Lefoko la Modimo Le Tshedile
Botshelo jo Bosakhutleng—Ba Tla Bo Bona Kae?
Jesu o bolelela barutwa ba gagwe fano gore: “Mo tluñ a ga Rrè go na le mannō a le mantsi. . . . Me ha ke ea go lo baakanyetsa bonnō, ke tla tla gapè, me ke tla lo icholela; gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna.”—Yohane 14:2, 3.
Legae la ga Jesu e ne e le legodimo. Modimo o ne a mo romela go tswa koo go tla mo lefatsheng. Jaanong Jesu o ne a solofetsa baaposetoloi ba gagwe gore o ne a tla ba tseela gae go tshela le ene kwa legodimong. Mme ke eng seo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba tla se dira kwa legodimong?
Re a itse gore Modimo o tlhophile Jesu go nna Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe. Lefa go le jalo bangwe ba tshwanetse go nna babusi mmogo le Keresete mo goromenteng wa selegodimo wa Modimo. “Me ke lo baea bogosi,” Jesu a bolelela baaposetoloi ba gagwe, “yaka Rrè a bo mpeile.” (Luke 22:29) Paulo le Timotheo ba ne ba tshwanetse go nna gareng ga babusi bao le Keresete. Ka lone lebaka leo, Paulo o ne a kwalela Timotheo: “Ha re ichōka naè, le gōna re tla busa naè.”—2 Timotheo 2:12.
Mme ke bomang bao ba tla nnang babusiwa ba Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng? Monna yo o kolobetsang Jesu ke ntsalae, Johane Mokolobetsi. Jesu o ne a re go ene: “Mo go ba ba tsecweñ ke basadi ga goa coga opè eo mogolo go heta Yohane Mokolobetsi.” Ka go baakanyetsa Keresete tsela ka boikanyegi, le eleng go phutha mmogo bao e tla reng morago ba nne barutwa ba pele ba ga Jesu, ele ruri Johane o ne a itshupa fa a le mogolo. Lefa go le jalo Jesu o ne a re ka ene: “Eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna.” (Mathaio 11:11) Ka jalo Johane ga a ne a nna gareng ga bao ba yang legodimong go busa le Keresete. O tla balelwa gareng ga bontsi jwa babusiwa ba Bogosi mo lefatsheng.
Bibela e bontsha gore ke palo fela e e lekanyeditsweng ya batho, “lecomanyane,” e e tla yang legodimong go nna dikgosi le Jesu Keresete. Bibela e neela palo ya bone e le 144 000. Setho se se ikanyegang se se setseng se tla tshela mo lefatsheng jaaka babusiwa ba babusi bano.—Luke 12:32; Tshenolō 14:1, 3.
Kafa tlaseng ga puso ya tshiamo ya Bogosi jwa Modimo lefatshe le tla nna Paradaise, le e leng fela jaaka Modimo o ne o ikaeletse fa o ne o baya Adame le Efa mo Paradaiseng ya Edena. Ka jalo tsholofetso ya Bibela e tla diragadiwa: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29.