Kafa O Ka Dirang Ditsala tsa Boammaaruri ka Teng
“TSELA e le nngwefela ya go nna le tsala ke go nna tsala,” go ne ga kwala jalo Emerson, mmoki wa Amerika. Botsala ke selo se se ntlha-pedi se se kopanyeletsang moya wa go aba. atho ba ba bohitlha le bao ba nang le ditshekamelo tsa bogagapa ba go fitlhela go le bokete go dira ditsala tsa boammaaruri. Lefa go le jalo, ba ka atlega, jaaka re tla bona.
Botsala jwa boammaaruri bo godisiwa ke lorato ka gonne lorato lo kopanya batho. Lefa go le jalo bangwe ba na le bothata jwa go dira ditsala. Motho o ka fenya seno jang?
“Nna moreetsi yo o molemo. Kgothaletsa ba bangwe go bua kaga bone,” go ne ga gakolola jalo Dale Carnegie. Fa batho ba ba sa itsaneng ba kopana, gongwe kwa moletlong mongwe, ke bafe ba ba kgonang go dira ditsala? Ga se batho ba ba buang bobe mme ke bao ba nang le kgatlhego e e bothitho mo go ba bangwe, ba ba dira gore ba bue mme ba ba reetsa tota. Go gakologelwa maina le dintlha tse di kgatlhang kaga batho ba o sa tswang go tlwaelana nabo le gone go ka thusa mo go simololeng botsala.
Mo go Fundamentals of Interpersonal Communication, Kim Giffin le Bobby R. Patton ba akantsha go ipolela le go nna wa mmatota. “Gore motho e nne wa botlhokwa mo go wena,” ba rialo, “o tshwanetse go itse sengwe kaga gagwe seo e leng sa botlhokwa mo go wena . . . [Nna] yo o sa itobeng le yo o buang ka tlhamalalo ka dinako tsotlhe . . . Karabelo ya gago go motho yo mongwe e tshwanetse go nna ya sebele.”
Ditsala tsa boammaaruri ga di ikanyege go le gosi mme gape di na le kakanyetso, le ka motlha ga di gatelele yo mongwe kana go laola mo go feteletseng. Di a utlwisisana, di ka kgona go lemoga pono ya dilo ya motho yo mongwe, mme ka gone di ka kgona go bontsha kutlwelo-botlhoko. Jaaka botsala bo gola, ba bulelelana dipelo, ba sa nne ditsala tsa boammaaruri fela mme gape e le ditsala tse di atamalaneng. Ga se ditsala tsotlhe tsa boammaaruri tse e leng ditsala tse di atamalaneng. Jesu Keresete, motho yo o botsalano go feta botlhe ba ba kileng ba nna gone mo lefatsheng, o ne a dira ditsala tse dintsi, mme ke ba sekae fela bao e neng e le ditsala tse di atamalaneng nae tota.—Mareko 9:1-10; Luke 8:51.
Buka ya Botsala jwa Boammaaruri
Bibela, e eleng buka e e molemo go di feta tsotlhe tse di buang ka kgang ya botsala, ya re: “Tsala e rata motho ka metlha eotlhe, le morwa rra motho o tsalecwe motlha oa pitlaganō.” (Diane 17:17) Ditsala tsa boammaaruri di tlhomoga-pelo di bile di iketleeleditse go thusa fa mathata a tsoga. Sekai se se molemo sa seno ke se—polelo ya metlha ya lseraele wa bogologolo.
Ka baka la leuba, monna mongwe wa Juda o ne a fudugela kwa Moaba le mosadi wa gagwe, Naomi. Fa nako e ntse e ya o ne a swa. Morago, barwa ba gagwe ba babedi ba ne ba nyala basetsana ba Moaba eleng Ruthe le Orepa. Morago barwa ba ne ba swa. ba tlogela batlholagadi ba bararo ba le bosi. Naomi, eleng mmaabone, o ne a fetsa ka gore a boele kwa Juda, mme dingwetsi tsa gagwe tse pedi di ne tsa tsamaya le ene. Lefa go ntse jalo, mo tseleng Naomi o ne a kgothaletsa makgarebe ao go boela kwa morago go ya go senka banna ba bangwe mo bathong ba ga bone. Orepa o ne a dira jalo, mme Ruthe o ne a gatelela gore o tla tsamaya le Naomi. Ka ntlhayang? Ka gonne o ne a se fela ngwetsi; gape o ne a le tsala ya boammaaruri. Selo sa boammaaruri ke gore botho jwa gagwe jwa pelotlhomogi bo ne bo sa kake jwa mo letlelela go lesa mosadi yo o godileng wa motlholagadi, yo o swetsweng ke balelapa la gagwe, go tsamaya a le nosi.—Ruthe 1:1-17.
Ruthe o ne a bontsha kutlwelo-botlhoko ya mmatota, bopelonomi, boikanyegi, le lorato. Dinonofo tseo ke tsone di thayang motheo o o tlhomameng wa botsala jwa boammaaruri. Lefa go ntse jalo, go ne go na le ntlha e nngwe ya botsalano jwa ga Ruthe le Naomi.
Tiisa Botsala jwa Bone
Fa Naomi a ne a mo kgothaletsa go boela kwa morago, Ruthe o ne a re: “U se ka ua nthapèla gore ke gu tlogèlè, . . . gonne kwa u eañ gōna, ke tla ea gōna; . . . batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modimo oa me.” (Ruthe 1:16) Naomi o ne a thusitse Ruthe, yo o neng a kile a bo a le moheitane, go itse le go rata Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Tumelo ya bone e e tshwanang ene ya nna sebofo se se maatla sa semoya se se neng se bopaganya basadi ba babedi bao mmogo jaaka ditsala tsa boammaaruri. Mme Jehofa o ne a ba segofatsa ka lelapa je lesha. Fa nako e ntse e ya, Ruthe o ne a nyalwa ke Boase, molemi mongwe wa Mojuda yo o humileng, mme a tshola ngwana yo o neng a bidiwa Obede, yo o neng a nna rraagwe-mogolo Kgosi Dafide.—Ruthe 4:13-22; Mathaio 1:5, 6.
Ntlha eno ya semoya e tiisa botsala. Jang? Mo ntlheng ya ga Ruthe le Naomi, boo-babedi ba ne ba obamela Jehofa, “Modimo o o tletseñ pelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwelō botlhoko le boamarure.” (Ekesodo 34:6) “Modimo o loratō,” mme fa re mo obamela ka bopelontle ka moya le ka boammaaruri, re tlhomamisega go gola mo go mo rateng le go rata dibopiwa-ka-rona. (1 Yohane 4:8; Yohane 4:24) Ka gone, re a fetoga. Re simolola go kgatlhegela ba bangwe ka botsalano, bogolo jang batho ba ba pelonomi, ba ba bogang ba ditso tsotlhe. Batho ba ba bohitlha ka gone ba seke ba tlhole ba ithatela dilo ba le bosi mo go kalo. Batho ba ba bogagapa ba simolola go amega ka ba bangwe. Re simolola go bontsha maungo a moya wa Modimo—ebong “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.”—Bagalatia 5:22, 23.
Dinonofo tseno di re thusa go tlhagolela kgono ya botlhokwa ya go itshwarela makoa le diphoso tsa ba bangwe—“[eseng] ga shupa; me . . . ga mashomè a shupa ga shupa,” jaaka Jesu a ne a bolela. (Mathaio 18:21, 22) Botsala jo bontsi bo thaega mo ntlheng eno. Mme Jesu Keresete o ne a rera kaga seno a ba a se dira. Abo a ne a itshwarela barutwa ba gagwe ba ba sa itekanelang, ba ba fosang diphoso tsa bone gantsi jang ne, go kopanyeletsa le go itatola Morena mo go tlhabisang ditlhong ga ga Petere!—Mathaio 26:69-75.
Ka baka la tokafalo eno yotlhe ya semoya, ditsala tsa rona di a ntsifala. Morago, re fitlhela gore re mo gare ga lelapa le legolo, la kgolokwe yotlhe la ditsala! Gape re fitlhela gore boemo jwa kakaretso jwa ditsala tsa rona bo kwa godimo thata. Ka sekai, Brian, moobamedi yo o saleng mosha thata wa ga Jehofa, o gakologelwa gore ditsala tsa gagwe tsa pele di ne tsa dira gore a tlhakanele mo go nweng bojalwa le go tlhokomologa mosadi wa gagwe le bana. Mme jaanong o rata balelapa la gagwe fela thata. Malebana le ditsala tsa gagwe tse dintsi tse disha tse di nang le tumelo e e tshwanang mo go Jehofa, a re: “Fa ke na le bothata, ke itse gore ke ka tsholetsa mogala fela mme ka leletsa mongwefela wa bone, mme ba tla itumelela go nthusa.”
Alan o ne a na le ditsala tseo motlotlo wa tsone gantsi o neng o ikgatile mo dikareng le makgarebe. Mme o ne a fitlhela fa dikgang tsa go nna jalo “di sa tlhabole ebile di le lolea” fa a ne a dira ditsala tse dintsi tse disha, ba ba ratang Jehofa jaaka ene. Ba ne ba kgatlha Alan thata ka “go mo kgatlhegela ga bone ka bofefo, ka mmatota, ka lorato.”
Ditsala tsa Rona tse di Molemo Bogolo
Batho bano botlhe le ba bangwe ba ba dimilione ba dira lelapa la lefatshe ka bophara, eseng la sepolotiki la ditsala tseo di tlhokomologang melelwane ya bomorafe, ya bosetso, le ya maemo—bokaulengwe jwa boammaaruri jwa setho, fela jaaka joo jwa Bakeresete ba ntlha. (3 Yohane 14) Sebofo se se tshwanang le seo se neng sa bopaganya Ruthe le Naomi mmogo gape se kopanya lelapa leno, eleng, kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo. Botlhe ka boikokobetso le ka tebogo ba lemoga gore Jehofa le Jesu Keresete ke ditsala tsa bone tse di molemo bogolo.
A ‘Modimo Mogodimodimo le Morwa wa gagwe ke ditsala?’ o ka ipotsa. Go ka kgonega jang? ‘A seo gase boikgodiso?’ Tota, Bibela ya re: “Aberahame a dumèla Modimo, . . . me a bidiwa tsala ea Modimo.” Seo tota e ne e le bopelonomi jo bo sa tshwanelang Lefa go le jalo Lefoko la ga Jehofa la re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba nee tshègohacō.”—Yakobe 2:23; 4:6.
Gongwe bangwe ba ikutlwa ba leofile thata mo ba sa tshwanelweng ke tshiamelo eo. Mme Jakobe o tswelela ka gore: “Atamelañ Modimoñ, me o tla lo atamèla. Itloseñ leshwè mo diatleñ, baleohi ke lona; lo intlahatsè dipelo, lona ba lo maikutlō mabèdi. Iñōtlahatseñ ha pele ga Morèna, me o tla lo goletsa.”—Yakobe 4:8, 10.
Jesu o ne a re: “Lona lo ditsala tsa me, ha lo diha dilō tse ke cli lo laolèlañ.” Gape o ne a supa gore ditaolo tse dikgolo ke ‘go rata Jehofa Modimo ka dipelo tsa rona tsotlhe, moya, le tlhaloganyo, le ba ga rona jaaka re ithata.’ (Yohane 15:14; Mathaio 22:37-40) Fa re dira jalo, re tla nna le ditsala tse dintsi tsa boammaaruri Ka gone, mo godimo ga moo re tla tshwanelegela tshiamelo e nngwe e kgolo—ebong botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng je le phepafaditsweng tlase ga Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 6:9, 10) Jaaka Jesu a ne a bolela: “Taolō ea f ga Jehofa kej botshelō jo bosakhutleñ.”—Yohane 12:50.
A o tla letlelela Basupi ba ga Jehofa go go thusa? Jaaka batho ba ba botsalano ka boammaaruri, ba iketleeleditse go go etela le go tlotla kgang eno ya botlhokwa le wena kwantle ga tuelo. Ba ka go thusa go dira ditsala tse dintsi tsa boammaaruri.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Dikaelo Dingwe tsa Botsala jwa Boammaaruri
Tlhopha bao o tselaneng nabo.
Kgatlhegele ba bangwe ka mo go bothitho, mme o nne moreetsi yo o molemo.
Dirang dilo mmogo—maitemogelo e a abalanwang a nonotsha botsala.
Bua ka tlhamalalo, o sa itobe, le ka bopeloephepa ka dinako tsotlhe.
Bontsha kutlwelo-botlhoko le bopelotlhomogi fa ba bangwe ba le mo bothateng.
Fa ditsela di dira diphoso kana di go kgopisa, iketleeletse go itshwarela, le eleng “ga mashome a shupa ga shupa.”—Mathaio 18:22.
Fa ditsala di sebiwa kana di nyadiwa eseng ka tshwanelo, ikanyege o bo o ba femele.
Kobamelo e e kopanetsweng ya ga Jehofa e nonotsha botsala mo go golo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ruthe o no a sa kake a kgaoganela le Naomi ka gonne botsala jwa bone bo no bo na lo motheo o o nonofileng wa semoya. A o na le ditsala tsa di ntseng jalo tsa boommaaruri?