Go TIiIe go Bulwa Sekolo se Sesha!
Setlhogo seno se na le kgang ya dikakgelo tse di konelang tsa modulasetulo kwa kalogong ya setlhopha sa bo 82 sa Gileade.
FA ESALE ka Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa kwa Gileade se ne se simolola ka February 1943, se ile sa thapisetsa badihedi ba ba ineetseng ba Basupi ba ga Jehofa ba feta 6 000 tiro ya borongwa. Mo dingwageng tse di fetang 40 tseo barongwa bano ba ileng ba romelwa ka tsone, mafatshe a le mantsi a ile a bulwa gore a amogele bosupi ka botlalo malebana le Bogosi. Fa batho ba Modimo ba leba kwa morago mo go seo Jehofa a ileng a se tltlhelela, kwantle ga pelaelo ba ipelela go bona go diragadiwa ga boperofeti jo bo tlhomologileng.
Mo go Isaia kgaolo 49, ditemana 9-12, moperofeti yoo o ne a bolelela pele go gololwa ga batho bao ba ratang tshiamo bao ba golegilweng jaaka magolegwa a bodumedi mo go “Babelona o Mogolo.” Mokgosi ono o o layang wa ga Jehofa o ile wa tswela pele ka setlhopha sa gagwe se se tloditsweng sa motlhanka sa mo lefatsheng: “Go raea bagolegwi, go re, Owañ; go raea ba ba mo lehihiñ go re, Iponatseñ. Ba tla hula mo ditseleñ . . . Ga ba ketla ba bolawa ke tlala, leha e le ke lenyōra; le mogote ga o ketla o ba tlhapèla leha e le letsatsi; gonne èna eo o ba utlwèlañ botlhoko o tla ba gōga, le kaha go eleñ mecwedi ea metse o tla ba ètèlèla pele. . . . Bonañ, ba, ba tla cwa kgakala.” A go ile ga nna le karabelo? Elernri e ile ya nna gone! Batho ba dipelo tse di ikanyegang ba ile ba tla ka makgolo a a dikete-kete, go tswa dintlheng tsotlhe, ba itshenola jaaka ba ba bolaetsweng boammaaruri ke tlala, ba batla go fepiwa ke Lefoko la Modimo le gore ba sedimosetswe ke lone, ba batla go gololwa semoyeng go tswa go “Babelona o Mogolo.” (Tshenolō 17:5) Jaanong ba mo sebakeng sa lefatshe sa thulaganyo ya gagwe ya Bogosi, ba iphepa mo letlotlong la dijo tsa semoya.
Koketsego e e Tlhomologileng
Mo gare ga bo 1940, mafatshe a kwa Amerika Bogare le lefelo la Caribbean e ne e le mangwe a ntlha go solegelwa molemo ke barongwa ba Gileade. Go ne go na le baboledi ba sekaenyana fela mo mafatsheng ano, seo se neng sa baka kgwetlho ya mmatota mo go neeleng bosupi jwa Bogosi ka botlalo. Ka sekai, Pnerto Rico e ne e na le baboledi ba le 25 fela ka 1944. Costa Rica e ne e na le ba le 181. Meicico e ne e na le baboledi ba le 2 481 ka 1944 fa baalogi ba ntlha ba Gileade ba ne ba goroga koo. Mme fa batho ba ba bolaetsweng boammaaruri ke tlala ba ne ba tswa mo lefifing la bodumedi le go itshenola jaaka bao ba batlang Bogosi jwa Modimo, ba ne ba rera ka matlhagatlhaga, mme ba bangwe ba ne ba tsenela tirelo ya bobulatsela Banna ba ne ba tshwanelegela boikarabelo. Diphelelo e ne ya nna eng? Gompieno, Pnerto Rico e ile ya bega badihedi ba ba matlhagatlhaga ba le 21 943, ba feta bao ba neng ba dira mo mafatsheng a le 12 ao a neng a bega mo lefelong la Oaribbean ka 1947 makgetlo a le mane. Costa Rica jaanong e na le baboledi ba le bantsi go feta bao ba neng ba le gone mo Amerika Bogare mo dingwageng di le 40 tse di fetileng. Ka January wa monongwaga, Mexico e begile tlhora e ntšha ya baboledi ba ba fetang 206 000, seo e leng baboledi bao ba lekanang le ba ba neng ba rera mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng di le 40 tse di fetileng ka bontsi.
Mo Amerika Borwa go ile ga tshwana. Fa barongwa ba ne ba romelwa la ntlha kwa Argentina ka 1947, go ne go na le baboledi ba le 790. Gompieno go na le badihedi ba ba matlhagatlhaga ba le 68 618, go feta palo ya bao ba neng ba rera mo dinageng di le 12 tse di farologaneng kwa Amerika Borwa mo dingwageng di le 40 tse di fetileng makgetlo a le 26. Mme go tweng ka Braail? Fa go ne go romelwa barongwa ba ntlha koo ka 1945, tiro ya go supa e ne e dirwa ke baboledi bale 394 fela. Mme ba ne ba itshoka, mme jaanong Braail e fetile baboledi ba le 200 000. Seo ke go feta palo ya bao ba neng ba dira mo Amerika Borwa yotlhe ka 1947 makgetlo a le 80. Dinaga tse dingwe mo kontinenteng eo le tsone di ile tsa bega dikoketsego tse di tlhomologileng.
Fa re retologela kwa Botlhaba jo bo Kgakala, gape re bona bosupi jo bo gakgamatsang jwa tshegofatso ya ga Jehofa jaaka molaetsa wa boammaaruri jwa Bogosi o kgonisitse dikete-kete gore di tswe mo lefiñng. Fa go ne go abelwa barongwa ba ntlha kwa Japane ka 1949, go ne go bega baboledi ba le robedi ba ba mokawanyana fela. Mo mafatsheng a le robedi a Asia ao a neng a bega tiro mo dingwageng di le 40 tse di fetileng, go ne go na le palogotlhe ya baboledi ba ba matlhagatlhaga ba le 475. Gompieno, go na le ba le 116 272 kwa Japane e le yosi fela.
Kwa Pacific Borwa go ne go na le makala a le mabedi fela go tla go ñtlhela ka 1959. Ka thuso ya baboledi ba ba tswang kwa Australia bao ba neng ba fudugela go ya go dira koo tlhokafalo e neng e le kgolwane gone, le maiteko a baboledi ba bangwe mo diphuthegong le barongwa ba sekae, go ile ga fitlhelelwa diketekete tsa batho ka mafoko a a molemo mo ditshimong tse di farologaneng tsa ditlhaketlhake Jaanong go na le makala a le thataro a a oketsegileng mo karolong eo ya tshimo.
Histori ya ditiragalo tsa kwa Afrika le yone ke e e kgatlhisang. Dinaga di le 17 tseo di neng di bega ka 1947 di ne di na le palogotlhe ya baboledi ba le 24 896. Mme ka ntlha ya thuso ya barongwa go anamisa mafoko a a molemo ka bonako, makgolo a diketekete a ne a akofa a itshenola jaaka bao ba batlang Jehofa le tshiamo ya gagwe. Gompieno, kwa Nigeria fela, baboledi ba le 130 000 ba bolela molaetsa wa Bogosi ka tlhoafalo.
Ga go na pelaelo ya gore Lefoko la boammaaruri le le gololang la ga Jehofa le fitlhelela seo a nang le kgatlhego mo go sone. Le atlega mo go seo a le rometseng kwa go sone. (Isaia 55:10, 11) Jaanong ereka go phuthiwa thobo e kgolo jalo, lone Lefoko leo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla emisa badisa ba ba thapisitsweng ka mo go oketsegileng (Bapisa Yeremia 28:4.) Setlhopha se se Laolang se tlhokometse ka kelotlhoko ka moo banna ba ba tshwanelegelang go tlhokomela maikarabelo mo tshimong gammogo le mo makaleng a a farologaneng a o gatlho ba tlhokafalang ka gone. Go ile gai tsewa dikgato tsa go thusa go fitlhelela tlhokafalo eno.
Sekolo sa go Thapisediwa Bodihedi
Lona baalogi ba setlhopha sa bo 82 sa Gileade, gammogo le lona lotlhe bao lo nnileng gone mo tiragalong eno e e agang segolo, lo tla itumelela go itse gore fa 1987 a fela go tlile go bulwa sekolo se sesha. Sekolo seno sa go Thapisediwa Bodihedi, jaaka se tlile o bidiwa, se tla nna bontlhanngwe jwa Sekolo sa ibela sa Watchtower sa kwa Gileade, ka gone se kgonisa bakaulengwe ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe gore ba se tsenele. Setlhopha sa ntlha se solofetswe go simolola ka bo October 1 monongwaga kwa motseng wa Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A., lefelo leo Mokgatlho o simologetseng kwa go lone la ntlha. Fa setlhopha sa ntlha se sena go konela, ditlhopha tse dingwe di tla tshwarwa ka go refosana mo dikarolong tse di farologaneng tsa United States.
Dipatlafalo tse di tlhomameng tsa Dikwalo di tshwanetse tsa fitlhelelwa ke bao ba tlileng go se tsenela. Go tla thapisiwa bagolwane ba ba sa nyalang le batlhanka ba bodihedi ba ba sa nyalang ba ba nang le pholo e e molemo pele. Fa ba bangwe ba bone e le babulatsela, go tla nna botoka thata. Bao ba lalediwang kwa sekolong seno ba tshwanetse ba bo ba ikemiseditse go direla, fa ba sena go thapisiwa, lefa e le kae koo go nang le tlhokafalo gone mo tshimong ya lefatshe ka bophara. Seno se tla batla moya wa ga Isaia, yoo o neng a ithaopa ka go rata, a re: “Ke hano, roma nna.” (Isaia 6:8) Lona baalogi ba setlhopha sa bo 82, gammogo le barongwa ba ba setseng ba direla mo mafatsheng a a fetang lekgolo, lo ka lebelela pele ka nako e e tshwanetseng go nna le bakaulengwe ba bangwe ba ba thapisitsweng ba bereka mmogo le lona.
Sekolo seno sa go Thapisediwa Bodihedi se baakanyeditswe dikhoso tse disha gotlhelele. Sekolo seno se ile sa tlhomelwa boikaelelo jwa go thapisa bakaulengwe ba ba tshwanelegang bao ba ileng ba nna le boitemogelo jo bo rileng jwa phuthego jaaka bagolwane kana batlhanka ba bodihedi mo phuthegong.
Ka Moo go Gatela Pele go Tlhokafalang ka Gone
Morago ga letsatsi la mokete la Pentekosete la 33 C.E., phuthego ya Bokeresete e ne e le matlhagatlhaga tota mo go anamiseng mafoko a a molemo mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samaria, mme jaanong, morago ga moo, kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe. (Ditihō 1:8) Mo e ka nnang ka ngwaga wa 60 C.E. moaposetoloi Paulo, yoo e nnileng ene wa ntlha go dira ditiro tsa boefangele mo gare ga baditšhaba, o ne a kwalela Bakolosa, a re: “Cholohèlō e . . . lo utlwileñ kaga eōna gale mo lehokuñ ya boamarure yoa Mahoko a a Molemō, Ye le hitlhileñ koñ go lona; hèla yaka mo lehatshiñ yeotlhe le nntse le uñwa le totahala, yaka le diha le mo go lona.” Morago ga moo. o ne a oketsa ka gore badumedi ka ene bao ba ne ba ‘sa tshwanela go sutisiwa mo tsholofelong ya mafoko ao a a molemo a ba neng ba a utlwile, ao a neng a rerilwe mo lebopong lotlhe le le kafa tlase ga legodimo.’—Bakolosa 1:5, 6, 23.
Mo nakong e khutshwanyane fela thata, Baketesete ba pele ba ne ba setse ba anamiseditse mafoko a a molemo kwa gaufi le kwa kgakala. Jehofa o ne a neetse koketsego, palo ya barutwa ya oketsega thata. Seno se ne sa biletsa banna ba ba oketsegileng ba ba tshwanelegelang go ruta mo phuthegong le go disa letsomane Mongwe wa balebedi ba basha yo o neng a neetswe boikarabelo jo bo ntseng jalo e ne e le Timotheo. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Timotheo gore a se dire eng? Go ne go sa tshwanelwa go kgaodiwa go mo thapisa: “Ha u gakolola bakauleñwe kaga dilō tse, u tla bo u le modihedi eo o molemō oa ga Keresete Yesn, eo o utlwañ ka mahoko a tumèlō, le a thutō e e molemō, e u nntseñ u e setse moragō . . . Me u itshikinyè mo poihoñmodimo.” (1 Timotheo 4:6-8) Seno se ne se tla nna botlhokwa-tlhokwa go feta go tlhoma mogopolo mo kgatlhegong nngwe ya botho kana telekiso nngwe, go kopanyeletsa le eleng go itshidila mmele kana go ithapisa mo mmeleng. Gore Timotheo a fitlhelele bodihedi jwa gagwe ka botlalo, o ne a tshwanetse go itisa a bo a disa le seo a se rutang.
Lona baalogi ba setlhopha seno sa Gileade lo thapiseditswe tiro ya lona ya borongwa. Lo ile lwa neelwa dimpho tse di molemo tsa semoya ke balebedi ba ba tshwanelegelang go ruta. Jaanong lo boloketswe thulaganyo e nngwe e e molemo ya go ruta ya banna ba ba tshwanelegang bao ba nang leboitemogelo mo go tlhokomeleng boikarabelo jwa phuthego. Ba tla thapisediwa poifomodimo, seo se tla ba thusang gore ba boloke pono e e tshwanetseng le go ba tlhomelela gore ba tlhome mogopolo mo go seo Paulo a neng a tswela pele go se kwalela Timotheo: “Opè a se ka a nyatsa bokau yoa gago; me u nnè sekaō sa ba ba dumèlañ, mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela, le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ. U tlhōkōmèlè go bala, le go laea, le go ruta, . . . U tlo u tlhōahalè mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago; gore bocwèlèlō pele yoa gago bo bōnatshègè mo go botlhe.”—1 Timotheo 4:12, 13, 15.
Jaaka mo kgannyeng ya ga Timotheo, bakaulengwe bao ba tlhophetsweng boikarabelo jwa phuthego gompieno, go akaretsa le banna ba basha, ba tshwanetse ba lemoga gore nako eno ke e e tshwanetseng le e e potlakileng ya gore ba dire gore botswelopele jwa bone bo bonale. Fa ba dira jalo, ba tla neela bosupi ka tsela e tswang pelong jwa gore ba fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo le jwa gore ba na le boikutlo jwa mmatota jwa go tlhokomela dikgatlhego tsa semoya, ka gone ba tshwanelegela ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo.—Bafilipi 2:20, 21.
Ka ntlha ya tlhokafalo e e leng teng ga jaanong ka nako eo boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwang ka yone, ke tshiamelo gore o dirisiwe ke Jehofa lefa e ka nna kae mo phuthegong ya gagwe. Abo re mo leboga jang ne jaaka Modisa wa rona yo Mogolo le go leboga Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, ka ntlha ya paakanyetso eno e ntšha, e e mo nakong, e leng Sekolo sa go Thapisediwa Bodihedi!