LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 2/1 ts. 28-29
  • Lebaka la Go bo O Tshwanetse go Kgatlhega

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka la Go bo O Tshwanetse go Kgatlhega
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Bontsi bo Ile Jwa se ka Jwa Kgatlhega
  • Bao ba Ileng ba se ka ba Kgatlhega mo Motlheng wa ga Jesu
  • Bontsha Kgatlhego—Go Raya Botshelo Jwa Gago!
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Rerela Batho Ba ba Ba Reileng ba re “Ga re Kgatlhege”?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Ipaakanyetse go Gololelwa mo Lefatsheng le Lesha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 2/1 ts. 28-29

Lebaka la Go bo O Tshwanetse go Kgatlhega

‘GO KGATLHEGELA eng?’ Phetogo e kgolo eo e tla diragalang mo ditiragalong tsa setho! Puso e ntšha gotlhelele e e tlhomilweng ke Modimo e tloga e busa mo godimo ga lefatshe lotlhe. (Daniele 2:44) Go busa moo go tla ama monna mongwe le mongwe, mosadi mongwe le mongwe, le ngwana mongwe le mongwe—e ka ne e le ka tsela e e molemo kana e e bosula. Phetogo eno e e gakgamatsang e tshwanetse go diragala mo losikeng lo lo umakilweng mo go Mathaio 24:34. Ka gone, molaetsa wa phetogo eo o tlhoka go kgatlhegelwa ke batho botlhe ka boammaaruri le ka tlhoafalo. Tota, go tla bo go le phoso gore, ‘Ga ke na kgatlhego.’

Fa Bontsi bo Ile Jwa se ka Jwa Kgatlhega

Go bolelwa ga molaetsa o o botlhokwa le o o potlakileng o o tshwanetseng o ka bo o tsosa kgatlhego ya bao ba lalediwang go o utlwa, ga se lantlha go diragala mo motlheng wa rona wa segompieno. Motlha wa ga Noa e ne e le nngwe ya dinako tseno. Ka baka la botho jwa batho jwa boikepo, jwa boitsholo jo bo sa siamang, le jwa thubakanyo ka nako eo, Jehofa Modimo o ne a dira phetso ya go senya setho ka morwalela wa lefatshe lotlhe. (Genesise 6:5-7, 13) Lefa go ntse jalo, pele ga a tsaya kgato ya go ba senya ba ba bosula, o ne a rulaganya gore Noa, moreri wa tshiamo, a ba tlhagise ka Morwalela o o neng o tla le gore ba ne ba tshwanetse go tsaya tsela efe gore ba tle ba bolokwe ba tshedile. Lefa molaetsa oo o ne o le botlhokwa go le kalo, batho ka kakaretso bao ba neng ba o utlwa ‘ba ne ba seka ba tsaya tsia.’ (Mathaio 24:39; Luke 17:26, 27; 2 Petere 2:5) Ba ne ba kgathologile, ba itlhokomolositse—ba sena kgatlhego gotlhelele! Ka baka la seno, ba ne ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe.

Go ne go ntse fela jalo mo metlheng ya baagi ba metse ya boitsholo jo bo sa siamang jo bo ferosang dibete ba Sodoma le Gomora. Lemororo ba ne ba tlhagisitswe ka tshenyego ya bone e e neng e le gaufi ka baka la bosula jwa bone jo bo maswe thata, ba ne ba seka ba reetsa. Le bone ba ne ba sa kgatlhegele ope yo o neng a kgoreletsa tsela ya bone ya botshelo. Monna Lote e ne e le ene fela yo o neng a farologane.—Genesise 18:20-30; 19:1-29; Luke 17:28-30.

Ka gone, molaetsa oo o ne o sa ratwe ke baagi ba metse eno. Gongwe ba ne ba tshwenyegile kaga seo baagelani ba bone ba neng ba tla se akanya kaga bone fa ba ne ba ka bontsha kgatlhego. Kana gongwe ba ne ba tshaba gore ba ne ba tla tshwanelwa ke go dira diphetogo mo matshelong a bone tseo ba neng ba sa ikemisetsa go di dira. Go lebega ba ne ba ipelela mokgwa wa bone wa botshelo jo bo botlhaswa. (Yude 7) Jalo go fitlhelela letsatsi la go senngwa ga bone le tla, ba ne ba seka ba belaela sepe lefa e le go lemoga seo se neng se tloga se diragala.

Bao ba Ileng ba se ka ba Kgatlhega mo Motlheng wa ga Jesu

Fa Morwa Modimo, ebong Jesu Keresete, a ne a le mo lefatsheng, o ne a roma balatedi ba gagwe go bolela mafoko a a molemo kaga puso ya selegodimo ya Modimo. (Mathaio 10:7) Ebile tota, o ne a neela barutwa ba gagwe ditaolo tsa kafa ba neng ba tshwanetse go bolela molaetsa ono o o sa tlwaelegang mme o le botlhokwa mo legaeng lengwe le lengwe le gore ba ne ba tshwanetse go tsaya dikgato dife fa beng ba matlo ba ne ba sa bontshe kgatlhego e e duleng diatla. Mo reetse jaaka a tswelela go thapisa barutwa ba gagwe: “Me e re lo tsèna mo tluñ lo e dumedisè. Me ha ntlo euō e le eōna e e chwanetseñ, a kagishō ea lona e tlè mo go eōna: me ha e le e e sa chwanèlañ, a kagishō ea lona e boèlè mo go lona. Me leha e le bomañ ba ba se ketlañ ba lo chola, leha e le go reetsa mahoko a lona, e re lo cwa mo tluñ euō, kgotsa mo motsiñ ouō, lo itlhotlhorè dithole mo dinaoñ tsa lona.”—Mathaio 10:12-14.

Elatlhoko gore Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe go ‘itlhotlhora dithole mo dinaong tsa bone’ fa ba tswa mo legaeng kana motse oo go neng go sena kgatlhego mo Bogosing jwa ga Jehofa gotlhelele mo go one. O ne a kaya eng ka kgakololo eno? Go tlhotlhora lorole mo dinaong ga motho go ne go supa go rola boikarabelo kana go tlhapa diatla mo molatong wa diphelelo tseo mong wa ntlo a neng a tla di boga ka baka la go sa kgatlhegele molaetsa wa Modimo. Go ne go kaya gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba itsamaela ka kagiso ba bile ba tswa mo ntlong eo kana motse ba o tlogelela matswela ao Modimo o neng a tla a lere kwa bokhutlong.

Bontsha Kgatlhego—Go Raya Botshelo Jwa Gago!

Go a kgatlhisa go elatlhoko gore Jesu Keresete o ne a bapisa dikarabelo tsa motlha wa rona le tsa metlha ya ga Noa le Sodoma le Gomora. (Mathaio 24:37-39; Luke 17:26-30) Boitsholo jo bo sa siamang le bothubaki di ne di le dintsi thata mo metlheng ya ga Noa gammogo le mo metlheng ya ga Lote. Tota, monna yo o siameng Lote o ne a boga a bile a hutsafala fa a ne a bona go sa laolesegeng le go tsenelela thata mo boitsholong jo bo repileng ga baagi ba Sodoma le Gomora.—2 Petere 2:6-8.

Lefa go le jalo, fa Jesu a ne a bua ka motlha wa ga Noa le ka motlha wa ga Lote, o re tlhokomedisa, eseng boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo tsa metlha eo, mme, go na le moo, dilo tsa letsatsi le letsatsi—ebong go ja, go nwa, go nyala, le go newa nyalong, go reka, go rekisa, go aga, le go lema. O ne a supa gore ba le bantsi ba ne ba sena go arabela molaetseng wa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo sentle mme gore ba ne ba tla bo ba tshwaregile thata ka dilo tsa tsatsi le letsatsi tsa botshelo mme ka gone ba seke ba kgatlhegele seo Jehofa a ikaelelang go se dira. Molaetsa ono ke o o botlhokwa jwa botshelo kana loso. Go sa o reetse go tla lere tatlhegelo. Go sa tsee tsia kana go sa bontshe kgatlhego ke sebe se se masisi.—Bapisa Mathaio 6:31, 32.

Go masisi go le kana kang? Jesu o tswelela ka go tlhalosa jaana: “E tla re mo motlheñ oa tshèkō, go tla nna botoka kaga lehatshe ya Sodoma le Gomora, bogolo go motse ouō” o o sa reetsang kana o o sa bontshang kgatlhego. (Mathaio 10:15) Fa motho a bontsha kgatlhego, a reetsa, a bo a dumela molaetsa oo, lemororo a ka tswa a dira boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo, o ka kgona go fetola botho jwa gagwe mme a amogelesega mo matlhong a Modimo gore a tshwanelegele go nna mmusiwa wa Bogosi, fela jaaka Bakeresete ba ntlha mo Korintha ba ne ba dira.—1 Bakorintha 6:9-11.

Mo dipuisanong tsa gagwe tsotlhe le barutwa ba gagwe, Jesu Keresete o ne a ba kgothaletsa go reetsa, go tlhwaya tsebe, go bontsha kgatlhego mo molaetseng wa botlhokwa wa Bogosi jwa Modimo. O ne a gakolola jaana, e le gore a tle a tsose kgatlhego ya bao a neng a bua nabo: “Itiseñ kaha lo utlwañ ka gōna.” “Eo o nañ le ditsèbè go utlwa, a a utlwè.” “Ntheetsañ lotlhe, lo tlhaloganyè.” “Utlwañ, lo tlhaloganyè.”—Luke 8:18; Mareko 4:9; 7:14; Mathaio 15:10.

Jalo, nako e e tlang fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a tla kwa legaeng la gago, go tla go solegela molemo go re: ‘Tsena, ke na le kgatlhego.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela