Di ne tsa Anaanelwa ke Ngaka ya Kalafi
Ngaka nngwe ya kalafi mo Frankfurt, Jeremane Bophirima, yo o neng a kgothaleditswe gore a tsosolose dipeeletso tsa gagwe tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake!, o ne a seka a romela fela madi a go di tsosolosa mme gape o ne a tlhalosa:
“Nako le nako ke gakgamadiwa ke go bona go na le ditlhogo tse dintsintsi jaana tse di molemo tota le tse di kgatlhisang—bontsi jwa tsone di sa amane le bodumedi—ka tlhwatlhwa e e kwa tlase jalo. Lemororo ke sena nako e e kalo-kalo, ke ne ke dira gore mo maitsiboeng ke iiphe nako ya go ikgara mo kamoreng ya me ya botlhe ke bala dimakasine tsa lona ka lobone. Gape, ke batla go lo lebogela thata maiteko a lona.”
Ke ka ntlha yang fa o sa ipelele go ipalela ka bowena dikgang tseno tse di molemo-lemo? O ka dira gore makwalo-paka ano a mabedi a a mosola thata a tlisiwe kwa ga gago ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase.
Tswee-Tswee nthomelelang peeletso ya ngwaga otlhe ya Tora ya Tebelo le Awake! eo ke e romelelang R18.