O Lalediwa go tla Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Tshiamiso ya Bomodimo”
ABO Mmopi wa rona yo o lorato, ebong Jehofa Modimo, e le Motlamedi yo Mogolo jang ne! Ke boammaaruri gore, “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ” se tswa kwa go ene. (Yakobe 1:17) Ka mo go tshwanelang mo go Pesalema 136 re bala jaana ka makgetlo a le 26: “Gonne boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.”
Dingwe tsa dilo tse dintsi tsa gagwe tsa semoya tse a neng a baakanyetsa batho ba gagwe ba bogologolo ka tsone e ne e le mediro e meraro ya ngwaga le ngwaga e leng: Tlolaganyo le Modiro wa Dinkgwe tse di sa Bedisiwang; Modiro wa Dibeke; kana Pentekosete; le Modiro wa Diobo kana wa go Phutha. Mediro e meraro eno e ne e lebelelwa pele thata, gonne e ne e aga semoyeng ebile e le dinako tsa boitumelo jo bogolo.—Lefitiko 23:40-43.
Mo metlheng ya segompieno, Jehofa Modimo o tsentse go nna le mediro eno e meraro ya semoya ngwaga le ngwaga mo dipelong tsa batlhanka ba gagwe: letsatsi la kopano e e kgethegileng, kopano ya potologo ya malatsi a mabedi, le kopano ya kgaolo ya malatsi a le mararo kana a le mane. Mediro eno le yone e direla jaaka dinako tsa go agiwa semoyeng le tsa bokopano jo bo itumedisang. Go ya ka dipego tseo di amogetsweng ka nako eo go neng go kwalwa ka yone, go nnile le ba le 6 128 388 kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Ikanye Jehofa” tseo di simolotseng ka June 1987, me ga kolobediwa ba le 85 091. Monongwaga Mosupi mongwe le mongwe o lebeletse pele go nna gone mo Kopanong ya Kgaolo ya “Tshiamiso ya Bomodimo.”
Abo “Tshiamiso ya Bomodimo” e le setlhogo se se molemo le se segolo jang ne! Mme abo se le botlhokwa jang ne! Aitsane, le e leng batho ba ba sa itekanelang ba dumela ka moo tshiamiso e leng botlhokwa ka gone. Ke ka lebaka leo bathei ba Molao-theo wa United States mo e ka nnang dingwaga tse 200 tse di fetileng ba ileng ba seka ba baakanyetsa fela ka lekala la puso la khuduthamaga le la peomolao mme gape le ka la boatlhodi e le gore go tle go nne le tshiamiso. Lefa go le jalo, makgolo a dingwaga pele ga moo, Jehofa Modimo ka boene o ne a baakanyetsa ka dikarolo di le tharo tsa puso, tse di welang kafa tlase ga gagwe tsotlhe. Ka jalo, mo go Isaia 33:22 re bala jaana: “Yehofa ke Moatlhodi oa rona, Yehofa ke Motlhōma molaō oa rona, Yehofa ke Kgosi ea rona.”
Tota, re bolelelwa gore tshiamiso ke mokgele wa puso, kana boikaelelo jwa yone. Mme gone lefa ba lemoga molao-motheo ono o o molemo, abo batho ba ba bogagapa ebile ba sa itekanela ba tlhaelela kgakala jang ne go o dirisa! Mefuta yotlhe ya go tlhaolwa ka ntlha ya lotso, bomorafe, le bodumedi ke dikai fela tse dintsi-ntsi tsa go senya tshiamiso. Go ntse jalo le ka go dirisa thata kafa go sa tshwanelang ga mefuta yotlhe, go ka tswa e le mo go dirwang ke dipuso, mekgatlho, ditlhopha tsa bodumedi, kana ke batho ka bongwe.
Abo re ka leboga jang ne go bo Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore kgabagare tshiamiso le tshiamo di tla fenya, gonne Jehofa ke Modimo wa tshiamiso ka mo go tlhomologileng! Ke ka lebaka leo Moshe a neng a opela jaana ka ene: “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” (Duteronome 32:4) Jehofa Modimo o tlotla tshiamiso mo eleng gore o ile a bo a neela Morwawe yo o tsetsweng a le esi jaaka setlhabelo e le gore a tle a lere botshelo jo bo sa khutleng go setho se se utlwang. (Baroma 3:25, 26) Ka mo go tshwanetseng, Jehofa o rata bao ba ratang tshiamiso le tshiamo, fela jaaka re bala mo go Pesalema 11:7 jaana: “Yehofa o siame; o rata tshiamō; bathōkgami ba tla bōna sehatlhōgō sa gagwè.” Go ya ka thanolo e nngwe, o “tshiamiso ebile o rata go re go dirwe ka tshiamo.”—The New English Biblea
Kopano ya rona ya Kgaolo ya “Tshiamiso ya Bomodimo” e tlile go nonotsha tumelo ya rona mo phenyong ya tshiamo e e tla tlang kgabagare. Gape e tlile go nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go reetsa taelo e e go Mika 6:8 ya go ‘dira tshiamo’ ka dinako tsotlhe le kafa tlase ga maemo mangwe le mangwe. Seno ke kgwetlho ya mmatota ka ntlha ya ditshekamelo tse re di ruileng tsa bogagapa le dithaelo tsa lefatshe le le bogagapa.
Mo mafelong a le mantsi, kopano e tla simolola ka Labone thapama, mme letsatsi lengwe le lengwe le tla nna le setlhogo sa lone se se tshwanelang, setlhogo sa letsatsi la ntlha ke se se reng “Go Segō ba ba Dihañ Tshiamō,” se theilwe go Pesalema 106:3. Puo ya setlhogo e tla tlotlomatsa gore tshiamiso e tshwaya ditsela tsotlhe tsa Modimo, mme e tla latelwa ke dipego tse di tswang go batshegetsi ba ba ntseng jaaka barongwa go tswa mafatsheng a sele.
Setlhogo sa Labotlhano sone ke se se reng “Chola Thutō ea go Diha ka Botlhale” (se theilwe go Diane 1:3). Mo letsatsing leno dipuo di le pedi tse di tlotliwang di tla otlelela ka moo go otlhaya le go amogela kotlhao go leng botlhokwa ka gone. Terama ya segompieno e e reng, “Go Tshwaelwa Phalolo” e otlelela ka moo go leng botlhokwa ka gone gore motho a kgethololwe jaaka mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa. Thulaganyo ya letsatsi e tla konelwa ka kgakololo nngwe e e molemo thata ya go “Lebelela kwa go Jehofa go Bona Botlhale.”
Setlhogo sa letsatsi la boraro, eleng la Matlhatso se fa tsholofelo: “Dikatlholō tsa Ōna di Boamarure le Tshiamō,” se tserwe mo go Tshenolō 19:2. Mo mosong go tla bo go na le puo e e reng “Kolobetso e e Gogelang kwa Katlholong e e Molemo.” Thulaganyo ya thapama e tla simolola ka dipuo tse di tlotliwang tse di tla gakololang bagolwane gore ba “Direle Tshiamiso ka Boyone.” Di tla latelwa ke dipuo tse dingwe tse di tlotliwang, tse di nang le setlhogo se se reng “Nako e e Beilweng e Gaufi,” tse di malebana le dipolelelopele tse di mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete tse di bolelelang phenyo ya tshiamiso pele.
Ka Sontaga, letsatsi la bone ebile e le la bofelo la kopano, le na le setlhogo sa lone se se reng “Se se Siameñ Shotlhe Shotlhe Hèla ke Shōna se u Tla se Salañ Moragō.” (Duteronome 16:20) Seo se tla bong se tlhomologile mo thulaganyong ya mo mosong ke terama ya Bibela e e kgatlhisang le e e mo nakong e e reng “Dikatlholo tsa ga Jehofa Kgatlhanong le Batho ba ba Nyatsang Molao.” Molaetsa o o gomotsang eleruri go batho botlhe ba ba ratang tshiamiso o o mo puong ya thapama ya phatlalatsa e e reng, “Tshiamiso go Botlhe ka Moatlhodi yo o Tlhophilweng ke Modimo.” Botlhe ba tla solegelwa molemo ka mo go oketsegileng go tswa mo puong eno fa santlha ba ka itlwaetsa Ditihō kgaolo 17. Ka mo go tshwanetseng, botlhe bao ba leng gone ba tla tlhagisiwa jaana mo puong ya bofelo, “Nnang lo Batleng Tshiamiso Ereka Bokhutlo bo Atamela.”
Eleruri, botlhe bao ba nnang gone kwa go nngwe ya Dikopano tsa Kgaolo tsa “Tshiamiso ya Bomodimo” ba letetswe ke moletlo o mogolo wa semoya. Ka jalo tla o na le keletso e e molemo ya semoya, o amegile ka botlalo ka tlhokafalo ya gago ya semoya. Bontsha kanaanelo e e tshwanang le e o e bontshang fa o le kwa dipokanong tsa phuthego ya lefelo la lona mo lomating lono lwa bojelo lwa ga Jehofa—aitsane o dirwa gore o nne o iketleeleditse, fa o fitlha pele ga thulaganyo e simolola le ka go letela thapelo e e konelang letsatsi lengwe le lengwe. Reetsa karolo nngwe le nngwe ya thulaganyo ka kelotlhoko. Kwala dintlha; seno ga se kitla se go thusa fela gore o gakologelwe kopano mme gape se tla go thusa gore o tlhome mogopolo mo dipuong fa di ntse di neelwa.
Mme re se ka ra tlodisa molao-motheo o o boletsweng ke Jesu matlho o o kwadilweng mo go Ditihō 20:35 jaana: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” Ka jalo dira seabe sa gago go thusa gore kopano eno e tsamaye ka thelelo le ka mo go nang le matswela. Nna ka gale o ntsheditse ditshono tsa bosupi jo bo sa ikaelelwang matlho mo dinameng. O amege ka seno segolo, ereka go sena nako e e beetsweng kwa thoko ya go supa ka ntlo le ntlo ka nako ya kopano. Ka ditsela tseno tsotlhe, o ka bontsha gore o motho yo o bolokang tshiamiso ka boitumelo ruri.
O ka nna wa ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona malebana le lefelo le le gaufi le wena leo kopano eno e tlileng go tshwarelwa kwa go lone
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tota-tota, ga go na pharologano gareng ga tshiamiso le tshiamo, lefa gone tshiamiso gantsi e amana le dilo tsa molao.—Bapisa 2 Timotheo 2:22; Yakobe 1:20, New World Translation le The New English Bible.