LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/1 ts. 10-15
  • Jesu Keresete—Morwa Modimo yo o Rategang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu Keresete—Morwa Modimo yo o Rategang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga se ‘Modimo Morwa’ mme ke “Morwa Modimo”
  • Rara o Mogolo mo go Morwa
  • Moya o o Boitshepo—A ke Motho Kana ke Maatla a a Dirang?
  • A Modimo Ka Metlha O Mogolo mo go Jesu?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” ke Mang?
    Tsogang!—2005
  • “Tharo-Nngwe e e Tlotlegang”—A e Teng mo Bibeleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/1 ts. 10-15

Jesu Keresete—Morwa Modimo yo o Rategang

“Lencwe ya cwa mo magodimoñ, ya re, Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.”—MATHAIO 3:17.

1, 2. (a) Ke boammaaruri bofe jo bo motlhofo joo Bibela e bo rutang malebana le Modimo mothatayotlhe le Jesu Keresete? (b) Ditumelo tsa La-Bodumedi di ruta eng?

JESU KERESETE o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 30 ka go nwediwa mo metsing. Fa a tswa mo metsing, ga tswa lentswe kwa legodimong la re: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:17) Lentswe leo e ne e le lentswe la Modimo. Ka nako e nngwe gape, fa a ne a rapela Modimo, Jesu o ne a re: “Rara, galaletsa leina ya gago.” Mme fa Jesu a sena go rialo, “ga tla lencwe [la Modimo] le cwa legodimoñ, ya re, Ke le galaleditse, me ke tla ba ke le galaletsa gapè.”—Yohane 12:28.

2 Go tswa dipolelong tseno, le eleng ngwana o ka kgona go tlhaloganya gore kamano ya Modimo mothatayotlhe le Jesu Keresete e ne e le ya ga Rre le Morwawe yo o rategang, e le batho ba babedi ba ba sa tshwaneng. Lefa go le jalo, ditumelo tsa La-Bodumedi ga di dumele boammaaruri jo bo motlhofo jono jwa Bibela. Ba tatalalela gore Keresete ke Modimo Mothatayotlhe ka sebele, motho wa bobedi wa Tharo-nngwe, wa boraro e le moya o o boitshepo.

3. Go tlhakana tlhogo kaga thuto ya motheo ya Tharo-nngwe go supiwa ke eng?

3 Thuto eo e tlhakantse batho ba le bantsi ba ditumelo tsa La-Bodumedi tlhogo fela thata, seo eleng lengwe la mabaka a go bo New Catholic Encyclopedia e bitsa Tharo-nngwe masaitsiweng. Eleruri, e tlhakanya le eleng baruti tlhogo, ka gonne encyclopedia eo gape ya re: “Ke barutisi ba sekae fela ba Tharo-nngwe ba dikolo tsa baruti tsa Roma Katoliki bao ba iseng ba ko ba tshwenngwe ka nako nngwe ke potso e e reng, ‘Tota motho o ka rera jang ka Tharo-nngwe?’ Mme fa e le gore potso eo e supa go tlhakana tlhogo ga baithuti, gongwe ka go tshwana e supa gape le go tlhakana tlhogo ga boporofesa ba bone.”

4. Thuto ya semolao ya dikereke malebana le Tharo-nngwe ke efe?

4 Thuto eo ya motheo e e tlhakanyang tlhogo ke tumelo e kgolo ya ditumelo tsa Katoliki le Porotesetanta. The Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Tharo-nngwe ke lereo leo le dirisiwang go kaya thuto e kgolo ya motheo ya tumelo ya Bokeresete . . . Ka gone, go ya ka mafoko a tumelo ya ga Athanasius: ‘Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya o o Boitshepo ke Modimo, mme lefa go le jalo Medimo eno ga e meraro mme o mongwe fela.’” Ka go tshwana, mo kgetsing eo e neng e kopanyeletsa Basupi ba ga Jehofa ba Greece, Kereke ya Greek Orthodox e ne ya re: “Thuto e kgolo ya motheo ya Bokeresete, eo Bakeresete botlhe ba bolelang fa ba e dumela . . . go sa kgathalesege lekoko la bone kana thuta-borapedi, ke . . . Tharo-nngwe, gore Modimo ke batho ba le bararo mo mothong a le Mongwe fela.” Kereke ya Greek Orthodox gape e ne ya tlhalosa ka go re: “Bakeresete ke bao ba dumelang fa Keresete e le Modimo.” E ne ya bolela gore bao ba sa dumeleng Tharo-nngwe ga se Bakeresete mme ke baikepi.

5, 6. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go itse boammaaruri kaga kgang eno?

5 Lefa go ntse jalo, fa e le gore thuto eno “e kgolo” ya Tharo-nngwe ya La-Bodumedi ga se boammaaruri, fa e le gore ke maaka, he e e fapaaneng le yone e tshwanetse ya bo e le yone e e boammaaruri. Bakeresete ba boammaaruri ba tla e gana. Bao ba tenegileng mo Bokereseteng ba tla e ngaparela. Mme e le gore setlhopha se se umakilweng morago se tla diragalelwa ke eng? Mo bukeng ya bofelo ya Bibela, “tshenolō ya ga Jesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ,” re bala jaana mabapi le bao ba sa tshwanelegeleng botshelo jo bosakhutleng mo Bogosing jwa Modimo: “Kwa ntlè go dinca, le baloi, le bagokahadi, le babolai, le badihedi ba medimo ea disètwa, le moñwe le moñwe eo o ratañ a ba a diha maaka.”—Tshenolō 1:1; 22:15.

6 Ka baka la go bo Tharo-nngwe e le botlhokwa, re tshwanetse ra bolelelwa gore tumelo eno e simologile kae le gore ke ka ntlha yang e ile ya simologa. Ke mang tota yo o e simolotseng? Bakanoki ba segompieno ba Bibela ba reng kaga yone? Mme pele ga re tlotla ka dintlha tseno, a re tlhatlhobeleng pele seo Lefoko leo e leng la Modimo le le tlhotlheleditsweng le se buang.—2 Timotheo 3:16, 17.

Ga se ‘Modimo Morwa’ mme ke “Morwa Modimo”

7. Go ithuta Bibela ka tsela e e tlhamaletseng go bontsha eng kaga Jesu?

7 Jesu ga a ise a ko a iphake gore ke Modimo mothatayotlhe ka sebele. Go bala Bibela ka tlhamalalo fela go sa akanngwe megopolo ya pele kaga Tharo-nngwe go tla tlhalosa seo. Ka sekai, mo go Yohane 3:16, Jesu o ne a re: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi.” Ditemana di le pedi fela morago ga eo, Jesu o boa gape a bolela gore ke “Morwa Modimo eo o tsecweñ a le esi.” (Yohane 3:18) Fa Bajuda ba ne ba baya Jesu molato wa go tlhapatsa Modimo, o ne a araba ka go re: “A lo raea èna eo Rara o mo itshepisitseñ, a mo roma mo lehatshiñ, loa re, Ua tlhapatsa; ka go bo ke rile, Ke Morwa Modimo?” (Yohane 10:36) Jesu ga a ka a re ke ene ‘Modimo Morwa’ mme o ne a re ke “Morwa Modimo.”

8. Molaodi mongwe wa mophato le bao a neng a na nabo ba ne ba neela bosupi bofe?

8 Fa Jesu a ne aa swa, le eleng masole a Roma a a neng a eme gaufi nae ba ne ba itse gore Jesu e ne e se Modimo: “Molaodi oa mophatō, le ba o lebeletseñ Yesu nabō, ba re ba bōna thoromō ea lehatshe, le dilō tse di dihetseñ, ba boiha thata, ba re, Rure eo, e ne e le Morwa Modimo.” (Mathaio 27:54) Ga ba a ka ba re, ‘yono e ne e le Modimo’ kana ‘yono e ne e le Modimo Morwa’ ka gonne Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba ruta gore Jesu e ne e le Morwa Modimo, eseng Modimo Mothatayotlhe a le mo sebopegong sa motho.

9, 10. Ke bosupi bofe jo bo maatla jo bo neelwang mo dikwalong tsa Efangele kaga kamano jwa Modimo le Jesu?

9 Modimo ka boone o ne wa supa gore Jesu e ne e le Morwa wa one yo o rategang, fela jaaka mokwadi wa Bibela Mathaio a ne a lemotsha fa Jesu a ne a kolobediwa. (Mathaio 3:17) Bakwadi ba bangwe ba Bibela ba ne ba lemotsha se se tshwanang. Mareko o ne a kwala ka go re: “Lencwe ya cwa mo magodimoñ, ya re, U morwaake eo o ratègañ, ke itumèla thata mo go wèna.” (Mareko 1:11) Luke o ne a re: “Ga cwa lencwe mo legodimoñ, ye le reñ, U morwaake eo o ratègañ; ke itumetse thata mo go wèna.” (Luke 3:22) Mme Yohane Mokolobetsi, yo o neng a kolobetsa Jesu, o ne a supa jaana: “Ka shupa ha eo [Jesu] e le Morwa Modimo.” (Yohane 1:34) Jalo Modimo ka boone, bakwadi botlhe ba bane ba Efangele, le Johane Mokolobetsi ba tlhalosa ka phepafalo gore Jesu e ne e le Morwa Modimo. Mme nako nngwe moragonyana, kwa phetogong ya ga Jesu, go ne ga diragala selo se se tshwanang: “Ga cwa lencwe [la Modimo] mo leruñ, ya re, Eo ke Morwaake (eo o ratègañ,) moitshenkedwi oa me: utlwañ èna.”—Luke 9:35.

10 Mo dipolelong tseno, a Modimo o ne o re o ne o le Morwa wa one, gore o ne o ithomile, le gore o ratega mo go one? Nnyaa, Modimo Rara, Mmopi, o ne a bolela gore o ne a romile Morwawe Jesu, motho o sele, go tla go dira tiro ya Modimo. Jalo he, mo Dikwalong tsotlhe tsa Segerika polelwana e e reng “Morwa Modimo” e dirisiwa e lebisitswe go Jesu. Mme ga re bone polelo e e reng ‘Modimo Morwa’ lefa e le gangwe fela, ka gonne Jesu o ne a se Modimo mothatayotlhe. O ne a le Morwa Modimo. Ke batho ba babedi ba ba sa tshwaneng, mme ga go “masaitsiweng” ape a thuta-bomodimo ao a ka fetolang boammaaruri joo.

Rara o Mogolo mo go Morwa

11. Jesu o ne a bontsha jang gore Modimo o ne o le mogolo mo go ene?

11 Jesu o ne a itse gore o ne a sa lekane le Rraagwe le gore o ne a le mo boemong jo bobotlana ka ditsela tsotlhe. O ne a itse gore o ne a le Morwa yo o rategang yo o neng a na le lorato lo logolo mo go Rraagwe. Ke gone ka moo, gangwe le gape, Jesu a neng a bua mafoko a a tshwanang le a a latelang: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha.” (Yohane 5:19) “Ke hologile kwa legodimoñ, ke sa tle go diha go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” (Yohane 6:38) “Thutō ea me, ga se ea me; ke ea eo o nthomileñ.” (Yohane 7:16) “Nna kea mo itse [Modimo]; gonne ke cwa kwa go èna, me o nthomile.” (Yohane 7:29) Yo o romang yo mongwe ke yo mogolo. Yo o romiwang ke yo mmotlana, motlhanka. Modimo ke moromi. Jesu ke yo o romilweng. Ga ba tshwane. Fela jaaka Jesu a ne a bolela: “Motlhanka ga a mogolo go heta Morèna oa gagwè; le eo o romilweñ ga a mogolo go heta eo o mo romileñ.”—Yohane 13:16.

12. Ke setshwantsho sefe seo se bontshang boemo jo bo kwa tlase jwa ga Jesu go Rraagwe?

12 Seno gape se phepafadiwa ke setshwantsho seo se neng sa fiwa ke Jesu. O ne a tshwantsha Rraagwe, ebong Jehofa Modimo le mong wa tshimo ya mofine yo o neng a ya kwa lefatsheng le le kgakala mme a tlogela tshimo ya mofine mo diatleng tsa badihi ba masimo—bao ka phepafalo ba tshwantshetsang baruti ba Bajuda. Morago ga nako, mong wa tshimo o ne a roma motlhanka wa gagwe go ya go hula maungo mo tshimong ya mofine, mme badihi ba masimo ba ne ba itaya motlhanka yoo mme ba mmusa a sa tshola sepe. Go tswa foo mong wa tshimo o ne a roma motlhanka wa bobedi, mme ga diragala selo se se tshwanang. A roma motlhanka wa boraro, yoo ba neng ba mo tshwara ka tsela e e tshwanang. Go tswa foo mong wa tshimo [Modimo] o ne a re: “Ke tla roma morwaake [Jesu] eo o ratègañ: e tla re kgotsa èna ba mo sisimoge.” Mme badihi ba masimo ba ba bosula ba ne ba re: “Eo, ke èna morua boshwa; ntloñ, re mmolaeeñ, gore boshwa e nnè yoa rona. Me ba mo latlhèla kwa ntlè ga tshimo ea mafine, ba mmolaea.” (Luke 20:9-16) Gape, seno se phepafatsa go re Jesu o laolwa ke Rraagwe, o romiwa ke Rraagwe go ya go dira thato ya ga Rraagwe.

13. Ke mafoko afe a a phepafetseng a Bibela a a bontshang gore Modimo o ne o le mogolo mo go Jesu?

13 Jesu ka boene o ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:28) Re tshwanetse go dumela Jesu, ka gonne ruri o ne a itse boammaaruri kaga kamano ya gagwe le Rraagwe. Moaposetoloi Paulo le ene o ne a itse gore Modimo o ne o le mogolo mo go Jesu, mme o ne a re: “Morwa ōna [Jesu] le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea ōna . . . Modimo.” (1 Bakorintha 15:28) Seno se bonwa gape mo mafokong a ga Paulo mo go 1 Bakorintha 11:3: “Tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.” Jesu o ne a itsise gore o ne a na le Modimo o mogolo mo go ene fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhatlogèla kwa go Rrè, le Rra eno, le kwa go Modimo oa me, le Modimo oa lona.”—Yohane 20:17.

14. Ke dikwalo dife tse dingwe tse di bontshang gore Jesu e ne e se Modimo Mothatayotlhe?

14 Jesu o ne a umaka bogolo jwa Modimo fa mmaagwe barutwa bangwe ba babedi a ne a kopa gore bomorwawe ba nne kafa letsogong je legolo mme yo mongwe a nne kafa letsogong la molema ja ga Jesu fa a tla ka Bogosi jwa gagwe. O ne a fetola ka go re: “Go dula kaha cogoñ ya me ye legolo, le kaha cogoñ ya me ya molèma, ga se ga me go go aba.” (Mathaio 20:23) Fa e le gore Jesu e ne e le Modimo mothatayotlhe, e ka bo e ne e le ga gagwe go go aba. Mme e ne e se ga gagwe. E ne e le ga ga Rraagwe go go aba. Ka go tshwana, fa a ne a bolela polelelopele ya gagwe kaga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, Jesu o ne a tlhalosa ka go re: “Me kaga letsatsi yeuō kgotsa nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele, ba ba kwa legodimoñ, leha e le Morwa, ha e se Rara hèla.” (Mareko 13:32) Fa e le gore Jesu e ne e le Modimo mothatayotlhe o ka bo a ne a itsile letsatsi leo le nako. Mme o ne a sa itse ka a ne a se Modimo Moitse-gotlhe. O ne a le Morwa Modimo mme o ne a sa itse sengwe le sengwe seo Rraagwe a neng a se itse.

15. Fa Jesu a ne a tloga aa swa, o ne a bontsha jang gore o ne a laolwa ke Modimo?

15 Fa Jesu a ne a tloga aa swa, o ne a bontsha gore o ne a laolwa ke Rraagwe fa a ne a rapela a re: “Rra, Ha e le go rata ga gago, tlosa senwèlō se mo go nna: leha go nntse yalo, eseñ go rata ga me, me a go rata ga gago go dihalè.” (Luke 22:42) Jesu o ne a rapela mang? A o ne a ithapela? Nnyaa, o ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong. Seno se bontshiwa ka phepafalo ke go bua ga gagwe a re: “Eseñ go rata ga me, me a go rata ga gago go dihalè.” Mme go tswa foo, fa a ne aa swa, Jesu o ne a goa a lela a re: “Modimo oa me, Modimo oa me, u ntatlhetseñ?” (Mareko 15:34) Jesu o ne a goa mang a lela? A o ne a ikgoa a lela? Nnyaa, o ne a goa Rraagwe yo a neng a le kwa legodimong a lela.

16. Go swa le go tsoga ga ga Jesu go bontsha jang gore o ne a sa kake a bo a ne a le Modimo mothatayotlhe ka sebele?

16 Morago ga Jesu a sena go swa, o ne a nna mo lebitleng malatsi a ka nna mararo. Ke mang yo o neng a mo tsosa? Ereka a ne a sule, o ne a sa kake a itsosa. Mme fa e le gore tota o ne a sa swa, he o ka bo a ne a sa ntsha thekololo ya sebe sa ga Adame. Mme ruri o ne a swa, ebile o ne a sa tshele ka malatsi a a ka nnang mararo. Moaposetoloi Petere o re bolelela gore ke mang yo o neng a tsosa Jesu: “Eo Modimo o mo cositseñ, o sena go hunolola dithapō tsa losho.” (Ditihō 2:24) Yo mogolo, Modimo Mothatayotlhe, o ne a tsosa yo mmotlana, Morwa wa gagwe yo o rategang, ebong Jesu, mo losong. Go tshwantsha seno: Fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo losong ke mang yo o neng a le mogolo? Jesu o ne a le mogolo, ereka a ne a kgona go tsosa Lasaro mo losong. (Yohane 11:41-44) Go ne go tshwana fela lefa Modimo o ne o tsosa Jesu. Modimo o ne o le mogolo, ereka a ne a kgona go tsosa Jesu mo baswing.

17. Go na le bosupi bofe jo bongwe jwa gore Jesu e ne e se Modimo?

17 Jesu ga a kake a bo a ne a le Modimo ka sebele, ka gonne Jesu o ne a bopilwe ke Modimo. Elatlhoko kafa Emphatic Diaglott ya ga Benjamin Wilson e ranolang Apokalipise (Tshenolō) kgaolo 3, temana 14 ka teng: “Dilo tseno di buiwa ke Amen, mosupi yo o boikanngo le boammaaruri [Jesu], tshimologo ya lobopo lwa Modimo.” Ka go tshwana, Bakolosa 1:15, 16 e bua jaana ka Jesu: “Ena eo e leñ sechwanō sa Modimo o o sa bonweñ, e le èna motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe; Gonne dilō cotlhe di bopilwe mo go èna, tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshiñ . . . dilō cotlhe di bopilwe ka èna, di bile di bopecwe èna.” Jalo kwa legodimong Modimo Mothatayotlhe o ne a bopa Morwa wa gagwe ka tlhamalalo mme go tswa foo o ne a bopa dilo tse dingwe, “mo go èna,” kana “ka èna,” fela jaaka modiri yo o setswerere a ka dira gore mohiriwa yo o thapisitsweng sentle a dire tiro ya gagwe. Dilo tseo di bopilweng “mo go èna” di ne di sa akareletse Jesu ka boene, ka gonne Modimo o ne o setse o mmopile. Ka gone, o bidiwa “motsalwa pele,” “eo o tsecweñ a le esi.” Fa ngwana e le motsalwa-pele, yo o tsetsweng a le esi, ga go ko go kaya gore ngwana yoo ke ene rraagwe. Ka metlha go kaya gore go buiwa ka batho ba babedi ba ba sa tshwaneng, rre le ngwana.

Moya o o Boitshepo—A ke Motho Kana ke Maatla a a Dirang?

18. Bibela e ruta eng kaga moya o o boitshepo?

18 Go tweng ka motho yo go akanngwang gore ke wa boraro wa Tharo-nngwe, eleng moya o o boitshepo, yo go bolelwang gore o lekana ka maatla, ka sebopego, le ka bosenang-bokhutlo le Rara le Morwa? Ga go na gope mo Bibeleng koo go umakiwang fa moya o o boitshepo o lekana le Modimo le Keresete. Ka motlhala, ka nako ya go kolobediwa ga ga Jesu, Mareko 1:10 e bontsha gore moya o o boitshepo o ne wa fologela mo go Jesu “o nntse yaka lephoi,” eseng o le mo sebopegong sa motho. Moya o o boitshepo e ne e se motho ope yo o neng a fologela mo go Jesu mme e ne e le maatla a Modimo a a dirang. Maatla ao a a tswang kwa Modimong a ne a kgonisa Jesu go fodisa balwetsi le go tsosa baswi. Jaaka Luke 5:17 e bolela mo go Diaglott: “Maatla a Magolo a Morena [Modimo] a na a le mo go ene [Jesu] go ba fodisa.” Moragonyana, ka Pentekosete, baaposetoloi le bone ba ne ba newa maatla a a tswang kwa Modimong go fodisa balwetsi le go tsosa baswi. A seo se ne sa ba dira karolo ya “modimo o mongwe fela mo bathong ba le bararo?” Nnyaa, ba ne ba newa maatla fela ke Modimo, ka Keresete, go dira seo batho ka tlwaelo ba neng ba ka seka ba se dira.

19. Ke ka ntlhayang fa go ka seka ga diragala gore moya o o boitshepo e bo e le motho wa boraro wa Tharo-nngwe?

19 One maatla ao a a dirang a umakiwa mo go Baefesia 5:18, koo Paulo a gakololang ka go re: “Me lo tladiwè ka Mōea.” Ka go tshwana, Ditihō 7:55 e bolela gore Setefane o ne a “tletse Mōea o o Boitshèpō.” Mme ka Pentekosete, balatedi ba ga Jesu “botlhe ba tladiwa Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 2:4) A motho o ka tladiwa ka yo mongwe? Nnyaa, mme o ka tladiwa ka maatla a a tswang kwa Modimong. Moya o o boitshepo oo ke one maatla ao Modimo a neng a a dirisa go bopa lobopo. Jaaka Genesise 1:2 e bolela: “Mōea oa Modimo oa elama ha godimo ga metse.”

20. Setefane o ne a bona ponatshegelo efe eo gape e supang gore Tharo-nngwe ga se boammaaruri?

20 Morago ga Jesu a sena go tsosiwa, Setefane o ne a bona ponatshegelo ya kwa legodimong mme “a bōna kgalalèlō ea Modimo, le Yesu a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.” (Ditihō 7:55) Ka gone, go ne ga bonala batho ba babedi ba ba sa tshwaraganang kwa legodimong: (1) Modimo le (2) Jesu Keresete yo o tsositsweng. Ga go umakiwe sepe ka moya o o boitshepo mo ponatshegelong eno ka gonne e ne e se motho wa boraro wa Tharo-nngwe. Moya o o boitshepo, o eleng maatla a Modimo a a dirang, o ka tswa kwa Modimong mme eseng jaaka setshedi se se farologaneng. Ke gone ka moo Setefane a neng a bona batho ba babedi fela, eseng ba bararo.

21, 22. (a) Encyclopedia ya bodumedi bongwe e dumalana jang kaga moya o o boitshepo? (b) Setlhogo sa rona se se latelang se tla akareletsa dintlha dife?

21 Mabapi le moya o o boitshepo, New Catholic Encyclopedia e dumalana ka go re: “Tesetamente e Kgologolo [OT] ka phepafalo ga e supe fa moya wa Modimo e le motho, e ka ne e le ka kutlwisiso ya boramatlhale, kana ka kutlwisiso ya Bajuda. Moya wa Modimo ke maatla a Modimo fela. Fa ka dinako tse dingwe o tlhalosiwa jaaka o o farologaneng le Modimo, ke ka gonne mohemo wa ga Yahweh o dira o se mo go ena.” Gape e tlhalosa jaana: “Bontsi jwa ditemana tsa Tesetamente e Ntšha [NT] di bontsha fa moya wa Modimo e le sengwe, eseng mongwe; seno se bonwa segolo bogolo mo go tshwaneng ga moya le maatla a Modimo.”

22 Ponong ya mabaka ano otlhe, thuto eno ya motheo “e kgolo” ya Tharo-nngwe ya La-Bodumedi e ka seka ya bo e le boammaaruri. Lefoko la Modimo le ganana le boiphako joo. Le bontsha sentle gore Jehofa Modimo ke Rre yo o lorato le gore Jesu Keresete ke Morwa wa gagwe yo o rategang, Morwa yo o neng a rata Rraagwe mo e leng gore o ne a ikemiseditse go nna kutlo go ya fela kwa losong. Lefa go ntse jalo, bangwe ba tatalala ka gore go na le dikwalo tseo di lebegang di tshegetsa Tharo-nngwe, jalo mo setlhogong sa rona se se latelang, re tla sekaseka dingwe tsa tsone. Gape, re tla tlotla gore ke ka ntlhayang fa thuto eno ya motheo e le karolo ya botlhokwa ya La-Bodumedi le gore e simologile kae.

O ne O ka Araba Jang?

◻ Bibela e ruta eng kaga Modimo le kaga Jesu?

◻ Dikwalo di bontsha jang kamano ya ga Rara le Morwa?

◻ Ke dikwalo dife tse dingwe tse di bontshang gore Modimo o mogolo mo go Jesu?

◻ Ke ka ntlhayang fa moya o o boitshepo o sa kake wa bo o le karolo ya Tharo-nngwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Jesu o ne a bolela a re: “Rara o mogolo bogolo go nna”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela