LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 3/1 ts. 18-22
  • Go Tshola Bana Gareng ga Batho ba Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshola Bana Gareng ga Batho ba Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshola Bana mo Iseraele
  • Metlha e e Boima mo Baneng mo Iseraele
  • Go Tshola Bana Gareng ga Bakeresete ba Pele
  • ‘Pitlagano mo Nameng’
  • “Lobaka lo Khutshahetse”
  • Go Tshola Bana Gompieno
  • Sekai sa Bogologolo
  • “Dipaka tse di Tlhokohatsañ”
  • Go Tshola Bana ka Tlhaloganyo mo Motlheng Ono wa Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Nna le Tumelo le Segakolodi Se Se Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 3/1 ts. 18-22

Go Tshola Bana Gareng ga Batho ba Modimo

“Yehofa . . . a lo ntsihatsè ga makgolo a shomè.”—DUTERONOME 1:11.

1. Bibela e bua jang kaga go tshola bana?

“BŌNA, bana ke boshwa yoa ga Yehofa: le louñō loa sebopèlō, ke tuèlō ea gagwè. Yaka mecwi mo seatleñ sa monna eo o senatla, bana ba bokau ba nntse yalo. Go segō monna eo mokōtlōpō oa gagwè o ba tletseñ.” Ke kafa re balang ka gone go Pesalema 127:3-5. Ee, go tshola bana ke tshiamelo e e molemo-lemo e Jehofa Mmopi a neng a e fa banyalani ba ntlha ba babedi le ditlogolwana tsa bone.—Genesise 1:28.

Go Tshola Bana mo Iseraele

2. Ke ka ntlhayang fa malapa a matona a ne a eletsega gareng ga ditlogolwana tsa ga Aberahame, Isake, le Jakobe?

2 Malapa a matona a ne a tsewa e le a a eletsegang thata mo ditlogolwaneng tsa ga Aberahame ka Isake le Jakobe. Le eleng bana ba ba neng ba tsholwa ke basadi ba bobedi le bagadingwana ba ne ba tsewa jaaka ba kafa molaong. Go ne go ntse jalo ka bangwe ba bana ba ga Jakobe, ba ba neng ba nna ditlhogo tsa ditso tse 12 tsa Iseraele. (Genesise 30:3-12; 49:16-21; bapisa 2 Ditihalō 11:21.) Lemororo thulaganyo ya kwa tshimologong ya lenyalo ya Modimo e ne e le go nyala mosadi a le mongwe fela, o ne a leseletsa fela gore ditlogolwana tsa ga Aberahame ba nyale basadi ba bantsi le go nna le bagadingwana, mme seno se ne sa thusa gore lotsalo lwa batho lo gole ka bofefo. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna “batho ba ba chwanañ le lorole loa lehatshe ka bontsi.” (2 Ditihalō 1:9; Genesise 13:14-16) Mo morafeng oo “losika” lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tlhaga mo go one loo “merahe eotlhe ea lehatshe” e neng e tla itshegofatsa ka lone.—Genesise 22:17, 18; 28:14; Duteronome 1:10, 11.

3. Seemo e ne e le sefe mo Iseraele mo motlheng wa puso ya ga Solomone?

3 Ka phepafalo, mo Iseraele go tshola bana go ne go lejwa jaaka sesupo sa tshegofatso ya ga Jehofa. (Pesalema 128:3, 4) Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe ga elwatlhoko gore mafoko a a simololang setlhogo seno, a a tsopotsweng go Pesalema 127, a ne a kwadilwe ke Kgosi Solomone, mme bogolo jwa puso ya kgosi eno e ne e le mo motlheng wa fa Iseraele a ne a atlanegetswe ke dilo thata. Mo lobakeng loo Bibela e tlhalosa jaana: “Ba Yuda le ba Iseraela ba bo ba le bantsi, yaka moshawa o o ha lewatleñ ka bontsi, ba ya ba nwa ba diha mokete hèla. Me ba Yuda le ba Iseraela ba ne ba agile ka thagamō, moñwe le moñwe ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè, go cwa Dana [kwa bokone] go ea Beresheba [kwa borwa], ka metlha eotlhe ea ga Solomone.”—1 Dikgosi 4:20, 25.

Metlha e e Boima mo Baneng mo Iseraele

4, 5. (a) Ke ka ntlhayang fa go tshola bana go ne go sa lere boipelo ka metlha yotlhe mo Iseraele? (b) Ke ditiragalo dife tse di ngomolang pelo tse di bileng tsa diragala bobotlana mo makgetlong a le mabedi mo Jerusalema?

4 Mme go ne ga nna le dipaka tse dingwe mo ditiragalong tsa Iseraele fa go tshola bana go ne go sa lere boipelo bope. Ka nako ya tshenyego ya ntlha ya Jerusalema, moperofeti Jeremia o ne a kwala a re: “Matlhō a me a kalèga ka dikeledi. . . . Ka ntlha ea tshenyègō ea morwadia batho ba me; ka gonne banyana le ba ba anyañ ba ñatègèla mo mebileñ ea motse. . . . A basadi ba tla ja loumō loa bōnè, eboñ banyana ba ba akgolwañ ka mabōgō?” “Diatla tsa basadi ba ba pelo namagadi di apeile bana ba bōnè tōta.”—Dikhutsahalō 2:11, 20; 4:10.

5 Go bonala gore ditiragalo tse di tshwanang le tseo tse di ngomolang pelo, di ne tsa diragala mo e ka nnang makgolo a supa moragonyana. Raditiragalo wa Mojuda ebong Josephus o anela gore mo seduleding sa Jerusalema ka 70 C.E., bana ba ne ba phamola dijo mo melomong ya borraabo, mme bommè ba ne ba phamola dijo mo melomong ya bana ba bone. O bolela kafa mosadi mongwe wa Mojuda a neng a bolaya leseanyana la gagwe le le anyang, a besa mmele wa lone, mme a ja bontlha bongwe jwa lone. Go lere bana mo nakong eo ya Bajuda mo dingwageng tsa bofelo tse di neng di tsamaela kwa go diragadiweng ga dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Jerusalema ka 607 B.C.E. le 70 C.E. ga go ka tsela epe go neng go ka twe ke go tshola bana ka tlhaloganyo.

Go Tshola Bana Gareng ga Bakeresete ba Pele

6, 7. (a) Ke ditlwaelo dife tseo Jesu a neng a di fedisa mo Bakereseteng? (b) Iseraele wa semoya o ne a tshwanetse go godisiwa ke eng, mme ke eng se se supelang seno?

6 Bakeresete ba pele ba ne ba leba jang go tshola bana? Selo santlha o gakologelwe gore Jesu o ne a fedisa go nyala basadi ba bantsi le go nyala bagadingwana gareng ga barutwa ba gagwe. O ne a buseletsa gape tekanyetso ya kwa tshimologong ya ga Jehofa ebong go nyala mosadi a le mongwefela, kana mosadi a le mongwe go nyalwa ke monna a le mongwe. (Mathaio 19:4-9) Lemororo Iseraele wa senama a ne a ntsifala ka go tshola bana, Iseraele wa semoya o ne a tshwanetse go godisiwa ke go dirwa ga barutwa.—Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8.

7 Fa e le gore kgolo ya Bokeresete e ne e tla diragala segolo ka ntlha ya go tshola bana, Jesu o ka bo a ile a seka a kgothaletsa barutwa ba gagwe go “chola” go sa nyala “ka ntlha ea bogosi yoa legodimo.” (Mathaio 19:10-12) Moaposetoloi Paulo o ka bo a ile a seka a kwala a re: “Yo o latlhang bokau jwa gagwe ka lenyalo o dira sentle, mme yo o sa bo latlheng ka lenyalo o tla dira botoka.”—1 Bakorintha 7:38, NW.

8. Ke eng se se bontshang gore bontsi jwa Bakeresete ba pele ba ne ba nyetse ebile ba ne ba na le bana?

8 Lefa go ntse jalo, lefa a ne a kgothaletsa go sa nyala ka ntlha ya go tshegetsa ditiro tsa Bogosi, Jesu lefa e le Paulo ga ba ka ba go gatelela. Boo-babedi ba ne ba bona kafa e leng gore Bakeresete bangwe ba ne ba tla nyala. Ka tlholego fela, bangwe ba bano ba ne ba tla nna le bana. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di na le ditemana di le mmalwa tseo di neng tsa neela Bakeresete ba pele kgakololo e e tshwanetseng ya kafa ba neng ba ka godisa bana ka gone. (Baefesia 6:1-4; Bakolosa 3:20, 21) Fa e le gore bagolwane kana batlhanka ba bodihedi ba ne ba nyetse, ba ne ba tshwanetse go nna batsadi ba ba tlhomang sekao se se molemo.—1 Timotheo 3:4, 12.

9. Go ya ka moaposetoloi Paulo, basadi bangwe ba Bakeresete ba ne ba tla sirelediwa jang ke go tshola bana, mme ke eng gape se ba neng ba tla se tlhoka?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a ba a tlhalosa gore go tshola bana go ne go tla nna tshireletso mo basading bangwe ba Bakeresete. Malebana le thuso ya dilo tse di bonalang e e neng e tla neelwa batlholagadi ba ba tlhokang, o ne a kwala a re: “U ganè basadi ba ba batlhōlagadi ba ba sa nntseñ ba le meroba . . . Le gōna ba ithute bochwakga, ba nne ba dikologe le matlo; me ga se go re, ba dichwakga hèla, me e bile ke babalabadi le balotlhanyi, ba bue dilō tse ba sa chwanèlañ go di bua. Ke gōna, ke rata go re, batlhōlagadi ba ba sa nntseñ ba le meroba ba nyalwè, ba bōnè bana, ba laolè ntlo, ba tlhōkè le go naea mmaba lobaka lopè loa go kgala.” Basadi ba ba ntseng jalo ba ne ba tla “cwèlèla mo tumeloñ, le mo loratoñ, le mo boitshepishoñ ka boikgapō.”—1 Timotheo 5:11-15; 2:15.

‘Pitlagano mo Nameng’

10. Ke kgakololo efe e e farologaneng e Paulo a neng a e neela mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha go Bakorintha?

10 Lefa go ntse jalo, ke selo se se tshwaegang gore mo lekwalong la gagwe la ntlha go Bakorintha, ene moaposetoloi Paulo ka sebele o ne a akantsha batlholagadi tharabololo nngwe e e farologanyeng. O ne a digela kgakololo ya gagwe kaga go nyala, ka go tlhalosa a re “ke go ipoledisa hèla.” O ne a kwala a re: “Me ke raea ba ba e señ ba nyale, le basadi ba ba batlhōlagadi, ka re, Go ka nna molemō mo go bōnè ha ba nna hèla yaka nna. Me ha ba retelèlwa ke go ichōka, a ba nyalè: gonne go molemō go nyala bogolo go go babalèlwa. Me kaha tshekatshekoñ ea me, o [motlholagadi] tla bōna boitumèlō bogolo ha a nna yaka a nntse: me kea gopola, go re, Mōea oa Modimo le ōna o na le nna.”—1 Bakorintha 7:6, 8, 9, 40.

11. (a) Ke eng se ba ba nyalang ba neng ba tla se itemogelela, mme mokwalo o o fa thoko o re latlhelela lesedi mo go seno jang go 1 Bakorintha 7:28? (b) Paulo o ne a rayang fa a ne a re, “Ke ne ke rata go lo rèkègèla”?

11 Paulo o ne a tlhalosa a re: “Leha kgarebane e ka nyalwa, e tla bo e sa leoha. Leha go nntse yalo, ba ba nntseñ yalo ba tla bōna pitlaganō mo nameñ: me ke ne ke rata go lo rèkègèla.” (1 Bakorintha 7:28) Malebana le “pitlaganō mo nameñ” eo mokwalo o o kafa thoko wa New World Translation o re lebisa go Genesise 3:16, koo re balang ka go re: “[Jehofa] a raea mosadi, a re, Ke tla go ntsihaletsa thekisègō ea gago le go ithwala ga gago: u tla bèlèga bana ka bohutsana; me kelecō ea gago e tla nna kwa monneñ oa gago, me o tla gu laola.” Mmogo le mathata a lenyalo a a neng a ka nna gone, “pitlaganō mo nameñ” eo ba ba nyetseng ba neng ba tla nna le yone kwantle ga pelaelo e akareletsa mathata a a amanang le go tshola bana. Lemororo Paulo a ne a sa iletsa go nyala kana go tshola bana, kwantle ga pelaelo o ne a bona a tlamega go tlhagisa Bakeresete ka ene gore seo se ne se ka tlisa mathata le dikgoreletsi tseo di neng di ka nna tsa tshwenya tirelo ya bone go Jehofa.

“Lobaka lo Khutshahetse”

12. Ke kgakololo efe eo moaposetoloi Paulo a neng a e neela Bakeresete ba ba nyetseng, mme ka lebaka lang?

12 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Bakeresete ba ne ba sa gololesega go tshela matshelo a bone jaaka batho ba lefatshe. Boemo jwa bone bo ne bo tla ama le eleng matshelo a bone jaaka batho ba ba nyetseng. Paulo o ne a kwala a re: “Me ke bua lehoko ye, ba ga echo, ka re, lobaka lo khutshahetse, gore e tle e re mo lobakeñ lo lo tlañ, go le ba ba nañ le basadi ba nnè yaka ha ba ka bo ba sena nabō; . . . ba ba ipapalèlañ ka lehatshe, a ba se hetise selekanyō; gonne mokgwa oa lehatshe yeno oa heta. Me ke rata loa bo lo sena ditlhodiègō. . . . Me ke bua yalo go lo thusa: e señ gore ke lo thaisè ka kgōlè, me e le gore ke lo gopodisè se se chwanetseñ, le gore lo dihèlè Morèna ka mo go sa akgaakgegeñ.”—1 Bakorintha 7:29-35.

13. ‘Lebaka le ne le khutshwahetse’ ka tsela efe mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga?

13 Mokanoki mongwe wa Bibela ebong Frédéric Godet o ne a kwala a re: “Lemororo ba ba sa dumeleng ba tsaya gore lefatshe le tla nnela ruri, Mokeresete ka dinako tsotlhe o ile a tlhoma fa pele ga gagwe lebaka le legolo la tebelelo, Parousia [Go nna gone].” Keresete o ne a file barutwa ba gagwe sesupo sa “go nna gone” ga gagwe, mme a ile a ba tlhagisa ka go re: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.” (Mathaio 24:3, 42) Nako e e setseng e ne e “khutshahetse” mo go reng Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanetse go nna ba ntse ba lebeletse go tla ga ga Keresete. Se sengwe gape, ba ne ba sa itse gore nako e e saletseng mongwe le mongwe wa bone motho ka bongwe e ne e le kana kang pele ga “motlha le bowèlō” di khutlisa matshelo a bone, mme se se fedisa kgonego lefa e ka nna efe ya gore ‘ba fitlhelela go bidiweng ga bone.’—Moreri 9:11; 2 Petere 1:10.

14. (a) Mathaio 24:19 e tshwanetse go tlhaloganngwa jang? (b) Tlhagiso ya ga Jesu e ne ya itshupa e potlakile jang go feta fa ngwaga wa 66 C.E. o atamela?

14 Mo Bakereseteng ba ba mo Judea le mo Jerusalema, gore ‘ba nne ba disitse’ go ne go le botlhokwa segolo. Fa Jesu a ne a a fa tlhagiso kaga tshenyego ya bobedi ya Jerusalema, o ne a tlhalosa ka go re: “A bo go tla bo go latlhèga ba ba imana, le ba ba amusañ mo metlheñ euō.” (Mathaio 24:19) Ka boammaaruri, Jesu o ne a seka a raya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re ba ithibe mo go nneng le bana. O ne a ntsha lebaka fela le le utlwalang la polelelo pele, a supa gore e ne e tla re fa sesupo sa tshenyego e e tlang ya Jerusalema se tla, tshabo e e bofefo e ne e tla ketefala segolo mo basading ba ba imana kana bao ba nang le bana ba bannye. (Luke 19:41-44; 21:20-23) Lefa go le jalo, e ne ya re fa dikgoberego di ntse di gola gareng ga Bajuda mo Judea mo dingwageng tse di tlileng pele ga 66 C.E., kwantle ga pelaelo Bakeresete ba ne ba gakologelwa tlhagiso ya ga Jesu mme ya tlhotlheletsa boikutlo jwa bone tebang le go lere bana mo lefatsheng mo metlheng eo ya kgoberego.

Go Tshola Bana Gompieno

15, 16. (a) ‘Lebaka le khutshwafetse’ jang mo Bakereseteng ba ba tshelang gompieno? (b) Ke dipotso dife tse Bakeresete ba tshwanetseng go di ipotsa?

15 Bakeresete ba tshwanetse go leba jang lenyalo le go tshola bana gompieno, mo ‘motlheng ono wa bokhutlo’? (Daniele 12:4) Ruri go tlhomamisega tota go feta pele gore “mokgwa oa lehatshe yeno oa heta,” kana, jaaka thanolo e nngwe e tlhalosa, “sebopego sa jaanong sa dilo se feta ka bofefo.”—1 Bakorintha 7:31, Phillips.

16 Jaanong, go feta le eleng pele, “lobaka lo khutshahetse.” Ee, go setse fela nako e khutshwane gore batho ba ga Jehofa ba digele tiro ya bone e a e ba neetseng gore ba e dire, ebong: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Tiro eo e tshwanetse go wediwa pele ga bokhutlo bo tla. Ka jalo, go matshwanedi gore Bakeresete ba ipotse gore go nyala, kana fa ba setse ba nyetse, go nna ga bone le bana go tla ama jang go nna ga bone le seabe mo tirong eo e e botlhokwa-tlhokwa.

Sekai sa Bogologolo

17. (a) Ke tiro efe e Noa le bomorwawe ba bararo ba neng ba tshwanetse go e digela pele ga Morwalela, mme go bonala e ile ya tsaya lobaka lo lo kae? (b) Ke mabaka afe a a ka neng a dirile gore bomorwa Noa le basadi ba bone ba ithibe mo go tsholeng bana mo lobakeng lwa pele ga Morwalela?

17 Jesu o ne a bapisa nako ya “go nna gone ga Morwa motho” le “metlha ya ga Noa.” (Mathaio 24:37, NW) Noa le bomorwawe ba bararo ba ne ba na le tiro e e kgethegileng ya gore ba e digele pele ga Morwalela. E ne e kopanyeletsa go aga namane e tona ya araka le go rera. (Genesise 6:13-16; 2 Petere 2:5) Fa Jehofa a sena go fa ditaolo tsa kafa araka e neng e tla agiwa ka gone, bomorwa Noa go bonala sentle fa ba ne ba setse ba nyetse. (Genesise 6:18) Ga re itse totatota gore go ne ga ba tsaya nako e e kana kang go aga araka, mme go bonala ekete go ne ga ba tsaya masome a sekae a dingwaga. Ka mo go kgatlhisang, mo lobakeng lono lotlhe lwa pele ga Morwalela, bomorwa Noa le basadi ba bone ba ne ba sena bana. Moaposetoloi Petere ka tsepamo o tlhalosa gore ‘ke batho ba ba herang mebedi fela ba ba neng ba bolokiwa mo Morwaleleng wa metse,’ ke gore, banyalani ba le bane mme kwantle ga bana. (1 Petere 3:20) Go nna fela ga barwa ba sena bana gongwe e ka ne e ne e le ka mabaka a le mabedi. Santlha, go ya ka tshenyego e e neng e tla ka morwalela, ba ne ba filwe tiro ke Modimo eo e neng e tlhoka tlhokomelo ya bone e e sa kgaoganngwang ke sepe. Sa bobedi, go bonala fa kwantle ga pelaelo ba ne ba sena keletso e e nonofileng ya go tsalela bana mo lefatsheng leo ‘boikepo jwa motho bo neng bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go ne go le bosula ka metlha yotlhe,’ lefatshe le le neng ‘le tletse thubakanyo.’—Genesise 6:5, 13.

18. Lemororo ba ne ba sa re tlhomele taolo ya gore re e sale morago, ke jang tsela e e ileng ya tseiwa ke barwa ba ga Noa le basadi ba bone e dirang gore re akanye?

18 Seno ga se reye gore kgato e e neng ya tsewa ke Noa le bomorwawe le basadi ba bone pele ga Morwalela e ne e tshwanetse go tlhongwa jaaka taolo mo banyalaning botlhe ba ba teng gompieno. Lefa go le jalo, ereka Jesu a ne a bapisa motlha wa ga Noa le lobaka loo re tshelang mo go lone gompieno, sekao sa bone se ka dira gore re akanye thata.

“Dipaka tse di Tlhokohatsañ”

19. (a) Metlha ya rona e tshwana jang le motlha wa ga Noa? (b) Ke eng se Paulo a neng a se bolelela pele kaga ‘metlha ya bofelo,’ mme polelelo pele ya gagwe e ama jang go tshola bana?

19 Jaaka Noa le balelapa la gagwe, le rona re tshela “mo lehatshiñ ya baikepi.” (2 Petere 2:5) Fela jaaka bone, re mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso e e boikepo ya dilo e e tla tlogang e senngwa. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya ga Satane e tla tlisa “dipaka tse di tlhokohatsañ.” A bontsha gore go godisa bana go ne go tla nna dingwe tsa dilo tse di tlhokofatsang, o ne a oketsa ka go re bana e tla nna “ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè.” O ne a tlhalosa gore batho ka kakaretso, go sa tlhaolwe bana ba bannye le ba ngwaga tsa bokau, e tla nna “ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, ba sena loratō loa tlhōlègō.” (2 Timotheo 3:1-3) Lemororo fano Paulo a ne a bolelela pele ka maemo a a neng a tla nna gone gareng ga batho ba lefatshe, ka phepafalo maikutlo a a ntseng jalo a a anameng a ne a tla dira gore go godisa bana go nne go thatafalele Bakeresete kwa pele, jaaka ba le bantsi ba ile ba itemogelela jalo.

20. Ke eng se go tla tlotliwang ka sone mo setlhogong se se latelang?

20 Dilo tseno tsotlhe di bontsha gore go a tlhokafala go nna le pono e e lekalekaneng malebana le go tshola bana. Lemororo go ka tlisa maipelo a le mantsi, go bile gape go ka lere dikhutsafalo di le dintsi. Go na le melemo le masula a gone. Mangwe a ano go tla buisanngwa ka one mo setlhogong se se latelang.

Dintlha tsa Poeletso

◻ Ke ka ntlhayang fa malapa a matona a ne a eletsega mo Iseraele?

◻ Ke eng se se supang gore go ne go na le dipaka tseo go tsone go tshola bana go neng go lere matlhoko mo Bajudeng?

◻ Palo ya Iseraele wa semoya e ne e tla gola ka tsela e e ntseng jang?

◻ ‘Lobaka lo ne lo khutshwafaletse’ Bakeresete ba pele jang?

◻ Ke mabaka afe ao a ka neng a dirile gore bomorwa Noa le basadi ba bone ba nne fela ba sena bana pele ga Morwalela, mme go ka tweng ka seemo sa gompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Tshabo e e bofefo go tswa mo Jerusalema e ne e tla nna bokete thata mo go bao ba neng ba na le bana ba bannye

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela