LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/1 ts. 4-7
  • Lebaka la go bo Bangwe Ba Fetotse Bodumedi Jwa Bone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka la go bo Bangwe Ba Fetotse Bodumedi Jwa Bone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kamano e e Nayang Kgololesego le Tsholofelo
  • Go Ikamogelela Boammaaruri le Ditsala tsa Boammaaruri
  • Go Rumarumela Moeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bodumedi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Bobuda—Matsapa a go Batla Tshedifalelo Kwantle ga Thuso ya Modimo
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/1 ts. 4-7

Lebaka la go bo Bangwe Ba Fetotse Bodumedi Jwa Bone

GORE motho a tseye kgato e kgolo e e tshwanang le go fetola bodumedi jwa gagwe o tshwanetse a bo a na le mabaka a a utlwalang. Melemo ya go dira jalo e tshwanetse go feta go tlhoka mosola ope.

A o ka tsaya gore go itse Mmopi wa gago le go nna le kamano le ene ke lebaka le legolo? Go nnile jalo go ba le bantsi. Go nna le kamano le motho yo mongwe, re tshwanetse ra itse motho yoo sentle. Ka sekai, ngwana yo monnye o ka nna a tshaba go tshwarwa ka seatla ke motho yo a sa mo itseng pele ga a mo tlwaela. Ka jalo le rona, re tshwanetse go itse Modimo pele ga re ka simolola go mo ikanya. Ke boammaaruri, gore ditumelo di le dintsi di na le motho mongwe yoo di mo rapelang jaaka Modimo. Mme a ga go boammaaruri gape gore go batho ba bantsi Modimo ke yo o sa tlhaloganyesegeng le yo o kgakala yo botho jwa gagwe bo sa tlhaloganyesegeng ka phepafalo? Jalo re ka itse Modimo jang?

Fa re leba dilo tseo di leng mo tikologong ya rona, re tshwariswa kgakge ke seo re se bonang. Re lemoga bontle, botlhale, le maatla. Tshimologo ya dilo tseno tsotlhe e gakgamatsa ba le bantsi, mme go na le buka e e tlhalosang seno ka phepafalo. Ke Bibela. Fa re e bala re ithuta gore dikgakgamatso tseno di dirilwe ke Mmopi yo o nang le leina le botho. Jaaka re ithuta Bibela ka kelotlhoko, botho jwa Modimo bo phepafala sentle. Re bona gore ke Modimo wa lorato le kamego. “Modimo o loratō,” go rialo Bibela. (1 Yohane 4:8) Re gogelwa mo bothong jono jo bontle, joo bo lekalekaneng ka mo go feletseng mo loratong, botlhale, tshiamiso, le maatla. Go bo go latela botsalano jo bo atamalaneng.

Misae o ne a nna le boitemogelo jo bo ntseng fela jalo jwa go atamalana le Jehofa. O ne a tlhalosa: ‘Jaaka ngwana, ke ne ka rutwa gore go na le medimo e le mentsi. Gore go na le modimo wa metsi, modimo wa ditlhare, le modimo wa ntlo. Lefa ke ne ke belaela gore tota e teng, ke ne ke dumela gore go tshwanetse ga bo go na le Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri. Kgodiso ya me e e gagametseng ya Boshinto jwa Sebuda e ne ya ntira gore ke akanye gore Modimo ke motho yo o tshabegang, yo o otlhaelang ditlolo. Lefa ke ne ke na le keletso ya go ya kwa kerekeng go ithuta ka Modimo wa Bokeresete, kitso ya me ya Sebuda e ne e nthibela. Go ne ga tla mosadi mongwe kwa ntlong ya me mme a ithaopela go ithuta Bibela le nna. Mo thutong eo, ke ne ka ithuta gore Modimo o na le leina, ebong Jehofa. Ke ne ka itumelela go itse gore ga se Modimo yo o tshabegang mme ke yo o lorato, yo ka metlha yotlhe a re lebeletseng, e se gore a tle a re otlhaye, mme e le go re thusa. Ke ne ke batla go direla Modimo oo, mme ka jalo ka fetola bodumedi jwa me.’ O nnile a ipelela kamano e e kgotsofatsang le Modimo mo dingwageng di le 29.

Kamano e e Nayang Kgololesego le Tsholofelo

Go na le molemo o o oketsegileng oo ba le bantsi ba ileng ba o ikamogelela ka go nna le kamano le Modimo. Jaaka fa dikamano tse dingwe di simolola go tsaya boemo jo eseng jwa botlhokwa mo matshelong a bone, ba bantsi ba ne ba gololesega mo botlhankeng jwa go boifa motho le dingwao tse di gatelelang tse di senang bokao bope e bile e se tsa botlhokwa. Ka gone, ba golotswe mo kgatelelong ya ditshenyegelo tsa go tshegetsa boemo jo bo rileng le dingwao, tseo di dirang gore malapa a mantsi a nnele ruri mo melatong. “Poihō ea motho e tle e lere seru,” go tlhagisa jalo Bibela, mme e oketsa ka go re tlhomamisetsa gore, “Eo o ikanyañ Yehofa o tla bolokèga.”—Diane 29:25.

Selo se sengwe se go tla gololesegwang mo go sone ke go boifa loso. Misae yo o tsopotsweng fa godimo a re: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 22, ke ne ka tshwarwa ke bolwetsi jwa letshoroma la mala. Jaaka ke ne ke rapaletse ke le mo maibing, ke ne ka utlwa ditsala le maloko a lelapa ba bua kaga me ekete ba ne ba lebeletse gore ke tlile go swa. Mme ke ne ke tshaba loso. Ke ne ke akantse fela gore nna ke batla go tshela, mme ka lesego ke ne ka nna botoka. Moragonyana fa ke ne ke ithuta Bibela, ke ne ka gololwa mo go boifeng loso. Ke ne ka ithuta gore loso ke fela go sa nneng gone.” Bibela e bua jaana: “Bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5, 10) Fa mongwe aa swa, go na le tsholofelo e e gakgamatsang ya go tsoga gape ka gonne Modimo o boloka baswi ba tshela mo mogopolong wa gagwe.—Yohane 5:28, 29.

Ba bangwe ba bantsi bao ba ithutang Bibela ka mo go tshwanang ba bone gore dilo tse ba di ithutileng di dirile gore botshelo jwa bone bo nne le bokao jwa mmatota le tsholofelo. Leno ke lebaka le lengwe la go bo Bibela e ne ya kwalwa, ebong gore “re bōnè cholohèlō.” (Baroma 15:4) Bobuda ga bo rute sepe ka Mmopi kana Modimo. Bo bolela gore bosula le bomadimabe di sale di ntse di le gone mme di tla tswelela ka bosakhutleng ka medikologo e e sa feleng ya go tsalwa gape. Ditumelo di le dintsi tsa bophirima di ruta gore basiami ba tla ya kwa legodimong, lefelo leo le sa itsiweng, mme gore ba tla dira eng koo, ga ba tlhomamisege sentle. Phapaanong le ditumelo tseno tsa bodumedi tseo di sa feng tsholofelo e e kalo kana bokao mo matshelong a bone, Bibela e ruta gore motho o ne a diretswe go ipelela botshelo mo lefatsheng ka bosakhutleng a le motlhokomedi wa lone. (Genesise 2:15-17; Isaia 45:18) Ka jalo he re ka lemoga gore botshelo bo tshwanetse go senngwa eseng fela mo go ikgobokanyetseng dithoto kana motho ka boene a itlamela mme eleng mo go direleng Modimo le ba bangwe ka tsela e e seng ya bogagapa.—Moreri 12:13; Mathaio 22:37-39.

Go Ikamogelela Boammaaruri le Ditsala tsa Boammaaruri

Ba bangwe ba ne ba patelesega go fetola bodumedi jwa bone ka mabaka a sele. Gareng ga one e nnile keletso ya go batla boammaaruri jwa bodumedi. Legale, batho ba le bantsi ba ikutlwa gore ga go na sepe se se tshwanang le boammaaruri jo bo lolameng, mme jaaka Bibela e bolela ga ba ‘dire dipatlisiso dipe.’—Pesalema 10:4.

Mme go na le bangwe bao tota ba dirang patlisiso e e ntseng jalo. Sakae, yo o nnang kwa bogareng jwa Japane, o ne a tsamaya go tswa go setlhopha sengwe sa Mabuda go ya go se sengwe ka dingwaga di le 25 a batla boammaaruri. O ne a seka a kgotsofala. Mme fa a ntse a fitlhelela maemo a boikarabelo mo phuthegong nngwe le nngwe, ka metlha o ne a bona dilo tse di neng di mo kgopisa, tse di tshwanang le papadi, boitsholo jo bo sa siamang, le kgatelelo. O ne a ya le eleng kwa India go ya go batlisisa ka tshimologo ya Bobuda mo mafelong a ditiragalo koo Buda a neng a nna gone a ba a ruta gone. O ne a swabisiwa thata ke go bona gore go ne go sena kgatlhego e e kalo mo Bobudeng mo nageng eo ya Mahindu. Mme mo dipuisanong tsa gagwe le Basupi ba ga Jehofa, o ne a bolelelwa gore ga se ditumelo tsotlhe tse di tswang kwa Modimong mme di tswa go mmaba wa gagwe, ebong Satane Diabolo.—1 Bakorintha 10:20.

Seno sa gakgamatsa Sakae, mme se ne sa mo dira gore a akanye a bo a batlisise. O ne a bala buka What Has Religion Done for Mankind?a le dikgatiso tse dingwe tsa Bibela. O ne a simolola go lemoga gore lefa Bobuda, jaaka bo ne bo dumelwa kwa Japane, bo ne jwa nna le diphetogo di le dintsi go kgabaganya dingwaga, Bibela yone ga e ise e ko e fetoge mo diketeketeng tsa dingwaga. Kgabagare patlisiso ya gagwe e ne ya duelwa. O ne a bona boammaaruri jo a neng a ntse a bo senka. Boitumelo jwa gagwe bo ne jwa nna jaaka boitumelo jwa monna wa setshwantsho sa ga Jesu yo a neng a bone khumo e e neng e fitlhilwe mo nageng: “Ka boitumèlō yoa gona, a ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō, a rèka naga euō.”—Mathaio 13:44.

Bao ba ba setseng ba bone boammaaruri jwa bodumedi ba bontsha “pelotlhomogi” go ba bangwe bao ba bo batlang. (1 Petere 3:8) Tota-tota, bopelonolo jwa bone le lorato lwa mmatota ke tsone tse pele di gogelang ba bantsi go ithuta Bibela. “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me . . . ha lo ratana,” Jesu o boletse jalo. (Yohane 13:35) Re ka bona kae moya o o ntseng jalo wa lorato gompieno? Kazuhiko Nagoya, fa a kwala mo karolong ya gagwe ya Daily Yomiuri ya Tokyo, o ne anela ka mokgwa o o bothitho o a neng a tshwarwa ka one fa a ne a etetse lefelo leo Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang kwa go lone. “Tsela eo ba neng ba nyenya ka yone,” ga bolela jalo Nagoya, “go ne go lebega ekete ba ne ba nkgakologelwa go tswa kopanong e e fetileng mme ba ne ba itumela go mpona gape.” Mme go ne go sa nna jalo. “Ke ne ka leba difatlhego tsa bone thata mme ka fitlhela gore ga ke ba itse gotlhelele.” Fa batho bangwe ba babedi le bone ba ne ba nyenya, “ke ne ka itumela fela thata,” ga gakologelwa jalo Nagoya. “Eo ke tsela eo batho bao ba nyenyang ka yone le motho yo ba sa mo itseng, fa ba mmona kwa dipokanong dipe fela tsa bone.”

Bopelonolo le lorato ga di nne gone fela ka ntlha ya fa batho ba itsane sentle ka gonne ba kopanela ka metlha mo lefelong le le lengwe. Go na le moo, ke phelelo ya go ithuta Bibela le go dirisa melao-metheo ya yone mo matshelong a bone. Batho ba le bantsi bao ba neng ba laleditswe go ya Dikopanong tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa “Baboloka Bothokgami” tsa 1985-86 kwa mafatsheng a sele ba ne ba amiwa thata ke lorato le kamogelo-baeng tseo ba neng ba di bontshiwa ke bao ba neng ba ba amogela. Banyalani bangwe ba basha go tswa Japane bao ba neng ba ile kopanong kwa Philippines ba ne ba akgela jaana: “Fa re ne re kopanela rotlhe mo pineng ya bofelo, mongwe le mongwe a opela ka puo ya gaabo, re ne ra amega maikutlo fela thata. E ne e le lekgetlho la ntlha re utlwa se se kaiwang ke go nna karolo ya bokaulengwe jwa meraferafe.”

Sabofelo, ba le bantsi ba tla go bolelela ka diphetogo tse dikgolo tseo ba di dirileng mo matshelong a bone ka ntlha ya go ithuta Bibela le go e dirisa. Batho ba botho joo pele bo neng bo farologane jaaka jwa dinku le diphiri ga jaanong ba dirisana mmogo ka kagiso kwa dikopanong tsa Bokeresete. (Isaia 11:6) Bangwe ba ne ba na le maikutlo a a fetofetogang e bile ba se botsalano, ba le pelokhutshwane ba bile ba tshabega. Ba bangwe ba ne ba na le mathata a go imelwa ga tlhaloganyo. Ba bangwe gape e ne e le ba ba ikgaogantseng le batho le ba ba ikgopolang thata. Ba bantsi ba ne ba na le mekgwa e e maswe e ba neng ba tshwanela go e fenya. Mme ka go iteka ka tlhoafalo, go patilwe ke keletso ya go itumedisa Modimo, ba ne ba kgona go dira diphetogo tse dikgolo thata.

Go tweng ka wena? A mangwe a mabaka a a fa godimo a go dira diphetogo a ikuela mo go wena? Fa go le jalo, re go kgothaletsa go ithuta Bibela ka tlhoafalo. Bibela e bontsha gore ditumelo tsotlhe tsa maaka di mo tseleng ya go thulana le Modimo wa Bibela. Fela jaaka mokgweetsi wa sefofane yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ka nna wa bo o tshwanela go tsaya kgato ka bonako go boloka botshelo jwa gago le matshelo a bao o ba ratang. “Tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ,” Jesu o boletse jalo, “le ba ba tsenañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane.” (Mathaio 7:13, 14) Ee, fa e le gore o tsamaya mo tseleng e ‘kgolo e e atlhameng,’ eo o na le lebaka le le utlwalang la go fetola bodumedi jwa gago!

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Kgodiso ya me e e gagametseng ya Boshinto jwa Sebuda e ne ya ntira gore ke akanye gore Modimo ke motho yo o tshabegang

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

‘Tsela le yone e e isang botshelong e tshesane’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela