A ka Metlha Kutlo e a Tshwanela?
“A O NKUTLWILE?” mmè o goeletsa Johnnie yo monnye e le fa a tswa ka kgoro. Nnyaa, o ne a sa leke go tlhomamisa gore a Johnnie o utlwa sentle ka ditsebe. O batla go tlhomamisa gore a o tla bontsha kutlo mme a goroge mo gae ka nako e e tshwanetseng.
Eleruri, go utlwa ka ditsebe le go bontsha kutlo di amana thata-thata. Ka gone, ga go gakgamatse, gore mo dipuong tsa ntlha tsa Bibela, mafoko a a rayang kutlo a bo a amana le go utlwa ka ditsebe. Mme ke mang yo o tshwanetseng go mo reetsa? A re tshwanetse go reetsa mongwe le mongwe yo o re lopang jalo? Ebile a re tshwanetse go nna kutlo ka metlha yotlhe?
Fa Kutlo e Tshwanelang Gone
Kutlo go Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, e tshwanela ka metlha. Jaaka modiri wa rona le Motswedi wa botshelo, o na le tshwanelo e e tletseng go batla kutlo mo dibopiweng tsa gagwe. (Pesalema 95:6, 7) Jaaka Molaodi yo Mogolo, Jehofa gape o neela bao ba fitlhelelang ditekanyetso tsa gagwe taolo, mme seno se dira gore le bone re ba utlwe. Yo o kwa pele mo go bao ke Jesu Keresete. O sale a nna Kgosi e e tlhophilweng ke Modimo ya Bogosi jwa selegodimo go tloga ka 1914 “gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.” (Daniele 7:13, 14) Go feta moo, jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, Jesu o file ba bangwe taolo, a dira gore go bontsha kutlo ga rona mo badiseng ba babotlana bano go tshwanele.—Bahebera 13:17.
Jehofa gape o neelane ka dikaelo tsa go bontsha kutlo mo lelapeng. Bana ba kgothalediwa go ‘utlwa batsadi ba bone mo Moreneng’ mme basadi le bone ba bolelelwa gore ba ‘ineele mo banneng ba eleng ba bone jaaka e ka bo e le mo go Morena.’ (Baefesia 5:21–6:3) Bakeresete ba a gakololwa gape, “gore ba ineèlè mo balaodiñ, le gore ba nnè kutlō mo go ba ba neecweñ taolō.” (Tito 3:1) Lefa go ntse jalo, a seno sotlhe se raya gore re nne kutlo mo go sengwe le sengwe? Mme ebile a ke mo go tshwanelang ka metlha yotlhe?
Fa Kutlo e sa Tshwanelang Teng
Legale, go reetsa bao ba sa neelwang taolo ke Jehofa go ka felela ka matlhotlhapelo. Monna wa ntlha, Adame, “o reeditse” lentswe la ga Efa a bo a kopanela nae mo go jeng loungo lwa setlhare sa kitso ya molemo le bosula. (Genesise 3:17) Go ne ga felela jang? “Ba ba leñ bantsi ba dihilwe baleohi ka go tlhōka go utlwa ga motho eo moñwe hèla.” (Baroma 5:19) Abo seno se feletse ka matlhotlhapelo jang ne ka ntlha ya go reetsa motho yo o sa tshwanelang.
Lefa go ntse jalo, a ke selo se se tshwanetseng, go reetsa ka metlha yotlhe bao ba filweng maemo a go laola? Eseng fa ba leka go dirisa taolo ya bone kafa Modimo o sa kakeng wa rata ka teng. Ka sekai, tumalanong le molao-motheo wa go utlwa ‘beng ba rona kafa nameng,’ re tla bontsha kutlo go bahiri ba rona. Mme go tweng he fa bao ba re laela go dira sengwe se se kgatlhanong le melao ya Modimo mothatayotlhe? Seo Paulo a se boletseng gape se re bontsha tsela e e siameng: “E señ ka mokgwa oa go mmōna matlhō, yaka bakgatlhi ba batho; me e nnè yaka batlhanka ba ga Keresete, ka go diha go rata ga Modimo, e señ batho.” (Baefesia 6:5, 6) Ka motlha mongwe, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba rile: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.
Molao-motheo o o tshwanang o a dira le mo gare ga lelapa. Ka go sa anaanele ditlhokafalo tsa bomodimo, rre wa lelapa o ka nna a se dumalane le keletso ya mosadi wa gagwe ya go kopanela ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete. A re re gongwe o a mo thibela, le e leng go mo itaya, jaaka go a tle go nne mo mabakeng mangwe, e le go mo kganela go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. O tshwanetse go dira eng? Fa a ne a ka ineela, o ne a tla baya boemo jwa gagwe jwa semoya mo kotsing, le jwa ba lelapa la gagwe, mme a latlhegelwe ke tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. A go ne go ka se nne botoka go utlwa Jehofa, a elelelwa gore ga go motho ope, lefa e le monna wa gagwe, yo a neilweng taolo ya go senya molao o o reng ‘re seka ra bakela go phuthega ga rona’?—Bahebera 10:25.
Monna wa ga Miyoko o ne a ngongoregela gore madi a gagwe “a senngwa” mo go dirisediweng go ya kwa dipokanong tse a sa di dumeleleng. Kgabagare o ne a kgaotsa go ntsha madi ao a thusang mo lelapeng, mme Miyoko a tshwanelwa ke go tsamaya sekgala sa oura go ya kwa Holong ya Bogosi.
A o ne a ineela? Nnyaa. O ne a atamela Jehofa ka thapelo mme a mmolelela seemo sa gagwe. Fa a lemoga lebaka leo ka lona monna wa gagwe a mo ganetsang, Miyoko a swetsa ka gore a dire tiro ya go rekisa dipampiri tsa dikgang. Monna wa gagwe a dumela fa fela a ka mo fa bontlhanngwe jwa madi a o tla a bonang.
O ne a boa gape a rapela gore fa e le go rata ga ga Jehofa, a ka bona bareki ba ba gautshwane. Gantsi go tsaya motho lobaka lwa ngwaga kana go feta gore o ka bona se o se batlang. Mme, ka mo go gakgamatsang, mo lobakeng lwa dibeke di le thataro Miyoko o ne a bona bareki ba ka metlha ba dikoranta ba ba gaufi le legae la gagwe. A kgothaditswe ke mogopolo wa gore Jehofa o utlwile dithapelo tsa gagwe, o ne a dira go tloga ka 4:30 go fitlha ka 6:00 moso mongwe le mongwe. Ka go bona seno, monna wa gagwe o ne a busa mogopolo ka bonya ka bonya mme a simolola go dirisanya nae. Fela jaaka go diragaletse Miyoko, yo ka metlha a dirang jaaka mmulatsela yo o thusang, fa o akanya le go tlhatlhoba seemo sa gago ka thapelo mme o dira tumalanong le gone go tla felela ka tshegofatso ya ga Jehofa.
Legale, go ka ne go na le maemo a a kgethegileng kana mabaka ao ka one molekane yo o sa dumelang a ka kopang mosadi wa gagwe go sa nne gone mo pokanong ya Bokeresete. O ka nna a dira seno kwantle ga boikaelelo jwa go nyenyefatsa kobamelo le tirelo ya gagwe go Jehofa Modimo. Mosadi wa Mokeresete fa a tlhaloganya melao-metheo e e kopanyelediwang foo o tla dira tshwetso e e siameng go latela maemo a a rileng ao a ka bong a le mo go one.
Fa jaanong re tswelela ka kgang eno, go tweng he fa monna wa gagwe a mo kganela go tsamaya le bana ba bone fa a ya kwa dipokanong tsa Bokeresete? Legale, o a itse, gore lefa monna wa gagwe a sa ikokobeletse botlhogo jwa ga Keresete, o sa ntse a le tlhogo ya lelapa. (1 Bakorintha 11:3) Mme gape, mo pelong o santse a akanyetsa boemo jwa semoya, jwa bana, le keletso ya gagwe ya go bontsha kutlo go Jehofa. Seno ruri ke teko ya tumelo ya gagwe go tshelela maikaelelo a gagwe mo mabakeng ano otlhe. Eleruri go rapelela botlhale le temogo mo go Jehofa go ka thusa. (Yakobe 1:5; Bafilipi 4:6, 7) Gongwe fa a ka tlhalosetsa monna wa gagwe mabaka ka tsela e e botlhale a bua ka boikokobetso le boikobo le moya o o bonolo seo se ka nna sa mo thusa mo go rarabololeng bothata.—Bakolosa 4:6; 1 Petere 3:1-5.
Mosadi mongwe wa Mokeresete kwa Yamato, Japane, o ne a thulana le boemo jo bo ntseng jalo fa monna wa gagwe a ne a mo thibela go tsamaya le bana ba bone ba bararo fa a ya kwa dipokanong. O ne a ka dira eng? O ne ka tlhoafalo a ruta bana ba gagwe kwa gae, mme fa ba setse ba godile sentle go ka itirela ditshwetso, mongwe le mongwe wa bone o ne a emela letlhakore la ga Jehofa mme ba simolola go ya kwa dipokanong. Ka go galefa thata, monna wa gagwe o ne a ba koba botlhe mo gae.
Mosadi o ne a bona tiro mme a nna ka nakwana le kgaitsadi mongwe kwa bonnong jwa gagwe. Mme o ne a seka a lesa dilo go nna fela jalo. O ne a boela morago go phepafatsa ntlo le go mo apeela dijo. Kwa bofelong, morago ga kgwedi kana go feta, monna wa gagwe o ne a ba amogela gape mme a emisa go ba ganetsa. Abo seno e ne e le tuelo e e molemo jang ne ya boikanyegi jwa gagwe!
‘Tlhotlhomisa Meya e e Tlhotlheleditseng’
Go tweng he ka bolaodi mo phuthegong ya Bokeresete? Ereka bao ba filweng maikarabelo ba tlhophiwa ka tiriso ya moya o o boitshepo mme kgothatso ya bone ba e thaile mo Lefokong la Modimo, re ka tlhomamisega gore go bontsha kutlo mo balaoding ba ba tlhophilweng kafa tshwanelong mo phuthegong ya Bokeresete go a tshwanela. (Ditihō 20:28; Bahebera 13:17) Mme seo ga se reye gore re ikobela bolaodi jo kwantle ga go tlhokomela sentle se se buiwang. Ka ntlhayang?
Moaposetoloi Johane o ne a fa kgakololo eno: “Lo se ka loa dumèla mōea moñwe le moñwe hèla, me lo tlhotlhomisè meōea, bo ke ea Modimo.” (1 Yohane 4:1) Seno ga se reye gore re belaele sengwe le sengwe seo ba bangwe ba se re bolelelang. Go na le moo, re gakologelwa mafoko a ga Paulo mo go Bagalatia 1:8: “Me leha e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele eo o cwañ legodimoñ, ha a ka lo rèrèla, mahoko a a molemō a sele kwa ntlè ga a re a lo reretseñ, a a hutsègè.”
A boikitsiso jo bo fa pele ga rona bo farologane le seo re se rutilweng ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”? A motho yo o anamisang molaetsa oo o bua e le go tlotla leina la ga Jehofa, kana o leka go ikgoletsa? A boikitsiso bo dumalana le dithuto tsotlhe tsa Bibela? Tseno ke dipotso tse di ka re thusang mo go ‘tlhomamiseng’ sengwe le sengwe se se ka bonalang se belaetsa. Re a tlhagisiwa “lekañ dilō cotlhe; shōna se se molemō lo se chwarè thata.”—Mathaio 24:45; 1 Bathesalonia 5:21.
Kgang e nngwe e e kgatlhisang ke ya ga Moatlhodi Gideone. Go tlhomamisa gore Jehofa o ne a tlile go nna nae, Gideone o ne a akantsha gore seo se tlhotlhomisiwe. “Bōna, ke tla baea sesetlō sa boboea yoa nku mo sebopiñ,” a rialo go Jehofa. “Ha go le monyō mo sesetloñ se le shosi, me go omeletse gotlhe ha hatshe, hoñ ke tla bo ke itse ha u tla golola Iseraele ka seatla sa me.” Fa Jehofa a sena go dira jaaka a kopile, Gideone o ne a batla go tlhomamisediwa mo go oketsegileng. “Yanoñ a go ōmèlèlè mo sesetloñ, go nnè monyō ha hatshe.”—Baatlhodi 6:37-39.
A Gideone o ne a itisitse mo go feteletseng kana a tletse dipelaelo? Ka phepafalo nnyaa, gonne Jehofa o amogetse kopo ya gagwe ka makgetlo oomabedi a dira fela jaaka a mo kopile. Gideone o ne a batla go tlhomamisega gore o siametse boemo jwa gagwe. A sena Lefoko la Modimo le le kwadilweng jaaka rona, e ne e le tsela e e dirang tota ya ga Gideone “go tlhomamisa.” Lefa go le jalo, fa fela a sena go tlhomamisediwa, o ne ka tlhoafalo a bontsha kutlo e e nonofileng mo ditaolong tsotlhe tse di tshwanang go Jehofa lefa go dirisa banna ba le 300 kgatlhanong le mophato wa mmaba wa ba ba 135 000 go ne go lebega e le boipolao fa go iwa kafa ponong ya motho. (Baatlhodi 7:7; 8:10) A re bontsha boikutlo jo bo tshwanang ka go batlisisa mo Lefokong la Modimo gore thato ya Modimo ke efe le go e kgomarela?
Tlhopho e e di Gaisang Tsotlhe
Jehofa gaa a lebelela gore re dumele fela ka boeleele mo barongweng ba gagwe. Ga a batle mo go rona mofuta wa kutlo oo mokatisi a o bonang mo phologolong e e tshwerweng ka dikgole tsa ditomo kana e betswa ka seme. Ke sone seo a ileng a raya Dafide a re: “Se nneñ yaka pitse, leha e le yaka mule, tse di senañ tlhaloganyō: tse go apara ga cōna e chwanetseñ go nna tshipi le dikgolè go di thiba.” (Pesalema 32:9) Go na le moo, Jehofa o re file nonofo ya go akanya le temogo gore, mo motheong wa tlhaloganyo, re ka itlhophela go mo utlwa.
Ka puo ya Sejapane, lefoko kiku (go utlwa ka tsebe) le akaretsa bokao eseng jwa go reetsa fela le go bontsha kutlo mme gape le jwa go atlhola fa selo se le molemo kana bosula. Fa mongwe a bua le rona, go molemo go reetsa ka tlhaloganyo eno gore fa re tla go bontsha kutlo, re dire jalo eseng ka go dumela motlhofo fela mme e le ka go rata ga rona. Fa Rraarona wa selegodimo, Jehofa Modimo, a bua, ekane e le ka Lefoko la gagwe, Bibela, kana ka phuthego ya gagwe ya selefatshe, re tla bona go le botlhokwa thata go reetsa le go bontsha kutlo, ka jalo re itshupa re le baobamedi ba ba kutlo bao ba reetsang kgakololo e e lorato e e reng: “A o nkutlwile?”
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ke tshwanetse go reetsa mang?
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Gideone o batlisisitse ka thato ya ga Jehofa mme a mo utlwa