Losika Lwa Me—Ga le Tshwane le Lepe Ebile le na le Tshiamelo e Kgolo!
Jaaka go boletse Melvin Sargent
BASHA ba le bantsi gompieno ba tshotswe ke batsadi ba Basupi ba ga Jehofa. Mme ka 1896 seno e ne e le tshiamelo e e sa tlwaelegang tota. Go tswa bonyaneng, Mmè o ne a nthuta go boifa Jehofa ka tshwanelo le go anaanela setlhabelo sa thekololo se se dirilweng ke Morwa wa gagwe. Jalo ke wa losika le le sa tshwaneng le lepe ebile le na le tshiamelo e kgolo—ke tshotswe bogologolo mo ke kgonneng go bona tshimologo ya sesupo sa go nna gone ga ga Keresete ka 1914 mme lefa go le jalo ke santse ke le mosha mo ke ka tshelang go fitlhela ke bona bokhutlo jwa sone ka Hara-Magedona.—Mathaio 24:3, 33, 34.
Go Simolola Sentle ka TLP
Fa ke santse ke le ngwana, ke ne ka alafiwa ka se se bidiwang TLP, ebong Tlhokomelo ya Lorato lo lo Pepetletsang. Lefa go le jalo ka dinako tse dingwe tlhokomelo e e ntseng jalo e ka bontshiwa ka ditsela tseo bangwe gompieno ba ka di tsayang jaaka tse di setlhogo. Ke gakologelwa fa nako nngwe mmè a ne a nkutlwa ke tshameka le mosimane mongwe yo mogolwane yo ka tshoganetso a neng a simolola go dirisa mafoko a ke neng ke sa a itse. “Mafoko ao ke a a bosula a o sa tshwanelang go a dirisa le ka motlha,” o ne a mpolelela jalo, a gatelela seo mo go nna eseng ka mafoko fela! Mme ke ne ka lemoga gore kotlhao ya gagwe e ne e le tshupo ya tlhokomelo ya lorato lo lo pepetletsang, mme ke gakologelwa ke ipotsa gore ke ka ntihayang fa ramaagwe Jimmie a ne a se kile a mo otlhaya. A o ne a sa mo rate mo go kalo-kalo?
Lelapa la rona e ne e le lone fela la Basupi mo Jewell County, kwa Kansas. Rre e ne e se motlhanka yo o ineetaeng wa ga Jehofa, mme o ne a ikemiseditse go tshwara thuto ya Bibela le rona bana. Kgaitsadiake ebong Eva e ne e le ene wa ntlha, mme Walter o ne a mphetha ka dikgwedi di le 16. Maitseboa mangwe le mangwe go ne go lebelelwa gore re pataganele go tlhatswa dilwana tse di jelang. Mme gantsi Walter o ne a nna le maipato mme a tsamaye. Lefa go ntse jalo, nna le Eva re ne re dirisa tiro eno jaaka sebaka sa letsatsi le letsatsi sa go buisana kaga boammaaruri jwa Bibela, jalo e ne e le lesego ka tsela nngwe. Morago ga moo ke ne ka lemoga gore batho ba ba tilang maikarabelo mo botshelong ga ba bone masego a mantsi. Seno se ne sa diragalela Walter, yo morago a neng a tlogela boammaaruri.
Kalafi ya rona ya TLP e ne ya nna le matswela a a molemo ka August 4, 1912. Nna le Eva re ne ra tsoga go santse go le phakela thata mme ra tsamaya sebaka sa dikilometara tse 16 re palame kolotsana e e gogwang ke dipitse go ya go palama terena ya ntlha e e yang kwa Jamestown, kwa Kansas. Moeti mongwe, eleng leina la Baithuti ba Bibela ba ba etang, o ne a etetse koo, mme seno e ne e tla nna go kopana ga rona ga ntlha le Baithuti ba Bibela ka kwantle ga legae la rona. Gape e ne e le letsatsi la go kolobediwa ga rona.
Lemororo ke ne ke na le dingwaga di le 16 fela, ke ne ka botsa mokaulengwe wa moeti gore a go ne go ka kgonega gore ke dire tiro ya bodihedi jwa nako e e tletseng, e ka nako eo e neng e bidiwa tiro ya morekisi wa dibuka. O ne a nkgothaletsa go kwalela kwa Watch Tower Society. Lefa go ntse jalo, ereka ke ne ke santse ke tlhokega kwa gae, seno se ne sa tshwanelwa go beelwa kwa thoko. Fa go santse go eme jalo, ke ne ka dirisa nako e ke neng ke sa dire sepe go thusa Baithuti ba Bibela ba Jamestown ka metlha go aba dipampitshana mo ditoropong le metse e e 75 e e mo tikologong.
Gape ke ne ke neela bosupi le ka dinako tse dingwe. Nako nngwe fa mosadi yo re neng re hirisitse ntlo ya gagwe a ne a tlile go dira ditiro tsa kgwebo mo toropong mme a nna le rona malatsi a sekaenyana, ke ne ka mo neela pampitshana. Seno se tshwanetse sa bo se ne sa mo kgatlha thata. Mme morago ga a sena go boela gae kwa Iowa, go ne ga feta dingwaga di le 30 pele ga ke mmona gape. E ne e le Mosabata jaanong mme o ne a sa kgatlhegele bodumedi jwa me. Lefa go ntse jalo, o ne a na le kago nngwe e e neng e tshwanetse go tlhokomelwa, mme ka go bo a ne a sa itse “monna [ope] wa Mokeresete wa boammaaruri” mo bodumeding jwa gagwe yo a neng a ka mo tshepa, o ne a tla kwa go nna. Madi a a neng a a ntuela a ne a nthusa gore ke tswelele mo bodiheding jwa nako e e tletseng dingwaga di le mmalwa. Abo e ne e le tlhomamiso ya Moreri 11:1 jang ne e e reng: “Latlhèla diyō tsa gago mo metsiñ: gonne u tla di bōna moragō ga malatsi a le mantsi.” Kana se se kileng sa buiwa ke Jesu a re: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:33.
Dilo tse di Nkgatlhileng tse di sa Lebalesegeng
Ke ne ka ya kopanong la ntlha ka 1913. Ke ne ka kgatlhiwa ke go bona batho ba basha ba le 41 ba kolobediwa, ka ba ka kgothadiwa ke go akanya gore ka go bo ke ne ke kolobeditswe pele ga bone (ke ne ke na le dikgwedi di le lesome ke ntse ke kolobeditswe), ke ne ke ka nna le tsholofelo ya go kgona go nna le “Botho jwa ga Keresete” ka 1914, e le gore ke tle ke tlhomamise ‘go bidiwa le go tlhophiwa’ ga me. Gape ke ne ka kgatlhiwa ke go bona matselana a mantsi a mahibidu le a masetlha. Barekisi ba dibuka ba ba neng ba batla bapati ba ne ba apere a mahibidu, mme mongwefela yo o neng a batla go ba pata o ne a apere le le setlha.
Mo go nna, selo se se neng sa kgatlhisa thata kwa kopanong e ke neng ka e ya ka 1914 e ne e le go bona Motshameko wa Dibaesekopo wa Popo le go atamalana le Mokaulengwe Russell go feta pele. E ne e le motho yo o lorato mme a bontsha keletso ya boammaaruri ya go neela bareetsi ba gagwe boikitsiso jo bo kgothatsang. O ne a le pelotlhomogi a bile a ikemiseditse go reetsa bao ba neng ba tla kwa go ene ka mathata. Mme o ne a se kwa godimo mo a neng a seke a tshameka le le basha nako nngwe. Mo phirimaneng nngwe fa ke ne ke ntse ke neela batho dipampitshana tsa thulaganyo ya Motshameko wa Dibaesekopo, o ne a feta fa go nna ka bofefo. Ke ne ka mo neela sekaelo, ke ipaya jaaka ekete ga ke mo lemoge. La ntlha o ne feta fela, mme morago a leba kwa morago mme a nteboga ka go tshega, a nkitsise gore o ne a lemoga gore ke ne ke tshameka.
Labofelo ka 1917, ke na le dingwaga di le 21, ke ne ka kgona go tsenelela tiro ya go rekisa dibuka. Ntwa ya Lefatshe I e ne e setse e na le dingwaga di le tharo e ntse e tsweletse. Ke ne ka leba kwa Nebraska ke tshotse kgetsi ya dilwana, dibuka tse dintsi, ke tsentse R36 mo kgwatlheng, ke na le mopati wa me, Ernest Leuba, morekisi wa dibuka yo mogolwane ebile a na le boitemogelo. Maitemogelo a rona mangwe a ne a siame mme a mangwe a ne a sa siama. Ka sekai, ke gakologelwa, fa ka nako nngwe re ne re bona gore re dirise mokgwa wa go tshikinya batho ka bonako ka go tsamaisa dibuka. Re ne ra gatisa dikarata tseo di neng di laleletsa batho tlhatlhobiso ya malatsi a mabedi ya mahala ya buka ya The Finished Mystery, e le gore ba tle ba nne le tshiamelo ya go e itseele ka disente di le 60 fa re boa gape. Moso mongwe, mongwe le mongwe wa rona o ne a adima batho dibuka tse di lesome ka tsela eno. Morago ga malatsi a mabedi, ke ne ka kgona go tsamaisa tse supa tsa me fa Mokaulengwe Leuba ene, yo o neng a bereka mo karolong e e tletseng Makatoliki, a ne a tsamaisitse e le nngwefela fela. O ne a tshwanelwa ke go ya kwa moruting wa lefelo leo wa kereke ya Katoliki, go ya go tsaya nngwe ya dibuka tseo a neng a di adimile batho, eo e neng e neetswe moruti yoo. Jalo re ne ra tloga ra dira phetso ya gore mokgwa wa rona wa go tshikinya batho tota o ne o gaisiwa ke fa re senya nako e e oketsegileng re buisana le batho.
Legale, re ne re na le madi a a seng a sepe, mo go neng go raya gore ka dinako tse dingwe re ne re nna botlhale thata mo go akanyeng ka ditsela tsa kafa re ka somarelang ka teng. Jalo fa morago re ne re fudugela kwa lefelong la kabelo e ntšha mo Boulder, kwa Colorado, re ne ra reka thekethe e e neng ya re gorosa kwa boemelong jwa terena jwa ntlha mo kgaolong e e latelang. Fa re tsena teng re ne ra fologa terena mme ra reka thekethe e nngwe e e neng e tla re gorosa, re palame terena e nngwe. Ka ntlhayang? Ka gonne dituelo tsa mosepele mo kgaolong e le nngwefela e ne e le disente tse pedi maele nngwe le nngwe, mme dituelo tsa go tswa kgaolong e nngwe go ya go e nngwe di ne di le kwa godimo. Kwantle ga go somarela madi, re ne ra kgona go senya nako ya rona re dira bosupi jo bo sa rulaganyediwang fa re santse re emetse terena e nngwe.
Mathata a Nako ya Ntwa le Tshimologo e Ntšha
Jaanong e ne e setse e le 1918, mme lefatshe la United States le ne le tseneletse thata mo ntweng. Go ne go tsogile kgaruru ya go ganediwa ga Baithuti ba Bibela phatlalatsa, e supa ba ba neng ba na le poifo le bao ba neng ba sena nayo. Mme bakaulengwe bangwe ba ba neng ba lekane go ka tlhophelwa go ya ntweng, lemororo ba ne ba le kgatlhanong le ntwa ka baka la bodumedi jwa bone, ba ne ba dumela go dira tirelo ya bosole e e neng e sa ba tsenye mo ntweng.
Fa ke ne ka ikwadisa, ke ne ka kopa gore ke lokololwe ka go bo ke ne ke le moruti. Ke ne ka akanya gore mabaka a me a ne a utlwala sentle, mme go sekisiwa ga me go ne ga diegisiwa fa kgang ya me e santse e isitswe kwa lekgotleng la boikuelo. Ba ne ba akanya ka go sele mme ba gana go lokololwa ga me. Go diegisiwa mo, lefa go ntse jalo, go ne ga thusa gore ke seka ka isiwa kgolegelong ka gonne e ne e setse e le nako ya thobo, mme kgang ya me e ne ya beelwa kwa thoko go fitlhelela tiro eno ya botlhokwa ya mo tshimong ya batsadi ba me e fela. Labofelo go sekisiwa ga me go ne ga beelwa November 15. Ntwa e ne ya khutla ka November 11. Ke ne ka falola go ya kgolegelong ka malatsi a le mane fela.
Ba bangwe ba ba neng ba supa fa ba ema-nokeng boitlhaodi jwa Bokeresete kwantle ga poifo ba ne ba seka ba falola jaaka nna. Ke ne ka kopana le mongwe wa bone kwa kopanong nngwe mo Denver. Fa mokaulengwe yoo a ne a ntlhalosetsa gore ke ka ntlhayang fa a ne a sena moriri mo tlhogong, o ne a mpolelela gore o ne a golegelelwa mo setlharing ke setlhopha sengwe sa malatswa-thipa bao ba neng ba tshela sekontere se se molelo mo tlhogong ya gagwe. O ne a re, “basadi ba ba neng ba le mo setlhopheng sa rona bone ba ne ba boga go re gaisa.” O ne a ipeotse tlhogo gore a ntshe sekontere seo mo tlhogong ya gagwe. Abo a nyenya ka monyenyo o mogolo mme a bua jaana ka boitemogelo jwa gagwe: “Ke ne ke ka seka ka bo tshabela.”
Bangwe ba basimegi ba Watch Tower Society, ka baka la go bo ba ne ba ema ba sa ineele, ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong kwantle ga lebaka lepe. Mme ka 1919, lefa ba ne ba santse ba le mo kgolegelong, ba ne ba tlhophiwa gape go boela mo maemong a bone mo Mokgatlhong, go sa kgathalesege boiteko jwa batenegi jwa go ba tseela maemo. Bakaulengwe ba ba ikanyegang bao ba ne ba amogela seno jaaka bosupi jwa kamogelo ya ga Jehofa. Ba ne ba ikemiseditse go feta le eleng pele go tsenelela mo tirong ya go rera kaga Bogosi gape ba tletse boitumelo, ba bile ba kgothadiwa ke go elela mo go sha ga moya o o boitshepo, le go senola baruti ka baka la go retelelwa ga bone ka boitimokanyi go ema-nokeng Bogosi jwa Modimo. Go ne go simologile go kgaogana gotlhelele le Babelona.
Ka February 24, 1918, kwa Los Angeles, California, morago ga fa United States e ne e sena go tsena mo Ntweng ya Lefatshe I ka April 6, 1917, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo e e kgatlhisang e e reng “Didikadike Tse di Tshelang ga Jaanong ga di Kitla di Swa.”
Diphetogo tsa Botlhokwa go Kgabaganya Dingwaga
Nna le Lydia Tannahill re ne re ntse re kwalelelana jaaka ditsala fela mo dingwageng di supa. Morago ga go go seka-seka ka thapelo, ka 1921 re ne ra fetsa ka gore go tla bo go le botoka fa re ka dirisa polelo ya ga Paulo fa a ne a hakela batho go nna ba sa nyala, eleng gore, yo o ‘neelang bokgarebane jwa gagwe mo nyalong o dira sentle.’ (1 Bakorintha 7:38) Lenyalo la rona e ne e le mpho e e tswang kwa go Jehofa mme le ne la itumedisa dipelo tsa rona. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae re ne ra thulana le bothata bongwe. Go tsamaya bobe go ne go dirile gore mokwatla wa ga Lydia o o neng o kile wa golafala o tsoge gape, mme pelo ya me, lemororo e ne e ikanyega ebile e le lorato, e ne e iteela ka bonya, e le e dingaka di neng di e bitsa “pelo e e lapileng.” Seno se ne sa dira gore ke bolawe ke bolwetsi jwa go tlhaela madi. Re ne re felelwa ke nonofo roo-babedi. Re ne ra gakololwa go fudugela go sele le go fokotsa mesepele ya rona ya letsatsi le letsatsi. Ntlo ya rona e e tsamayang e ne ya nna selo se se molemo thata mo go re thuseng go dirisa kgakololo eno, mme jalo re ne ra senya kgwedi yotlhe ya September ka 1923 re le mo tseleng go ya kwa California.
Ka go bo ke le wa losika le le nang le tshiamelo e kgolo thata leno, ke kgonne go bona kafa phuthego ya ga Jehofa e e bonalang e nnileng ya gola ka teng go kgabaganya dingwaga. Ke ne ke le teng fa Los Angeles a ne a kgaoganngwa ka dikarolo tse di farologaneng tse di tla rerelwang, fa go ne go simololwa go rerwa ka bo-Sontaga, lefa re ne re nna le leina le lesha, ebong la Basupi ba ga Jehofa, ka 1931. Abo e ne e le selo se se itumedisang jang ne go bona dipaakanyo di dirwa ka 1932 le ka 1938 tseo di neng di tlhomamisa go tlhophiwa ga bagolwane ka tsela ya bolegodimo, go na le ka tsela ya batho. Gape e nnile boipelo go bona dikgang tse di sa phepafalang sentle le dipotso, jaaka tsa boitlhaodi le go itshepa ga madi, di pbepafadiwa.
Lemororo ke ne ka tlogela go dira tiro ya go rekisa dibuka ka 1923, ke nnile ka boloka moya wa bobulatsela ka metlha. Jalo ka 1943 ke ne ka kgona go kopana gape le matsholo a babulatsela a a neng a oketsega ka bogolo fela thata. Ke ne ka ba ka nna le tshiamelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng ka 1945, ka direla ka dingwaga tse di robang-bongwe ke le mo boemong joo go fitlhela “pelo [ya me] e e lapileng” e ne e ntshimologela gape. Ke ntse ke direla jaaka mmulatsela yo o tlwaelegileng fa e sale go tloga ka 1954.
Lenyalo la me le Lydia le ne la tsaya dingwaga tse 48 go fitlhela ka 1969 fa a ne a fudugela kwa kabelong e ntšha, kwa bosweng jo a bo “beetsweñ kwa legodimoñ,” kabelo eo le nna, ke solofelang go e amogela mo nakong e e tshwanetseng. (1 Petere 1:4) Lemororo re ise re ko re segofadiwe ka bana, re ne ra segofadiwa ka lenyalo leo ba le bantsi ba neng ba le tsaya jaaka lenyalo le le duleng diatla. Lemororo tatlhegelo ya me e ne e le kgolo, go nna ke tshwaregile mo dikgatlhegong tsa bolegodimo go ne ga nthusa go e kgona. Morago ke ne ka nyala mmulatsela mongwe yo o nang le boitemogelo yo ke neng ke sa bolo go mo itse, ebong Evamae Bell. Re ne ra ipelela dingwaga di le 13 re le mmogo go fitlhela, le ene a tlhokafala.
Losika Lwa Me—Ga le Tshwane le Lepe ka Tsela e e Kgethegileng
Ka dinako tse dingwe ke tle ke bodiwa go twe: “Boitemogelo jwa gago jo bogolo mo boammaaruring e nnile bofe?” Kwantle ga ketsaetsego ke araba ka go re; “Ke go bona go diragadiwa ga dipolelelo-pele tsa Bibela mo losikeng lwa me tseo di kwadilweng ke banna ba ba tlhotlheleditsweng ba ba ineetseng mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng.”
Legale, batho ba losika lwa me ba ba seng mo phuthegong ya bolegodimo, ba ntse fela jaaka Motshameko wa Dibaesekopo wa Popo wa 1914 o ne wa bolela gore ba ne ba tla nna; ke barati ba madi, barati ba dikgatlhego, le ba ba ratang go galalediwa. Rona ba re leng mo phuthegong ya Morena re lekile, ka tsela epe fela e e kgonegang, go ba tlhokomedisa molaetsa wa botshelo. Re dirisitse mafoko a a tlhagisang, kanamiso ya dipampiri, seromamowa, dikoloi tse di gasang molaetsa, setshameka-direkoto, dikopano tse dikgolo, dipopelelo tsa batho ba ba tsamayang ba tshotse ditshupo tse di nang le boikitsiso, le matsholo a a oketsegang fela thata a badihedi ba ba tsamayang ka ntlo le ntlo. Tiro eno e kgonne go Kgaoganya—batho ba ba ratang Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng mo letlhakoreng je lengwe, mme mo go je lengwe go le ba ba leng kgatlhanong le jone. Eno ke tiro e e neng ya bolelelwa-pele ke Jesu fa e ne e tla dirwa mo losikeng lwa me!—Mathaio 25:31-46.
Go fitlhela “pelo [eno ya me] e e lapileng” e itaya labofelo, e tla nna e itaya e anaanela tshiamelo e ke e ipeletseng ya go nna wa losika leno le le sa tshwaneng le lepe. E tla tswelela e itaya e itumelela lesego le jaanong ke nang nalo la go bona didikadike tsa difatlhego tse di phatsimang tseo di tla nnang di ntse di phatsima ka bosakhutleng.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Melvin le Lydia Sargent, barekisi ba dibuka, ka 1921
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Melvin le Evamae Sargent, ka 1976