Karolo 6—Mmuso wa Lefatshe wa Borataro—Roma
Mmuso-mogolo wa Roma o ne o busa ka nako ya fa Bokeresete bo simologa. Kitso e e botoka ka ga Roma wa bogologolo e tla go thusa go tlhaloganya maemo ao Jesu a neng a rera kafa tlase ga one le seemo seo se neng se le gone ka nako ya fa balatedi ba gagwe ba pele ba ne ba anamisa Bokeresete mo dinageng tsa nako eo.
ROMA, mmuso wa lefatshe wa borataro kafa ditiragalong tsa Bibela, e ne e le one o busang fa Jesu a tsalwa lefa baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ntse ba rera. Gerika, mmuso wa lefatshe o o neng wa busa pele ga ono, o ne o tlhodile gore go nne le puo ya merafe yotlhe eo dithuto tsa Bokeresete di neng di ka anamisiwa ka yone mo karolong eo ya lefatshe—Koine kana Segerika se se tlwaelesegileng. Mme Roma yone e ne ya baakanyetsa ka ditlamelo le ditsela tse di neng di ka thusa go fefosa kanamiso ya boammaaruri jwa Bokeresete.
Roma, oo pele e neng e le motsana o mmotlana mo Latium, Italy, o ne wa gola gore o bo o etelele mmuso o mogolo go e feta yotlhe e e kileng ya nna gone mo metlheng ya bogologolo ya Bibela. Selo sa ntlha, o ne wa gola gore o bo o laole setlhaketlhake sa Italy. O ne wa fenya Carthage yo o maatla mo lotshitshing lwa bokone jwa Afrika. Wa busa Spain, Makedonia, le Gerika. Go tswa foo wa gapa Jerusalema ka 63 B.C.E. mme wa dira Egepeto karolo ya mmuso wa Roma ka 30 B.C.E. Fa o sena go tia thata, mmuso o o maatla ono o ne wa anama go tloga kwa Britani go fologela kwa Egepeto le go tloga kwa Portugal go ya fela kwa Mesopotamia, lefatshe le go neng go le Babelona wa bogologolo mo go lone. O ne wa akaretsa Mediterranean gotlhelele, eo o neng wa e bitsa Mare Nostrum (Lewatle la Rona).
Go sa ntse go na le marope a le mantsi a Roma a a sa ntseng a ka etelwa go kgabaganya lefelo leo mmuso o mogolo oo o neng o le mo go lone. O santse o ka bona Hadrian Wall mo Britani, mosele o mogolo wa metsi kwa Segovia kwa Spain, kago ya botshamekelo ya Roma kwa Orange, le botlhabanelo mo Arles (tsotlhe di le mo borwa jwa Fora). O ka kgona go ralala marope a a emeng fela mo Ostia Antica, gaufi le Roma, le go jesiwa kgakge ke Pompeii wa bogologolo, kwa borwa jwa Naples. Mo Roma o ka nna wa ikgopotsa fela ka boidiidi jwa batho jo bo neng bo gala ka kgatlhego mo Colosseum le go bona Arch of Titus eo e neng e le segopodiso sa go senya ga gagwe Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E., moo go neng ga bolelelwa pele ke Jesu dingwaga tse di fetang 35 go sa le pele.
Mo Roma wa bogologolo bahumi ba ne ba na le matlo a matona, fa gongwe malata a bone a ka tshwara makgolo-kgolo. Bahumanegi ba ne ba olelwa fela mo matlwaneng a a tlhatlaganeng a mantsintsi a a neng a tlhomagane mo mebileng e e leswe, e e sa tlhamalalang. Ke batho ba sekae fela ba go neng go ka twe ke ba setlhopha se se fa gare. Puso e ne e abela batho dijo mahala le boitlosobodutu gore bahumanegi ba seka ba tsosa mokubukubu. Makgetho a a neng a tsewa kwa dikgaolong tsa mmuso oo a ne a duelela ditshenyegelo tseno.
Masole a Roma
Masole a Roma a a tumileng a ne a dirilwe ka mephato e le mentsinyana. Mophato mongwe le mongwe, o o neng o na le banna ba le 4 500 go ya go 7 000, e ne e le setlhopha se se feletseng sa masole ka boone. Molaodi wa one o ne a ikarabelela ka tlhamalalo go mmusi-mogolo. Mophato o ne o kgaogantswe ka ditlhopha tsa masole di le 60, gantsi sengwe le sengwe se na le banna ba le lekgolo. Setlhopha se ne se eteletswe pele ke molaodi wa lekgolo, yo o bidiwang “moofisiri wa masole” go New World Translation. E ne e le molaodi wa lekgolo yo o neng a eteletse pele masole a le mane a a neng a bolaya Jesu yoo ka go bona ditiragalo le dikgakgamatso tse di neng tsa diragala ka nako ya loso lwa gagwe, a neng a re: “Rure eo, e ne e le Morwa Modimo.” (Mathaio 27:54; Yohane 19:23) Molaodi yo mongwe gape wa lekgolo ebong Korenelio, ke ene e neng ya nna motho wa ntlha yo e neng e se Mojuda e bile a sa rupisiwa go nna Mokeresete.—Ditihō 10:22.
Mephato eno e ne e na le diboko, tse go bonalang e ne e le ditshwano kana ditshwantsho tse di dirilweng ka logong kana tshipi, tseo di neng di na le tiro e e tshwanang fela le ya difolaga tsa motlha wa segompieno. Ka go tsewa gore di boitshepo, di ne di disiwa ka masisi thata mo motho a neng a ka bolawa. Encyclopædia Britannica e re: “Diboko tsa Baroma di ne di disiwa ka tsela ya kobamelo ya sedumedi mo ditempeleng tsa Roma. Go ne go tlwaelesegile go bona ra-masole a laola gore seboko se latlhelwe mo masoleng a baba, go oketsa tlhagafalo ya masole a gagwe ka go ba raya a re ba ye go se tsaya gonne se tshwana le selo se se boitshepo thata-thata mo lefatsheng.”
Ditsela tsa Roma le Direto
Roma o ne a kopanya merafe eo a e busang go nna mmuso o mogolo wa lefatshe. O ne wa aga ditsela gore dikarolo tsotlhe tsa mmuso ono di fitlhelelwe. Mme ruri batho ba ne ba tsaya maeto a le mantsi! A o ko o bone fela lenaneo la mafelo ao batho ba neng ba tswa kwa go one ba ba neng ba tlile kwa Jerusalema go tla Moketeng wa Pentekosete ka 33 C.E. Ba ne ba tswa kwa Midia kgakala kwa bokone-botlhaba, ba tswa kwa Roma le kwa Bokone jwa Afrika, kgakala-kgakala ka fa bophirimatsatsi, le go tswa mafelong a mantsi a a fa gare.—Ditihō 2:9-11.
Bontsi jwa ditselana tse di neng tsa thaiwa ke baagi ba ditsela ba Roma di santse di dirisiwa le gompieno. Kwa borwa jwa Roma, o santse o ka tsamaya ka koloi o bapisitse Appian Way ya bogologolo, eo moaposetoloi Paulo ka boene a neng a goroga kwa Roma ka yone. (Ditihō 28:15, 16) Go bolelwa gore ditsela tsa Roma “di ne di baakanyetsa ka dithuso tsa go tsamaya fa fatshe tseo go neng go sena dipe tse di ka di gaisang fa e se fela morago ga go tla ga seporo.”—The Westminster Historical Atlas to the Bible.
Mo tsamaisong ya bone ya go busa mmuso o mogolo ono, gantsi Baroma ba ne ba sa fetole dingwao tsa mafelo a ba a busang. Ka gone, babusi ba mafelo a a farologaneng ba ne ba itsiwe ka maina le direto di le dintsi tse di farologaneng. Go Modern Discovery and the Bible, A. Randle Short a re le eleng “bo-raditiragalo bao ba neng ba itsege thata ba Baroma” ba ne ba sa leke le eseng “go tlhaola babusi bano ka maina a a tshwanetseng a a ba tlhaolang.” Lefa go le jalo, mokwadi wa Bibela Luke “ka metlha yotlhe o baya sengwe le sengwe ka tsela e e tsepameng” mo kgannyeng eno. Ka sekai, Luke o bitsa Herode “tetrarch,” Herode Ageripa o mmitsa “kgosi,” basimegi ba Bathesalonia o ba bitsa “politarchs,” mme Seregio Paulo, mmusi wa Kupero, “molaodisiwa.” (Luke 3:1; Ditihō 25:13; Ditihō 17:6; Ditihō 13:7; bona New World Translation Reference Bible, mekwalo e e kwa tlase.) Fa gongwe e ne e le ledi la tshipi le le fitlhelwang fano kana mokwalo tseo di neng di supela gore mokwadi yono wa Bibela o ne a dirisa sereto se se siameng ka nako e e tshwanetseng. Kelotlhoko e e ntseng jalo le tsepamo ke bosupi jo bongwe gape jwa gore tsela eo Bibela e kwadileng ditiragalo tsa botshelo le tsa metlha ya ga Jesu Keresete ka yone e boammaaruri.a
Mmuso-Mogolo le Bokeresete
Go ne go na le phuthego e e nonofileng ya Bokeresete mo Roma. Go bonala fa e ne e dirilwe ka batho ba ba neng ba boela kwa Roma morago ga ba sena go nna Bakeresete mo Jerusalema mo letsatsing la Pentekosete 33 C.E. (Ditihō 2:10) Buka ya Bibela ya Baroma e ne ya kwalelwa phuthego eno mo e ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E. Moragonyana, Paulo o ne a tla mo Roma a le legolegwa, mme a fetsa dingwaga di le pedi a fa bosupi jo bo nonofileng mo bathong ba ba neng ba mo etetse mo ntlong ya gagwe ya botshwaro. Ka jalo, Badisa-Kgolegelo ba mmuso ba ne ba utlwa ka molaetsa wa Bogosi, mme le eleng “ba ntlo ea ga Kaesare” ba ne ba nna Bakeresete.—Bafilipi 1:12, 13; 4:22.
Dingwao, melao, le ditaolo tsa Mmuso-Mogolo wa Roma gantsi di umakiwa mo Bibeleng. Taolo e e neng ya ntshiwa ke Augustus e ne ya dira gore Josefa le Maria ba tle mo Bethelehema, kwa Jesu a neng a tsalelwa gone. Jesu o ne a tiisetsa kafa go neng go tshwanetse ka gone go ntshetsa Kaisara lekgetho le a neng a le tlhoka. Baperesiti ba Bajuda ba ne ba itira jaaka ekete ba boikanngo go Kaisara e le gore ba tle ba dire gore Jesu a bolawe. Mme go ya ka molao wa Roma, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a ikuela kgetse ya gagwe kwa go Kaisara.—Luke 2:1-6; 20:22-25; Yohane 19:12, 15; Ditihō 25:11, 12.
Diaparo tsa phemelo tsa lesole la Roma—hutshe ya gagwe, letlatla la sehuba, thebe, dinao tse di rwesitsweng, le tšhaka ya gagwe—di ne tsa dirisediwa go tshwantshetsa bomosola jwa boammaaruri, tsholofelo ya poloko, tshiamo, tumelo, go rera mafoko a a molemo, le Lefoko la Modimo jaaka maiphemelo a go re thusa go ema re tiile kgatlhanong le ditlhaselo tsa ga Satane. (Baefesia 6:10-18; 1 Bathesalonia 5:8) Paulo o ne a fa sekai sa lesole la Moroma le le katisitsweng sentle fa a ne a raya Timotheo a re a nne “motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu.” (2 Timotheo 2:3, 4) Lefa go ntse jalo, ntwa ya Mokeresete e ne e le ya semoya, e seng ya senama. Ka jalo, Bakeresete ba pele ba ne ba gana go tsena mo bosoleng jwa Baroma. Justin Martyr (110-165 C.E.) o ne a re Bokeresete “bo fetotse dibetsa tsa rona tsa ntwa—ditšhaka tsa rona go nna magale a megoma, le metsu ya rona go nna didirisiwa tsa temo.” Bakeresete ba le bantsi ba ne ba bolawa ka ntlha ya go gana go tsena mo bosoleng.
Bo-Kaisara
Roma o ne a fitlha setlhoeng sa kgalalelo ya gagwe fa go ne go busa Bo-Kaisara. Go tla bo go le matshwanedi gore re tlhatlhobe mangwe a mabaka a a ba amang, jaaka fa ba ne ba kopanyelediwa mo ditiragalong tsa Bibela.
Ka ngwaga wa 44 C.E., Julius Caesar o ne a bolawa. Kgabagare, Octavian o ne a nna ene mmusi fela. Ka 30 B.C.E., Octavian o ne a gapa Egepeto, ka jalo a fedisa bogosi jwa Gerika jwa ga Ptolemy koo. Seno se ne sa fedisa gotlhelele Mmuso wa Lefatshe wa Gerika o o neng wa nna gone fa esale motlheng wa ga Alexander the Great, dingwaga tse 300 pelenyana.b
Ka ngwaga wa 27 B.C.E., Octavian o ne a nna mmusi-mogolo. O ne a ithaya sereto sa “Augustus,” se se rayang “yo o goleditsweng, yo o boitshepo.” O ne a bitsa kgwedi nngwe sesha ka leina la gagwe mme a tsaya lengwe la malatsi mo go February gore August a tle a nne le malatsi a a lekanang fela le a kgwedi e e neng e reeletswe ka Julius Caesar. Augustus e ne e le ene mmusi-mogolo fa Jesu a ne a tsalwa, mme a busa go fitlhelela ka ngwaga wa 14 C.E.—Luke 2:1.
Tiberio, motlhatlhami wa ga Augustus, o ne a busa go tloga ka 14 go ya go 37 C.E. Ka ngwaga wa bo-15 wa puso ya ga Tiberio, Johane Mokolobetsi o ne a simolola go rera. E ne e ntse e le mo pusong ya gagwe fa Jesu a ne a kolobediwa, a tsweledisa bodihedi jwa gagwe a sa le mo lefatsheng jwa dingwaga tse tharo le sephatlo, le go ntsha botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo. O ne a santse a busa fa barutwa ba ga Jesu ba simolola go anamisa Bokeresete mo dinageng tsotlhe tse di neng di itsiwe ka nako eo.—Luke 3:1-3, 23.
Gaio, yo o ne a tewa leina ga twe Caligula, o ne a busa go tloga ka 37 go ya go 41 C.E. Kalaudio (41-54 C.E.) o ne a busa morago ga gagwe mme a leleka Bajuda mo Roma, jaaka go tlhalosiwa go Ditihō 18:1, 2. Moragonyana, o ne a fiwa sejeso ke mosadi wa gagwe, mme morwawe yo mmotlana Nero o ne a tsaya bogosi. Go ne ga tsoga namane e tona ya molelo mo Roma ka July 64 C.E., wa ba wa senya kwatara ya motse oo. Ra-ditiragalo Tacitus a re gore go tle go seka ga belaelwa gore ke ene, Nero o ne a latofatsa Bakeresete a re ke bone ba ba tshubileng molelo oo, mme bone ba “gagolakwa ke dintša ba bo ba nyelela” mme “ba fisiwa ka melelo ba a sha, gore ba nne dipone fa go le bosigo, fa letsatsi le sena go phirima. Nero o ne a dirisetsa ditshingwana tsa gagwe tiragalo eno.” Mo pogisong eno yotlhe Paulo yo o neng a ile a rera go tloga mo Jerusalema go ya kwa Roma mme gongwe le kwa Spain, o ne a latlhelwa mo kgolegelong labobedi. Go bonala fa a ile a bolawa ke Nero mo e ka nnang ka 66 C.E.
Mongwe wa babusi ba Roma ba re ratang go itse ka bone ke Vespasian (69-79 C.E.) yo mo pusong ya gagwe Tito a neng a senya Jerusalema, Tito ka boene (79-81 C.E.), le morwarraa Tito Domitian (81-96 C.E.), yo o neng a tsosolosa go bogisiwa ga Bakeresete ke mmuso. Go ya kafa ditsong, moaposetoloi Johane wa motsofe o ne a isiwa botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa botshwarwa sa Patamosa mo pogisong eno. Fa a ntse a le koo o ne a fiwa ponatshegelo e e kgatlhisang ya bofelo jwa ditsamaiso tse di boikepo tseno tsa batho le go tseelwa sebaka ga tsone ke Bogosi jwa tshiamo jwa selegodimo jwa Modimo, eo Johane a neng a kwala ka yone mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō. (Tshenolō 1:9) Go bonala fa Johane a ne a gololwa fa go busa mmusi yo mongwe gape, Nerva, 96-98 C.E., mme buka ya gagwe ya Efangele le dikwalo tse dingwe tse tharo di ne tsa digelwa morago ga Trajan (98-117 C.E.) a simolola go busa.
Go Wa ga Mmuso-Mogolo wa Roma
Mo lekgolong la bone la dingwaga, Mmusi-Mogolo Constantine o ne a dira phetso ya gore a kopanye batho mo tumelong e le nngwe ya “Katoliki,” kana ya batho botlhe. Dingwao tsa Baheitane le mekete di ne tsa fiwa maina a “Bokeresete,” mme tshenyego e e neng e ntse e le gone e ne ya tswelela. Ka ngwaga wa 325 C.E., Constantine o ne a okamela lekgotla la kereke kwa Nicaea mme a ema nokeng tumelo ya motheo ya Tharo-nngwe. Ka go bo gotlhelele e ne e se Mokeresete, ka bonakonyana fela, Constantine o ne a senka seipato sa go bolaya morwawe yo motona, Crispus le mosadi wa gagwe, Fausta.
Constantine o ne a fudusetsa mmuso wa gagwe kwa Byzantium, oo pele a neng a o bitsa New Rome mme moragonyana Constantinople (Motse wa ga Constantine). Motse ono o o mo Bosporus, koo Yuropa le Asia di kopanang gone, o ne wa nna motse-mogolo wa Mmuso-Mogolo wa Roma kafa botlhabatsatsi ka makgolo a dingwaga a le 11, go fitlhelela o gapiwa ke ba Ottoman Turks ka 1453.
Kwa Roma, karolo ya bophirima ya mmuso-mogolo wa Roma e ne ya wa ka 476 C.E., fa mmusi-mogolo a ne a tseelwa bogosi ke Kgosi Odoacer, ra-masole yo o neng a tlholega kwa Jeremane, mme setilo sa bogosi se ne sa sala se sena ope. Moragonyana, Charlemagne o ne a leka go tsosolosa Mmuso-mogolo wa bophirima mme ya re ka ngwaga wa 800 C.E. a tlhongwa jaaka mmusi-mogolo ke Mopapa Leo III. Morago, ka 962 C.E., Mopapa John XII o ne a tlhoma Otto I go nna mmusi-mogolo wa Holy Roman Empire wa morafe wa Jeremane—sereto seo se neng sa latlhiwa fela ka ngwaga wa 1806.
Lefa go ntse jalo, ka nako eo mmuso wa bosupa e bile e le wa bofelo wa lefatshe go ya ka ditiragalo tsa Bibela o ne o ntse o itlhagisa. Le one, jaaka fa go ne ga bolelelwa pele, o ne o tla feta, mme o tla tseelwa sebaka ke puso e e tla nnelang ruri, ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.—Tshenolō 17:10; Daniele 2:44.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” ditsebe 340-1.
b Ka jalo, mo pusong ya Roma moengele o ne a kgona go bua jaana ka mebuso eno ya lefatshe: “E bile ke dikgosi di shupa; tse tlhano di setse di ole [Egepeto, Asiria, Babelona, Medo-Persia, le Gerika], e ñwe e sa le gōna [Roma], e ñwe [Anglo-America] ga e se e tle.”—Tshenolō 17:10.
[Mmapa mo go tsebe 26]
(For fully formatted text, see publication)
Bogolo jwa Mmuso-Mogolo wa Roma
Atlantic Ocean
BRITANIA
SPAIN
GAUL
ITALI
Roma
GERIKA
Mediterranean Sea
Black Sea
Caspian Sea
EGEPETO
Jerusalema
Tigris
Euferatese
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Appian Way e Paulo a neng a tsamaya ka yone go ya kwa Roma