A O Ka Bona Bodumedi jo bo Siameng?
RONALD—yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng—o ne a akanya gore o tshwanetse go itlhoboga mo go batleng bodumedi jo bo neng bo ka mo neela thuso e e dirang le kaelo. Mme o ne a fetsa ka gore a iphe sebaka sa bofelo. “Fa go ne go na le Modimo, ke ne ke batla gore a itse gore ke ne ke mmatla ka boikanyegi,” o ne a rialo. Ka gone bosigo bongwe Ronald o ne a rapela jaana: “Fa o le Modimo o o lorato tota, o mpone ka gore ke ntse ke go batla ka dingwaga mme ga ke a bona sepe.”
Malatsi a sekae moragonyana, Ronald o ne a abelwa tiro e e fapaanelwang le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a simolola go mmotsa dipotso kaga Bibela. Dikarabo di ne tsa tsosa tlhoafalo ya gagwe. Ka bofefo o ne a simolola go ithuta Bibela ka metlha. Gape o ne a ya kwa dipokanong tsa phuthego ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa.
Dikgwedi di le thataro moragonyana Ronald o ne a tlhatswegile pelo gore o ne a bone bodumedi jo bo mo thusitseng go baakanya botshelo jwa gagwe ka tsela e e dirang tota. Morago ga dingwaga di le tharo a kopanela le Basupi ba ga Jehofa, o ne a tlhalosa melemo mengwe e a iponetseng yone Mokgatlhong ono mo lokwalong lo a lo kwaletseng makasine wa Tora ya Tebelo.
“Boikutlo jwa go Bolaya” Bo ne Jwa Fedisiwa
Ronald o kwala jaana: “Molemo wa ntlha wa go ithuta boammaaruri [thuto ya Bibela] e ne e le go tokafatsa go laola go tenega motlhofo ga me. Ke ne ka ikatisetsa ntwa ka dingwaga di le dintsi. . . . Ke ne ke etle ke ithapise go tswa ka dioura di le thataro go ya go tse di robang-bobedi ka letsatsi, mme ka nako tsotlhe ke ne ke na le mogopolo wa go bopa boikutlo jwa go bolaya.”
Go lwa le go bolaya ga se ditsela tse di nang le matswela tsa go fedisa dikgogakgogano le mongwe-ka-wena. Ka gone, bodumedi jo bo nang le mosola ke maatla a kagiso. Mo go Baroma 12:18 Bibela ya riana: “Lo nnè kagishō le batho botlhe.” Basupi ba ga Jehofa ga ba katisetse mebele ya bone ntwa, kana go batla go itshireletsa ka go ithuta go dirisa ditlhobolo. Ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe ka bophara ka kagiso ya bone, boemo jwa bone jwa boitlhaodi mo nakong ya ntwa.
Ka go bona maatla a a dirang kana nonofo ya bodumedi jo bo ntseng jalo, moitlami mongwe wa Katoliki ya Roma o ne a kwala jaana mo makasineng wa kereke wa Italy: “Abo lefatshe le tla bo le farologane jang ne fa rotlhe re ka tsoga moso mongwe re dirile phetso ka go nitama gore re seka ra tlhola re tsenelela mo ntweng, . . . fela jaaka Basupi ba ga Jehofa!”
Boikutlo jono jwa kagiso gareng ga Basupi ba ga Jehofa bo ne jwa tlatseletsa mo go bopeng bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa batho ba ba fetang dimilione tse tharo mo mafatsheng a le 208. Ba tsaana jaaka ditsala tsa boammaaruri, go sa kgathalesege bomorafe jwa bone, lotso, kana maemo a bomorafe. Seno se diragala tota mo lefatsheng le le tletseng letlhoo, segolo-bogolo fa thuso e tlhokafala. Eva, ebong mosadi mongwe yo mmotlana wa Mo-Sweden mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a itemogelela seno.
Fa a ne a etela Greece, Eva o ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa boboko. Fa a ne a idibetse, ebile madi a gagwe a na le botlhole a dutlela mo teng, o ne a itlhaganisetswa kwa kokelong ya Athens, kwa o neng a sa itse ope gone. Rraagwe kwa Sweden o ne a bolelelwa ka founo. O ne a leletsa mogolwane mongwe mo phuthegong ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa. Mogolwane yono o ne a leletsa Basupi ba a neng a ba itse kwa Athens. Ka bofefo Eva o ne a etelwa ke baobamedi-ka-ene ba Bagerika ba a neng a ise a ke a kopane le bone pele.
Seno se re gakolola setshwantsho se moaposetoloi Paulo a neng a se dirisa, a bontsha ka moo bongwefela le bopelotlhomogi di tsamayang mmogo ka gone. Mo go 1 Bakorintha 12:25, 26 o ne a re: “Go se nne kgaoganō mo mmediñ me . . . ditokololō di tlè di chwanè mo go tlamèlaneñ. . . . ha tokololō ñwe e utlwa botlhoko, ditokololō cotlhe di utlwe botlhoko naeo.”
Se ke sone se Eva a neng a itemogelela sone mo Greece. Mo e ka nnang dibeke tse tharo ditsala tsa gagwe tse disha ga di a ka tsa mo tlogele a sa tlhokomelwa O ne a tokafala mme a boela kwa legaeng la gagwe. A re: “Ruri ke ne ka itemogelela melemo ya bokaulengwe jo bo lorato.”
Eseng go Eletsa“Morokotso”
A re boele kwa lekwalong la ga Ronald. Morago ga go bolela ka moo bodumedi jwa gagwe jo bosha bo mo thusitseng ka gone go laola pelo ya gagwe, go ntsha “boikutlo [jo le] jwa go bolaya,” mme a nna kagisano thata, a re thuto ya Bibela e mo neetse pono e e leka-lekaneng ya tiro le madi. “Ke ne ke le modirisi wa khomputara yo o rategang thata wa mohiri wa me,” Ronald a rialo, “kene ke etle ke ithontshe go nna le lelapa la me le ditsala e le fela go bereka nako e e oketsegileng. Ke ne ke bereka masigo ka dingwaga di supa. Ka nako tsotlhe ke ne ke batla morokotso.”
Keletso eo ya “morokotso,” fa go ntse go ya, e ka gobatsa, le eleng go bolaya. “Mo go bangwe, madi ke tshireletso. Bangwe ke thata. Mo go ba bangwe go raya gore ba tlile go kgona go reka lorato, mme mo setlhopheng sa bone ke kgaisano le go fenya mo motshamekong,” ga rialo moitseanape wa tlhaloganyo ebong Jay Rohrlich, yo balwetsi ba gagwe gantsi e leng batho ba ba berekang mo go tsa madi ba ba tswang kwa kgaolong ya New York ya Wall Street.
Fa e akgela mo tlhalosong eno, pego e e mo makasineng wa Science Digest ya re: “Tumelo ya gore madi a ka dira dilo tseno . . . gantsi e gogela kwa go latlhegelweng ke maatla, go sa kgotsofaleleng boroko, malwetsi a pelo le mathata mo banyalaning kana bana.” Kgakololo ya Bibela ke gore: “Lo ikgololè mo go rateñ khumō ea madi.” Ronald o ne a ithuta seo mme a se dirisa. O ne a go fitlhela go na le mosola thata.—Bahebera 13:5.
Pono e e Siameng ya Tiro
Gantsi go batla madi go tlhotlheletsa batho gore ba itekele go ya kwa ditirong tse di kwa godimo. Se se ka biletsa batho ba ba itekanetseng thata kgatelelo e kgolo le kutlo-botlhoko—le e leng go ya kwa bokgakaleng jwa go ipolaya. “Monna mongwe, yo o neng a tla tirong moso mongwe mme a fitlhela tafole ya gagwe e fudusitswe, o ne a palamela kwa godimo ga ntlo mme a itatlha.” Dr. Douglas LaBier o ne a bolela seo mo potsolotsong ya U.S.News & World Report e e dirisanang le klamano fa gare ga ditiro le mathata a boikutlo.
“Se se tlhokegang,” ga rialo Dr. LaBier, “ke botshelo jo bo rulagantsweng botoka, jo bo sa agelelwang mo tirong. Mo godimo ga dilo tse di tshwanang le dijo tse di siameng, boikhutso le boitshedilo-mmele, batho ba ba batlang botshelo jo bo leka-lekaneng thata ba tlhoka go akanya ka go dira go le gontsi le malapa a bone le go dira ditiro tse dingwe tse di molemo tse eseng tsa tiro tse di ba neelang boitumelo.”
Basupi ba ga Jehofa ba ithuta mo Bibeleng go leka-lekanya dilo fa go tla mo tirong le madi. Moreri 4:4, 6 e bua ka go dira ka natla mo go kopanyeletsang “bopelotshetla [ka] oa gagabō” mme ya re: “Go molemō se se lekanyeñ legohe ha se na le boiketlo, bogolo go se se lekanyeñ diatla di le pedi ha se na le letsapa le go belebetlèla phehō hèla.” Ronald o ne a fitlhela seno e le botlhale jo bo dirang. O ne a fokotsa tiro ya gagwe e le gore a tle a nne le nako e e oketsegileng mo dikgatlhegong tsa gagwe tsa semoya le lelapa la gagwe le ditsala.
Botshelo jwa Lelapa jo bo Itumetseng
Jaanong mo lekwalong la gagwe Ronald a re kgakololo ya Bibela mo lenyalong le botshelo jwa lelapa di ile tsa mo thusa go dirisana ka botlhale le maemo a lelapa. Seno se botlhokwa thata jaanong fa botshelo jwa lelapa bo lebega bo senyega mo mafelong a le mantsi. Mafatshe a a tlhabologileng a bega manyalo a le mmalwa, ditlhalo tse dintsi, le go wela kwa tlase ga bana ba ba tsholwang.
Seemo seno ke se se tshosang ka gore tikologo ya lelapa ke koo ditlhokafalo tsa motheo tsa konokono di kgotsofadiwang teng. Mo patlisisong nngwe, Sydney Morning Herald ya Australia e ne ya botsa batho ba le 2 000 gore ke sefe sa dilo tse di latelang se se neng se ba neela kgotsofalo e kgolo: tiro, lelapa, ditsala, metshameko, dithoto, kana bodumedi. Bontsi jo bogolo bo ne jwa neela “lelapa” maemo a ntlha.
Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela go boloka malapa a bone a nonoñleng. Ka sekai, go feta dingwaga tse tlhano, dimakasine tsa bone tse pedi Tora ya Tebelo le Awake! (kgaso ya dikaelo tsa tsone tsoopedi ke dimilione tse 22 ka dipuo tse di fetang 100) di ne di na le ditlhogo di ka nna 60 tse di dirang kaga go dirisana le maemo a a farologaneng mo botshelong jwa lelapa. Kwantle ga pelaelo, bodumedi jo bo theilweng mo Bibeleng jo bo thusang batho go tlhokomela malapa a bone ka tsela e e botlhale le lorato ke jo bo nang le mosola.
Potso e Kgolo ya “Ka Ntlhayeng?” E a Arabelwa
Ronald o konela lokwalo lwa gagwe ka gore: “Go na le sengwe se gantsi se tlang mo mogopolong wa me fa ke bala pampiri ya dikgang, fa ke lebeletse dikgang go TV, fa ke buisana le badiri-ka-nna, kana ke bolelela ba bangwe ka bodumedi jwa me. Ke gore go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go nneela karabo ya nngwe ya dipotso tse di bodiwang thata mo lefatsheng—‘Ka Ntlhayang?’ Ke eng fa go na le bokebekwa, thubakanyo, ntwa, boitsholo jo bo sa siamang, malwetsi, dikgoberego, mo godimo ga mathata a letsatsi le letsatsi? Ka go itse gore tsamaiso eno le mathata a yone ke tsa nakwana fela go ile ga nkimolola morwalo o o bokete mo magetleng a me.”
Bibela e senola se se tla tlang kwa morago ga seemo sa gompieno se se jesang kgakge sa lefatshe. E tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa boikaelelo jwa ntlha jwa Mmopi jwa go direla batho lefatshe leno leno legae la paradaise bo ise bo diragadiwe. E tlhalosa ka moo Modimo a tla ntshang ditlhotlheletso tsotlhe tse di sa jeseng di welang mo lefatsheng mme a tlhomela batho paradaise gore ba ipele ka bosakhutlen.—2 Petere 3:9-13.
Gore bodumedi bo nne le mosola tota, bo tshwanetse go ntsha maungo a a molemo. Bo tshwanetse go nna le batho ba ba botoka. Bo tshwanetse go tlhalosa gore ke eng fa dilo di ntse ka moo di ntseng ka teng mo lefatsheng gompieno Bo tshwanetse go tsenya tsholofelo e e tlhomamisegang ya isagwe mo megopolong ya batho le ditiro. Ronald o ne a batla bodumedi jo bo ntseng jalo, mme o ne a bo bona. Sebaka se se tshwanang se santse se go bulegetse.—Mathaio 7:17-20.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Bakeresete ba e leng bone ba tsaana jaaka ditsala tsa boammaaruri