A Ruri-Ruri ba Bua le Baswi?
FA GONGWE ditlhopha tsa kgwele ya dinao mo Brazil di kopa thuso ya ba ba buang le badimo. Ka ntlhayang? E le gore ba tle ba bone kgakololo ka ntlha ya go boifa gore setlhopha se ba tshameka kgatlhanong naso se ka nna sa fenya. Go ya ka koranta nngwe ya dikgang, “sebaka sa go ka buisana ka tlhamalalo le masaitsiweng go senka tharabololo ya mefuta yotlhe ya mathata go na le tlhotlheletso e e maatla mo dimilioneng tsa batho.” Mo dinageng dingwe, mapolotiki a maemo a a kwa godimo, baitse-ba-ditiro, le borakgwebo ba etela ba ba dirisang badimo ka metlha. Batho ba le bantsi ba leka go bua le baswi, bao go dumelwang gore ba ka ne ba na le kitso nngwe, ka maiteko a go senka kalafi kana go rarabolola bothata bongwe jwa madi.
A mme go tshwanetse go leka go bua le baswi? A ruriruri go ka kgonega go dira jalo? Mme ebile a go na le bodiphatsa bongwe jo bo kopanyelediwang? O ka nna wa gakgamalela go utlwa gore Bibela e reng.
Ke Eng se se Diragetseng mo Kgannyeng ya ga Saulo?
A ko o akanyetse tiragalo eno ya mmatota e e kwadilweng mo Bibeleng: Ka ntlha ya go boifa Bafilisitia ba baba, Kgosi Saulo wa Iseraele wa bogologolo o ne a ya go batla thuso mo mothong yo o buang le badimo kwa Enedora. O ne a mo kopa gore a amane le moperofeti Samuele yo o neng a sule. Fa a utlwa a mo tlhalosetsa kaga monnamogolo yo o apereng seaparo se se senang matsogo, Saulo o ne a tsaya gore motho yono yo o sa tlwaelegang e ne e le Samuele. Mme molaetsa o ne o reng? O ne o re Iseraele o ne a tla fenngwa ke Bafilisitia, le gore mo letsatsing je le latelang Saulo le bomorwawe ba ne ba tla nna le “Samuele,” seo se kaya gore ba ne ba tla swa fa ba ntse ba tlhabana le Bafilisitia. (1 Samuele 28:4-19) A go ne ga diragala jalo?
Tota eseng jalo. Saulo o ne a golafala thatathata mo tlhabanong kgatlhanong le Bafilisitia, mme o ne a ipolaya. (1 Samuele 31:1-4) Mme ebile phapaanong le polelelo pele e e neng e kaya gore bomorwa Saulo botlhe ba ne ba tla swa le ene, morwawe Ishiboshethe o ne a falola.
Mme ebile tota a go ne go tshwanetse gore go bodiwe baswi? Nnyaa, go ne go sa tshwanela. Dikwalo di re bolelela jaana: “Saule a shwèla tlolō ea gagwè . . . le ka gonne o ne a lōpa kgakololō mo go moñwe eo o buañ le badimo.” (1 Ditihalō 10:13) A re ka ithuta sengwe mo go se? Ee. Saulo o ne a swela go kopa motho yo o buang le badimo gore a mmuele le baswi. Ka ntlhayang? Ka go bo ka go dira jalo, o ne a tlola molao wa Modimo o o neng o tlhamaletse: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna . . . eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi. Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.” (Duteronome 18:10-12) Ke ka ntlhayang fa go botsa baswi go le makgapha mo Modimong? Pele ga re ka araba potso eo, re ka nna ra botsa ka go re:
A Tota Ruri go ka Kgonega?
Fa e le gore go na le mongwe yo o ka buang le baswi, baswi ba tshwanetse tota ba bo ba tshela. Ba tshwanetse ba bo ba na le meya e e sa sweng. Lefa go le jalo Bibela e re: “Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” (Genesise 2:7) Ka gone, motho ka boene ke moya. Ga se gore o na le moya o o sa sweng o o tswelelang o tshela morago ga mmele o sena go swa. Tota, Dikwalo di re: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4) Mme ebile gape, Lefoko la Modimo le re: “Batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè, . . . Ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ,” ebong lebitla la batho botlhe.—Moreri 9:5, 10.
Go na le gore tota ba bo ba na le kitso nngwe, he baswi ga ba itse sepe. Jalo ga go kgonege go ka bua le bone. Ka jalo go dira tumalanong le molao wa Modimo o o kgatlhanong le go botsa baswi go re sireletsa gore re se tsiediwe. Lefa go le jalo, melaetsa e e tswang sebakeng sa meya e ka nna gone, fela jaaka boitemogelo jwa ga Kgosi Saulo bo bontsha.
Mme Motswedi ke Ofe?
Bonnete ke gore, gantsi bao ba iphakang gore ba ka amana le baswi ba na le go loga boherehere. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Go ile ga lemogiwa gore batho ba ba buang le badimo ba tsietsa batho kwa dikokoanong tsa sedimo gore ba tle ba dumele gore meya e ka buisana le batshedi. Baitseanape ba tlhalosa dilo di le dintsi tse di diragalang kwa dikokoanong tsa sedimo. Ka sekai, bangwe ba ba buang le badimo ke baikgakanyi. Bangwe ba ithusa ka dilo dingwe le go dirisa methale e e farologaneng ya maretshwa. Bangwe ba dirisa tsitego. Batho ba le bantsi ba ba nnang gone mo dikokoanong tsa sedimo ba na le keletso e e nonofileng ya go amana le moratiwa yo o tlhokafetseng. Keletso eno e ka nna ya ba dira gore ba dumele gore molaetsa lefa e ka nna ofe o ba o amogelang go yo o buang le badimo o tswa mo lefelong la semoya.”
A mme re tshwanetse go akanya fela ka tsela eo? Nnyaa, ka go bo go utlwa taolo ya Modimo e e kgatlhanong le go botsa baswi go bile go re sireletsa ka tsela e nngwe e e bileng e le botlhokwa-tlhokwa. Ke boammaaruri melaetsa e tswa mo sebakeng sa semoya, mme motswedi wa yone ke dibopiwa tse di nonofileng tse di batlang go timetsa setho. Bibela e ba bitsa “mashomōshomō a meōea ea boikèpō”—Satane Diabolo le baengele ba ba tlhokileng kutlo ba ba itsiweng jaaka badimona. (Baefesia 6:12) Fa Kgosi Saulo a ne a etetse motho yo o buang le badimo kwa Enedora, ledimona ke lona le le neng le itirile jaaka moperofeti Samuele yo o neng a sule.
Jaaka go kailwe mo kgannyeng ya ga Saulo, badimona ga ba na thuso epe e ba e ntshang, mme se go ka neng go twe ke thuso ya bone se tsaya nako e khutshwane. Jaaka mmusi wa bone, Diabolo, ke baaki. (Mareko 3:22; Yohane 8:44) Mabapi le seno, monna yo pele e neng e le motlhotlhomisi kaga meya wa Britani ebong Sir Arthur Conan Doyle o ne a kwala a re: “Ka maswabi, re dirisana le maaka a a tlhabisang ditlhong gotlhelele a batlhalefi ba ba boikepo kana ba ba letshwenyo. Ke akanya gore, mongwe le mongwe yo o ileng a tlhotlhomisa kgang eno, o ile a kgatlhantshiwa ke go akediwa ga ka boomo moo ka dinako tse dingwe go tswakantsweng le dipuisano tse di molemo le tsa mmatota.” (The New Revelation, tsebe 72) Legale, ga o batle go tsiediwa, a ga go jalo?
Mme jaanong, a o ko o akanyetse seno: Hisitori e re bolelela kafa go kileng ga nna le papadi ya makgoba le dipogiso tse di amanang le yone. A go na le mongwe yo ka go rata a neng a ka amogela matlhoko a a ntseng jalo le tshotlo? Ruri ga a yo. Mme ke ka ntlhayang fa re ka itetlelela go nna makgoba a meya e e boikepo? Ga e aketse batho fela mme gape e ba amoga kgololesego ya bone mme e ka nna ya ba gogela kwa thubakanyong le polaong. Ka motlhala, José wa dingwaga tse 29 wa Pernambuco, Brazil, o ne a bolela gore ‘moya o ne wa tsena mo go ene, wa mo pateletsa gore a bolaye morwadie wa dingwaga tse thataro.’ Ee, go dirisana le meya e e boikepo go ka gogela mo bokgobeng jo bo ntseng jalo. Mme kana, fela jaaka makgoba a a neng a le mo selelong mo nakong e e fetileng a ne a tlhologeletswe go bona kgololesego, jalo he botlhe ba ba mo bokgobeng jwa badimona gompieno ba tshwanetse ba batla go gololesega. Tsela e nngwe ya go bona kgololesego eno ke ka go ikgapha mo go botseng ba ba buang le badimo le go leka go bua le baswi. Jalo he, . . .
A go a Tlhokafala go Bua le Baswi?
Nnyaa, ka go bo ga se gore thuso ga re na nayo. Fela jaaka bana ba ba ikantseng mo go rraabo, re ka kopa thuso ka kgololesego mo go Rraarona wa selegodimo, yo o itumelelang go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang. (Luke 11:9-13) Moperofeti wa Modimo Isaia o ne a kwala a re: “E tla re ha ba tla lo raea, ba re, Botsañ ba ba buañ le badimo, le mo go ba e leñ baloi, ba ba cwirinyañ, le ba ba pepedumañ; a chaba a ga e ke e lōpa mo go o e leñ modimo oa eōna? a kaga ba ba tshedileñ, a go ka bodiwa bashwi? A go iweñ molaōn le dichupoñ!”—Isaia 8:19, 20.
Ee, re na le lebaka je le nonofileng la go ikanya mo go Jehofa Modimo fa re dira thato ya gagwe mme re gana go amana ka gope le meya e e boikepo. Morutwa wa Mokeresete ebong Jakobe o ne a kwala a re: “Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ; me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba.” (Yakobe 4:7) Morago ga fa a sena go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, monna mongwe yo o neng a na le dingwaga tse 28 a ntse a dirisa badimo o ne a tlhalosa a re: “O seka wa ba wa boifa gore Diabolo o ka dirang mo go bao ba kgaoganang le ditlwaelo tsa tirisa-badimo, mme, go na le moo, ikanye mo go Jehofa Modimo.”
Fa re nna re akantse ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo le go dira tumalanong le lone re tla thusega go ‘apara diaparo [tsa semoya] tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo,’ gore re tle re ‘itse go ganela le maano a a boherehere a diabolo’ mme re seka ra nna mo bokgobeng jwa masomosomo a meya e e boikepo. (Baefesia 6:11) Mme gape, go rapela Jehofa ka metlha go tla re fa thuso e e nonofileng kgatlhanong le ditlhaselo tsa badimona.—Diane 18:10.
A bo go gomotsa jang ne go itse boammaaruri kaga seemo sa baswi! Loso lo tshwana le boroko jo bo boteng. (Yohane 11:11) Mme Jesu Keresete o ne a tiisetsa gore go tla nna le tsogo ya baswi.—Yohane 5:28, 29.
Monna mongwe le mosadi wa gagwe le bana, yo o neng a dirisana le badimo o ne a ithuta go tswa Dikwalong gore ga go a tshwanela gore motho ope a leke go buisana le baswi kana mongwe yo o lekang go itira jaaka bone. Jaaka lelapa leno le a mangwe a mantsi mo lefatsheng, le wena o ka ipelela kgololesego ya semoya. (Yohane 8:32) Ithute boammaaruri kaga baswi le boikaelelo jwa Modimo kaga setho. Mme he o ka nna o solofetse go tsena mo tsamaisong e ntšha ya ga Jehofa, koo o ka kgonang go bua le baratiwa ba ba tsositsweng gone mme o ipelele botshelo jo bo sa khutleng mo maemong a kagiso.—Isaia 25:8.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Ke mang yo tota a neng a bua fa Kgosi Saulo a ne a kopa molaetsa o o tswang go moperofeti Samuele yo o neng a tlhokafetse?