LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 7/1 ts. 10-15
  • ‘Baikepi ga ba na Kagiso Epè’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Baikepi ga ba na Kagiso Epè’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Modimo oa Kagishō”
  • Kgaisano e a Simologa
  • Kgosana ya Kgolagano
  • “Lobaka lo lo Laocweñ”
  • “Motlheñ oa Bokhutlō”
  • “E Tla Hitlha mo Bokhutloñ yoa Eōna”
  • Dikgosi Tse di Lwang di Fitlha Kwa Bokhutlong Jwa Tsone
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Phenyo ya Bofelo ya ga Mikaele, Kgosana E Kgolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Kgosi ya Bokone” mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Tsayang Lefoko la Modimo la Boperofeti jwa Motlha wa Rona Tsia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 7/1 ts. 10-15

‘Baikepi ga ba na Kagiso Epè’

“Ga go na kagisho epè e e leñ ea baikepi, go bua Modimo oa me.”​—ISAIA 51:21.

1, 2. (a) Batho bale bantsi ba ikutlwa jang kaga isagwe ya setho? (b) Matswela a maiteko a batho go tlisa kagiso ke eng?

“KA DINAKO tsotlhe ke itse gore motsotswana mongwe le mongwe lefatshe le ka nna la phatlakana ke ntse ke lebile.” Mafoko ano a a hutsafatsang, a a tsopotsweng mo makasineng wa Psychology Today, a ne a bolelwa ke moithuti mongwe wa sekole se segolwane sa North America. Moithuti o ne a boifa gore nako nngwe mo bogautshwaneng, ntwa ya nuklea e ka nna ya nyeletsa setho sotlhe. Mosetsana wa sekole wa mo-Russia o ne a tlhalosa matswela a ntwa ya nuklea jaana: “Ditshidi tsotlhe di tla nyelela​—go sa tlhole go nna le bojang, lefa e le ditlhare, lefa e le sepe se se tala.” Abo e le tebelelo e e bosula Jang ne! Lefa go le Jalo, batho ba ikutlwa gore seno tota se ka nna sa diragala. Mo patlisisong ya bosheng jaana 40 mo lekgolong ya bagodi ba ba neng ba bodiwa ba ne ba bona gore go ne go na le “kgonagalo e kgolo” ya go nna gone ga ntwa ya nuklea pele ga ngwaga wa 2000.​—Bona Luke 21:26.

2 Baeteledipele ba lefatshe le bone ba tsenwe ke tsebe-tsebe. Morago ga ntwa ya lefatshe ya bofelo, ba ne ba bopa lekgotla la Merafe e e Kopaneng go leka go tlisetsa setho kagiso le polokesego​—mme go ne ga retela. Mo boemong jwa moo, go ne ga nna le kgaisano e kgolo fa gare ga mebuso e megolo e e nang le dibetsa tsa nuklea mo dingwageng tsa morago ga ntwa. Gangwe le gape, baeteledipele ba mebuso e megolo eno ba a kopana mo maitekong a go fokotsa seemo se se maswe sa ntwa sa lefatshe lotlhe mme go nne le matswela a e seng a sepe. Lemororo baeteledipele ba bodumedi ba rapelela kagiso, seemo se ntse fela jaaka Isaia a se tlhalositse jaana: “Bapelotana ba bōnè ba goa ba le kwa ntlè; ba ba romilweñ kagishō ba lela mo go botlhoko.”​—Isaia 33:7.

3. Ke eng fa go sena kgonagalo epe ya gore batho ba ka atlega mo maitekong a bone a go dira kagiso?

3 Bakeresete ba ba rutilweng ba itse gore ke ka ntlhayang fa bo-radipolotiki ba se kitla ba tlisa kagiso e e sa khutleng Ba lemoga gore fa fela batho ba santse ba tletse boikgagapeledi, letlhoo, bogagapa, boikgogomoso, le boikgodiso, ga go kitla go nne le kagiso. (Bapisa Yakobe 4:1.) Mo godimo ga moo, ditiragalo tsa batho ga di laolwe ke batho ka botlalo. Go na le moo, Bibela e re bolelela jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19; 2 Bakorintha 4:4) Seemo sa setho kafa tlase ga taolo ya yono se ne sa tlhalosiwa sentle ke Isaia jaana: “Baikepi ba nntse yaka lewatlè ye le kgaphasèlañ, gonne ga le kake ya iketla, . . . ga go na kagishō epè e e leñ ea baikepi, go bua Modimo oa me.”​—Isaia 57:20, 21.

“Modimo oa Kagishō”

4. Ke mang yo e leng ene fela yo o nang le maatla a go tlisa kagiso mo lefatsheng?

4 Seno ga se reye gore lotso lwa motho ga le kake la falola tshenyego mo ntweng nngwe ya nuklea e e tlang. Se raya fela gore, gore re bone kagiso, e tla tshwanelwa ke go tswa kwa motsweding o sele. Ka boitumelo, Motswedi oo ke Jehofa Modimo ka sebele, “Modimo oa kagishō.” (Baroma 16:20) O na le thata ya go fenya tlhotlheletso ya ga Satane mme o ikaeletse go “segōhatsa batho ba gagwè ka kagishō.” (Pesalema 29:11) Mo godimo ga moo, o dirile tsholofetso e e itumedisang thata ka gore: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”​—Pesalema 37:11.

5. (a) Jehofa o dirisitse Daniele jang go re neela boikitsiso kaga boikaelelo jwa Gagwe jwa go tlisa kagiso? (b) Ke eng fa re tshwanetse go tshwenyege lkg boperofeti jono jo bo kwadilweng ke Daniele.

5 Dingwaga tse dintsi tse di fetileng, Jehofa o ne a senola popego ya hisitori ya ditiragalo tse di neng di tla gogela kwa go tliseng ga gagwe kagiso mo lefatsheng O ne a bua le moperofeti wa gagwe yo o ikanyegang Daniele ka moengele kaga ‘metlha ya bohelo,’ e leng nako ya rona. (Daniele 10:14) O ne a bolelelapele kgaisano e kgolo ya gompieno ya mebuso e megolo le go bontsha gore e tla tloga e khutla ka bofefo ka mokgwa o o sa lebelelwang ke ope wa mebuso e megolo. Gape o ne a solofetsa gore tiragalo eno e e sa lebelelwang e ne e tla nna ketapele ya kagiso ya boammaaruri Boperofeti jono ke jwa botlhokwa thata mo Bakereseteng. Bo re senolela ka phepafalo gore re fa kae mo go feteng ga nako gape bo nonotsha go ititaya dihuba ga rona go nna re itlhaotse mo kgaisanong ya lefatshe lotlhe fa gone ka bopelotelele re emetse Modimo go tsaya kgato mo boemong jwa rona.​—Pesalema 146:3, 5.

Kgaisano e a Simologa

6. Nankolola tlholego ya hisitori ya kgaisano ya mebuso ya gompieno e megolo.

6 Boammaaruri ke gore, kgaisano e ya mebuso e megolo ya gompieno ga se selo se sesha mo lefatsheng Tota, ke go tswelela-pele ga sengwe se se saleng se simologa bogologolo. Morago ga go phutlhama ga mmuso-mogolo wa lefatshe lotlhe wa ga Alenander the Great boaphelong jwa lekgolo la bone la dingwaga B.C.E., ba le babedi ba baeteledipele ba gagwe ba bosole ba ne ba tsaya puso mo Siria le mo Egepeto. Go ne ga simologa kgaisano eo morago e neng ya gogela kwa kgaisanong e kgolo ya mebuso e e maatla ya gompieno e e nnetseng ruri mo gare ga bone le batlhatlhami ba bone​—ba e leng kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa ka gore ba ne ba le mo botsheka le borwa jwa lefatshe la batho ba Modimo. Tiragalo ya hisitori ya kgaisano eno e ne ya senolelwa moperofeti Daniele pele ga nako ka moengele.

7. (a) Re itse jang gore dikgang tsa batho di laolwa ke maatla a semoya a a sa bonaleng? (b) Ke mang yoo kwa tshimologong e neng e le kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa, mme kgaisano ya bone e ile ya simologa jang?

7 Lantlha moengele o tlhalosa ka moo a neng a ntse a tlhabana le ‘dikgosana’ tsa semoya tsa Peresia le Gerika a thusiwa ke Mikaele. (Daniele 10:13, Dan 10:20-11:1) Go latlhela leitlho mo sebakeng sa moya mono go netefatsa gore dikgogakgogano tsa semorafe di kopanyeletsa se se fetang bathonyana fela. Go na le maatla a sedimona, kana “dikgōsana,” tse di tlhotlheletsang babusi ba ba bonalang ba batho. Mme go tswa bogologolong, batho ba Modimo ba ile ba nna le “kgōsana,” Mikaele, yo ‘o ba fang nonofo kgatlhanong le maatla ano a sedimona. (Baefesia 6:12) Go tswa foo moengele o lebisa tlhokomelo ya rona mo kgaisanong fa gare ga Siria le Egepeto. O a simolola: “Me kgosi ea borwa e tla nna thata, le kgōsana ñwe ea eōna.” (Daniele 11:5a) Kgosi ya borwa fano e ne e le Ptolemy I, mmusi wa Egepeto, yo o neng a gapa Jerusalema mo e ka nnang ka 312 B.C.E. Go tswa foo moengele o bolela gape ka kgosi e nngwe eo “e tla nna(ng) thata bogolo go eōna, me e tla nna le pushō; pushō ea eōna e tla nna pushō e kgolo.” (Daniele 11:5b) Kgosi eno ya botsheka ke Seleueus 1 Nicator, yo bogosi jwa gagwe, e leng Siria, bo neng jwa nna maatla go gaisa Egepeto.

8. Go tlhomama mo go gakgamatsang ga karolo ya ntlha ya boperofeti jwa moengele kaga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa go rayang mo Bakereseteng gompieno?

8 Moengele o tswelela go bolelela-pele dintlha tse dingwe tse dintsi kaga kgaisano e kgolo e e tswelelang pele gareng ga babusi ba ba latelelanang ba Siria le Egepeto. (Daniele 11:6-19) Dioolelelo-pele tseno di ne di tlhomame mo e leng gore bangwe ba akanya gore buka ya ga Daniele e tshwanetse ya bo e ile ya kwalwa morago ga ditiragalo tseo.a Lefa go le jalo, mo Bakereseteng, go tlhomama mo go gakgamatsang ga dipolelelo-pele tseno go nonotsha tumelo ya bone mo dikarolong tseo tsa boperofeti tse di santseng di tla diragadiwa mo “Metlheñ ea bohèlō.”

Kgosana ya Kgolagano

9. Kgato ya kgosi ya botsheka e ne ya gogela jang kwa goreng Jean a tsalelwe kwa Bethelehema?

9 Ga go a tshwanelwa go lebelelwa gore moengele o ne a tla akaretsa mmusi mongwe le mongwe go tswa kwa go Ptolemy go titlhelela mo “metlheñ ea bohèlō.” Go na le moo, re tlhaloganya gore morago ga Dan 11 temana ya 19 boperofeti bo ya kwa dingwageng tse di gaufi thata le pele ga Motllia wa rona o o leaelegileng, fa re bala jaana: “Hoñ go tla èma mo bonnoñ yoa gagwè (kgosi ya botsheka) moñwe eo o tla dihañ gore mokgethisi a ralalè kgalalèlō ea bogosi.” (Daniele 11:20) Ka nako eno, Siria ke naga e e laolwang ke Roma, mme kgosi ya botsheka e emelwa ke mmusimogolo wa Roma ebong Agusetn. Ke ene yo o neng a laola gore go nne ditlhopho tse di neng tsa dira gore Jesn a tsalelwe kwa Bethelehema e seng kwa Nasaretha.​—Luke 2:1-7; Mika 5:2.

10. Ke go amana gofe fa gare ga kgosi ya botsheka le Mesia mo moengele a neng a go re tlhokomesa.

10 Morago ga go tla ga ga Agusetu go ne ga tla Tiberi, monna yo o bosula yo o tlhalositsweng ke moengele jaaka “eo o nyatsègañ.” (Daniele 11:21) Mo motlheng wa puso ya gagwe, go ne ga nna le tsuologo e e kotsi gaufi le molelwane o o kafa bokone jwa Mmuso-mogolo wa Roma go ne ga felela go na le kagiso mo lefelong leo, go diragatsa mafoko a boperofeti a a reng: “Me ba tla kgokgweediwa ha pele ga gagwè ka mabōgō a morwalèla, me ba tla thuywa.” Mo godimo ga moo, mo motlheng wa puso ya gagwe Jesu o ne a bolawa ke masole a Roma e le tiragatso ya boperofeti jwa moengele jwa gore “kgōsana ea kgōlaganō” o ne a tla kgaolwa.​—Daniele 11:22; 9:27.

“Lobaka lo lo Laocweñ”

11. (a) Ka 1914, kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa e ne e le bo mang? (b) Ke boperofeti bofe jo bo neng jwa diragadiwa “mo lobakeñ lo lo laocweñ”?

11 Kwa bofelong, boperofeti bo re tlisa go “lobaka lo lo laocweñ,” ka 1914. (Daniele 11:27; Luke 21:24) Ka nako eno, go ile ga nna le phetogo mo bathong ba Modimo. Fa e sale lseraele wa tlholego a gana Mesia, batho ba Jehofa a ba itlhophetseng e ne ya nna lseraele wa semoya, phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng (1 Petere 2:9, 10) Dikgosi tse pedi le tsone di fetogile. Britani, le molekane wa gagwe wa sepolotiki ebong United States of America, go supega gore jaanong ke kgosi ya borwa, fa kgosi ya botsheka jaanong e le Jeremane. Ntwa ya Lefatshe I e ne ya bolelelwa-pele ka mafoko ano: “E tla re mo lobakeñ lo lo laocweñ [kgosi ya botsheka] o tla boea, a ea kwa borwa; me mo motlheñ oa moragō ga go ketla go nna yaka mo motlheñ oa pele.” (Daniele 11:29) Kgosi ya borwa e ne ya fenya mo ntweng eo. Ka gone seemo se ne se farologane le “mo motlheñ oa pele,” ke gore, fa mmuso o o maatla thata wa Roma e ne e le kgosi ya botsheka.

12. Tlhalosa dikarolo tsa ditiragalo tsa lefatshe fa e sale ka 1914 tse di neng di boleletswe-pele mo Befoklong a boperofeti a moengele a a boleletseng Daniele.

12 Moengele o tswelela-pele go bolela ka kgaisano e kgolo fa gare ga dikgosi tse pedi fa e sale ka 1914 mme, segolo-bogolo, ka tsela eo ka bobedi di neng di tla ganetsa batho ba ga Jehofa ka yone. Gape o bolelela-pele go bonala ga “se se makgapha a a swahatsañ,” se gompieno se leng teng jaaka lekgotla la Merafe e e Kopaneng. (Daniele 11:31) Go tlhomiwa ga UN e ne e le maiteko a sepolotiki ao dikgosi ka bobedi di neng di dirisana mmogo mo go one go tlisa kagiso. Mme e tla palelwa ka ntlha ya gore e kgatlhanong le Bogosi jwa Modimo.b (Mathaio 24:15; Tshenolō 17:3, 8) Labofelo, moengele o kaela tlhokomelo ya rona kwa “motlheñ oa bokhutlō.”​—Daniele 11:40.

“Motlheñ oa Bokhutlō”

13. (a) Tlhaloso e e reng “motlha oa bokhutlō” e raya eng mo karolong eno ya boperofeti? (b) Ke mang yo o neng a diragatsa seabe sa kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa fa e sale Ntwa ya bobedi ya lefatshe e khutla?

13 Motlha ono ke ofe? Ka dinako tse dingwe tlhaloso e e reng “motlheñ oa bokhutlō” e raya nako ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, go tswa ka 1914 go fitlha kwa Hara-Magedona. (Daniele 8:17, 19; 12:4) Mme ditiragalo mo ngwageng ya 1914, mo “lobakeñ lo lo laocweñ,” di ne tsa bolelelwa-pele mo temaneng e e kwa morago ya Dan 11:29, mme boperofeti jwa moengele bo re tlisitse ka kwano ga nako eo thata.c Ka ntlha ya gone moo, “motlheñ oa bokhutlō” mo Dan 11 temaneng ya 40 o tshwanetse wa bo o raya dikarolo tsa bofelo tsa ntwa e e nang le dingwaga di le 2 300 fa gare ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa. Jalo he, re tswelela-pele go bala ka kgatlhego e kgolo, ereka jaanong re ithuta ka ditiragalo tse di tla nnang gone mo bogautshwaneng. Jaanong, go fetoga ga mebuso mo lefatsheng go ile ga gogela kwa popegong e e oketsegileng mabapi le dikgosi tse pedi tseo. Fa e sale go wa ga mebuso ya Bo-Nazi kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II, re ile ra bona kgaisano e kgolo fa gare ga mebuso e megolo e mebedi, o mongwe o emela kgosi ya botsheka, e e laolang bogolo jwa merafe ya puso ya bojammogo, mme o mongwe o emela kgosi ya borwa, e e laolang segolo dinaga tsa puso ya batho-ka-batho.

14. Moengele o tlhalosa jang kgosi ya botsheka?

14 Boemo jwa kgosi ya bofelo ya botsheka bo tlhalosiwa sentle mo Dan 11 ditemaneng tsa 37, 38: “Le gōna ga e ketla e tlhōkōmèla medimo ea borra eōna, . . . Me kwa ga eōna, e tla tlotla modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō: me modimo moñwe o borra eōna ba ne ba sa o itse e tla o tlotla ka gouda le ka selefera, le ka mayana a a tlhokègañ le ka dilō tse di èlètsègañ.” A mongwe o ka palelwa ke go lemoga tlhaloso eno? Gompieno kgosi ya botsheka e tshegetsa kafa molaong thuto ya gore ga gona modimo ope, e latlha medimo ya bodumedi ya dikgosi tsa pele tsa botsheka. E itlhophetse go ikanya dibetsa, “modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō.” Seno se ile sa tlatseletsa mo kgaisanong ya botseno ya ditlhabano eo dikgosi tse pedi tseno di tshwanetse tsa rwala boikarabelo jwa yone. Ngwaga le ngwaga kgosi ya botsheka fela e ne ya senya mo e ka nnang bilione tsa di didolara di le 300 ka 1985. Abo e ile ya nna setlhabelo se segolo jang ne sa ‘gauta le selefera le majana a a tlhokegang le dilo tse di eletsegang’ se se ntsheditsweng modimo o o pelotshetlha wa dibetsa!

15, 16. (a) Ditiragalo di tla bopega jang fa gare ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa? (b) Seno se tla raya eng mo bathong ba Modimo?

15 Ka gone, ke eng se kwa bofelong se diragalang fa gare ga dikgosi tse pedi tseno? Moengele a re: “Me e tla re mo motlheñ oa bokhutlō (bokhutlo jwa hisitori ya dikgosi tse pedi1 kgosi ea borwa e tla ganèla naeō: me kgosi ea botsheka e tla tla go tlhabana le eōne yaka secuacue, ka dikara, le ka bapalami ba dipitse, le ka dishepa di le dintsi.” (Daniele 11:40; Mathaio 24:3) Ka mo go phepafetseng, dipuisano tse dikgolo ga di kake tsa nna tharabololo ya kgaisano ya mebuso e megolo. Seemo se se maswe se se dirilweng ke “go tlhabana” ga kgosi ya borwa le go nonofela pele ga kgosi ya botsheka go ka nna ga nna mo seemong se se batlileng se nna maswe: me labofelo, ka tsela nngwe, kgosi ya botsheka e tla tenega mme e lwe thata jaaka Daniele a tlhalositse.d

16 Malatsi ano a bofelo segolo-bogolo a boima mo bathong ba Modimo, bao mo lekgolong leno la dingwaga ba ileng ba bogisiwa ke dikgosi tsoo-pedi. Moengele o ne a tlhagisa gore kgosi ya botsheka “e bile e tla tsèna le mo lehatshiñ ye le Galalèlañ, me mahatshe a le mantsi a tla ribegediwa.” ‘Lefatshe le le Galalelang’ ke lefatshe la batho ba Modimo la tshwantshetso. Jalo he, mafoko a moengele a tshwanetse gore, mo godimo ga go gapa merafe e mentsi, kgosi ya botsheka e tlhasela seemo sa semoya sa batho ba ga Jehofa. (Daniele 8:9; 11:41-44; Esekiele 20:6) Mo Dan 11 temaneng ya 45, boperofeti bo oketsa ka gore: “Me e tla tlhōma megope ea ntlo ea eōna ea bogosi ha gare ga lewatlè le thaba e e boitshèpō e e galalèlañ.” Ka mafoko a mangwe, o itshetlela gore a dire tlhaselo ya bofelo kgatlhanong le Paradaise ya bone ya semoya.

“E Tla Hitlha mo Bokhutloñ yoa Eōna”

17. Ke popego efe e e sa solofelwang e e tla rumolang kgosi ya botsheka?

17 Mme ka nako eo sengwe se tla bo se setse se diragatse se e leng gore kgosi ya botsheka lefa e le kgosi ya borwa di tla bo di se kile tsa se bonela-pele. Moengele o bolelela-pele jaana: “Me [dipego] tse di cwañ ntlheñ ea botlhabatsatsi le ntlheñ ea botsheka di tla e hudua [kgosi ya botsheka]: me e tla bolola ka cararègō e kgolo, e ea go senya le go tlosetsa rure batho ba le bantsi.”​—Daniele 11:44.

18. (a) Motswedi wa ‘dipego’ tse di boleletswengpele ke moengele ke eng? (b) Matswela a bofelo a kgosi ya botsheka e tla nna eng?

18 Dipego tseno e tla bo e le eng? Moengele ga a tlhalose ka tlhomamo, mme o senola motswedi wa tsone. Ke tse di “cwañ ntlheñ ea botlhabatsatsi” mme Jehofa le Jesu Keresete ba bolelwa ka tlhamalalo e le “dikgosi tse di cwañ kwa botlhabatsatsi.” (Tshenolō 16:12) Dipego tseno gape di tswa kwa “ntlheñ ea botsheka,” mme Bibela e bolela ka tshwantshetso ka Thaba ya Sione, motse wa Kgosi e Kgolo, o le “ntlheñ tsa botsheka.” (Pesalema 48:2) Ka gone moo, ke ‘dipego’ tse di tswang kwa go Jehofa Modimo le Jesu Keresete tse di dirang gore kgosi ya botsheka e dire maiteko a yone a magolo a bofelo. Mme go tla felela ka go senngwa ga gagwe. Bokhutlo jwa Dan 11 temana ya 45 bo re bolelela jaana: “E tla hitlha mo bokhutloñ yoa eōna, me go se opè eo o tla e thusañ.”

19. (a) Ditla-morago tse di farologaneng mo lefatsheng leno le “bathōkgami” e tla nna eng? (b) Ke dipotso dife tse di s etseng kwa morago tse di nang le go arabiwa?

19 Eleruri, “ga go na kagishō epè e e leñ ea baikepi” e e tla nnang teng. (Isaia 57:21) Go na le moo, hisitori ya dikgosi tsa botsheka e tla tshwaiwa ke ntwa go fitlha fela kwa bokhutlong Mme Jehofa o solofetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ.” (Diane 2:21, 22) Lefa go le jalo, ke eng se se tla diragalelang kgosi ya borwa fa kgosi ya botsheka “e hitlha mo bokhutloñ yoa eōna”? Ke eng se se tla diragalelang Bakeresete fa kgosi ya botsheka e “tlhoma megope ea ntlo ea eōna ea bogosi” e le matshosetsi kgatlhanong le bone? (Daniele 11:45) Kwa bofelong kagiso e tla tla jang mo lefatsheng? Jehofa ka moengele wa gagwe, o arabile dipotso tseno, jaaka re tla bona mo ditlhogong tse di latelang

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Go bona dintlha tse di oketsegileng bona buka ya “Your Will Be Done on Earth,” kgaolo 10, e e gatisitsweng ka 1958, ke Watchtower Bible and Tract Society of New York. Inc.

b Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng mo karolong eno ya boperofeti, bona buka ya “Your Will Be Done on Earth,” kgaolo 11.

c Elatlhoko, gape gore mo Dan 11 temaneng ya 35 ‘lobaka lwa bokhutlo lo bolelwa le santse le tla.

d Bona buka ya “Your Will Be Done on Earth,” ditsebe 298-303.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Ke dibopiwa dife tsa semoya tse di ntseng di kopanyelediwa mo dikgannyeng tsa sepolotiki tsa batho?

◻ Kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa e ne e le bomang ka 1914?

◻ Kgosi ya botsheka ya gompieno e obamela modimo wa dikago tsa tlhabano jang?

◻ Batho ba Modimo ba tla tlisetswa kgatelelo efe ke kgosi ya botsheka?

◻ Ke eng se se tla diragalelang kgosi ya botsheka kwa bofelong?

[Mmapa/​Ditshwantsho mo go tsebe 12]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lewatle le Legolo

Siria

Judia

Egepeto

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

U.S. National Archives

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela