Lorato Lwa ga Jehofa
  • Ra ba Ra Fitlha mo Kami
  • Ditonki—Re ne Re ka Kgona Jang Kwantle ga Tsone?
    Tsogang!—2006
  • Go Rerela Batho ba go Seng Motlhofo go ba Fitlhelela
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Jehofa o Segofatsa go sa Itsape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Nka Fenya Jang Kgatelelo ya Maikutlo?
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/15 ts. 21-23

Ba ne ba Tlhatswega Pelo Gore Jehofa o a ba Rata

MAKHUBU a magolo a ne a ntse a itaaka sekepe se se neng se le fa gare ga setsuatsue se segolo mo lewatleng. Bapalami ba sone le bakgweetsi, kwantle ga motho a le mongwe fela, ba ne ba feletswe ke tsholofelo morago ga go lwantshana le metsi a a neng a ntse a kwetoga ka malatsi a le 14. O ne a tshepile gore Jehofa o ne a tla mo sireletsa, jaaka fa a ne a ntse a gakologelwa mafoko a a gomotsang a a neng a re, “Paulo, u se ka ua boiha.” Mo dioureng tsa bofelo tse di latelang sekepe se ne sa ema, se kgonisa botlhe go fologela mo lefatsheng ka pabalesego. Moaposetoloi Paulo o ne a bona gape lebaka la go tlhatswega pelo gore Jehofa o a mo rata.—Ditihō 27:20-44.

A le wena ka go tshwana o tlhatswegile pelo gore Modimo o a go rata? Go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le go dirisa seo o se ithutang go nonotsha ba bangwe go botlhokwa fela thata. Lefa go le jalo, gore o tlhatswege pelo tota gore Jehofa o a go rata, o tshwanetse tota wa tshela ka mafoko a ga Jehofa ka go itemogela go go direla dilo ga gagwe. Mongwe yo o neng a tlhatswega pelo kaga seno ke molebedi yo o etang yo o dirang mo dithabeng tse di kwa godimo tsa Bolivia yoo, fela jaaka ba bangwe ba bantsi, a itemogetseng tlhokomelo ya ga Jehofa.

“Fa ke ne ke direla kwantle ga Oruro,” o a anela, “ke ne ke tshwanetse go etela phuthego nngwe mo Kami, eleng toropo ya meepo e e sekgala sa dikilometara di le 100 go tswa foo. Tsela e e nang le dithota, e e etlang e itswaketsa e etla e palamela bogodimo jwa dimetara di le 4 600 ebile e ka nna kotsi thata, bogolo jang fa pula e na. Gantsi go nna tsididi go fitlhela themperetshara e nna −10° C. kana le eleng kwa tlase.

“Mokaulengwe yo mongwe, ebong Anibal, e ne e le ene yo o neng a tla nkisa ka sethuuthuu sa gagwe, mme re ne ra emelela ka 6:00 a.m., re ipaakanyeditse loeto lwa dioura tse tlhano. Fela fa re emelela pula e ne ya na, mme seretse se ne sa nna sa tsena fa gare ga lootwana le motorosekepe, se dira gore re eme. Re ne re kgona go tsamaya fela morago ga go dira tiro e e seng kana ka sepe ya go gonya seretse. Ke ne ka leka go sireletsa ditlhako tsa me le borokgwe, ke palame kafa morago ga Anibal, mme ka itlhoboga fa di ne di koloba fela thata.

Bosupi jwa Lorato Lwa ga Jehofa

“Go ne go setse go fetile dioura tse thataro fa enjene e ne e tima mo thabeng e e palamelelang, mme ra simolola go relelela kwa morago. Re ne ra fologa ka bofefo, ra leka ka ditsela tsotlhe go tshwara sepalangwa se se bokete seo mo seretseng se se reledisang. Lefa go ntse jalo, seo se ne sa seka sa bereka, mme re ne ra kgobega marapo fa sethuuthuu se wela mo letlhakoreng la molatswana o o boteng jwa dimetara tse 90! Re ne ra leba kwa tlase re tshwere dipelo. Ka mo go gakgamatsang, sepalangwa seo se ne se sa wela kwa teng thata. Lefa go ntse jalo, re ne re sa kake ra kgona go se ntsha kwantle ga thuso.

“Nako e ne ya tsamaya e iketlile, me re ne re sa solofele lefa e le go le gonnye fela gore mongwe o ne a ka tla mo tseleng eo e e sa tsamaiweng thata. Morago ga foo go ne ga tlhaga monna mongwe a na le diesela le di-llama. Fa a ne a bona seemo se se maswe seo re neng re le mo go sone, o ne a bua ka puo ya Se-Quechua are: ‘Ee, ke na le dikgole.’ o ne a golegelela dikgole tsa letlalo mo eseleng le mo sethuuthuung. Go tswa foo, re ne ra tsholetsa kwa tlase fa ene a kgweetsa esela go goga. Kgabagare, morago ga go kgotletsa esela fela thata, re ne ra boela ra tsena mo tseleng, difatlhego tsa rona di tshologa sethitho. Re ne re tla mo leboga ka eng? Re ne ra mo neela buka ya Dipolelo tsa Bibela, mme o ne a kgatlhwa ke buka eo fela thata mo a neng a batla go busa tebogo ya rona ka go re fa dingwe tsa ditapole tse a neng a di rwele!

“En je ne e ne ya duma, mme re ne ra leboga Jehofa fela thata. Fa re ntse re tsamaya, re ne ra akanya gore re eme, ka jaana eñ je ne e ne ya simolola go nna le bothata. Re ne ra goroga fa lebenkeleng la kofi leo le leng nosi fela foo. ‘Lo le lebisitse kae?’ mong wa yone o ne a botsa jalo. Re ne ra mmolelela ra ba ra tlhalosa bothata jwa rona. ‘Ke na le sparkplug le didirisiwa tseo ke tla di lo adimang,’ o ne a rialo. Re ne re sa dumele seo re neng re se utlwa—ka gonne lefelo leno e ne e le leo ditsala gant si di sa ikanngweng mo go lone, re sa bue sepe ka bafeti-ba-tsela. Enjene e ne ya bereka sentle ka e ne e tsentswe sparkplug se sesha.

“Go ne go setse go le lefifi, mme ke ne ka simolola go tlhobaela, ka jaana maoto a me a ne a simolola go swa bogatsu ka baka la serame se se neng se le segolo. Morago ga foo, fa re ne re palamelela kwa godimo eñ je ne e ne ya tima gape. Maiteko a rona a go leka go dumisa sethuuthuu re nt se re se kgorometsa sekgala sa dikilometara di le tharo a ne a seka a thusa sepe. Re ne ra nna go bapa le tsela, ka re ne re lapile fela thata. Go ne go le botoka ka gonne maoto a me a ne a sa tlhole a sule bogatsu! Mme re ne re swabile re bile re sa itse seo re ka se dirang. Re ne ra ikhutsa ka lobakanyana mme ra leka go dumisa eñ je ne gape. A e ne e tla duma?

“Enjene e ne ya duma, seo se neng sa re gakgamatsa. Lefa go ntse jalo, pula jaanong ya simolola go na, mme fa re fologelela gape e ne ya tima gape. Re ne ra nna gape go bapa le tsela, jaanong re ntse mo puleng eo e neng e tsora. Re ne ra ikhutsa gape. Re ne ra leka go dumisa enjene gape re na le dipelaelo—mme e ne ya duma! Mo nakong e khutshwane re ne ra kgabaganya lefelo leo le neng le le kwa godimo thata mo loetong lwa rona. Ke ne ka utlwa ke wela dibete, ke akanya gore lefa enjene e ne e ka tima, e ne e ka nna ya re re welelela ra goroga mo Kami. Mme e ne ya re re welelela fa go kgokologang thata teng matshwaro a boriki a ne a robega a salela mo seatleng sa ga Aníbal! Ke ne ka fologa ka bofefo ke nt se ke itshwareletse ka dithoto kwa morago, ka totometsa dinao tsa me ka bobedi mo mmung mme ka relelela kwa tlase ga thaba. Ka tsela eno re ne ra kgona go ema. Seno se ne sa diragala mo mafologelong a mangwe a mabedi gape.

Ra ba Ra Fitlha mo Kami

“E ne e le ka 3:00 a.m. fa kgabagare re ne re gogora mo Kami. Re ne re tsamaile loeto lwa dioura tse 21. Go ne go tla nna thata go bona bakaulengwe, ereka e ne e le lwa ntlha ke etela koo. Re ne ra nna ra kokota mo matlong mme ra tewa go twe: ‘Tsamayang! Re santse re robetse!’ Morago ga go kokota mo matlong a le mmalwa, ke ne ka bona gore selo se se botoka go se dira e ne e le gore re ikhutse kafa tlase ga borulelo bongwe mme re senke bakaulengwe mo mosong. Ke ne ka itatlhela fa fatshe mme ka thulamela fela thata. Fa ke thanya, ke ne ka iphitlhela ke dikologilwe ke batho. Ka ema ka dinao, mme monna mongwe yo o nonofileng o ne a nkatamela mme a nkampa fela thata. Ee, e ne e le bakaulengwe ba rona! Ba ne ba bonwe ke Anibal. Ke ne ke sa kgone go bua ka boitumelo bo ne bo le bogolo.

“Kwantle ga go senya nako, ba ne ba tsaya dithoto tsa rona, go akareletsa le sethuuthuu se se neng se tletse diretse di bile di se apesitse, seo mokaulengwe a neng tota a se kukela kwa legaeng la gagwe. Baamogedi ba me e n’e e le banyalani ba ba kobo dikhutshwane, mosadi o ne a apere pollera ya mmatota, eleng mosese o o tlhatlaganeng wa lotheka. ‘O tla robala mo 00-laong jwa rona,’ ba ne ba rialo. Ke ne ke sa batle gore ba robale fa fatshe, segolo bogolo ka mosadi a ne a le moimana. Mme ba ne ba mpateletsa.

“Fa ke ne ke thanya e ne e le ka 8:00 a.m. Mongwe o ne a kokota kwa kgorong. ‘Bakaulengwe ba setse ba siametse go ya tirelong,’ ke ne ka bolelelwa jalo. Fa ke ne ke bona difatlhego tsa bone tse di tletseng tsholofelo di phatsima ka kanaanelo, go ne go sena sepe seo ke neng ke ka se dira fa e se go goga mmele wa me o o neng o tletse ditlhabi go tswa mo bolaong go simolola ketelo ya me. Mme a bo e ne e le loeto lo lo omosang pelo jang ne! Jaaka fa ke ne ke tsamaya le bakaulengwe mo bodiheding jwa bone, ba ne ba penologa ka boitumelo le matlhagatlhaga tota. Ke ne ka tlhatlhanya kafa maeto ana a leng botlhokwa ka teng, go sa kgathalesege sotlhe seo se re diragaletseng—a ne a tshwana le ‘dinoka tsa metsi mo sekakeng.’—Isaia 32:2.

“Letsatsi le le latelang re ne ra etela motse oo mo go one moruti wa moefangele a neng a dirile matshosetsi a gore o ne a tla phatlalatsa pokano ya rona fa ke ne ke goroga. Morago ga polelo, monna mongwe yo o nonofileng o ne a nkampa ka tsela ya Se-Boliviaa mme a re ‘Mokaulengwe, o tshotse boammaaruri!’ Morago ga moo, ke ne ka botsa gore ke mang. ‘Ke moruti,’ ba rialo.

“Loeto lwa kwa Kami lo ne lwa fela ka bofefo, mme re ne ra boela kwa morago. Bakaulengwe ba ne ba baakantse sethuuthuu ba bile ba tlhatswitse diaparo tsa rona tsotlhe tseo di neng di tletse seretse. Fa re ne re umaka monna yoo a neng a re adimile didirisiwa, ba ne ba gakgamala, ereka a ne a itsege jaaka motho yo o sekeng a thusa ope. Morago ga re sena go kampana le go tshwarana ka diatla le ba bantsi, re ne ra emelela mme go ise go ye kae ra bo re setse re fitlhile go tla go bona mong wa lebenkele la kofi yo o pelonomi. Morago ga go mmusetsa sengwe le sengwe, re ne ra mmotsa jaana: ‘Re kolota bokae?’ ‘Ga lo kolote sepe,’ o ne a araba jalo. ‘Ke itumeletse go lo thusa!’

“Dioura di le tlhano moragonyana, fa re goroga kwa Oruro, re ne ra akanya kafa go leng botlhokwa ka teng go sa itlhoboge le kafa Jehofa a neng a re tlhokomela ka kgakgamatso ka gone. Anibal o ne a kgothaditswe fela thata ke boitemogelo jono moo a neng a khutsa ka go re: ‘Nka tlogela dilo tsotlhe gore ke boele gape!’ o dirile fela jalo, a isa balebedi ba bangwe ba ba etang kwa Kami le mafelo a mangwe ka sethuuthuu sa gagwe. Ee, re ne re na le lebaka le le nonofileng la go tlhatswega pelo le eleng go feta gore Jehofa o a re rata.”—Jaaka go boletse molebedi wa potologo Ricardo Hernández.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go kampa ga Se-Bolivia go dirwa go tshwaranwa ka diatla, go phaphathanwa mekwatla, go ha go tshwaranwa ka diatla gape.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Tsela e e itsoketsang e e mo dithabeng eo e yang kwa toropong ya meepo ya Kami

Tsela e e fetang fa gare ga dithaba e e yang kwa Kami

Diesela di ka thusa fela thata fa go diragetse kotsi!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela