Pego ya Baboledi ba Bogosi
Jehofa o Segofaditse go Emela ga Bone Molao wa Gagwe ba Tiile
MO NAGENG nngwe ya Botlhaba-Gare, rre mongwe o ne a baakanya lootwana la koloi lo lo duleng mowa fa thoko ga tsela fa koloi nngwe e ne e thula morwawe yo o nang le dingwaga di le nne e bo e inaya naga. Ka ngwana yoo yo o gobetseng a le mo diropeng tsa ga mmaagwe, rre yoo o ne a sianela kwa bookelong bongwe jo bo fa gaufi, ka go tlhoka lesego a romelwa kwa bookelong jo bongwe jo bo ka nnang dikilometara di le 25 go tswa foo. Ngaka e ne ya swetsa ka gore mosimane o ne a dutletse madi kafa teng le gore o ne a tlhoka go ariwa le tshelo ya madi. Dingaka tse dingwe di le robedi di ne tsa dumalana tsotlhe jalo. Ka ba ne ba itse molao wa Modimo kgatlhanong le ditshelo tsa madi, batsadi bao ba ne ba gana. “Re lo naya metsotso e le metlhano fela gore lo dire tshwetso go sa nneng jalo ga re kitla re mo tshwara, lefa lo ka dumela gore a tshelwe madi moragonyana,” ngaka e ne ya ba tshosetsa jalo. Ka nako eo, mpa ya ngwana e ne ya rurugela pele mme e ne e fitlhelela boemo jo bo kotsi.
Morwarragwe rre yoo, yo a neng a se mo boammaarureng, o ne a pateletsa rre yoo gore a dumelele tshelo ya madi. O ne a ba a oketsa ka go re: “Tsweetswee a o ko o tseye mosimane yono jaaka ngwanake eseng wa gago. Ereka segakolodi sa gago se go tshwenya, nna ke tla rwala boikarabelo jono go akareletsa le ditshenyegelo tsa bookelo gore fela ngwana a fiwe madi a a tlhokafalang. Yono ke ene fela morwa wa gago.” Kgatelelo eo e ne e le boima go e itshokela, mme batsadi bao ba ne ba tiile mo tshwetsong ya bone.
Ba ne ba tsaya mosimane mme ba tsamaya go ya go batla bookelo bongwe mme ba latlhegelwa ke tsela. Ka lesego ba ne ba bona lotshwao lwa bookelo jo bongwe, mme ba ne ba ya kwa go jone ntswa tota e ne e se jone jo ba neng ba bo batla. Fa ngaka e sena go bona mosimane, e ne ya re: “Go ruruga ga mpa ya ngwana yono e ka nna ya nna sesupo sa gore madi a dutletse kafa teng kana ya seka ya nna sa gone. A mosimane a robale, mme ka moso re tla dira ditlhatlhobo tse di tlhokafalang go batlisisa gore ke eng.” Ditlhatlhobo tseo di ne tsa bontsha gore go ne go sena madi ape a a neng a dutla, mme go ruruga moo go ne go bakilwe ke kotsi. Go ne go sa tlhokafale gore go dirwe karo. Tota ngaka e ne ya bolela gore karo e ka bo e nnile kotsi tota. “Re leboga Jehofa,” batsadi bao ba ne ba rialo, “ka ntlha ya pabalesego ya morwaarona le go bo a re kaetse kwa bookelong jo bo siameng le kwa ngakeng e e siameng.”
Boemo jono bo ne jwa nna le diphelelo dife dingwaga di le lesome morago ga foo? Rre yoo o anela jaana: “Morwarre yole wa go nkgatelela kwa bookelong o ne a anaanela kemo ya rona le go bona kaelo ya ga Jehofa mo kgannyeng eno. Seno se ne sa dira gore a kgatlhegele boammaaruri, jo a neng a bo amogela, mme jaanong o kolobeditswe ebile o direla jaaka mogolwane mo phuthegong. Mosadi wa gagwe le bana ba direla Jehofa mmogo le ene ka tlhoafalo. Bomorwarre ba bangwe ba babedi mmogo le ba malapa a bone le bone ba mo boammaaruring, mme mongwe wa bone o direla jaaka motlhanka wa bodihedi. Lemororo eo e ne e le tiragalo e e botlhoko mo go nna le mosadi wa me, maloko a ka nna 30 a lelapa la ga etsho a ile a amogela boammaaruri ka ntlha ya yone; ba bangwe ba setse ba kolobeditswe mme ba direla jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi. Ba bangwe le bone ba gaufi le go kolobediwa. Morwaake jaanong o na le dingwaga di le 14 mme ke mmoledi yo o nang le botsogo jo bo siameng, yo o tlhoafetseng mme o lebeletse pele go kolobediwa. Abo nna le mosadi wa me re leboga Jehofa jang ne ka a re thusitse go dira tshwetso e e siameng eo e dumalanang le molao wa gagwe o o boletsweng mo go Ditihō 15:29!”
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
“Lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ”