E Supa Isagweng e e Phatsimang
Gantsi go bolelelwa-pele ka go tla ga lefifi le legolo le tatlhego jaaka lefatshe lotlhe le lebana le bothata morago ga jo bongwe. Abo e le molaetsa o o farologaneng jang ne o o mo bukeng e ntšha ya Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”! “Fa ke ne ke e bu la, boitumelo jwa boammaaruri ne jwa apesa matlho a me,” go ne ga kwala mmadi mongwe. “Ditshwantsho di dintle thata mo di akantshang ka tlhoafalo, mme abo setshwantsho sa bofelo se bontsha mo go kgatlhisang jang ne popo yotlhe e le mo kagisong.”
O a tswelela: “Pelo ya me e tletse ka boitumelo jo bogolo ka ntlha ya buka eno. Ke ne ka palelwa ke go itshwara mme ke ne ka balela kwa godimo dikarolo tsa yone monna wa me ka go tlhagafala, mme abo ke ile ka seka ka baya bu ka e potlana eno fa fatshe—e e nang le molaetsa o mogolo—mme ke tswelela go nwa mo go yone ka moo ke ka kgonang ka gone mo motshegareng. E lapolosa mo go golo thata go gaisa molatswana o o tsiditsana o o fa thabeng.”
Ikamogelele sekaelo. Ke R2 fela.
Tswee tswee nthomelelang, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192 ya Potokesego mo Lefatsheng Lotthe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō.” Ke tsenya R2.