Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Fodisa Monna yo o Tsetsweng a le Sefofu
FA BAJUDA ba leka go kgobotletsa Jesu ka maje fa a le mo tempeleng, o a iphitlha a ba a tshaba. Mme ga a tswe mo Jerusalema. Moragonyana, ka letsatsi la Sabata, ene le barutwa ba gagwe ba bona monna yo o tsetsweng a le sefofu fa ba tsamaya mo motseng. “Rabi, go no go leohile mañ?” barutwa ba botsa Jesu, “a monna eo, kgotsa batsadi ba gagwè ha e bo ne ne a tsecwe a houhetse?”
Gongwe barutwa ba dumela, jaaka baruti ba Bajuda ba dumela, gore motho o ka leofa a le mo popelong ya ga mmaagwe. Mme Jesu o araba jaana: “Go no go sa leoha monna eo, leha e le batsadi ba gagwè: e ne e le gore ditihō tsa Modimo di tlè di bōnadiwè mo go èna.” Go foufala ga monna yo ga se ka ntlha ya phoso e e rileng kana boleo jo bo dirilweng ke monna yono kana batsadi ba gagwe. Go leofa ga motho wa ntlha ebong Adame go feletse ka gore setho sotlhe se nne se se sa itekanelang, mme ka jalo ba nna le bogole jo bo jaaka go tsalwa ga motho a foufetse. Bogole jwa monna yono jaanong bo bulela Jesu tshono ya gore a supe ditiro tsa Modimo.
Jesu o gatisa botlhokwa jwa go dira ditiro tseno. “Re na le go diha ditihō tsa eo o nthomileñ go sa nntse go le motshegare,” o bua jalo. “Bosigo boè tla, yo go senañ opè eo o ka dihañ mo go yōna. E re ha ke sa nntse ke le mo lehatshiñ, ke be ke le lesedi ya lehatshe.” Mo nakong e khutshwane loso lwa ga Jesu lo tla mo thabuetsa mo lefifing la lebitla koo a ka se kang a tlhola a kgona go dira sepe. Mme ka nako eno ke motswedi wa lesedi la lefatshe.
Morago ga go bua dilo tseno, Jesu o kgwela fa fatshe a ba a duba seretse ka mathe. O se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng a bo a re: “Ea u tlhapè mo lekadibeñ ya Siloame.” Monna o dira jalo. Mme fa a dira jalo, o kgona go bona! O itumela jang fa a boa, e le lantlha a bona mo botshelong jwa gagwe!
Baagelani le bao ba mo itseng ba gakgametse. “Eo, a ga se èna eo o na a tla a nnèle go kopa?” ba a botsa. “Ke èna,” bangwe ba araba jalo. Mme ba bangwe ga ba dumele: “Nya, me o chwana naè.” Lefa go le jalo monna a re: “Ke nna.”
“Me ha e le yalo, matlhō a gago a houholocwe yañ?” batho ba batla go itse.
“Monna eo go tweñ Yesu, a duba serètsè, a se ntshasa mo matlhoñ, a nthaea, a re, Ea mo Siloame, u tlhapè; me ka tsamaea, ka ea ka tlhapa, me ka houhologa.”
“Éna o kae?” ba a botsa.
“Ga ke itse,” o araba jalo.
Batho jaanong ba isa monna yo a neng a foufetse kwa baeteledipeleng ba bone ba bodumedi, ebong Bafarasai. Bano le bone ba mmotsa gore o foufolotswe jang. “O mpeile serètsè mo matlhoñ, me ka tlhapa, me kea bōna,” monna o tlhalosa jalo.
Eleruri, Bafarasai ba tshwanetse go itumela le mokopi yo o fodisitsweng! Mme go na le moo ba pega Jesu molato. “Monna eouō ga aa cwa Modimoñ,” ba bolela jalo. Ke ka ntlha yang fa ba dira seno? “Gonne ga a ilele sabata.” Mme lefa go le jalo bangwe ba Bafarasai ba a gakgamala: “Motho eo e leñ moleohi o ka diha dichupō tse di nntseñ yalo yañ?” Ka jalo go nna le dikgaogano gareng ga bone.
Jalo he, ba botsa monna yono: “Wèna ua reñ kaga gagwè, ka e le ha a houholotse matlhō a gago?”
“Ke moperofeti,” o araba jalo.
Bafarasai ba gana go dumela seno. Ba tlhomamisegile gore go tshwanetse ga bo go na le tumalano ya sephiri gareng ga ga Jesu le monna yono go tsietsa batho. Jalo go fedisa kgang, ba bitsa batsadi ba mokopi yono go ba botsolotsa. Yohane 8:59; 9:1-18.
◆ Go foufala ga monna yono go ne go bakilwe ke eng mme go sa bakiwa ke eng?
◆ Bosigo jo motho o ka sekeng a dira mo go jone ke eng?
◆ Fa monna a fodisiwa, batho ba ba mo itseng ba itshwara jang?
◆ Bafarasai ba ne ba kgaogana jang ka go fodisiwa ga monna yo?