LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 8/1 ts. 15-20
  • Go Etelela-pele ka Tlhagafalo ga ga Keresete Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etelela-pele ka Tlhagafalo ga ga Keresete Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morena le Motlhanka wa Gagwe
  • Balebedi ba ba mo Letsogong je Legolo ja ga Keresete
  • Ka Tiriso ya Moya
  • Ka go Dirisa Baengele
  • Go Tshepa Kaelo ya ga Keresete ka Botlalo
  • Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Go Ikanyega mo go Keresete le mo Motlhankeng wa Gagwe yo o Boikanyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Rarabolola Masaitseweng a a Boitshepo
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • “Motlhanka Eo O Boikañō” le Setlhopha sa Gagwe Se Se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 8/1 ts. 15-20

Go Etelela-pele ka Tlhagafalo ga ga Keresete Gompieno

“[Ke tla] bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.​—MATHAIO 28:20

1. Keresete o ne a neela barutwa ba gagwe “dilō tsa gagwè” ka tsela efe?

FA KERESETE a ne a tloga a tlogela barutwa ba gagwe mme a boela kwa legodimong ka 33 C.E., o ne “a ba neèla dilō tsa gagwè.” Seno se ne se kopanyeletsa go nna “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete” le go dira tiro ya go rera e a neng a e simolotse, go e atolosetsa “hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Pele ga a ba tlogela, o ne a ba laoletse go ‘dira merafe yotlhe barutwa.’ A re na le bosupi jwa gore o ne a tlhokometse kafa ba neng ba diragatsa thomo eno ka teng? Ruri re na najo!​—Mathaio 25:14; 2 Bakorintha 5:20; Ditihō 1:8; Mathaio 28:19.

2. Ke eng se se bontshang gore Keresete o ne a tlhokometse thata ditiro tsa diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga?

2 Dingwaga tse di fetang 60 morago ga Keresete a sena go tlhatlogela kwa legodimong, o ne a bontsha gore o ne a ntse a tlhokometse ditiro tsa diphuthego tsa Bokeresete mo lefatsheng ka tlhoafalo. Mo tshenolong e e neng ya neelwa moaposetoloi Johane, leloko la setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga, Jesu Keresete o ne a romela melaetsa e e yang kwa diphuthegong tse supa tse di neng di le mo Asia Minor. O ne a raya tse tlhano tsa tsone a re: “Kea di itse ditihō tsa gago.” Mme o ne a bontsha gore o ne a itse sentle se se neng se diragala mo go tse dingwe tse pedi, tsa Semerena le Peregamo. O ne a neela phuthego nngwe le nngwe kgothatso e e tshwanetseng le kgakololo. Go ne go ka seka ga nna le ketsaetsego epe mo megopolong ya bone gore Moeteledipele wa bone yo o tlhagafetseng e ne e le mang.​—Tshenolo 1:11; 2:1-3:22.

3. Melaetsa e e supang e ne e lebisitswe kwa go bomang tota-tota, mme ke eng se se supang seno?

3 Tota-tota, melaetsa e supa eo e ne e se ya diphuthego tse supa tsa kwa Asia tse di umakilweng fela. Kgakololo e e molemo le ditlhagiso tseo e neng e bua ka tsone di ne di dira le mo diphuthegong tsotlhe, go tswa lekgolong la ntlha la dingwaga go fitlha mo ‘letsatsing la Morena,’ fa re leng teng gompieno.a Matlho a ga Keresete, a a tshwantshiwang le “kgabo ea molelō,” a ntse a etse tlhoko se se diragalang mo ‘diphuthegong tsotlhe.’​—Tshenolō 1:10; 2:18, 23.

Morena le Motlhanka wa Gagwe

4. Keresete o ne a “ètèla kwa lehatshiñ le sele” jang a ba a boa “morago, go sena go heta lobaka lo lolele”?

4 Morago ga Keresete a sena go itshwantsha le “monna eo e rileñ a ètèla kwa lehatshiñ le sele, a bitsa batlhanka ba gagwè, me a ba neèla dilo tsa gagwè,” o ne a oketsa ka gore: “Me yana ea re moragō, go sena go beta lobaka lo lolele, morèna oa batlhanka bauō a tla, me a gopola melato nabō, e o e ba neetseñ.” (Mathaio 25:14, 19) Ka 33 C.E. Keresete o ne a ‘tsena kwa legodimong,’ koo a ntseng “kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.” (1 Petere 3:22) “[Morago ga] go sena go heta lobaka lo lolele,” morago ga go tlhomiwa ga gagwe mo setilong sa bogosi ka 1914, Keresete o ne a simolola go ‘busa mo gare ga baba ba gagwe’ ka go latlhela Satane le badimona ba gagwe kwa tlase mo lefatsheng. (Pesalema 110:1, 2; Tshenolō 12:7-9) Go tswa foo o ne a itebaganya le batlhanka ba gagwe. Go ne go tlile nako ya gore a baakanye melato le bone. O ne a nna Moeteledipele wa bone yo o tlhagafetseng, go feta le eleng pele.

5. Nako ya go ikarabelela e ne ya tla leng, mme ba ba ikanyegang ba ne ba duelwa ka tsela efe?

5 Ditiragalo tsa segompieno tsa batho ba Modimo di bontsha gore nako eno ya go baakanya melato e ne ya tla ka 1918-19. Setshwantsho sa ditalenta se bontsha kafa Morena a neng a tla baakanya melato le masalela a batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ka teng. Ba ne ba tla tshwanelwa ke go ikarabelela motho ka bongwe kafa ba dirisitseng dilo tsa gagwe ka teng, “moñwe le moñwe . . . kaha nonohoñ ea gagwè,” kana dikgonagalo tsa semoya. Bao ba neng ba dirile sengwe ba ne ba tsena mo boipelong jwa Morena wa bone, yo o neng a ba raya a re: “U nntse u le boikañō mo diloñ tse di pōtlana, ke tla gu laodisa dilō di le dintsi.”​—Mathaio 25:15, 20-23.

6. Batlodiwa bano ba Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba dira setihopha sefe, mme Morena wa bone o ne a ba laolela gore ba tlhokomele eng?

6 Batho bano ba Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba fitlhelwa ba le barongwa ba ba ikanyegang ba Kgosi e jaanong e busang, ba direla Morena wa bone barutwa ka go rata. Jaaka setihopha ba ne ba lemotshega fa e le “motlhanka” yo Morena wa gagwe a neng a buile jaana ka ene: “Ana, motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale ea bo e le mañ, eo morèna oa gagwè o mo tlhomileñ go laola ba ntlo ea gagwè, go ba abèla diyō ka dipaka tse e leñ cōna? Go segō motlhanka eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo. Amarure kea lo raea, o tla mo tlhōma molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.”​—Mathaio 24:45-47.

7. (a) “Dilo tse” Keresete a nañ naco” di oketsegile jang fa e sale go tloga ka 1914? (b) Ke eng se se bontshang gore gape Keresete ke Moeteledipele yo o tlhagafetseng wa “dinku di sele”?

7 “Dilō tse” Keresete “o nañ naco” di ntsifetse thata fa e sale go tloga ka 1914. O neetswe “bogosi,” mo go kopanyeletsang taolo e e oketsegileng le maikarabelo a magolwane. (Luke 19:11, 12) Sa ntlha o ne a simolola go phutha maealela a “bana ba bogosi,” Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 “ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ” go nna dikgosi le baperesiti le ene kwa legodimong. (Mathaio 13:38; Tshenolō 14:1-4; 5:9, 10) Go tswa foo, jaaka go bonetse mo ditiragalong go tloga ka 1935, o ntse a phutha “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bao a neng a re ka bone: “Le cōna ke na le go di lere.” (Tshenolō 7:9, 10; Yohane 10:16) Ee, ke ene Yo o lereng “dinku” tseno, a ba a nna Moeteledipele wa bone yo o tlhagafetseng. Ka mo go kgatlhisang, temana ya Segerika tota-tota ya re, “me tseo [ke] tlhokega go di etelela-pele.” O etelela-pele “dinku” tsa gagwe tsotlhe jang ka tlhagafalo gompieno?

Balebedi ba ba mo Letsogong je Legolo ja ga Keresete

8, 9. (a) Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya eng? (b) Ke eng se se neng se tshwantshediwa ke ditlhomo tse supa le dinaledi tse supa?

8 Moaposetoloi Johane, leloko la setlhopha se se laolang sa phuthego ya ntlha ya Bokeresete, o ne a bona ponatshegelo e mo go yone a neng a “bōna ditlhōmō tsa gouda di shupa tsa dipōnè; Me mo gare ga ditlhōmō ga bo go le moñwe eo o chwanañ le Morwa Motho . . . Me a bo a chotse dinaledi di shupa ka seatla sa gagwè se segolo.” Jesu Keresete o ne a tlhalosetsa Johane ka go re: “Bokwateñ yoa dinaledi tse shupa tse u di bonyeñ mo seatleñ sa me se segolo, le yoa ditlhōmō tsa dipōnè tse shupa tsa gouda. Dinaledi tse shupa ke baengele ba diphuthègō tse shupa; le ditlhōmō tse shupa tsa dipōnè ke diphuthègō di shupa.”​—Tshenolō 1:12-20.

9 Fa buka ya “Then Is Finished the Mystery of God” e akgela mo ditemaneng tseno, ya re: “A ‘baengele’ bano ke ba ba sa bonaleng? Nnyaa. Moaposetoloi Yohane o ne a neelwa Tshenolo yotlhe ke Jesu Keresete a romile moengele wa selegodimo, mme go ne go tla bo go sa utlwale gore a bo a ne a kwalela baengele ba ba kwa legodimong kwa go ene, ba ba mo dipakeng tse di sa bonaleng. Ga ba tlhoke melaetsa e e kwaletsweng diphuthego tse supa tsa Asia. Tlhaloso ya konokono ya lereo ‘moengele’ ke ‘morongwa; motshola-molaetsa.’ . . . Ereka dinaledi tseno tse supa tsa tshwantshetso di bonwa di le mo letsogong je legolo ja ga Jesu, di tlhokometswe le go dirisiwa ke ene ebile di kaelwa ke ene, di kaelwa le go sirelediwa ke ‘letsogo je legolo’ ja gagwe ja maatla a a dirisiwang. . . . Fela jaaka ‘ditlhomo tse supa tsa dipone’ tsa ‘letsatsi ya Morena’ la ponatshegelo di ne di tshwantshetsa diphuthego tsotlhe tsa boammaaruri tsa Bokeresete mo ‘letsatsing jeno ja Morena’ la mmatota gompieno, fa e sale go tloga ka 1914 C.E., jalo ‘dinaledi tse supa’ di tshwantshetsa balebedi botlhe ba ba tsetsweng ka moya, ba ba tloditsweng ba seengele ba diphuthego tseno tsa gompieno.”b​—Ditsebe 102-4.

10. Ke “dilō” dife tse di oketsegileng tse di neetsweng setlhopha sa motlhanka go di tlhokomela?

10 Balebedi bano ba ba tloditsweng ba ba mo letsogong je legolo ja ga Keresete botlhe ke karolo ya setlhopha sa “motlhanka” yo O mo tlhomileng go nna “molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.” Ka go bo Morena wa motlhanka ka boene a neetswe maikarabelo a magolwane fa e sale go tloga ka 1914, “cotlhe tse o nañ nacō” di tshwanetse tsa bo di kopanyeletsa dilo tse dintsi thata tsa motlhanka go feta nako e e fetileng. Selo sa ntlha, jaaka “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” masalela jaanong ke barongwa ba Kgosi e e busang mo Bogosing jo bo tlhomilweng, (2 Bakorintha 5:20) Ba tlhomilwe go laola dilo tsotlhe tsa semoya tse e leng tsa Morena wa bone mo lefatsheng. Ba tshwanetse go direla tiragatsong ya dipolelelo-pele tse di tshwanetseng go diragala fa e sale Bogosi bo tlhomiwa. Seno se akareletsa go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō.” (Mathaio 24:14) Ba tshwanetse go tswelela ba dira “merahe eotlhe barutwa,” go feta lefa e le leng pele, ka gone ba phutha “boidiidi yo bogolo” jo bo senang palo. (Mathaio 28:19, 20; Tshenolō 7:9) Ee, “dilō [tseno] tse di elètsègañ tsa merahe” ke karolo ya “dilō” tsa ga Keresete tse di oketsegileng mono lefatsheng.​—Hagai 2:7.

11. (a) “Dilō” tseno tse “a nañ nacō” tse di oketsegileng di dira gore go tlhokafale eng? (b) Ke mang yo o kaelang tiro, mme o e kaela jang?

11 Seno sotlhe se raya tiro e e oketsegileng ya setlhopha sa “motlhanka,” tshimo e e oketsegileng e e tshwanetseng go dirwa, e e atologelang kwa “mo lehatshiñ yeotlhe” tota. Gape go tlhoka dintlo-kgolo tse dikgolwane le didirisiwa tsa makala tse go tla tlhokomelelwang tiro eno mo go tsone le tsa go gatisetsa le go aba dibuka tsa go rera le tsa thuto ya botho. Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, tiro eno e dirwa e eteletswe-pele ka tlhagafalo ke Jesu Keresete, yo ka tshwantshetso a leng “mo gare ga ditlhōmō,” kana diphuthego. O di laola a dirisa balebedi ba ba tloditsweng, bao a ba tshotseng ka tshwantshetso “ka seatla sa gagwè se segolo.” (Tshenolō 1:13, 16) Jaaka mo metlheng ya pele ya Bokeresete, setlhopha sa balebedi bano ba ba tloditsweng se dira Setlhopha se se Laolang se se bonalang aa phuthego ya ga Keresete mono lefatsheng. “Seatla sa gagwè se segolo” sa maatla a a dirisiwang se kaela banna bano ba ba ikanyegang jaaka ba tlhokomela tiro ya Bogosi.

Ka Tiriso ya Moya

12, 13. (a) Ka baka la koketsego e kgolo, go tsoga dipotso dife? (b) Keresete o dirisa moya jang go thiba tlhokafalo ya balebedi gareng ga barutwa ba gagwe mono lefatsheng?

12 Jaanong ka ba “dinku di sele” ba feta didikadike tse tharo ka palo, ba rulagantswe mo diphuthegong di ka nna 52 000, go phepafetse gore masalela a a tloditsweng a tihoka thuso mo go tlhokomeleng dilo tsa Morena wa bone tsa selefatshe. Ba ba kwa tlase ga 9 000, go akareletsa le bokgaitsadi, ba ja ga ditshwantshetso tsa Segopotso, mo go rayang gore phuthego nngwe le nngwe ga e a lebaganwa lefa e le ke molebedi yo o tloditsweng a le mongwefela. A seno se raya gore Jesu Keresete ga a laole diphuthego koo go senang “moengele” yo o tsetsweng ka moya, kana ‘naledi’ teng?

13 Legoka! Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, mo lekgolong la ntlha la dingwaga Keresete o ne a etelela phuthego ya gagwe pele ka tlhagafalo a dirisa moya o o boitshepo. Gompieno o dirisa maloko a a tsetsweng ka moya a Setlhopha se se Laolang go tlhoma balebedi ba ba tlhophiwang mo gare ga “dinku di sele.” Bano ba tshwanetse go fitlhelela dipatlafalo tse di tshwanang le tsa bagolwane ba ba tloditsweng, jaaka di thadisitswe mo dikwalong tse di tshwanang le 1 Timotheo 3:1-7 le Tito 1:5-9. Ditshwanelego tseno tsa Dikwalo di ne tsa kwalwa ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo. Dikhako le ditlhopho di dirwa morago ga go sena go rapelwa le ka kaelo ya moya o o boitshepo. Kgakololo ya ga Paulo e dira ka tsela e e tshwanang mo bagolwaneng bano ba ba sa tlodiwang: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna.”​—Ditihō 20:28.

14. (a) Polelelo-pele ya Isaia 32:1, 2 e setse e diragadiwa jang? (b) Bagolwane botlhe ba tshwanetse go ikobela “seatla se segolo” sa ga Keresete jang?

14 Ka gone, mo diketeng tse di masome tsa diphuthego, Kgosi e e busang ya tshiamo Jesu Keresete o dirisa “dinku di sele” jaaka “dikgōsana” go sireletsa “dinku” tsa gagwe mo phefong, matsubutsubung, le leuba tsa semoya. (Isaia 32:1, 2) Jaaka Dafide wa bogologolo, bagolwane, e ka ne e le ba batlodiwa kana ba “dinku di sele,” ba rapela Jehofa ka gore: “Mōea oa gago o molemō; u nkgōgè mo lehatshiñ ya thōkgamō.” (Pesalema 143:10) Mme Jehofa o utlwa thapelo ya bone. Ka Morwa wa gagwe, O ba neela moya wa Gagwe, mme Jesu o dirisa sedirisiwa seno ka botlhaga mo go eteleleng barutwa ba gagwe pele mono lefatsheng. Jaaka e le tlholego, bagolwane botlhe ba tshwanetse go ikobela “seatla se segolo” sa ga Keresete sa taolo, kgogo, le kaelo, tseo a di dirang ka moya le ka maloko a a tsetsweng ka moya a Setlhopha se se Laolang.

Ka go Dirisa Baengele

15. Keresete o dirisa eng gape mo go etelelengpele barutwa oa gagwe ka tlhagafalo mono lefatsheng?

15 Setlhogo se se fetileng se ne sa umaka gore baengele ba ne ba dirisiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga go goga le go golola Bakeresete ba ntlha le go ba thusa mo tirong ya bone ya go rera. A go tla bo go utlwala go akanya gore Kgosi ya rona e e busang Jesu Keresete ga a sa tlhole a dirisa baengele mo go eteleleng pele barutwa ba gagwe ka tlhagafalo gompieno? Ga se fela gore go tla bo go sa utlwale mme ebile e tla bo e se ga Dikwalo.

16, 17. Re na le bosupi bofe jwa gore Keresete o dirisa baengele mo thobong ya “bana ba bogosi” le mo go phutheng “dinku di sele”?

16 Go ya ka setshwantsho sa ga Jesu sa mabele le mohoka, nako ya thobo e ne e tla tla mo ‘bokhutlong jwa lefatshe,’ jo bo simologileng ka 1914. Mo nakong ya thobo, “bana ba bogosi” ba ne ba tla tlhaolwa mo ‘baneng ba yo o bosula.’ Morena o ne a tla dirisa bomang go roba? “Barobi ke baengele.” Keresete o ne a oketsa ka go re: “Morwa Motho o tla roma baengele ba gagwè, me ba tla tlhōpha mo bogosiñ yoa gagwè dilō cotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikèpañ.” (Mathaio 13:37-41) Keresete o dirisa baengele go sireletsa bomonnawe mono lefatsheng.

17 Mme go tweng ka ba “dinku di sele”? A Keresete o dirisa baengele go ba phutha? Ka boammaaruri! Setshwantsho sa gagwe sa dinku le dipodi se bua jaana: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” (Mathaio 25:31, 32) Keresete o dirisa baengele ba gagwe mo tirong eno ya go kgaoganya. Fela jaaka moengele a ne a kaela dikgato tsa ga Filipo go ya kwa moopahadiweng wa Mo-Ethiopia, jalo go na le bosupi jo bontsi gompieno jwa gore Keresete o dirisa baengele ba gagwe go kaela dikgato tsa Basupi ba gagwe go ya kwa bathong ba seka-dinku. Batho ba le bantsi ba supile gore ba ne ba rapetse go kopa thuso fela pele ga Mosupi a kokota kwa kgorong.​—Ditihō 8:26, 27.

Go Tshepa Kaelo ya ga Keresete ka Botlalo

18, 19. Mo motheong wa seo se diragetseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, re tlhomamisega ka eng?

18 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gantsi maemo a ne a sa letlelele Keresete go dirisa setlhopha se se laolang mo Jerusalema go rarabolola bothata bongwe. Fa Paulo a ne a le nosi kwa bokone jwa Asia Minor mme a tlhoka go itse gore o ne a ka ya go rera kae jaanong, Keresete o ne a dirisa moya. (Ditihō 16:6-10) Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba tshepa gore ope fela wa bakaulengwe ba bone yo ka nakwana a ka kgaoganngwang le Setlhopha se se Laolang ka baka la pogiso o santse a eteletswe pele ke Keresete ka tlhagafalo, a dirisa moya le tshegetso ya baengele.

19 Bogologolo mo metlheng ya Bakeresete ba ntlha, diphetso dingwe tse di neng di dirilwe ke setlhopha se se laolang di ka tswa ne di le thata go tlhaloganyesega ka nako eo. Kwantle ga pelaelo go ne go ntse jalo fa Paulo a ne a busediwa kwa Tareso kana fa a ne a romelwa kwa tempeleng morago ga loeto lwa gagwe la boraro la borongwa. (Ditihō 9:30; 21:23-25) Lefa go le jalo, Keresete e ne e le ene a thusang mo diphetsong tse di ntseng jalo. (Ditihō 22:17-21; 23:11) Gompieno re ka tshepa gore sepe fela se Keresete a se letlelelang go diragala gareng ga barutwa ba gagwe mono lefatsheng se na le boikaelelo bongwe jo bogolo, le eleng jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

20. Re tlhatswegile pelo ka eng, mme re ikemiseditse go dira eng?

20 Ka gone, fa re bala mo Bibeleng gore Keresete “ke èna tlhōgō ea mmele, eboñ phuthègō,” re tlhatswega pelo gore ga se Tlhogo ka leina fela. (Bakolosa 1:18) Re itse, go tswa boitemogelong, gore ke Tlhogo ya mmatota, e e tlhagafetseng. Fa re bala buka ya Ditihō mme re bona kafa Keresete a neng a laola dikgang ka teng mo Bakereseteng ba ntlha, re ka lemoga gore o dirisa sedirisiwa se se tshwanang gompieno. Re bona bosupi jwa go dirisa ga ga Keresete moya o o boitshepo, baengele, le setlhopha sa motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale le Setlhopha se se Laolang sa sone, go tlhopha bagolwane ba ba tshwanelegang semoyeng. Re ikemiseditse go tswelela re “bua boamarure” mme re gola ka lorato “mo diloñ cotlhe, [mo go] èna eo e leñ tlhōgō, eboñ Keresete” re tshepile go kaela dilo ka tlhagafalo ga ga Keresete.​—Baefesia 4:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tlhaloso e e tletseng ya melaetsa eno e e supang le tlhaloso ya yone, bona buka ya “Then Is Finished the Mystery of God,” dikgaolo 7 go ya go 14, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b Tokololo ya The Watchtower ya December 15, 1971, e ne ya phepafatsa ntlha eno gape, ka go re: “Kwantle ga pelaelo, ga se mogolwane ope, leloko la setlhopha se se laolang, molebedi kana modisa, mme ke ‘setlhopha sotlhe sa bagolwane’ se Morena yo o galalelang, Jesu Keresete, a neng a se bitsa ‘moengele’ yo o neng a tshwantshediwa ke naledi ya selegodimo. . . . ‘Setlhopha sa bagolwane’ (kana setlhopha se se laolang) kwa Efeso se ne se tshwanetse go direla jaaka naledi ka go phatsimisa lesedi la selegodimo, la semoya mo phuthegong eo moya o o boitshepo o neng o ba dirile badisa ba yone.”

Dintlha tse Dikgolo tsa go Gakologelwa

◻ Re na le bosupi bofe jwa gore Keresete o ne a tlhokometse ditiro tsa diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga ka kelotlhoko?

◻ Keresete o ne a tlhopha bomang go tlhokomela “dilō cotlhe tse o nañ nacō,” mme tseno di akareletsa eng?

◻ Ke bomang ba ba tshwantshediwang ke dinaledi tse supa tse di mo seatleng se segolo sa ga Keresete?

◻ Keresete o dirisa jang moya o o boitshepo, baengele, le batlodiwa ba Setlhopha se se Laolang mo go eteleleng-pele phuthego ya gagwe gompieno?

◻ Ke ka ntlhayang fa re ka tshepa go kaela dilo ga ga Keresete ka botlalo gompieno?

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Diteko tse di leriwang ke dintwa, ditsogologelano kana pogiso e e setlhogo le dithibelo tsa semolao di ka dira gore go seka ga kgonega gore o dire kobamelo ya Bokeresete ka tsela e e rulagantsweng ka botlalo. Go ka tsoga maemo a a dirang gore go seka ga kgonega gore go tshwarwe dipokano tse dikgolo tsa phuthego. Go golagana le ofisi ya lekala go ka kgoreletsega ka nakwana. Diketelo tsa molebedi wa potologo di ka kgorelediwa. Dikgatiso tse disha di ka nna tsa seka tsa tla. Fa dingwe tsa dilo tseno di go diragalela, o tshwanetse go dirang?

Karabo ke: Mo maemong a a ntseng jalo, dira sepe fela seo o ka se kgonang, le kafa o ka kgonang ka teng, mo go obameleng ka tsela ya boammaaruri. Thuto ya botho e tshwanetse go kgonega. Ka gale bakaulengwe ba ka kopana ka ditlhopha tse di potlana go ithuta mo magaeng. Go ka ithutiwa dikgatiso tse di ithutilweng mo nakong e e fetileng le Bibela ka boyone mo dipokanong. O seka wa tshoga kana wa tshwenyega. Gantsi, mo nakong e khutshwane mofuta mongwe wa go buisana le bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo o tla bonala. Setlhopha se se Laolang se tla senka ditsela tsa go golagana le bakaulengwe.

Mme lefa o iphitlhela o kgaogantswe le bakaulengwe botlhe ba gago, gakologelwa gore ga o a kgaoganngwa le Jehofa le Morwa wa gagwe ebong Jesu Keresete.​—Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, tsebe 168.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ka tshwantshetso Keresete o mo gare ga diphuthego, a tshotse balebedi ka seatla sa gagwe se segolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela