Basha—A Lo Tswelela-pele Semoyeng?
“U tlo u tlhōahalè mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago; gore bocwèlèlō pele yoa gago bo bōnatshègè mo go botlhe.”—1 TIMOTHEO 4.15.
1, 2. Ke eng se go se rayang, le gore ga go reye eng, go tswelela-pele semoyeng?
GO TSWELELA-PELE semoyeng go rayang? Go raya go tshwana le Jesu yo mmotlana le Timotheo, ba ba neng ba baya dikgatlhego tsa semoya kwa pele mo matshelong a bone. Fa o tsweletse-pele semoyeng, o tla itse seo o batlang go se dira ka botshelo jwa gago. Ga o kitla o re: ‘Ke tla simolola go akanya ka masisi ka go direla Jehofa fa ke sena go gola.’ Nnyaa, o tla mo direla gone jaanong jaana!
2 Mo letlhakoreng le lengwe, go tswelelapele semoyeng ga go reye go nna monna-nosi, go nna le moya wa sedumedi, kana le eleng go nnela ruri mo dibukeng; lefa e le gone go raya go nna o sulafaletswe, o sisibetse, mme o seke o kopana le ba bangwe. (Yohane 2:1-10) Jehofa ke Modimo o o itumetseng, mme o batla gore bana ba gagwe ba selefatshe ba itumele. Ka gone go tlhakanela mo go lekanyeditsweng mo metshamekong le ditiro tse dingwe tsa boitloso-bodutu go amogelwa ke Modimo.—1 Timotheo 1:11; 4:8.
Kolobetso ke Bosupi
3. Go lebega Timotheo a ka tswa a kolobeditswe leng?
3 Go baakanyetsa kolobetso le go kolobediwa ke bosupi jwa gore mosha o tswelela-pele semoyeng. Fa, jaaka go ne ga akantshiwa, Timotheo a ne a santse a le mosha fa a ne a nna modiri-mmogo mo borongweng le moaposetoloi Paulo, go lebega Timotheo a ne a setse a kolobeditswe a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bogare kana pele ga foo. O ne a ile a rutwa Dikwalo go tswa bonnyennyaneng, mme fa a ne a setse a na le kitso e e lekaneng le kanaanelo, gaa a ka a etsaetsega go kolobediwa.—2 Timotheo 3:15.
4. Filipo o ne a bodiwa potso efe, mme lemororo yo o boditseng a ne a sa tswa go ithuta kaga Keresete, ke eng fa Filipo a ne a diragatsa kopo ya gagwe?
4 Gotweng ka lona basha ba ba rutilweng Dikwalo? A lo ile lwa akanyetsa potso e e reng: “Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” Potso eo e ile ya bodiwa ke monna mongwe yo o neng a rutilwe Dikwalo sentle mme a sa tswa go ithuta kaga Keresete. Ke boammaaruri, monna yoo o ne a sa itse gotlhe mo go kopanyelediwang ke go itse maikaelelo a Modimo, mme lefa go le jalo o ile a tlhotlhelediwa ke kanaanelo e e boteng ya se a neng a se itse! Ka gone, morutwa Filipo o ne a sena lebaka lepe le le utlwalang la gore a seka a mo kolobetsa.—Ditihō 8:26-39.
5. Ke eng se se tlhokafalang mo go wena gore o kolobediwe?
5 Ke eng se se go thibelang go kolobediwa? Legale, gore o tshwanelege o tshwanetse wa bo o tlhaloganya se se kopanyelediwang O tshwanetse go batla ka boammaaruri go direla Jehofa ka ntlha ya go bo o mo rata. Gape go tlhoka go dira boineelo jwa botho mo go ene ka thapelo. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go bo o utlwa dipatlafalo tsa boitsholo tsa Modimo le go nna le maitemogelo a a lekaneng mo go abalaneng bodumedi jwa gago le ba bangwe. Fa o tshwanelega ka tsela eno, go botlhokwa thata gore o tswelele-pele le go kolobediwa.—Mathaio 28:19, 20; Ditihō 2:38.
6. Kolobetso e ka tshwantshanngwa le eng, mme ke eng se se tshwanetseng go e latela?
6 Lefa gone go kolobediwa e le bosupi jwa gore o tswelela-pele semoyeng, gakologelwa gore kolobetso ke kgato fela ya ntlha. Ka go ineela mo go Jehofa, o nna moeng mo lefatsheng leno le legologolo le le busiwang ke Satane. Ka gone boineelo bo ka tshwantshanngwa le go ikopela botshelo jo bosakhutleng mo tsamaisong e ntšha ya Modimo, mme modiro wa kafa molaong wa kolobetso, tota, ke bosupi fa pele ga basupi go netefatsa ntlha eno. (Yohane 12:31; Bahebera 11:13) Morago ga moo o tshwanetse go tshegetsa boineelo jwa gago ka boikanyegi e le gore o tle o amogele mpho ya Modimo ya botshelo jo bosakhutleng.—Baroma 6:23.
Go Bontsha Bosupi ka Boitshwaro
7. Boikutlo jwa gago mabapi le dilo tsa lefatshe bo amana jang le botswelelo-pele jwa gago jwa semoya?
7 Go sa kgathalesege gore o tsweletse-pele semoyeng kana nnyaa go tla bontshiwa ke boikutlo jwa gago mo dilong tsa lefatshe. E leng dilo dife? Di akareletsa botshelo jo bo sa laolesegeng, diokobatsi, boitaolo jwa tsa kafa dikobong, dibaesekopo tsa boitsholo jo bomaswe, dipina tse di seng phepa, puo ya matlhapa, mmino o o tsosang keletso ya dikobo, boikgogomoso jwa semorafe le jwa bosetšhaba, jalo le jalo. (1 Yohane 2:16; Baefesia 5:3-5) Basha, segolo-bogolo, ba tlhoka go ikela tlhoko. Gakologelwa, tsela e o itshwarang ka yone mo dilong tseno e tla senola botsogo jwa semoya jwa gago.—Diane 20:11.
8. Ke eng fa basha bangwe ba etsaetsega go kolobediwa?
8 Satane o dira gore ditsela tsa boitsholo jo bomaswe tsa lefatshe di lebege di gogela. Tota ebile, mongwe yo o dingwaga di 15 o ne a re: “Fa re ntse re bona tlhakanelo-dikobo le diokobatsi mo TY go dira gore go lebege e le selo se se tlwaelegileng mo sethong.” Basha ba ba sa tlhakaneleng mo ditseleng tsa lefatshe ba dirwa gore ba ikutlwe ba farologane le gore ba fetwa ke monate. A o a tle o ikutlwe ka tsela e e ntseng jalo? Bangwe ba ba kopanelang le phuthego ba ikutlwa jalo, ga ba na tlhomamo. Mosha mongwe o ne a riana‘fa a ne a bodiwa ka go kolobediwa: ‘Ga ke batle go kolobediwa jaanong jaana ka gore ke dira sengwe se ke ka se kgaolelwang.’ Lefa go le jalo o ka seke o direle matlhakore a le mabedi kana wa nna le maikutlo a mabedi. Moperofeti wa Modimo o kile a re: “E re ha Yehofa e le èna Modimo, eañ naè: me ha e le Baale, hoñ lo eeñ naè.”—1 Dikgosi 18:21.
9. Go nna le botswelelo-pele jwa semoya go neela tshireletsego efe?
9 Tota, ka go tila ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang tsa lefatshe, sotlhe seo se go latlhegelang ke mathata a magolo. “Boikutlo jo bogolo jwa go fetola maikutlo le go ikotlhaela botshelo jo ke ntseng ke bo tshela go ile ga mphenya.” Go ne ga ipobola jalo mosadi mongwe. “Ke ile ka itshotla le go itsietsa le ngwana yo ke mo tshotseng.” Ee, bontle jo bo bonalang ka kwantle fela le go tsabakela ga lefatshe la ga Diabolo ke pono ya matlho fela, e eleng tsietsego. Ga e a tshola sepe se se nang le mosola. Go latela ditsela tsa lefatshe go gogela kwa go imeng ga batho ba ba sa nyalwang, go thubega ga malapa, malwetsi a dikobo, le go sulafala mogopolo mo go masisi le khutsafalo. Ka gone reetsa kgakololo, tswelela-pele semoyeng. ‘Tila bosula mme o dire se se molemo.’—1 Petere 3:11.
10. Mosha yo o tsweletseng-pele semoyeng o tla reetsa kgakololo ya ga mang le go tsaya sekao sa gagwe?
10 Mosha yo o tswelelang-pele semoyeng o tla reetsa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “Mo [bosuleng] lo nnè banyana, me mo tlhaloganyoñ lo nnè banna.” (1 Bakorintha 14:20) Ka boammaaruri Timotheo yo mmotlana o ne a dirisa kgakololo eno. A o ka akanya kaga ga gagwe a senka bolekane jo bo sa amogelesegeng, jwa basha ba lefatshe ba nako ya gagwe? Le ka motlha! Balekane ba gagwe e ne e le batlhanka-ka-ene ba Modimo. (Diane 13:20) Etsa sekao sa gagwe. Fa o le gaufi le go tsenelela mo tirong epe e e sa siamang, ipotse jaana: A Timotheo kana Jesu ba ne ba ka dira seno?
Bosupi jo bo Bontshiwang ke Thuto ya Bibela
11. Basha ba lefatshe ba tlhaela pono efe, mme e bonwa jang le go bolokiwa?
11 Setlhogo sengwe se se tswang kwa Italy se se gatisitsweng mo go World Press Review se ne se re: “Go tsietsega ga basha le boitlhobogo di gola letsatsi le letsatsi, mme ga go na ope yo o ka ba neelang isagwe e e kgothatsang.” Matlho a a foufaditsweng a bao ba leng mo lefatsheng la ga Satane ga a na pono ya tsholofetso ya Modimo ya lefatshe je lesha le isagwe e e galalelang eo e emetseng bao ba tshwanelegelang botshelo koo. (2 Bakorintha 4:4; Diane 29:18; 2 Petere 3:13) Mme basha ba ba tswelelang pele semoyeng ba na le pono eo e e tswelelang pele go phatsima le go sedimoga ka thuto ya Bibela ya ka metlha.
12. (a) Re tshwanetse go dira jang gore re ba- pale kitso ya go itse Modimo? (b) Ke eng fa kitso eno e tshwanelwa ke boiteko?
12 A lefatshe le lesha la Modimo ke la mmatota mo go wena? Go ka nna jalo, mme gore go nne jalo go tlhoka maiteko a mmatota mo go wena. O tshwanetse go tlhagolela keletso e kgolo ya go utlwisisa Bibela gore o tle ‘o tswelele-pele go e latelela jaaka selefera, le jaaka matlotlo a a fitlhegileng o tswelele-pele go e senka.’ (Diane 2:1-6) Ke eng se se dirang gore motsomi wa matlotlo a tswelele-pele go a batla le go epa, mo ka dinako tse dingwe go mo tsayang dingwaga? O eletsa thata dikhumo tseo matlotlo ao a tla di mo tlisetsang Lefa go le jalo kitso e botlhokwa thata go gaisa matlotlo a dilo tse di bonalang. “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo,” Jesu o ne a rialo, “gore ba gu itse, wèna Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo o mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Fa tota o dumela seo desu a neng a se bua foo, thuto ya Bibela e tla nna telekiso e e tlhagafetseng e e tla go duelang ka se se botlhokwa thata go gaisa majwana a a tlhwatlhwa-kgolo.—Diane 8:13-18.
13. Mosha yo o tsweletseng-pele semoyeng o tla latela dikakantsho dife tsa go ithuta?
13 O tla fitlhela gore fa o ithuta thata, keletso ya gago ya dijo tsa semoya e tla gola. Ithute mekgwa e mentle ya go ithuta. Se sege ditsela kafa tlase ga dikarabo fela, mme bala Dikwalo tse di tlhagisitsweng, mme o hukutse ditlhogo tse di tlhalositsweng mo ditlhalosong tse di mo Bibeleng. Gape o ka nna wa dira patlisiso e e oketsegileng ka go dirisa di-Indeac, jaaka Watch Tower Publications Index 1930-1985. Tlhotlhomisa bokao jwa kgang le ka moo bo ka dirisiwang ka teng. Bua le ba bangwe ka seo o se ithutang. Seno se tla gatelela dintlha mo mogopolong wa gago mme se tla direla go kgothatsa ba bangwe le bone go dira dipatlisiso. Ka go iteka ga gago ga boammaaruri, o tla bo o dirisa kgakololo e e neetsweng Timotheo yo mmotlana e e reng: “U tlo u tlhōahalè mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago; gore bocwèlèlō pele yoa gago bo bōnatshègè mo go botlhe.”—1 Timotheo 4:15; 2 Timotheo 2:15.
Bo Bontshiwa kwa Dipokanong le mo Tirelong
14. Ke eng se se thusang gore dipokano tsa Bokeresete di ipedise mo go golwane, mme o ka kgothatsa ba bangwe ka ditsela dife ka go nna gone?
14 Fa o ipelela thuto ya Bibela mme o baakanyeditse sentle, dipokano tsa Bokeresete di ipedisa mo gogolo. (Pesalema 122:1; Bahebera 2:12) Go tswa foo o lebela kwa pele le eleng go tlhakanela mo go oketsegileng mo dikarolong tsa go tsaya karolo ga bareetsi le go neeleng dipuo mo Sekoleng sa Bodihedi sa Bolegodimo. Mme fa o nna gone mo dipokanong, go na le ditsela tse dingwe tsa go diragatsa tao ‘go kgothatsana’ le “(go) tlhotlheletsa(na) mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō.” (Bahebera 10:24, 25) Ka sekai, a o tsaya kgato ya ntlha go bua le ba bangwe? Go bua ka botsalano o re, “Dumela, ke itumelela go go bona!” Kana go botsa ka botsalano o re, “O tsogile jang?” Go ka nna ga kgothatsa thata, segolo bogolo fa go tswa mo mothong yo mmotlana.
15. O ka dira jang gore o nne o iketleeleditse go dira ditiro tse di tlhokafalang mme ke eng fa go le molemo go boloka sekao sa ga Keresete mo mogopolong?
15 Go na le tiro e ntsi e e kopanyelediwang mo tsamaisong ya phuthego. Gongwe, Timotheo yo mmotlana o ne a dira ditiro di le dintsi go thusa Paulo—go isa melaetsa, go ya go tsaya didirisiwa, go isa ditaelo, jalo le jalo. Fa o ise o dire jalo, ke eng fa o sa umakele bagolwane boiketleetso jwa gago jwa go thusa. Gongwe o ka kopiwa go aba dikabelo tsa dipokano, wa phepafatsa Holo, kana wa dira tiro nngwe e e tlhokafalang Gakologelwa gore, Keresete o ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao, ka gone ga go na tiro epe e e tseelang ope tlotlo yo o golang semoyeng.—Yohane 13:4, 5.
16. Mokatoloki wa nako nngwe o ile a lemoga tiro efe e eleng boikarabelo jwa Mokeresete?
16 Fa re lebelela bodumedi jo bongwe, ka boammaaruri re ka lebogela katiso e re e amogelang mo dipokanong tsa rona ya tiro e kgolo ya go rera. Ke’nneth Guentert fa a ne a kwala mo go U.S. Catholic ka September se se fetileng o ne a re: “Ke ne ka gola mo malatsing ao Makatoloki a neng a sa letlelelwe go bala Bibela ka ntlha ya gore ba ne ba tla amogela megopolo e e sa siamang—jaaka gore Bakeresete ba ba nang le ditlhaloganyo ba tshwanetse go tsamaya ba kokota mo mabating ba leka go sokolola batho. Mme go ne ga tla Vatican II, mme ke ne ka simolola go bala Bibela. Ka boammaaruri; jaanong ke akanya gore Bakeresete ba tshwanetse go tsamaya ba kokota mo mabating ba leka go sokolola batho.” O ne a oketsa jaana: “Ga se fela gore ke dumalana thata le mogopolo oo, o tlhaloganye; mme fa o bala Kgolagano e Ntšha, ga go motlhofo go tila phetso eno.”—Mathaio 10:11-13; Luke 10:1-6; Ditihō 20:20, 21.
17. Boodihedi bo ka ipedisa jang thata mo go wena.
17 Ee, Bakeresete ba pele ba ne ba tlhagafetse mo go rereng ga ntlo le ntlo, mme go lebega gore basha ba ba tshwanang le Timotheo le bone ba ne ba le mo bodiheding le ba bagolwane. Lefa go le jalo, ke boammaaruri gore, mo go bangwe gompieno eno ga se tiro e e ipelelwang thata. Ka ntlhayang? Go nna maatlametlo ke lebaka le legolo. Ka sekai, fa o dira sentle mo motshamekong, a ga o o ipelele mo go golo? Go ntse fela jalo le ka bodihedi Fa o tlwaelana thata le go dirisa Bibela le go tlotla ditlhogo tsa Bibela, bodihedi e tla nna motswedi wa boipelo, segolo bogolo fa o ka bona mongwe yo o ka tlhakanelang kitso e e neelang botshelo le ene. Ka gone tswelelapele semoyeng! Tswelela-pele ka dineelano tsa gago tsa ntlo le ntlo. Amogela dikakantsho mo go ba bangwe. Kopa thuso mo go Jehofa.—Luke 11:13.
Mo Dikamanong le ba ba Godileng
18. Jesu le Timotheo ba ne ba ipelela dikamano tsa mofuta ofe le batho ba ba godileng?
18 Fa Jesu a ne a santse a le mosha fela wa dingwaga tse 12, o ne a ipelela go senya nako le batho ba ba godileng, a tlotla dilo tsa semoya. Letsatsi lengwe batsadi ba gagwe ba ne “ba mo hitlhèla mo tempeleñ, a dutse ha gare ga baruti, a ba utlwa, a ba a ba botsa dipocō.” (Luke 2:46) Go ne go ntse fela jalo ka Timotheo. Fa moaposetoloi Paulo le badiri-kaene ba ne ba etela Lusetera, go bonala Timotheo a ile a ipelela go nna le bone le go reetsa dithuto tsa bone ka tlhoafalo. O ne a nna le kamano le bakaulengwe ba lefelo bao ba neng ba mo akgola thata.—Ditihō 16:1-3.
19. Ke eng fa tota Paulo a ne a kgetha Timotheo go mo pata mo maetong a gagwe, mme Timotheo o ne a le mosola jang?
19 Lemororo Timotheo a ne a direla ba bangwe ditiro tse di bonalang ka boiketleetso, Paulo o ne a mo itlhophela go nna motsamaika-ene segolo-bogolo ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa go direla ba bangwe ditlhokafalo tsa semoya. Ka ntlha ya moo, fa segopa sengwe se ne se pateletsa Paulo go tswa mo Thesalonia, o ne a roma Timotheo yo mmotlana go gomotsa le go nonotsha barutwa ba basha. Ka gone Timotheo o ne a sa tlhagafalela fela go ithuta mo go ba ba godileng le go ipelela go nna le bone; me gape e ne e le thuso ya boammaaruri ya semoya mo go bone.—Ditihō 17:1-10; 1 Bathesalonia 3:1-3.
20. Ke eng seo o tla bong o le botlhale fa o ka se dira, mme ke ditirelo dife tseo o ka di direlang ba ba godileng?
20 O tla bo o le botlhale go etsa Jesu le Timotheo mme o tlhagafalele go solegelwa molemo ke boitemogelo le kitso ya batho ba ba godileng. Batla go nna le bone mme o ba botse dipotso. Mme gape bontsha botswelelo-pele jwa gago jwa semoya ka go ba thusa. A go na le batsofe kana golafetseng ba ba ka anaanelang thuso ya gago go ba rekela kana go ba direla ditlhokafalo tse dingwe? Gongwe o ka nna wa ba etela fela, wa ba balela, mme wa abalana le bone maitemogelo ao o a ipeletseng mo bodiheding.
Boemo jwa Batsadi le ba Bangwe
21. Boemo jwa batsadi bo botlhokwa go le kana- kang, mme ke eng se se ka sekeng se tlodisiwe matlho?
21 Botsogo jwa semoya jwa basha bo laolwa segolo-bogolo ke tao le sekao se se neelwang ke batsadi ba bone. (Diane 22:6) Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a solegelwa molemo ke kaelo e e neng e neelwa ke batsadi ba gagwe ba ba boifang Modimo ba selefatshe. (Luke 2:51, 52) Gape ka boammaaruri Timotheo o ne a ka seke a nne mosimane yo o tsweletseng pele semoyeng fa e ne e se ka katiso ya ga mmaagwe le mmaagwemogolo (2 Timotheo 1:5; 3:15) Bomosola jwa tao ya Bibela ya ka metlha ga di kake tsa itlhokomolosiwa! Jaaka batsadi, a lo baakanyetsa ka seno? Kana go a itlhokomolosiwa?
22. (a) Fa batsadi ba leba thuto ya Bibela ya lelapa e le mosola thata, bana ba bone ba amega jang? (b) Batsadi ba tshwanetse go neela bana ba bone kaelo efe?
22 Monna mongwe yo mmotlana kwa Ntlong-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa o tlhalosa gore mo dingwageng tsa fa a gola, karolo e e sa fetogeng ya botshelo jwa lelapa la bone e ne e le thuto ya Bibela ya beke le beke le bana. “Ka dinako tse dingwe rre o ne a tle a bo a lapile fa a tswa kwa tirong mo eleng gore o ne a nna a ntse a otsela fela, mme lefa go le jalo thuto e ne e tshwarwa, mme seno se ile sa re thusa go tlhaloganya bomasisi jwa yone.” Batsadi, bana ba lona ba ka seke ba lemoge bomosola jwa dikgang tsa semoya fa lona lo sa dire jalo. Ka gone bayang kwa pele mekgele ya bobulatsela le borongwa le tirelo ya Bethele. Ba thuseng go tlhaloganya gore bodihedi ke tiro e e nang le isagwe le gore ga gona isagwe epe ya boammaaruri mo ditirong tsa lefatshe.—Bapisa 1 Samuele 1:26-28.
23. Ba bangwe mo phuthegong ba ka thusa basha jang go tswelela-pele semoyeng?
23 Ba bangwe le bone, ba ka thusa basha go tswelela-pele semoyeng. O ka nna wa dira boikaelelo jwa go buisana le bone kwa dipokanong. Gape, leka go ba akaretsa mo ditirong dingwe tsa gago. Ka tetla ya batsadi, mogolwane mongwe o ka nna a rulaganya go tsaya mosha mo kabelong ya gagwe go ya go buisanyale mongwe kana a mo akaretsa mo loetong lwa go iphokisa phefo. (Yobe 31:16-18) Se se ka lebegang e le selo se sennye se ka nna mosola thata. Molebedi mongwe yo o etang, ka go lemoga gore mosimane mongwe yo o neng a reeditse puo ya gagwe o ne a sena Bibela, o ne a mo neela mpho ya Bibela moragonyana. Mosimane o ne a itumetse thata eseng fela ka mpho mme gape ka kgatlhego e e bontshitsweng mo go ene. Go feta dingwaga di le 80 moragonyana, mosimane, yo jaanong e leng mogolwane ka boene, o santse a gakologelwa ka boitumelo lorato lwa mokaulengwe yoo.
24. Ke eng se se kgatlhisang thata go se lemoga, mme boikaelelo jwa tona e tshwanetse go nna eng?
24 A ga go ipedise go lemoga gore go na le makgolo a dikete a ‘makau a a tshwanang le marothodi a monyo’ a a bolelang molaetsa wa Bogosi o o lapolosang le gore go na le bobotlana jwa palo e e lekanang ya basadi ba babotlana ba ba dirang “bontsi yo bogolo”? Ekete botlhe ba ka iteka go tswelela-pele semoyeng, mme ekete rotlhe re ka ba thusa go dira jalo.—Pesalema 110:3; 68:11.
Dipotso tse di Boeletsang
◻ Ke eng se se ka thusang mosha go dira phetso ya go kolobediwa?
◻ Boitshwaro jwa mosha bo lekanya jang botswelelo-pele jwa gagwe jwa semoya?
◻ Ke eng se se ka thusang basha go ipelela dipokano le tirelo ya tshimo?
◻ Basha ba tshwanetse go tlhagolela kamano efe le batho ba ba godileng?
◻ Batsadi le batho ba ba godileng ba ka thusa basha jang‘?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Ke eng se se go thibelang go kolobediwa?