LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/15 ts. 8-9
  • Mmusi yo o Eletsegang wa Maatla a a Fetang a Motho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmusi yo o Eletsegang wa Maatla a a Fetang a Motho
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mmusi yo o Eletsegang wa Maatla a a Fetang a Motho
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mmusi yo o Kgonang go Laola Maemo a Bosa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu A ka Re Sireletsa
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Jesu o Tsamaya mo Metsing
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Mmusi yo o Eletsegang wa Maatla a a Fetang a Motho

FA JESU a fepa diketekete tsa batho ka kgakgamatso batho baa gakgamala. Ba re “Amarure, eo, ke èna moperofeti eo o tlañ mo lehatshiñ.” Ba fetsa jalo eseng fela ka gore Jesu o tshwanetse ya bo e le moperofeti yoo yo mogolo go na le Moshe mme gape le gore o ka nna mmusi yo o eletsegang thata. Jalo ba loga leano la go mo tshwara le go mo dira kgosi.

Lefa go ntse jalo, Jesu o lemoga seo ba se rulaganyetsang. Jalo ka bofefo fela o tloga foo go tila go tlhophiwa ke bone ka pateletso. O phatlalatsa boidiidi jwa batho. o pateletsa barutwa ba gagwe go tsena mo mokorong wa bone le go boela kwa Kaperenama. mme morago o ngongwaelela kwa thabeng go ya go rapela. Bosigong joo Jesu o koo a le nosi.

Ka bokhutshwane fela pele ga letsatsi le tswa Jesu o leba go tswa kwa lefelong le a kgonang go bona sentle mo go lone mme o bona makhubu a lewatle a ntse a tlhatlosiwa mo lewatleng ke phefo e e maatla. A bonesediwa ke ngwedi o o batlileng o nna kgolokwe, ereka Tlolaganyo e le gaufi, Jesu o bona mokoro le barutwa ba gagwe ba tshwere bothata jwa go lwantshana le makhubu. Banna bao ba huduwa mokoro ka maatla a bone otlhe.

Fa Jesu a bona se, o fologa kwa godimo ga thaba mme o simolola go tsamaela kwa mokorong a kgabaganya makhubu. Morago ga a sena go tsamaya sekgala sa dikilometara di le tlhano kana di le thataro. o goroga kwa barutweng ba gagwe. Lefa go ntse jalo, o tsamaya fela jaaka ekete o tla ba feta. Fa ba mmona ba goa ka go re: “Ke sedimo.”

Jesu ka go ba gomotsa o arabela ka gore: “Ke nna; se boiheñ.”

Mme Petere a re: “Morèna, ha e le wèna, nthaea u re, ke eè koñ go wèna mo godimo ga metsi.”

“Ntlo” Jesu o araba jalo.

Gone fela foo. Petere, a fologa mo mokorong, o tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa go Jesu. Mme Petere fa a bona setsuatsue, o a tshoga, mme fa a simolola go nwela, o goa ka go re: “Morèna, mpoloka.”

Ka bofefo fela Jesu o otlolola lebogo la gagwe, a ba a mo tshwara, a re: “Ao! wèna eo u tumèlō e e pōtlana, u nu u belaèlèlañ?”

Morago ga Petere le Jesu ba sena go boela mo mokorong, phefo e a didimala, mme barutwa ba gakgametse. A mme ba tshwanetse? Fa ba ne ba ‘tlhalogantse kaga dinkgwe’ ka go anaanela kgakgamatso e kgolo e Jesu a neng a e dira dioura di sekae pelenyana ya go fepa diketekete tsa batho ka dinkgwe di le tlhano le ditlhatswana di le pedi fela, he go ne go sa tshwanela go bonala go gakgamatsa go le kalo gore o ne a kgona go tsamaya mo godimo ga metsi le go kokobetsa phefo. Lefa go ntse jalo, jaanong barutwa ba obamela Jesu ba bo ba tsibosa ka go re: “Amarure u Morwa Modimo.”

Mo nakong e khutshwane fela ba goroga kwa Genesareta, naga e ntle, ya dipoa e e nang le ditlhare tsa maungo e e gaufi le Kaperenama. Ba emisa mokoro wa bone koo. Mme fa ba fologa mo mokorong, batho ba lemoga Jesu ba bo ba ya mo dinageng tse di gaufi, ba batla ba ba lalwang. Fa bano ba leriwe ba le mo malaong a bone mme ba ama lekantsa la kobo ya ga Jesu fela, ba alafesega ka botlalo.

Letsatsi le le latelang boidiidi jwa batho jo bo neng jwa iponela ka matlho go fepiwa ga diketekete tsa batho ka kgakgamatso ba lemoga gore Jesu o tsamaile. Jalo fa mekoro e mebotlana e e tswang kwa Tiberia e goroga, ba e palama ba bo ba leba kwa Kaperenama go ya go batla Jesu. Fa ba mmona, ba botsa ka gore: “Rabi u tsile leñ kwano?” Karabo ya ga Jesu e tla tlhalosa tota. Yohane 6:14-25; Mathaio 14:22-36; Mareko 6:45-56.

◆ Morago ga Jesu a sena go fepa diketekete tsa batho ka kgakgamatso batho ba batla go mo dirang?

◆ Jesu o bonang fa a le mo godimo ga thaba eo a neng a ngongwaeletse kwa go yone, mme morago o dira eng?

◆ Ke ka ntlhayang fa barutwa ba sa tshwanela go gakgamadiwa e dilo tseno?

◆ Go diragalang fa ba fitlha kwa lotshitshing lwa lewatle?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 9]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela