LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/1 ts. 26-27
  • Go Ipela le Setlhopha sa bo 82 sa Gileade

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ipela le Setlhopha sa bo 82 sa Gileade
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Aloga ga Setlhopha sa bo-83 sa Gileade Tiragalo e e Ipedisang e le Tota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Legae Le Lesha la Sekolo sa Barongwa sa Gileade
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Itumeleng mo go Jehofa Lo bo Lo Ipele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/1 ts. 26-27

Go Ipela le Setlhopha sa bo 82 sa Gileade

“GA RE Bakeresete ba maemo a a siameng a bosa. Ke boitumelo mo go rona go bo re le fano. Modulasetulo o ne a bula pokano e e kgethegileng ya letsatsi lotlhe ka mafoko ano kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jersey City ka Sontaga, letsatsi la ntlha la March. Kwantle, e ne e sa ne e tshologa. Mo teng ga yone e ne e le letsatsi la kalogo ya diithuti di le 24 tsa setlhopha sa bo 82 sa Gileade. Fa modulasetulo ebong Theodore Jaracz wa Setlhopha se se Laolang a ne a lebelela difatlhego tse di itumetseng tsa diithuti, o ne a tswela pele ka go re: “Go mo pepeneneng gore ba tlhoafaletse ditebelelo tsa bone ebile baa di ipelela. Ereka Bibela e bolela gore re ‘ipele le batho ba ba ipelang,’ ke solofela gore rotlhe re ikutlwa ka tsela e e tshwanang!” Go opiwa ga diatla goo go neng ga rakana le kakgelo eno go ne ga supa gore botlhe ba le 4 557 bao ba neng ba le teng ba ne ba dumalana.

Sebui sa ntlha mo thulaganyong e ne e le John Barr, yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a tsopola thata go tswa mo go Pesalema 104, o ne a bontsha gore Jehofa ga a bopa sengwe le sengwe fela, tse di tshelang le tseo di sa tsheleng, mme gape o bopetse sebopiwa sengwe le sengwe lefelo gore se nne mo go lone. O ne a tswela pele ka go bolela jaana: “Jaanong, jaaka lo ya kwa dikabelong tsa lona, lo akanye jaana: ‘Jehofa o mpeile fano.’ Lo seka lwa lebala seno le ka motlha ope.”

Morago ga moo go ne ga bua leloko la Komiti ya Watchtower Farms, ebong John Stuefloten. O ne a gakolola diithuti jaana: “Seane se re bolelela gore: ‘Naea motho eo o botlhale thutō me o tla tlhaleha bogolo.’” (Diane 9:9) Diithuti di ne di ile tsa newa dijo tse di nonneng tsa semoya ka dikgwedi di le tlhano. Kwantle ga pelaelo, ba ne ba ikutlwa ba kgotse semoyeng mo letsatsing leno la kalogo. “Mme,” sebui se ne sa bolela gore, “ga lo ise lo bo lo simolole le go simolola!” O ne a kgothaletsa diithuti gore di tswele pele di gola ka botlhale le kutlwelobotlhoko ele gore di ke di kgone go thusa ba bangwe botoka.​—Diane 3:27.

George Gangas wa Setlhopha se se Laolang o ne a latela ka mafoko mangwe a a tlhophilweng sentle kaga boitumelo. O ne a gakolola baalogi gore ba direla “Modimo o o itumetseng” mme a bo a re: “Lo tla bona boitumelo mo dikabelong tsa lona tsa mafatshe a sele.” Ka ntlha yang? “Ka gonne Jehofa g le romela gore le ye go golola batho mo bokgoeng.

George Couch wa Komiti ya Bethele ya Brooklyn o ne a bua kaga tlhobaelo. O ne a gakolola gore tlhobaelo ga e ntšha mo diithuting. Dikgwetlho tsa go tla Gileade, go nna kwa Bethele ya Brooklyn, le go rera mo Motseng wa New York gotlhe go ile ga baka tlhobaelo e e rileng. Jaanong diithuti di ne di tlhobaelela dikabelo tsa tsone tsa borongwa. Mme tlhobaelo e e lekaneng ga se mmaba. “Tlhobaelo e thusa go re tlhotlheletsa gore re dire bojotlhe jwa rona,” o ne a tlhalosa jalo, mme a kgothaletsa diithuti gore di ikanye Jehofa le gore di dire bojotlhe jwa tsone mo dikabelong tsa tsone.

Motlhatlheledi wa sekolo ebong Jack Redford o ne a tla mo seraleng. O ne a tlhagisa kgatlhanong le go tshwaya diphoso go go sa siamang. Fa a ne a tsopola dikai tsa Bibela tsa ditshwetso tsa lepotlapotla tseo di neng tsa baka mathata moragonyana ga moo, o ne a tsopola mafoko ano a ga Jesu: “Lo se ka loa sekisa, gore lo se sekisiwe.” (Mathaio 7:1) Setlhopha sa bo 82 se ne se emela Modimo yo o Lorato. Diithuti tseo di ne di rometswe kwa dikabelong tsa tsone gore di tlhomogele pelo, eseng go tshwaya diphoso.

Motlhatlheledi wa Gileade ebong Ulysses Glass o ne a tsopola seane seno sa Bibela: “Go siana ga go heñwe ke ba ba lobelō, leha e le ntwa ke ba ba thata. ” (Moreri 9:11) Gantsi diphelelo tsa seno ga di ikaege ka dikgono tsa rona tsa tlholego. Mo tirong ya borongwa, gantsi ke kgang ya tumelo le boikemisetso jwa go amogela kgwetlho. Sebui se ne sa akgolela setlhopha sa bo 82 go tlhomama, go ikanyega, le go sa fetofetoge ga sone. Dinonofo tse di ntseng jalo di tla ba sologela molemo.

Sebui sa bofelo sa mo mosong oo, ebong mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower Frederick Franz, o ne a bolela gore kalogo ya setlhopha sa bo 82 e ema tumelo ya bao ba simolotseng sekolo seo moragorago kwa mo metlheng e e lefifi ya Ntwa ya Lefatshe II nokeng O ne a bua kaga leina Gileade, a tlhalosa gore ke lefoko la Bibela le le kayang “Mokoa wa Bosupi.” (Bapisa Genesise 31:43-53.) Barongwa ba Gileade bao ba nnang ba le boikanyegi mo dikabelong tsa bone ba direla jaaka mokoa wa bosupi. Ke bosupi jo bo tshelang jwa boammaaruri.

Morago ga moo diithuti di ne tsa amogela didipoloma tsa tsone, mme moso oo o ne wa konelwa ka go balwa ga lekwalo la ditebogo le le tswang mo setlhopheng sa bo 82. Diithuti di ne tsa bega gore ‘tshegofatso ya ga Jehofa ke yone e humisang motho.’ Ka ntlha ya seo, ba ne ba bolela gore, “Jehofa o dirile gore re ikutlwe jaaka batho ba le 24 ba ba humileng mo lefatsheng!”​—Diane 10:22.

Thapama, morago ga tshobokanyo ya Thuto ya Tora ya Tebelo, diithuti di ne tsa neela thulaganyo e e ipedisang. E ne ya konelwa ka mafoko a kanaanelo e e tswang pelong go batsadi ba bone, bao ka ntlha ya go tlhoka bogagapa ga bone le tshegetso ya bone ba letleletseng bana ba bone gore ba tsamaye le go fetoga barongwa.

Thulaganyo ya diithuti e ne ya latelwa ke neelano ya terama e e mo nakong, eo morago ga yone modulasetulo, ebong Theodore Jaracz, a neela dikakgelo di sekae tsa bofelo. Mme a bo Mokgatlho o ne o boloketse dikakgelo tseno tsa bofelo selo se se gakgamatsang jang nel Sebui se ne sa itsise gore Mokgatlho o tla tloga o bula sekolo se sesha, Sekolo sa go Thapisediwa Bodihedi, se se tla simololang ka go thapisa bagolwane ba ba sa nyalang le batlhanka ba bodihedi ba ba sa nyalang. Botlhe ba ne ba tlhokomela ka kelotlhoko fa modulasetulo a ne a itsise nngwe ya dipatlafalo tsa go nna gone kwa sekolong seo se sesha: boikemisetso jwa “go direla le fa e le kae koo go nang le tlhokafalo gone mo tshimong ya lefatshe ka bophara.”

Dikgang tseno ka ga sekolo se sesha di ne tsa arabelwa ka go opiwa ga diatla ka matlhagatlhaga (Dintlha tsa seno ka botlalo di neelwa mo setlhogong se se latelang.) Thulaganyo morago ga moo e ne ya konelwa ka pina le thapelo ya go leboga Jehofa. Morago ga moo mongwe le mongwe o ne a ralala mantsiboa a New Jersey go thibile. Pula e ne e sa ntse e sarasara, mme ke ba sekae fela bao ba neng ba e kgathalela. Dipelo tsotlhe di ne di sa ntse di ipela le setlhopha sa bo 82 se se neng se aloga sa Gileade.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Baalogi ba Setlhopha sa bo 82 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa kwa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng mo moleng mongwe le mongwe.

(1) Gish, L.; Evans, E.; Dean, S.; Hanson, R.; Suomalainen, A.; DuBose, D.

(2) Wallenberg, P.; Wallenberg, M.; Bauer, O.; Suomalainen, H.; Taylor, B.; DiStefano, G.

(3) Scott, K.; Evans, M.; Taylor, A., Jr.; Lindby, J.; Hanson, C.; Holmkvist, M.

(4) Sampson, T.; Gish, T.; Ball, D.; DuBose, J.; Dean, T.; Scott, D.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela