Go Aga Tumelo e e Sutisang Dithaba
“RURI ke na le tumelo; tsweetswee, nthusa go nna le e e oketsegileng!” Ano e ne e le mafoko a rre yo o neng a tshwenyegile mo moyeng wa rraagwe mosimane yo o bolawang ke bolwetse jwa go karalala yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng. (Mareko 9:24, The Living Bible) Go ka nna ga tswa e le gore mafoko ano a tlhalosa maikutlo a gago le wena.
Fa go ntse jalo, tlhomamisega gore ga o nosi. Maemo a lefatshe gompieno a sekametse mo go koafatseng go dumela mo Modimong le mo Lefokong la gagwe. Botlhale jwa bolatola-Modimo, dilo tse di bonalang, mathata a dikereke, le kgolo e e tshosang ya bothubaki tsotlhe di batla di nyenyefatsa tumelo ya boammaaruri. Ka gone, potso ya ga Jesu Keresete e ne e tshwanela tota e e reng, “E tla re Morwa Motho a tla, a o tla hitlhèla tumèlō mo lehatshiñ?”—Luke 18:8.
Nako nngwe, baaposetoloi ba ga Jesu le bone, ba bile ba ikopela ka gore, “Totisa tumèlō ea rona.” Lefa go ntse jalo, go na le go totisa tumelo ya bone ka kgakgamatso, o ne a re: “Ha lo no lo na le tumèlō e e kana ka tlhaka ea peo ea mosetara, lo no lo ka raea setlhare se, sa mosekamine, lo re, Khumoga ka mecwe, me u eè go tlhōñwa mo lewatleñ; me se ne se tla lo utlwa.” (Luke 17:5, 6) Jalo, tota re ka totisa tumelo ya rona jang?
Go Aga Tumelo
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ba ka dumèla yañ mo go èna eo ba e señ ba utlwe kaga gagwè? me ba ka utlwa yañ ha ba sena morèredi? . . . Yalo tumèlō e cwa mo go utlweñ, me go utlwa go tle ka lehoko ya ga Keresete.” (Baroma 10:14-17) Go a utlwala he, gore fa re batla go totisa tumelo ya rona, re tshwanetse go utlwa le go ithuta Dikwalo. Ke sone se motho yo o suleng ditokololo tsa mabogo le maoto yo o umakilweng pele a neng a se dira. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ithuta Bibela le ene, o ne a nna le tumelo, mme go tswa foo a dirisa se a se ithutileng mo botshelong jwa gagwe jwa tsatsi le letsatsi. Ka gone o ne a nna le tumelo e e ka sutisang sekgoreletsi sa sekathaba mo botshelong jwa gagwe.
Go tsaya nako go nna le bosupi jo bo tlhatswang pelo jaaka motheo wa tumelo. (Bahebera 11:1) Gape go tlhoka boiteko. A o ikemiseditse go senya nako le go dira boiteko ka metlha gore o kgone go nna le bosupi jo bo tlhokegang go aga tumelo?
“Ditena” tsa go Aga Tumelo
Tiro ya go aga tumelo e ka tshwantshanngwa le go aga kago. Dikago tse dikgolo le tsone di agiwa ka ditena tse dintsi. Setena sengwe le sengwe se bewa mo boemong jwa sone gammogo le tse dingwe tse di makgolokgolo go tiisa kago gore e tle e kgone go emelana le go tsubutla ga ditsuatsue gammogo le go onala jaaka nako e ntse e tsamaya. Tumelo, le yone, e thailwe ka “ditena” tse dintsi tsa bosupi jo bo rulagantsweng ka kelo tlhoko go nyalana le jo bongwe. “Setena” sengwe le sengwe se tla oketsa bosupi jwa gore Modimo o gone, gore ke mmopi wa dilo tsotlhe, le gore o na le boikaelelo jo bo kopanyeletsang popo ya gagwe ya batho. Tota “ditena” tseno tse di agang ke eng?
Santlha, a ko o lebe mmele wa gago. A ga o bone bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa Mmopi, ka motlhala, mo bobokong jwa gago jo bo gakgamatsang—karolo ya mmele e boramaranyane ba ka sekang ba ba ba lora go dira e e tshwanang nao? A o ka bua jaaka mopesalema yo o neng a re, “Ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ”? (Pesalema 139:14) Fa o ka bua jalo, go raya gore o na le “setena” se le sengwefela se o ka agang tumelo ya gago ka sone.
A o bona bosupi jo bongwe jwa Mmopi yo o lorato mo mefuteng e mentle e e senang palo ya ditlhare, dijwalo, le dithunya? A o kgona go bona bosupi jo bo ntseng jalo mo dibopiweng tsa diphologolo, dinonyane, le tse di nnang mo metsing gammogo le mo go tsalaneng ga tsone le kafa di leng botlhokwa ka teng mo sethong? Fa re ikemiseditse go reetsa, re ka di “utlwa” tsotlhe di bua di re ‘Modimo o teng!’—Baroma 1:20.
Lefa go le jalo, go dumela fela gore Modimo o gone ga go a lekana. Gore re kgone go araba dipotso ka ga gagwe le kaga maikaelelo a gagwe, re tlhoka tshenolo e e tswang kwa Modimong ono o o sa bonaleng, wa botlhale jo bogolo. Mme ebile re na nayo! Kae? Mo Bibeleng. Mme bontsi jwa batho ga ba tseye fa motswedi ono wa boikitsiso o ikanyega jaaka popo e e bonalang e e re dikologileng.
Lefa go ntse jalo, go na le bosupi jo bontsi, bosupi jo bo tlhatswang pelo, jwa gore Bibela ke buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo. Ka sekai, go dumalana ga bakwadi ba yone—ba ba ka nnang 40 botlhe, ba ba e kwadileng mo lobakeng lwa makgolo a le 16 a dingwaga—go supa gore Mokwadi wa yone o mongwefela ebong Jehofa Modimo. Gangwe le gape diphitlhelelo tsa boranyane jwa boammaaruri le baithuta-marope le tsone di supile fa Bibela e le boammaaruri ebile e ikanyega. Ka sekai, molepa-dinaledi Robert Jastrow o ne a kwala jaana: “Ditlhaloso di a farologana. mme dintlha tsa botlhokwa mo dipolelong tsa Genesise tsa tepo-dinaledi le tsa Bibela di a tshwana: go tlhomagana ga ditiragalo go ya go ñtlha mo go bopiweng ga motho go ne ga simologa ka tshoganetso le ka motsotso o o tlhomameng wa nako, ka go phatsimisiwa ga lesedi le maatla.”
Elatlhoko sekao ee le sengwe fela sa kafa boithuta-marope bo tlhomamisitseng rekoto ya Bibela ka gone. Mo go 2 Dikgosi 18:13-15, re bala jaana: “Me yana e rile ka ñwaga oa leshomè le bonè oa kgosi Hesekia, Senakeribe kgosi ea Asiria a bololèla metse eotlhe ea Yuda e e thekeledicweñ, nae a e gapa.” Ka nako eo “kgosi ya Asiria ea laola, gore Hesekia kgosi ea Yuda a lehè ka ditalenta tsa selefera di le makgolo marato, le ditalenta tsa gouda di le mashomè mararo.” Go tlhomamisa seo, go tswa ka 1847 go ya go 1851 moithuta-marope A. H. Layard o ne a bona se se bidiwang King Sennacherib’s Prism. Mokwalo wa yone wa ditshwantsho o balega jaana: “Fa e le ka Hesekia wa Mojuda, yo o neng a seka a ikobela taolo ya me, metse ya gagwe e e 46 e e thata, e e thekeleditsweng, . . . ke ne ka e dikanyetsa ka ba ka e gapa. . . . ke ne ka oketsa lekgetho la ntlha, mme ka laolela gore ba duele lekgetho ngwaga le ngwaga la . . . ditalenta tse 30 tsa gouda le ditalenta tse 800 tsa selefera.” Go dumalana mo go gakgamatsang le rekoto ya Bibela, go farologana fela ka bogolo jwa lekgetho la selefera!
“Ditena” tse Dingwe tsa go Aga Tumelo
“Ditena” tse di agang tse di kgatlhisang thata ke tseo re di baakanyediwang ke go diragala ga boperofeti jwa Bibela. Boperofeti ke polelelo-pele ya tiragalo nngwe ya isagwe. Fa tiragalo eo e diragala, e gatelela gore polelelo-pele eo e ne e le boammaaruri Boperofeti jo bo ntseng jalo bo potile ka kwa kgono ya motho, ebile Bibela e bua sentle fa e re: “Ga go polèlèlō pele epe e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ ka ha tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshepō.” (2 Petere 1:21) Go seka-seka boperofeti jwa Bibela jo bo ntseng jalo bo le mmalwanyana ruri go nonotsha tumelo.
Isaia o ne a bolelela-pele go wa ga Babelona a digwa ke Bamede le Baperesia mo e ka nnang ka 732 B.C.E., a bile a bolela leina la yo a neng a tla fenya, eleng Kuruse. Ka mo go gakgamatsang, boperofeti jono ho ne jwa neelwa dingwaga di ka nna 200 pele ga Kuruse a gapa Babelona! Ka boripana, boperofeti joo bo bua ka Jehofa jaaka ‘yo o rayang lediba je le boteng a te, tšha, mme ke tla kgadisa dinoka tsotlhe tsa gago.’ Go ne ga bolelelwa-pele gore Modimo o ne o tla ‘bula mejako fa pele ga ga Kuruse. mo eleng gore dikgoro di ne di se kitla di tswalwa.’ “Ke tla thubaganya ditswalo tsa kgōtlhō, ke tla pomaganya mephakalègō ya tshipi,” ga rialo Jehofa, “mme ke tla gu naea mahumō a lehihi. ” (Isaia 44:24–45:3) Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa jang?
Gotlhe go ne ga diragala mo bosigong jwa moletlo wa boitlhapediso wa Babelona le dikgosana tsa gagwe. Mme masole a ga Kuruse, a sa lemogiwe ebile a iphitlhile mo lefifing la bosigo, ba ne ba dira ka botlhaga go faposa metse a Noka ya Euferatese, a a neng a ralala motse ka bogare. Seno se ne sa thusa masole go tsena mo teng ga Babelona ha tsamaya mo moshaweng. Dikgoro tsa noka di ne di tlogetswe di sa tswalwa ka botlhaswa fa go jewa moletlo. Ka gone. Bameda le Baperesia ba ne ba seka ba nna le bothata bope mo go gapeng motse wa Babelona le dikhumo tsotlhe tsa one. Boperofeti jwa ga Isaia bo ne jwa diragadiwa mo dintlheng tsotlhe tsa jone.
Jehofa Modimo gape o ne a bona go tshwanela go dirisa Jean Keresete jaaka yo dipolelelo-pele tsotlhe di neng di lebisitse kwa go ene fa di bolelela-pele kaga go tsalwa ga gagwe. botshelo jwa gagwe, bodihedi jwa gagwe, le loso, jo bongwe bo bile bo kwadilwe makgolokgolo a dingwaga pele ga bo diragala. Ka sekai, go ne ga bolelelwa-pele gore o ne a tla tsalwa ke ba lotso lwa dutla la balelapa la ga Dafide (Genesise 49:10; Isaia 11:1, 2) le gore o ne a tla tsalelwa mo motseng wa Bethelehema. (Mika 5:2) Mongwe yo o tlwaelaneng nae thata o ne a tla seke a ikanyege le gore o ne a tla mo oka ka dipapetlana tsa selefera di le 30. (Pesalema 41:9; Sekaria 11:12) Diaparo tsa gagwe di ne di tla laolwa ka bola. (Pesalema 22:18) O ne a tla tlhabiwa, mme o ne a se kitla a rojwa lerapo lepe. (Sekaria 12:10; Pesalema 34:20) Daniele 9:24-27 e ne ya bolelela-pele gore go tla ga ga Jean jaaka Mesia, kana Keresete, go ne go tla diragala dibeke tse 69 tsa dingwaga morago ga moo, sebaka sa dingwaga tse 483 go simologa ka 455 B.C.E. go ya kwa go kolobediweng ga ga Jesu ka 29 C.E. Morago ga sephatlo sa “weke” (dingwaga di le 3 1/2), ka 33 C.E., Jesu o ne a “kgaolwa” ka go bolawa jaaka go ne go boleletswe-pele. Dintlha tse dingwe tsa boperofeti le tsone di ne tsa diragadiwa.
Tseno ke “ditena” di sekae fela tse go ka agiwang tumelo e e ka sutisang dithaba ka tsone. Go di kgobokanya tsotlhe le go di baya mo boemong jwa tsone go tlhoka nako, boiteko, le boitshoko. Mme go kgonnwe. John, yo o nnang mo Santos, kwa Brazil, o ka supa gore go ka kgonega Dingwaga di sekae tse di fetileng, e ne e le motho yo o senang nako le bodumedi, a sa dumele mo Bibeleng, lemororo a ne a dumela gore Modimo o teng. John o ne a dumela go etelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Metlotlo ya beke le beke labofelo e ne ya tlhatswa John pelo gore Bibela e ne e se buka fela e e tlwaelegileng, mme labofelo o ne a e “amogèla e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ga Modimo hèla.” (1 Bathesalonia 2:13) Go ne a tsaya nako, mme go tswelela ka go ithuta Bibela go ne ga thusa John go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo ka setho, Labofelo, o ne a kolobediwa ka 1970 jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Jaanong, jaaka mogolwane yo o tlhophilweng wa phuthego, o thusa ba bangwe go aga le go boloka tumelo ya bone.
A o batla go thusiwa go aga tumelo ya gago? Fa go ntse jalo, gakologelwa gore “tumèlō e cwa mo go utlweñ, me go utlwa go tle ka lehoko ya ga Keresete.” (Baroma 10:17) Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 3 000 000 ba tlhagafetse mo go anamiseng “lehoko ya ga Keresete” le Bogosi jwa Modimo mo mafatsheng a a fetang 200. Ba tla itumelela go go thusa go ithuta mo go oketsegileng kaga Lefoko la Modimo ka go tlotlisane le wena mahala ka Bibela.
Tlhomamisega gore nako e o e senyang o reeditse ‘se se utlwilweng’ e tla bo e le nako eo o e sentseng sentle. E ka go thusa go aga tumelo e e ka sutisang dithaba Seno, kwa morago, se ka go gogela kwa botshelong jo bo sa feleng, “gonne Modimo o tetile lehatshe mo go kalo-kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a seka a nyelela, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
“DITENA” tsa go Aga Tumelo
Anaanela dilo tse Jehofa a di dirileng
Amogela Bibela jaaka Lefoko fa Modimo
Elatlhoko kafa boithuta-marope le histori di tlhomamisang ka gone rekoto ya Bibela
Tlhatlhobisa tiragatso ya dipolelelo-pele tsa Bibela