Karolo 4—Bameda le Baperesia—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Bone mo Ditiragalong tsa Bibela
Bameda le Baperesia ba ne ba kopanyelediwa mo ditiragalong di le dintsi tseo di anelwang mo Bibeleng. Ba umakiwa gape mo dipolelelong pele di le mmalwa tsa Bibela. A o ne o ka rata go itse mo go oketsegileng kaga batho bano ba bogologolo ba ba kgatlhang?
BAMEDA ba bogologolo le Baperesia ba ne ba le mo kgwantong! Yo o neng a ba eteletsepele e ne e le Kuruse yo Mogolo, yo o neng a setse a busa mmuso o mogolo. Mme jaanong o ne a itebagantse le Babelona yo o maatla, mmuso-mogolo wa lefatshe wa nako eo.
Mo teng ga motse-mogolo wa Babelona, Kgosi Beleshasare, yo Bibela e reng ‘o ne a nole bojalwa jwa mofine,’ o ne a diretse sekete sa balalediwa ba gagwe ba bagolo mokete. Fa ba sena go tlhapelwa, ba ne ba baka medimo ya bone ya disetwa fa ba ntse ba nwela mo dinwelong tse di boitshepo tse di neng di tserwe mo tempeleng ya ga Jehofa mo Jerusalema. (Daniele 5:1-4) Ba ne ba ikutlwa ba babalesegile mo dithakong tse dikgolo tsa Babelona.
Lefa go ntse jalo, ka kwantle, mephato ya ga Kuruse e ne e fapositse metsi a Noka ya Euferatese eo e neng e ralala Babelona. Fa go sena go ntshiwa sekgoreletsi seo sa tlholego, masole a gagwe a ne a gobua mo teng ga noka—ba ralala dithako tsa Babelona, mme ba tsena mo motseng ka dikgoro tse di neng di butswe tseo di neng di lebaganye le noka. Pele ga letsatsi le tlhaba, Beleshasare o ne a sule, Babelona o ne a ole, mme Bameda bano le Baperesia ba ne ba fetogile mmuso o mogolo wa lefatshe wa bone go ya ka ditiragalo tsa Bibela! Mme Bameda bano le Baperesia e ne e le bomang?
Bameda ba ne ba tswa mo kgaolong e e dithaba tse di lophatladika kafa botlhaba jwa Asiria. Ditshwantsho dingwe tse di fitlhetsweng mo Asiria di ba supa ba apere diaparo tse di tshwanang le dibaki tsa letlalo la nku mo godimo ga mesese e meleele mme ba rwele ditlhako tse di bofelwang kwa magwejaneng, mme e le tse di tshwanelang tiro ya bone ya bodisa mo dipoeng tse di godileng tsa dithaba. Ga go na direkoto dipe tse di kwadilweng tse Bameda ba neng ba di sadisa. Bontsi jwa seo re se itseng ka bone ke se re se utlwang mo Bibeleng, mo mekwalong ya Asiria, le mo go bo-raditiragalo ba ba itsegeng ba Bagerika. Baperesia pele ba ne ba tshela botshelo jwa go kgarakgatshega mo kgaolong e e kwa bokone jwa Persian Gulf. Fa mmuso-mogolo wa bone o ntse o gola, ba ne ba nna le keletso e kgolo ya maphatsiphatsi.
La ntlha, Bameda ke bone ba ba neng ba le kwa tlhogong, mme ya re ka 550 B.C.E., Kuruse yo Mogolo wa Peresia, a fenya Astyages ebong kgosi ya Bameda ka bofefo. Kuruse o ne a pataganya mekgwa le melao ya merafe eo e mebedi, a kopanya mebuso ya bone, mme a godisa diphenyo tsa bone. Lemororo Bameda ba ne ba le kafa tlase ga Baperesia, tota gone mmuso-mogolo oo e ne e le o o tlhakanetsweng. Bameda ba ne ba na le maemo a a kwa godimo mme e le bone ba etelelang pele mephato ya Peresia. Merafe e sele e ne e tle e bue ka Bameda le Baperesia, kana e re fa ba dirisa lereo le le lengwe fela, ba dirise “Bameda.”
Pele ga fa Bameda le Baperesia ba tlhasela Babelona, moperofeti Daniele o ne a ile a fa ponatshegelo kaga nku e e dinaka tse pedi eo e neng e emela morafe ono o o karolo tse pedi. Daniele o ne a kwala a re: “Me dinaka tse pedi tsa bo di le ditelele; me lo loñwe lo no lo heta lo loñwe, me lo lotelele loa cwa moragō ga lo loñwe.” Go ne go sena pelaelo epe ya gore phelehu eno e ne e le eng, ka go bo moengele mongwe o ne a raya Daniele a re: “Phelehu e u e bonyeñ e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia.”—Daniele 8:3, 20.
Daniele o ne a le teng mo Babelona fa a fenngwa mme, o ne a iponela ka matlho fa Bameda le Baperesia ba goroga. Dario wa Momeda, mmusi wa ntlha wa motse o o sa tswang go fenngwa, o ne a tlhoma basireletsi ba mmuso ba le 120 mme a tlhoma baokamedi ba bone ba le bararo. Daniele e ne e le yo mongwe wa ba bararo. (Daniele 5:30–6:3) Ka ntlha ya maemo a a kwa godimo a bolaodi a ga Daniele pele le morago ga go fenngwa ga Babelona, ga go belaetse ka gope gore Kuruse o ne a lemosiwa polelelo pele ya Sehebera eo, makgolo a dingwaga a le mabedi go sa le pele, e neng e boletse gore Babelona o ne a tla fenngwa ke monna yo o neng a bidiwa Kuruse.—Isaia 45:1-3.
Go Tsosolosiwa ga Jerusalema
Go wa ga Babelona go ne ga dira gore go tsoge motse o mongwe gape—Jerusalema. O ne o setse o feditse dingwaga di le 70 o ntse o le marope fela fa e sa le o senngwa ke Bababelona ka 607 B.C.E. Dipolelelo pele tsa Bibela di ne di boletse gore Jerusalema o ne a tla agiwa sesha le go tlhongwa metheo ya tempele ya one ke Kuruse.—Isaia 44:28.
A seno se ne sa diragala? Ee. Moperesiti, mokanoki, le mokwadi Esere o ne a bega gore Kuruse o ne a laola gore baobamedi ba ga Jehofa ba “tlhatlogèlè kwa Yerusalema, o o kwa Yuda, me [ba] agè ntlo e e mo Yerusalema ea ga Yehofa, Modimo oa Iseraela, (ke èna Modimo).” (Esere 1:3) Esere 2:64, 65 e umaka gore batho ba ka nna 50 000 ba ne ba tsaya loeto lwa dikgwedi tse nne go boela kwa Jerusalema, ba tsamaya ba tshotse matlotlo a tempele. Ka 537 B.C.E. lefatshe leo gape le ne la nniwa—dingwaga tse 70 fela morago ga fa Jerusalema a sena go wa.—Yeremia 25:11, 12; 29:10.
Baithuta-marope ba ile ba tiisetsa gore taolo e e ntseng jalo e ne e le tumalanong le tsamaiso-puso ya ga Kuruse. Mo selendareng ya letsopa e e fitlhetsweng mo maropeng a Babelona, Kuruse a re: “Ke ne ka busetsa mo metsing (eno) e e boitshepo . . . mafelo a a boitshepo ao a neng a ropefetse ka nako e telele, ditshwantsho tseo (di neng) di nna koo mme ka ba tlhomela mafelo a a nitameng a a boitshepo. Gape (ke ne) ka phutha baagi (ba pele) mme ka (ba) busetsa kwa mannong a bone.”
Baba ba Basamaria ba Bajuda moragonyana ba ne ba dira gore go agiwa sesha ga tempele go emisiwe ka thibelo ya mmuso-mogolo. Baperofeti ba ga Jehofa ebong Hagai le Sekaria ba ne ba kgothatsa batho, mme tiro ya go aga ya tsogologa. “Dario kgosi” o ne a laola gore go tsenwe mo patlong ya taolo ya pelepele ya ga Kuruse eo e neng e laola gore tempele e tsosolosiwe. Bibela ya re kwa Ekemetha, ebong bonno jwa go iphokisa phefo jwa ga Kuruse, go ne ga fitlhelwa momeno o o neng o na le mafoko ao a neng a otlelela gore tiro ya tempele e kafa molaong. Tiro eo e ne ya wediwa mo ngwageng wa borataro wa puso ya ga kgosi ya Peresia Dario I.—Esere 4:4-7, 21; 6:1-15.
Tshupo ya Bontlafalo
Mo ponatshegelong e e umakilweng pelenyana, Daniele o ne a ile a bonela pele ‘phelehu ya Bameda le Baperesia e e dinaka tse pedi e shegolela ntlheng ya bophirimatsatsi, le ya botsheka, le ya borwa; mme go ne go sena ditshedi dipe [merahe e mengwe] tse di ka emang fa pele ga yona, le gona go ne go sena ope yo o ka gololang mo go yona; ya dira se e se ratang, mme ya ikgodisa.’ (Daniele 8:4) Go ka bolelwa gore, ka motlha wa ga Dario, ponatshegelo eno e ne e diragaditswe. Ka go tiisetsa ditiro tsa gagwe tse dikgolo tse di boitshegang, Dario yo Mogolo o ne a itirela namane e tona ya setshwantsho seo se santseng se ka bonwa mo lehikeng je le godileng kwa Bisitun, mo tseleng e kgologolo e e fa gare ga Babelona le Ekemetha. Fa e sena go fenya Babelona, “phelehu” ya Bameda le Baperesia e ne ya gapa gape dikgaolo tse di mo dikarolong tse dikgolo tse tharo: kwa bokone kwa Asiria, kwa bophirima go ralala Asia Minor, le mo borwa kwa Egepeto.
Dikilometara di le 640 ka kwa borwa-botlhaba jwa bonno jwa bone jwa go iphokisa phefo kwa Ekemetha, babusi-bagolo ba Peresia ba ne ba ikagela namane e tona ya ntlo ya segosi kwa Persepolis. Ditshwantsho tse di koo di bontsha Dario a ntse mo setilong sa gagwe sa bogosi, mme go na le mokwalo oo a ikgantshang a re: “Ke nna Dario, kgosi e kgolo, kgosi ya dikgosi, kgosi ya mafatshe . . . yo o agileng ntlo eno ya segosi.” Go santse go na le dipinagare di sekae tse ditelele tsa motse-mogolo ono tse di santseng di eme le gompieno jaana. Motse-mogolo o mongwe gape o ne o le kwa Susa (Shushana), o o fa gare ga Babelona, Ekemetha, le Persepolis. Koo Dario yo Mogolo o ne a aga ntlo e nngwe gape e e tsabakelang ya segosi.
Dario o ne a tlhatlhangwa ke morwawe Xerxes, yo go bonalang e ne e le ene “Ahasueruse” yo o mo bukeng ya Bibela ya Esethere. E bolela gore Ahasueruse “o na a busa dikgaolō tsa mahatshe di le lekgolo, le mashomè mabedi le boshupa, go cwa India le go ea hèla kwa Ethiopia” fa a ntse a “dutse mo setuloñ sa bogosi yoa gagwè, se se neñ se le mo Shushana, motse oa kgosi.” Ke gone koo Ahasueruse a neng a tlhoma Esethere yo mmotlana yo montle jaaka mohumagadi wa gagwe. (Esethere 1:1, 2; 2:17) Mo musiamong wa Louvre mo Paris, o ka bona setshwantsho sa poo se se kgabisitsweng se se tlhomilweng mo godimo ga pinagare e telele mo ntlong eno ya segosi, gammogo le mekgabisa e mengwe mo loboteng e e neng e supa bahula-ka-metswe ba ba tlotlometseng ba Peresia le diphologolo tse dintle. Mabotlolo a letsopa, majana a a benyang, le dilwana tse dingwe tse di neng tsa fitlhelwa koo di tshwanela sentle dipolelo tsa Bibela tse di buang kaga bontle jo bogolo jo Esethere a neng a kgabisiwa ka jone, gammogo le letlepu leo le neng le le mo Shushana.—Esethere 1:7; 2:9, 12, 13.
Dipolelo tse di bolelwang ke baba ba Bagerika ba ga Xerxes ke tse di amang mathata a lenyalo le se go tweng e ne e le nonofo e kgolo ya kgosi ya Peresia ka ntlha ya bangwe ba balaodisiwa ba gagwe. Lemororo mabaka a ka nna a bo a ile a tlhakatlhakanngwa le go faposiwa, dipolelo tseno di bonala di supa dintlha dingwe tsa motheo kaga buka ya Esethere, eo e bolelang gore kgosi o ne a leleka mohumagadi Fasheti yo o bogoma mme ya mo emisetsa ka Esethere, le gore ntsalae Esethere ebong Moredekai o ne a bona maemo a a kwa godimo mo pusong eo.—Esethere 1:12, 19; 2:17; 10:3.
Bopelontle mo Baobameding ba ga Jehofa
Ka ngwaga wa 468 B.C.E., motlhatlhami wa ga Xerxes ebong Aretaserese (Longimanus) o ne a bolelela moperesiti Esethere, yo o neng a nna mo Babelona morago ga go gololwa ga ntlha ga Bajuda ke Kuruse, go boela kwa Jerusalema go ya go tsweledisa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa koo. Banna bangwe ba ka nna 1 500 le malapa a bone—gongwe botlhe e le batho ba le 6 000—ba ne ba pata Esere, ba tla ba tshotse meneelo e le mentsi ya tempele ya ga Jehofa.—Esere 7:1, 6, 11-26.
E ne ebile gape e le mo ntlong ya segosi mo Shushana moo ene Aretaserese yono, mo ngwageng ya gagwe ya bo-20 (455 B.C.E.), a neng a rebola Nehemia fa a ne a ikopela go boela morago go ya go tsosolosa Jerusalema le dithako tsa one. Taolo eno e ne ya tshwaya tshimologo ya “dibeke di le masome a supa” tsa dingwaga tsa polelelo pele ya ga Daniele, eo e neng ya bolelela pele kaga go tla ga ga Jesu jaaka “Mesia wa Moeteledipele” ka nako tota e e tsepameng ka ngwaga wa 29 C.E.a—Daniele 9:24, 25; Nehemia 1:1; 2:1-9, NW.
Go ne ga bonwa mekwalo mengwe e e kwadilweng mo dikwalong tsa koma ka puo ya Searamaika mo Elephantine, setlhaketlhake sengwe se se mo Nokeng ya Nile mo Egepeto. Mekwalo eno e bontsha kafa bakwadi ba Bibela ebong Esere le Nehemia ba neng ba tsepame ka gone fa ba ne ba tlhalosa kaga maemo le dipuisanyo tsa semmuso mo pusong ya Peresia. Go Biblical Archaeology, Moperofesa G. Ernest Wright o tlhalosa jaana: “Jaanong . . . re kgona go bona sentle gore Searamaika sa ga Esere se tshwanela tota motlha wa sone, lemororo mekwalo ya puso e le ya mofuta oo o neng o tlwaelesegile mo pusong ya Peresia.” Mongwe wa mekwalo o ne o tshotse taolo ya segosi ya Peresia e e neng e le malebana le keteko ya Tlolaganyo mo koloneng ya Bajuda mo Egepeto.
Bameda le Baperesia ba Wela mo Diatleng tsa Gerika
Mo ponatshegelong, Daniele o ne a ile a bona Bameda le Baperesia ba tshwantsheditswe ke phelehu ya dinaka tse pedi. Go tswa foo, makgolo a dingwaga a le mabedi pele ga seo se diragala, o ne a bona ‘phoko e tswa ntlheng ya bophirimatsatsi’ mme e tsamaya ka bofefo mo eleng gore ‘e ne ya seka ya ama lefatshe.’ Phoko eo e neng e tsamaya ka bofefo e ne ya feta ya “shegola phelehu, ea rōba dinaka tsa eōna coopedi; me go no go sena thata mo phelehuñ ea go èma ha pele ga eōna.” (Daniele 8:5-7) A ditiragalo di bontsha gore ruri seno se ne sa diragalela Bameda le Baperesia?
Ee, ka ngwaga wa 334 B.C.E., Alekesandere yo Mogolo o ne a tswa mo Gerika kafa bophirimatsatsi. Ka bofefo jo bo boitshegang jaaka jwa phoko, o ne a ralala Asia, a fenya Baperesia gotlhelele. Kgabagare, ka 331 B.C.E., kwa Gaugamela, o ne a falatsa masole a Baperesia a banna ba le sedikadike. Moeteledipele wa bone ebong Dario III o ne a tshaba, mme moragonyana a bolawa ke ditsala tsa gagwe tsa pele. Mmuso o mogolo wa lefatshe wa bone o ne o fentswe, o robilwe dinaka, mme mmuso-mogolo wa ga Alekesandere wa nna wa boraro mo mebusong megolo ya lefatshe go ya ka ditiragalo tsa Bibela. Go tla tlotliwa ka one mo tokololong ya April 15, 1988.
Mmuso o Mogolo wa Bameda le Baperesia o ne o ile wa nna gone fela ka makgolo a mabedi a dingwaga—go tloga bosigong joo o neng wa fenya Babelona ka 539 B.C.E. go fitlhelela o fenngwa ke Alekesandere. Seno se batlile se lekana fela le nako eo e ileng ya feta fa e sale go nna gone Ditsogologelano tsa Fora kana go tlhongwa ga United States of America. Mo lobakeng loo lo lokhutshwane lwa nako, Bameda le Baperesia kwantle ga go ikaelela ba ne ba thusa thata mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa le mo go wetseng dipolelelo pele tsa gagwe tse di sekeng di tlhoka go diragala.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e tletseng kaga polelelo pele eno le tiragatso ya yone, bona buka ya “Let Your Kingdom Come,” eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 56-66.
[Mmapa/Setshwantsho 26]
(For fully formatted text, see publication)
Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia
INDIA
Ekemetha
Susa (Shushana)
Persepolis
Babelona
Jerusalema
EGEPETO
[Setshwantsho]
Persepolis, motse-mogolo wa Peresia
[Motswedi wa Setshwantsho]
Manley Studios
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Lebitla la ga Kuruse mo Iran