Bodumedi jwa Motlha wa Segompieno Bo na le Mosola Ofe?
“KE NE ka latlhela Bibela mo lefelong la boithutelo fa ke fetela kwa kamoreng ya me ya borobalo. Ke ne ke akanya gore ke ne ke se kitla ke e tsaya gape kana go ya kerekeng gape. Ke ne ke ntse ke batla ka dingwaga di le thataro. Mme ke ntse ke sa bone thuso.”
Ronald, yo o dingwaga di 26 wa modirisi wa khomputara, o ne a raletse mathata a le mmalwa mme a boifa gore botshelo jwa gagwe bo e bo tla nna mo kotsing. Go ne go lebega bodumedi bo sena mosola ope mo go ene. “Ke bo tlhobogile,” o ne a rialo.
Batho ba le bantsi, jaaka Ronald, ba tlhobogile bodumedi. Go tweng kaga gago? A o akanya gore bodumedi bo neetse batho thuso e e dirang le kaelo gore ba nne badiri-mmogo ba ba botoka, baagelani, banna ba ba nyetseng, basadi ba ba nyetsweng, batsadi, kana bana? A bodumedi bo ile jwa tlhotlheletsa kagiso le kutlwano gareng ga batho? A bo ile jwa ba thusa go tlhaloganya bokao jwa botshelo? A bo ile jwa tlhotlheletsa megopolo ya bone le dipelo go nna le tsholofelo e e tlhomamisegang ya isagwe?
Kaelo e e Dirang e a Tlhaela
Mo lefatsheng leno le le marara, batho ba tlhoka kaelo e e botlhale, e e phepafetseng. A ba ka e lebelela mo baeteledi-peleng ba semoya? Mo lekwalong le e kwaletsweng morulaganyi wa makasine mosadi mongwe o ne a ngongorega jaana:
“Se jaanong re ntseng re se utlwa mo dikerekeng tsa rona . . . mo lobakeng lo lo rileng jaanong ke lorato, lorato, lorato. . . . Ga re itse gore go diragetseng ka ‘Bo o seka wa’—‘O seka wa bolaya motho. O seka wa utswa,’ le tse dingwe? Re tlhoka go gakololwa ka metlha gore dilo dingwe ke Tse di sa Siamang. . . . Mme ga re ke re utlwa lentswe ‘Sebe’ ka letsatsi lepe jaanong. Go lebega jaaka ekete baa le tila le gore ke lefoko la ditlhaka tse nne le le leswe.”
Ka mo go phepafetseng, bangwe ba ikutlwa gore bagakolodi ba bone ba sedumedi ba lolea thata, ba letlelela dilo tsotlhe. Bakaedi bao ba semoya ba bokoa thata. Ba tshwana le ngaka e e sa tlhatlhobeng bothata jwa molwetse mme e be e laola gore a neelwe molemo o o timotsweng ka metsi. Mabaka a go palelwa moo ke eng?
Tiro e mo Mathateng
Motho yo o imelwang ke mathata a gagwe ga a kitla a kgona go senya nako le boiteko a thusa ba bangwe. Dipego tsa dikgang di bontsha gore palo e e golang ya baruti ba tseneletse thata mo tirong ya bone le mathata a botho. Seno ke dikai tsa seo:
“Fa gone kgatelelo le go lapa thata e le selo se se tlwaelesegileng mo ditirong di le dintsi gompieno, ga go maswe ka gope go gaisa jaaka go ntse mo baruting ba Sejuda,” ga rialo moitseanape wa tlhalonyo wa kokelwana ebong Dr. Leslie R. Freedman morago ga dingwaga tse nne tsa go ithuta mo Unibesithing ya baruti ba Sejuda.
“Fa ke ne ke na le morwa, a ke ne ke tla batla gore a nne moruti? Ka maswabi, karabo ya me e tshwanetse go nna nnyaa,” William Wells wa moruti a rialo ka go gatelela, mo pegong ya mathata a baruti. Goreng a ne a ka seke a dire jalo? A re a ka seke a kgothaletse lekau go akanyetsa tiro e e sentsweng ke “dikomang, dikgoberego, le go sa tlhomamisegeng jaaka boruti jwa Katoliki ya Roma bo ntse gompieno.”
Baruti mo Kerekeng ya Lutere ya Sweden e e thusiwang ke Mmuso le bone ba mo kotsing. Koranta nngwe ya letsatsi le letsatsi ya Sweden ya re: “Baruti ba na le mathata a tlhaloganyo ao fa a setse a godile thata a gogelang kwa ipolayeng. . . . Tiro ya seruti e mo mathateng.”
Go sa Utlwaneng mo go Faphang Tsebe
Mo mafatsheng ao baeteledi-pele ba bodumedi ba kopanyelediwang mo dintweng tsa makgaoganyane tse di lapisang thata, ba faposiwa mo go neeleng tlhokomelo e e tshwanetseng ya ditlhokafalo tsa batho tsa semoya. Gape ba tshwanetse go amogela boikarabelo jwa go latlhega ga maatla le madi tse di ka bong di ile tsa dirisediwa ditlhokafalo tse di bonalang tsa batho.
Mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe go na le bao ba latlhegetsweng ke go ikanya bodumedi mme ba tlhoa bodumedi. Go latlhegelwa ke maloko le go wela tlase ga ba ba yang kerekeng go begiwa mo mafelong a a tshwanang le Sweden, Finland, Germany, Britain, Italy, Canada, le United States.
A jaaka Ronald, o fa gare ga bao ba akanyang gore ba tlhobogile bodumedi? A mme lefa go le jalo, a go na le bodumedi joo bo itshupileng bo na le mosola o o dirang mo go ba le bantsi? Setlhogo se se latelang se tla tlotla seno.