“Lehoko ye le Buiwañ ka Tebañ ea Yeōna”
“Lehoko ye le buiwañ ka tebañ ea yeōna, le chwana yaka boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera,” go bolela jalo Diane 25:11. Mafoko a rona a go akanyetsa ba bangwe le ditiro tsa bopelonomi di ka sedila pelo ya motho yo o siameng ka bonolo mo tseleng ya gore a amogelwe ke Jehofa. Sengwe seo re ka tswang re se boletse kana re se dirile, le eleng mo dingwageng tse di fetileng, se santse se ka nna sa gakologelwa ka lorato ke motho yo mongwe. Ka sekai, fa molebedi mongwe wa potologo le mosadi wa gagwe ba ne ba etetse kwa phuthegong nngwe, ba ne ba amogelelwa kwa kgaitsading mongwe yo o neng a sa tswa go kolobetswa bosheng. Mosadi wa molebedi yoo wa potologo o ne a romela lekwalonyana la go mo leboga a anaanela moya wa go tshola baeng oo ba neng ba o bontshitswe. Dingwaga di feta di le supa moragonyana ga moo, o ne a amogela lekwalo le le latelang:
“Ke ile ka akanya gore ke tshwanetse ka lo kwalela le go lo bolelela ka moo lo ileng lwa nthusa ka gone go ralala dingwaga lefa tota lo ne lo sa lemoge seo. Ke ne ka go laletsa mmogo le Jim kwa dijonyaneng di sekae fela tsa motshegare, mme o ne wa nthomelela karata nngwe e e monate thata ya go nteboga. E ne e le molemo tota, mme lekwalo la Bibela ke lone le le neng la fitlhelela pelo ya me, mme ga ke ise nke ke le lebale le ka motlha ope. Seno se diragetse ka 1976. E ne e le nna fela mo lelapeng la me yoo tota ke neng ke kgatlhegela boammaaruri. Ke ne ka ithuta le basetsanyana ba me le go leka go nna mosadi yo o molemo. Mme ka dinako tse dingwe ke ne ke batla go itlhoboga, go tlogela boammaaruri, go tlogela maikarabelo—go tlogela fela. Mme lekwalo lele la Bibela leo lo neng lo le kwadile le ne le kgaratlha kgatlhanong le seo mo pelong ya me, mme ke ne ke atisa go ipolelela jaana, ‘Abo ke bogagapa jang ne,’ mme ke bo ke tswela pele.
“Ga go na lefa e le selo se le sengwe fela mo dingwageng tsotlhe tse robedi tsele seo se ileng sa nkama jalo, mme ke ne ke batla go lo bolelela ka gone. Mo godimo ga lekwalo lele la Bibela, ke ne ka akanya gore abo go molemo jang ne gore motho yo o tshwaregileng jaaka lona jaana a iphe nako ya go ntebogela sengwe seo ke tshwanetseng ka bo ke se dira.
“Ebu,—lekwalo lele—2 Yohane 8.
“Sandra”
Gompieno, monna wa ga Sandra o kolobeditswe mme o kopanela le ene jaaka mmoledi wa mafoko a a molemo. Mongwe wa barwadi ba gagwe ba babedi ke mmulatsela wa ka metlha, mme morwadi yo mongwe e ntse e le mmulatsela yo o thusang fa esale a fetsa kwa sekolong se segolo bosheng jaana.
Kwa bokhutlong, 2 Yohane 8 e a reng? “Lo ipōnè, gore lo se ka loa latlhègèlwa ke dilō tse re di dihileñ, ha e se gore lo tlè lo amogèlè tuèlō e e tletseñ.”