Botshelo Jwa me mo Phuthegong E E Laolwang ke Moya wa ga Jehofa
Jaaka go Boletse Albert D. Schroeder
MO SONTAGENG wa ntlha ka June 1934, nna le Alex Jones re ne re ntse re rera ka ntlo le ntlo mo Jersey City, New Jersey. Ka tshoganetso, mapodise a ne a phomesegela mo ntlong eo re neng re le mo go yone, a re tshwara, mme a re kgarameletsa mo kareng kwantle ga go re rekegela, mme ba re isa kwa kgolegelong!
Malatsi a le mararo moragonyana, moatlhodi o ne a re bona molato wa go rekisa re sena laesense mme a re atlholela malatsi a le some mo kgolegelong. Re ne ra isiwa kwa Hudson County Prison, mme ga twe re apole, re tsene mo bateng e e re ntlafatsang, mme ra apesiwa diaparo tsa kgolegelo. Go tswa foo re ne ra gatelelwa go ya kwa ntlwaneng ya kgolegelo.
Fa re le moo ke gone ke neng ka simolola go akanya. Ke ne ke le dingwaga tse 23 mme ke itumelela botshelo jwa me jaaka modihedi wa nako e e tletseng kwa Bethele ya Brooklyn. Mma ke go bolelele dingwe tsa dilo tseo ke neng ka akanya ka tsone.
Ke ne ka Leboga Mmemogolo
Yo ke neng ka itumelela go mo gopola e ne e le mmemogolo motsalaa mme, ebong Elizabeth Darger. Batsadi ba gagwe ba ne ba goroga mo Michigan ba tswa Jeremane nako nngwe pele ga 1870. O ne a ruta Sejeremane le Sekgoa mo dikolong mme a nna le rona mo legaeng la rona le batsadi ba me ba e neng e le Balutere mo Saginaw, Michigan, motse o ke tsaletsweng mo go one. Mo Ntweng ya Lefatshe I, ene le bomonnawe ba ba neng e le barutabana ba ne ba tsalana le Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe, ba jaanong ba itsiweng jaaka Basupi ba ga Jehofa.
Lemororo batsadi ba me ba ne ba batla gore ke tsene mo sekolong sa Sontaga sa Lutere, mmemogolo o ne a dumelelwa gore a bue le nna kaga dilo tse a neng a di dumela mo Bibeleng tse di itumedisang. O ne a mpalela Bibela ka Selatine le ka Segerika, mme a ntsenya keletso ya go ithuta Bibela ka diteme tsa yone tsa pele. Ka kgatlhego, ke gakologelwa ke tshwere motlotlo o o kgatlhang wa Bibela le bommangwane o o neng o theilwe mo pusong ya Bogosi jwa Modimo e e tla akofang e busa go ya ka Daniele 2:44.
Ka 1923 Mmemogolo o ne a simolola go ithuta le nna, a dirisa buka ya Mokgatlho wa Watch Tower e e reng The Harp of God, mme gape ke ne ka nna gone mo dipokanong mo Phuthegong ya Saginaw ke na le ene. Jaanong, fa ke ntse ke le mo ntlong ya me ya kgolegelo, ke ne ka gopola ka dipokano tseo, fa ke ntse ke reeditse dithulaganyo tsa radio tsa Watchtower tseo di neng di gasiwa mo WBBR tse di neng di tswa kwa Brooklyn, New York, le ka maitemogelo a mangwe ao a neng a laola botshelo jwa me.
Ka sekai, ke gakologelwa ke utlwa mo radiong Moatlhodi Joseph F. Rutherford, mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, a bua kwa kopanong ya Baithuti ba Bibela kwa Toronto, Canada, ka 1927. Ka 1928, mo Detroit, Michigan, ke ne ka nna gone mo kopanong eo e neng e le yone ya ntlha mo go nna. Fa ke le koo ke ne ka utlwa Mokaulengwe Rutherford a bua ka sebele sa gagwe. Mo kopanong eo, ke ne ka ipelela go goeletsa ke re: “Ee” mo maitlamong a “Boipolelo Kgatlhanong le Satane mme re le Kafa go Jehofa.” Buka e ntšha Government e ne ya gololwa e e neng e bontsha gore Bogosi jwa Modimo e ne e le mmuso wa bolegodimo, eseng wa batho ka batho.
Se ke se Gakologelwang ka Malatsi a Sekolo
Ke ne ka gakologelwa gape malatsi a fa ke ne ke le mo sekolong. Ka go tlhotlhelediwa ke batsadi ba me, bao ba neng ba sa batle ke nna modihedi wa nako e e tletseng, ke ne ka amogela go ya sekolong kwa kholetšheng. Ka jalo, ka September 1929, ke ne ka tsena mo Unibesithing ya Michigan kwa Ann Arbor go ithuta dipuo, Ikonomi, le boenjenere.
Mmè Judson, yo ke neng ke nna mo gagagwe, o ne a nkamanya le Phuthego ya Ann Arbor ya Baithuti ba Bibela. Fa ke boela kwa sekolong ka letlhabula la 1930, o ne a mpolelela gore lekawana lengwe le le molemo go tswa Alabama o ne a sa tswa go fudugela mo ntlwaneng e nngwe e e neng e le gautshwane le ya me mme a nthaya a re o akanya gore o ka nna a rata “molaetsa wa rona wa Bibela.” Mme ruri go ne go ntse jalo! Nna le William Addison Elrod re ne ra akofa ra nna ditsala fa a amogela boammaaruri jwa Bibela; mme re ntse re le ditsala le go tla motlheng ono.
Nna le Bill Elrod re ne ra tsaya thuto kaga bokanoki ka selemo sa 1931, jalo re ne ra seka ra kgona go nna gone ka sebele mo kopanong ya 1931 kwa Columbus, Ohio. Lefa go ntse jalo, ka Sontaga, July 26, re ne ra reetsa puo ya phatlalatsa mo radiong mme re ne re le gareng ga bareetsi ba ba sa bonaleng ba ba neng ba amogela leina je lentle je lesha le le reng “Basupi ba ga Jehofa.”
Mo metlheng eo, mo sekolong go ne go buiwa thata ka mefuta ya bogoromente ya Bojammogo, ya Bokgokgontshi, le ya Bokomanisi. Ka October 1931 Winston Churchill o ne a bua le rona re le baithuti ba ba ka nnang 3 000, a bolela gore puso ya batho ka batho e santse e le yone fela mofuta o o tshwanetseng wa puso. Moragonyana, ka December 1931, Lord Bertrand Russell, radikitso tsa dipalo wa Mo-Britani le motlhalefi, o ne a bua ka thitibalo. Mme moragonyana ga moo, Dr. Hjalmar Schacht, mookamedi wa Reichsbank mo Berlin, Jeremane, o ne a bua kafa go tlhokafalang ka teng gore puso e laole ikonomi; ka tsela e nngwe, a supa gore o ne a kgothaletsa bojammogo jwa morafe, kana Bonazi. Dingwaga tse pedi moragonyana o ne a nna tona wa tsa ikonomi mo mmusong wa ga Hitlara.
Fa ke sena go utlwa megopolo ya banna bano ba ba busang lefatshe, ke ne ka tlhatswega pelo go feta pele gore puso ya ga Mesia ke yone fela e e neng e tla nna mmuso o o tshwanetseng wa lefatshe. Jalo nna le Bill Elrod re ne ra rulaganyetsa go digela sekolo ka June 15, 1932, mme ra simolola go dira mmogo jaaka badiri-mmogo mo tirong ya go rera, e jaanong e bidiwang bobulatsela.
Re ne ra simolola tirelo ya rona ya bobulatsela pele ga re kolobediwa ka go bo mo metlheng eo go ne go ise go tlhaloganngwe ka phepafalo gore a bao ba nang le tsholofelo ya selefatshe go ne go tlhokafala gore ba kolobediwe kana nnyaa. Lefa go ntse jalo, morago ga fa ke sena go kolobediwa kwa Vandercook Lake, Michigan, ka July 24, 1932, go ne ga phepafala sentle gore tsholofelo ya me jaanong e ne e fetogile go nna ya gore ke mongwe wa batlodiwa, moo go neng ga tlhomamisiwa ke ‘bosupi jwa moya.’—Baroma 8:16.
Tirelo ya Bethele mo Brooklyn
Ka September 9, fa re ntse re bulatsela mo Howell, Michigan, Bill o ne a tla a sianetse kwa go nna a tswa mo posong a tshotse telekerama e e mmala o mosetlha. Fa re e bula, re ne ra utlwa gore Mokaulengwe Rutherford a re re tle tirelong ya Bethele ka bofefo jo re ka bo kgonang. Go ne ga re tsaya dioura tse 72 fela go phutha ditsa-rona jaaka babulatsela mme ra tsaya loeto la dikilomitara di le 1 100 go ya kwa Brooklyn ka Model T Ford ya rona. Kgabagare re ne ra kgabaganya Borogo jwa Brooklyn mme ra goroga kwa Bethele ka September 13, 1932. Ka nako eo, go ne go na le maloko a Bethele a ka nna 200, bontsi jwa bone e le bakaulengwe ba ba tloditsweng ba Kgosi.
Morago ga go direla mo kabelong ya feketiri ka dibeke di sekae, ke ne ka fiwa tiro e e farologaneng e e mo Lephateng la Tirelo. Mokaulengwe mongwe yo o pelontle wa kwa Ireland, ebong Thomas J. Sullivan, e ne e le ene molebedi. Ka metlha o ne a gakolola rona ba babotlana, a re, ‘Fa mathata a tlhagisiwa, tlhomamisega gore o bona mabaka otlhe pele ga o ntsha kakantsho ya go a rarabolola.’ (Diane 18:13) Fa a sena go soka leitlho, o ne a oketsa ka go re: “Tota o itlhaganeletse eng? Neela Jehofa sebaka. Bona gore Moya wa gagwe o tla dirang ka seo.”
Fa ke ntse ke ikgakolola ka maitemogelo ano a a fetileng fa ke ntse ke le mo kgolegelong, ke ne ka ipelela tshiamelo ya go bogisediwa tshiamo, fela jaaka Jesu Keresete le baaposetoloi ba dirile. (Yohane 15:20; 1 Petere 4:16) Fa ke gadima kwa morago, ka lemoga gore maitemogelo a a ntseng jalo a ne a ntshiamisetsa ditshiamelo tse di neng di sa le kwa pele.
Lesedi je Lesha je le Itumedisang
Masimologong a 1935, mo e ka nnang dikgwedi di le thataro fela morago ga ke sena go gololwa mo kgolegelong le go boela kwa Bethele, ke gakologelwa metlotlo mengwe e sekae mo Bethele ka nako ya dijo e e neng e le mabapi le go senolwa ga “boidiidi yo bogolo.” (Tshenolō 7:9, 13) Bangwe ba ne ba itshupa fa ba tshegetsa pono ya gore seno e ne e le setlhopha sa bobedi sa selegodimo, fela jaaka mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower ebong Mokaulengwe Russell a ne a rutile. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba tatalala ba re “boidiidi yo bogolo” e ne e le bao ba neng ba solofetse go nna mo lefatsheng. Mo dipuisanong tseno, Mokaulengwe Rutherford o ne a seka a batla go ikgolega.
Rotlhe mo Bethele re ne re tletse boipelo thata fa re ntse re le mo loetong ka terena e e kgethegileng go ya kwa Washington D.C., go ya kopanong teng e e neng e tla tshwarwa go tloga ka May 30 go ya go June 3, 1935. Mo letsatsing la bobedi la kopano, Mokaulengwe Rutherford o ne a ntsha dikgang tse di itumedisang tsa gore “boidiidi yo bogolo” ruri ke setlhopha se se tla nnang mo lefatsheng. Mo motsotsong oo wa ditiragalo, o ne a kopa ka go re: “A bao ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng ba eme ka dinao tswee-tswee?” Ba ba ka nnang sephatlo sa ba ba 20 000 ba ba neng ba le gone ba ne ba ema ka dinao. Go tswa foo Mokaulengwe Rutherford o ne a bolela a re: “Bonang! boidiidi jo bogolo!” Go ne ga nna le tidimalo ka bokhutshwane. Mme rotlhe ra tlhakanela mo kgoeletsong e e itumedisang, mme mokgosi o ne o ile kwa godimo ebile wa nna moleele. Mo letsatsing le le latelang ba le 840 ba ne ba kolobediwa, bontsi e le ba setlhopha se se tla nnang mo lefatsheng.
Lesedi je lesha jeno la 1935 la “boidiidi yo bogolo” le ne la lere dikgato tsa go rulaganya dilo sesha ka 1936 go baakanyetsa go thelesegela mo go neng go tla ga maloko a setlhopha seno. Ka sekai, go tla go fitlha nakong eo, go ne go na le phuthego e le nngwefela ya sekgoa e kgolo mo New York City yotlhe, mme jaanong diphuthego tse disha di ne tsa agiwa tse rona batlodiwa ba babotlana re neng ra abelwa go nna balebedi ba tsone. Gompieno, go na le diphuthego di le 336 mo New York City!
Kabelo e Ntšha
Labone, November 11, 1937, e ne ya nna letsatsi je le sa lebalesegeng ka gope mo go nna. Ke ne ke amogetse kitsiso go tswa ofising ya ga Mokaulengwe Rutherford mo thapameng eo ka 3:00 p.m. Fa ke sena go goroga ka nako sentle, ke ne ke tshwenyegile gore gongwe ke ne ke tlile go laiwa ka tsela nngwe. Mme morago ga dipuisanyo di sekae tsa botsalano, Mokaulengwe Rutherford o ne a botsa fa e le gore a ke ne ke ikemiseditse go tsaya kabelo e nngwe.
Ke ne ka araba ka re, “Ke ikemiseditse go direla Jehofa gongwe le gongwe kwa ke tlhokafalang gone.”
Mme morago ga moo, ka go ntshoganyetsa, Mokaulengwe Rutherford o ne a botsa a re: “O ne o ka rata jang fa o ne o ka direla kwa Betheleng ya Lontone jaaka motlhanka wa lekala?”
“Ao tlhe, eo ke namane e tona ya kabelo!” ka akgela jalo.
“Mme gape, seno se raya loeto lwa go ela ruri, go raya go dumela go nna koo go fitlhelela morago ga Hara–Magedona. Jalo ke tla go fa malatsi a le mararo gore o fetse mogopolo,” a tswelela.
“Mme kana, Mokaulengwe Rutherford, ga ke tlhoke malatsi ape a mararo. Fa e le gore ke thato ya ga Jehofa gore ke tsamaye, ke araba ka gore ee!”
“Ke ne ke gopotse gore o tla araba jalo,” a araba. “Mokaulengwe Knorr o setse a baakantse thekethe ya gago ya sekepe sa Queen Mary seo se tsayang loeto go ya kwa Ennyelane ka Laboraro o o tlang.”
Tlhogo ya me e ne ya tsewa ke sedidi. “O tla amogela thapiso mo malatsing a sekae a a tlang,” Mokaulengwe Rutherford a digela jalo.
Fa ke boela kwa Lephateng la Tirelo, le le neng le le mo feketiring, Mokaulengwe Knorr o ne a simolola go tshegisiwa ke go bo ke ne ke tlhakane tlhogo. O ne a itse se se neng se sa tswa go diragala. Nathan Knorr e ne e le molebedi wa feketiri mme e ne e rile pelenyana a bo a ile a tsaya loeto le Mokaulengwe Rutherford go ya kwa Ennyelane. Ka bofefo fela foo o ne a simolola go nthapisa kafa ke ka okamelang ditsamaiso tsa lekala ka gone. Malatsi a sekae moragonyana, ke ne ka boela kwa go Mokaulengwe Rutherford, go ithapisetsa kwa pele.
Kgakololo ya ga Mokaulengwe Rutherford, e e neng e theilwe go Mika 6:8, e ne e le ‘go dira ka tshiamo, go gagamalela ditsamaiso tsa phuthego, go tshegetsa ditekanyetso tsa Bibela, go nna kutlo ka bofefo, le go sa goge dinao. Go nna pelonomi fa o dirisanya le bakaulengwe, go tlhakanela ka metlha mo tirelong ya tshimo, mme o ikokobetse fa o ntse o tsamaya le Modimo.’ O ne a bolela gore tshimo ya kwa Britani e ne e sa tlhole e tswelela pele ka ntlha ya balebedi ba lekala ba nako e e fetileng go bo ba ile ba seka ba tshegetsa bodihedi jwa tshimo ka botlalo. Jalo o ne a digela jaana ka go gatelela: “Kgothaletsa botlhe go oketsa tirelo ya tshimo. Britani gone jaanong jaana o tlhoka babulatsela ba le 1 000, e seng ba le 200 jaaka go ntse gone jaanong.”
Kamogelo kwa Ennyelane
Fa sekepe sa Queen Mary se goroga mo Southampton, ke ne ka pagama terena go ya kwa Lontone mme go tswa foo ka tsaya taxi go ya kwa ofising ya lekala la Mokgatlho, leo mo dingwageng tse 26 le neng le ntse le le mo 34 Craven Terrace, Lancaster Gate. Mothusa-mookamedi wa The International Bible Students Association o ne a nkamogela ka bothitho. Ke ne ka mo neela lokwalo la ga Mokaulengwe Rutherford leo le neng le mo fa thata ya go leleka motlhanka wa lekala le go itsise lelapa la Bethele gore ke tla bo ke mo tseela sebaka. Seno se ne sa dirwa ka nako ya dijo tsa motshegare, mme maloko a le 30 a Bethele a ne a nkamogela ka bopelonomi.
Morago ga lobaka ke ne ka itse batlhanka ba lekala ka bontsi le baemedi mo Yuropa. Bano e ne e le batlodiwa bao ba neng ba eteletse pele kwantle ga go ineela mo tirong ya go rera go sa kgathalesege mathata a puso ya ga Hitlara, banna ba ba tshwanang le Martin Harbeck wa Switzerland, Charles Knecht wa France, Fritz Hartstang wa Netherlands, Johan Eneroth wa Sweden, William Dey wa Denmark, le Robert Winkler yo o neng a le pelokgale wa tsamaiso ya sephiri ya mokgatlho kwa Jeremane. Go ya fela kafa dikwalong, banna bano ba ba dinatla ba tumelo ba ne ba itshokela dipogiso tse di setlhogo tsa Nazi.
Loeto lwa ga Mokaulengwe Rutherford
Ka 1938, ebong ngwaga pele ga Ntwa ya Lefatshe II, Mabritani ba ne ba sa tswa go tlhama mogala wa seromamowa o o neng o kgabaganya lewatle. Baenjenere ba bone ba ne ba dumalana go golaganya dikontinente di le nne le kopano e e kgethegileng e e neng e le mo Lontone, September 9 go ya go 11. Royal Albert Hall, eo e neng e le yone lefelo le legolo go gaisa le le tshwanelegang go dirisiwa mo Lontone, e ne ya dirisediwa kopano. Setlhopha sa ga Mokaulengwe Rutherford, go akareletsa le Nathan Knorr, se ne sa goroga go sa le gale dibeke di le tharo go thusa mo dipaakanyetsong.
Go anamisa puo ya phatlalatsa, go ne ga rulaganyediwa dikgwanto tse go neng go tshotswe ditshupo. Pele ga kgwanto ya ntlha e e neng e itsise batho e ka simolola, Mokaulengwe Rutherford o ne a nkopa gore ke ye go mmona. Fa re ntse re buisana ka dikgang tsa kopano, o ne a ntse a kwala-kwala ka pene ya gagwe, mo a neng a tle a go dire fa a ntse a bua le motho. O ne a gagola pampitshana e a neng a kwadile mo go yone mme a e nneela. “O akanyang ka seno?” a botsa.
Se ne se balega ka go re: “BODUMEDI KE SERU LE TSIETSO.”
Ke ne ka araba ka re, “Se lebega se le bogale thata.”
“Ke ne ke batla gore se nne bogale jalo,” a bolela. Go tswa foo a laela gore go dirwe dikwalelo tseo di nang le mafoko ano go dirisiwa mo kgwantong ya rona ya ntlha ya kitsiso ka Laboraro mo maitseboeng. Mo maitseboeng a a latelang nna le Nathan Knorr re ne ra etelela pele bakaulengwe ba ka nna sekete ka dikilomitara di le 10 go ralala bogare jwa Lontone.
Mokaulengwe Rutherford o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe mo mosong o o latelang mme a nkopa gore ke ntshe pego. Ke ne ka araba ka re, “Ba le bantsi ba ne ba re bitsa makomanisi le balatola-Modimo mme ba bua mafoko a mangwe a letlhoo.” Jalo a akanya ka metsotso e sekae mme labofelo a kgagola pampitshana e e neng e na le mafoko a a akantshang ka go re, “DIRELA MODIMO LE KERESETE KGOSI.” O ne a akanya gore fa mafoko ano a ka tsenngwa mo teng seo se ka fokotsa dipuo tsa menyenyo, mme seo sa dira jalo. Kopano eno ya 1938 e ne ya tswelela sentle. Dikarolo tse dikgolo tsa yone ka Matlhatso le Sontaga di ne di na le puo e e reng “Lebagana le Mabaka,” di ne tsa anamisiwa ka katlego ka nako e le nngwe mo dikopanong di le 49 mo mafelong otlhe a go neng go buiwa Sekgoa gone.
Morago ga kopano, batlhanka ba makala a dinaga tsa Yuropa ba ne ba neelwa thapiso. Fa thapiso e ntse e tsweletse, Mokaulengwe Rutherford o ne a nkgalemela thata gore batlhokomedi ga ba fiwe thapiso. Kotlhao eno e ne ya ntetsa. Moragonyana, William Dey wa Denmark o ne a nkgogela kwa thoko go ya go nkgomotsa, a re Mokaulengwe Rutherford o ne a ntirisa go ba ruta a sa ba tlhamalaletsa. Mme go ne go ntse jalo! Mo letsatsing je le latelang Mokaulengwe Rutherford, yo o neng a rata go apara khiba le go apaya, o ne a re laletsa go tla dijong tse di kgethegileng tse a neng a di apeile. Botlhe ba ne ba ipelela bokopano jo bo itumedisang.
Dingwaga tsa Ntwa ya Lefatshe II
Ka September 1, 1939, Hitlara o ne a tlhasela Poland. Ka Sontaga, ka September 3, Britani o ne a bolela maikutlo a gagwe go lwa le Jeremane. Diketekete tsa rona mo Britani re ne re bololetse go ya tirelong ya tshimo mo mosong oo, mme kafa tshwanelong ra tsamaisa buka e ntšha e e reng Salvation. Mo ntlong nngwe le nngwe batho ba ne ba tetesela; basadi bangwe ba ne ba lela. Rotlhe re ne ra felelwa ke dibuka tsa Bibela jaaka fa re ntse re fa batho kgomotso ya Dikwalo.
Mo kgweding e e latelang, re ne ra amogela sekaelo sa pele sa setlhogo sa Watchtower ya November 1, 1939, se se neng se re “Boitlhaodi.” Go le nako sentle se ne sa tlhalosa kaga boemo jwa kafa Dikwalong jwa Bakeresete ba boammaaruri mo dintweng tsa selefatshe. (Yohane 17:16) Ka bonakonyana bontsintsi jwa bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi mo Britani ba ne ba tshwarwa.
Ntwa ya difofane mo Britani, e e neng ya bidiwa Tlhabano ya Britani, e ne ya gakala thata boaphelong jwa 1940 mme ya ba ya fetela go 1941. Rona mo Lontone re ne ra itshokela masigo a a tlhomaganeng a le 57 a dibomo tse di neng tsa itaya ka dioura di le 14. Loapi le ne le tletse modumo o mogolo. Melelo e ne e tutuma gongwe le gongwe. Dibomo di le masome mabedi le bohera bongwe di ne tsa wela mo e ka nnang dimitara di le 460 gaufi le Bethele. Holo ya rona ya Bogosi e kgolo e e neng e bapile le Bethele e ne ya kapa molelo ka ntlha ya dibomo tsa molelo, mme ka bofefo o ne wa tingwa ke bakaulengwe ba ba thapisitsweng sentle ba Bethele.
Go ne go na le dilo tsa mefuta e le mentsi tse di neng di lekanyediwa ka nako ya ntwa, go akareletsa le go lekanyetsa dijo le mosepele. Lefa go le jalo, re ne ra tswelela fela le eleng go oketsa go rera ga rona ga ntlo le ntlo. Ka 1937 Britani o ne a na le baboledi ba le 4 375 mme ka 1942 palo eo e ne ya oketsega go nna 12 436. Babulatsela ba ne ba oketsegile go tloga go 201 fa ke goroga mo Ennyelane ka 1937 go ya go ba le 1 488 ka 1942! Ruri, Jehofa o ile a segofatsa temo eno ya pele ya bareri ba tshimo thatathata. Jaanong, mo e ka nnang dingwaga di le 50 moragonyana ga moo, go na le baboledi ba Bogosi ba ka feta 109 000 mo Britani, go akareletsa le babulatsela ba ka metlha ba ka feta 6 000.
Go tloga ka September 3 go ya go 7, 1941, re ne ra kgona, ka thuso ya moya wa ga Jehofa, go dira seo babusi ba ileng ba se bitsa “se se ka sekeng se kgonege.” Re ne ra tshwara kopano e e di fetileng tsotlhe mo Britani ya Basupi ba ga Jehofa go tla go fitlha nakong eo. Ba ba ka fetang 12 000 ba ne ba kopana mmogo mo Leicester De Montfort Hall le mo mabaleng a a mo tikologong ya yone ntwa e ntse e phagetse. Eno ke yone holo e re neng ra e dirisa mo pokanong ya ngwaga le ngwaga ya lekgotla la Mokgatlho ka 1983 mo Leicester. Ba ba ka fetang dikete tse tharo mo go rona re ne ra ikgopotsa ka maitemogelo ano a kopano ya go le ntwa ka 1941.
Ofisi ya Lontone e ne ya fetoga bokopanelo jwa batshabi fa ntwa e ntse e tsweletse. Mogala wa yone o ne o ntse o lela ka metlha. Go ne ga ntshiwa dithuso, mme seo sa thusa bakaulengwe ba ba neng ba ile ba tlhaselwa ke dibomo go bona thuso e e bofefo. Mme gape, bakaulengwe ba e neng e le batshabi go tswa kwa Poland, Germany, Norway, France, Belgium, Holland, le mafelo a mangwe ba ne ba tla mo Lontone koo ba neng ba fiwa thuso. Bontsi jwa bano ba ne ba tsaya tirelo ya bobulatsela mo Britani.
Moagi yo o sa Batlegeng
Fa United States e sena go tsena mo ntweng ka December 8, 1941, ke ne ka latlhegelwa ke go nteelwa kwantle mo bosoleng jwa Britani jaaka moagi wa U.S. Ka ntlha ya boitlhaodi jwa me jwa Bokeresete, ke ne ka gana go utlwa le ditaolo tse di farologanyeng tse di neng di ntshiwa ke puso ya Britani tsa go tsena mo ntweng. Kgabagare, ka May 6, 1942, mmuso wa Britani o ne wa nkitsise gore ke ne ke le moagi yo o sa batlegeng mme ka gone ka lelekwa gore ke boele kwa United States. Ka August 1, Daily Herald ya Lontone e ne e ntshwantshitse mo tsebeng ya kafa tshimologong ka setlhogo se se reng “Ba mo Reile ba re ‘Boela Gae.’”
Mo mosong wa Mantaga, August 24, 1942, mapodise a sephiri a Scotland Yard a le mabedi a ne a ntshwara gore a nketshe ka kgoro. Ba ne ba ntsaya ka terena go ya kwa Glasgow, Scotland, koo ke neng ka fetsa bosigo gone mo Kgolegelong ya teng ya metlha ya bogologolo ya Barlinnie. Mo letsatsing le le latelang ke ne ka patiwa mo sekepeng sa Britani S.S. Hilary, koo ke neng ka tswelela ke ntse ke disitswe. Go ne ga tsaya mogolagang wa dikepe di le 52 malatsi a le 13 go kgabaganya Atlantic ka tsela ya go kgarakgatshega go tila dikepe tsa kafa tlase ga lewatle tsa Jeremane. Fa re sena go falola dibomo tsa bone tsa metsi, re ne ra goroga sentle mo Halifax, mo Canada! Jaanong ke gololesegile, mo letsatsing le le latelang ke ne ka palama terena go ya kwa New York, mme ka goroga ka September 10.
Lobaka lwa Kagiso lo ile lwa Bolelelwa Pele ka Tsela e e Gakgamatsang
Ke ne ka ipela thata go boela mo bakaulengweng ba le bantsi ba ba pelonomi mo Bethele ya Brooklyn. Ke ne ke tlile sentle go lebagana le kopano e e sa lebalesegeng mo Cleveland, Ohio, ka September 18-20, 1942. Koo, Mokaulengwe N. H. Knorr, yo o neng e le mookamedi yo mosha wa Mokgatlho, o ne a fa puo e e reng “Kagiso—A e ka Nnela Ruri?” Seno se ne saa fa lesedi je lesha ka Tshenolō 17:8. Go ne ga senolwa gore mebuso e e Tsalanyeng e ne e tla fenya le gore “sebatana sa kagiso” se sesha sa meraferafe se tla tlhatloga. Seno se ne sa diragala fa, morago ga ntwa e sena go fela ka 1945, Merafe e e Kopaneng e ne ya rulaganyediwa!
Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade
Morago ga pokano ya ngwaga le ngwaga ya lekgotla la Mokgatlho wa Watch Tower e sena go nna gone ka October 1, 1942, Mokaulengwe Knorr jaaka mookamedi o ne a biletsa Maxwell G. Friend, Eduardo F. Keller, le nna kwa ofising ya gagwe. O ne a re bolelela gore go ne go dirilwe phetso mo mosong oo gore go tlhongwe sekolo sa Bibela sa barongwa kwa Kingdom Farm, South Lansing, New York. O ne a re ke tla nna mokwaledi wa sekolo seo ke bo ke nna modulasetilo wa komiti ya go rulaganyetsa sekolo seo. Re ne ra dira mmogo le mokaulengwe F. W. Franz mo go rulaganyetseng dithuto tsa Bibela. Seno se ne sa simolola lobaka lo loleele lwa tirisano-mmogo le ene mo go tswelediseng thuto e e rutang Bibela.
Mo mosong wa Mantaga, ka February 1, 1943, sekolo se ne sa kgakolwa semmuso ke Mokaulengwe Knorr se jaanong se itsiweng jaaka Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade, seo se leng mo Kingdom Farm gaufi le South Lansing, New York. Morago ga thulaganyo ya kgakolo, dithuto di ne tsa simololelwa mo ditlelaseng di le nne, nngwe le nngwe e na le baithuti ba le 25. Thuto ya Bokeresete e e kwa godimo e ne ya akaretsa dibeke tse 20, Bibela e le yone buka ya konokono ya thuto.
Ke ne ka nna le lesego la go fetsa dikgwedi le dingwaga ke itumelela dithuto tse di boteng tsa Bibela. Gammogo le barutisi ba bangwe ba ba ineetseng, ke ne ka lebogela Jehofa tshiamelo eno ya go ruta le go tlhotlheletsa dipelo tsa baithuti ba ba ineetseng bao ba ba neng ba rata Jehofa le tiro ya gagwe! Go tla go fitlha ka 1960, go ne ga tla baithuti ba le 3 700 go tswa mo mafatsheng a le 70 go oketsa ditlelase tsa rona tsa sekolo.
Go Tsena mo Botshelong jwa Lenyalo
Fa ke ntse ke le mo dikopanong tsa “Bogosi jo bo Fenyang” mo Yuropa ka 1955, ke ne ka tlwaelana gape le Charlotte Bowin yo o rategang, yo o neng a nna mongwe wa baithuti ba me mo tlelaseng ya ntlha ya Gileade ka 1943. O ne a fetsa dingwaga di le 12 a direla jaaka morongwa yo o ikanyegang mo tshimong ya Sepanishe, mo Mexico le El Salvador. Jaanong, ene le molekane wa gagwe Julia Clogston, ba ne ba le gone mo dikopanong tseno tsa Yuropa. Aitsane, batsadi ba ga Charlotte ba ne ba ile ba nna maloko a Bethele ya Brooklyn fa ba ne ba ise ba nyalane, bogologolo mo metlheng ya ga Mokaulengwe Russell. Mme ya re fa ba nyalana, Martin Bowin a nna molebedi yo o etang go fitlhelela Charlotte a tsalwa ka 1920.
Ka January 1956 Charlotte o ne a tsena mo tirelong ya Bethele mme a fudusediwa kwa Kingdom Farm. Ka August 1956 re ne ra nyalana. Fa Charlotte a sena go ima, re ne ra hutsafala, re akanya gore seno se tla lala se khutlisitse tirelo ya rona ya nako e e tletseng. Lefa go ntse jalo, Mokaulengwe Franz o ne a re kgothatsa a re: “Ga lo a leofa ka go ungwisa sebopelo. Thatafalang! Gongwe Jehofa ka tsela nngwe o tla lo rulaganyetsa gore lo tswelele mo tirelong ya nako e e tletseng.”
Mme ruri go ne ga nna jalo. Ke ne ka tswelela ke ntse ke le mo barutising ba Sekolo sa Gileade. Pele re ne ra nna mo ntlwaneng e re neng re e hirisitse, mme ka 1962 re ne ra fudugela kwa ntlong e e neng e le bosha go agiwa e e neng e le sekgala sa dikilometara di le 1,6 go tswa fa sekolong. Koo mo South Lansing, mo New York, Judah Ben, yo o neng a tsalwa ka February 1958, o goletse koo.
Re ne ra nna le maipelo a le mantsi fa re ntse re godisa Judah Ben, jaaka ka metlha re ntse re leka go dirisa melao-metheo ya Bibela. (Baefesia 6:1-4) O ne a kgothalediwa go latela Mika 6:8, fela jaaka le nna ke ne ke ntse ke leka go dirisa temana eo mo botshelong jwa me. Moragonyana, Judah o ne a nna modiredi wa Bethele wa kokomana ya boraro mme a direla kwa Bethele ka dingwaga di le 12. O ne a nyala kgaitsadi mongwe yo o rategang wa mmulatsela, Amber Baker, ka June 1986. Jaanong ba bulatsela mo Michigan.
Sekolo sa Bagolwane
Kwa kopanong ya 1958 mo Yankee Stadium, Mokaulengwe Knorr o ne a itsise fa go tla nna le sekolo se sesha sa bagolwane, seo se neng se tla itsege jaaka Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi. Ka March 9, 1959, setlhopha sa ntlha sa baithuti ba le 25 se ne sa simolola thuto ya sone mo Kingdom Farm, koo gape go neng go na le Sekolo sa Gileade. Fa Sekolo sa Gileade se sena go fudusediwa kwa Brooklyn ka September 1960, Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi se ne sa sala kwa Kingdom Farm, koo re neng ra kgona go thapisa bagolwane ba le lekgolo kgwedi le kgwedi. Ke ne ka fitlhela gore go nna rre go ne ga nthusa thata mo go ruteng ditlhogo tsa malapa tsa bao ba neng ba le gone mo sekolong se sesha.
Ka 1967 sekolo seno se ne sa fudusediwa kwa Bethele mo Brooklyn. Moragonyana, ka 1968, se ne sa busediwa gape kwa Pittsburgh, koo, go fitlhelela ka 1974, diketekete tsa bagolwane ba ba molemo ba ileng ba thapisiwa gone. Go tloga ka 1974 go ya pele, sekolo se ne sa tshwarelwa mo Diholong tsa Bogosi tse di farologanyeng mo nageng yotlhe. Mosadi wa me le ngwana ba ne ba tsamaya le nna fa ke ntse ke etela mafelo ano a a farologanyeng. Ba ne ba bulatsela fa ke ntse ke ruta mo sekolong.
Tirelo e Nngwe Gape ya Segosi
Ka November 1974, ke ne ke ntse ke ruta mo Sekolong sa Bogosi sa Bodihedi mo gaetsho mo Saginaw, Michigan, fa ke amogela lokwalo lo ke se kitlang ke lo lebala lo tswa kwa Setlhopheng se se Laolang. Le ne le ntaletsa gore ke nne leloko la setlhopha seo mme gape la laletsa le mosadi wa me le ngwana go direla jaaka maloko a lelapa la Bethele mo Brooklyn. Jalo ka December 18, 1974, re ne ra fudugela kwa Bethele, mme ka tsaya ditshiamelo tsa me tse disha tsa tirelo.
Setlhopha se se Laolang se dira mmogo ka kutlwano mo go laoleng ditiro tsa lefatshe ka bophara tsa Basupi ba ga Jehofa, mo go anamiseng dijo tsa semoya fa re ntse re fiwa lesedi je le tsweletseng, le mo go direng diphetso tsa katlholelo. Setlhopha se se Laolang se kopana ka Laboraro mongwe le mongwe, se simolola pokano eo ka thapelo le go kopa kaelo ya moya wa ga Jehofa. Go dirwa maiteko a magolo go bona gore kgang nngwe le nngwe e a rarabololwa le gore phetso nngwe le nngwe e e dirwang e tumalanong le Lefoko la Modimo Bibela.
Jaaka leloko la Setlhopha se se Laolang, ke ile ka romelwa kwa makaleng a a farologanyeng ke a etetse jaaka molebedi yo o etelang makala. Go ile ga intumedisa thata go iponela ka matlho kutlwano ya batho ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi mo go kana kana. Gape ke boipelo jo ke bo iponetseng go kopana gape le barongwa ba le bantsi ba Gileade ba ba santseng ba ikanyega mo dikabelong tsa bone tsa mafatshe a sele. Tota ruri, mo nageng nngwe le nngwe, batho ba ga Jehofa ke bone fela ba ba botoka ba ba itumetseng thata!
Jehofa o ntse a otla batho ba gagwe mo semoyeng ka nako e le nngwefela ka Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Bibela. Dilo tseno tsotlhe ke bosupi jwa gore Keresete Jesu e ile ya nna Kgosi ya rona e e busang fa e sale ka 1914 le gore o tla atlega mo go re eteleleng pele go kgabaganya “sepitla se segolo” se se fela fa pele. Mme jaanong, lona botlhe ba lo santseng lo le basha mo dingwageng ka botlhale dirang tsela ya lona ya botshelo tirelo e e boitshepo ya nako e e tletseng gone jaanong! Le lona lo ka nna le ditshiamelo tse di itumedisang tse di lo emetseng. (Mika 7:7) Ke itumelela tlamelo e e lorato ya ga Jehofa mo dingwageng tse di fetileng. Masego a gagwe ruri a nkhumisitse. (Diane 10:22) Ke lebogela Jehofa ditshiamelo tsa letsatsi le letsatsi tsa go bo ke ile ka mo direla mo phuthegong ya gagwe e a e laolang ka moya wa gagwe.—Tshenolō 7:14.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Ke na le molekane wa me Bill Elrod
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ke pagame terena ke isiwa kwa Kgolegelong ya Barlinnie
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Nna le mosadi wa me, Charlotte