Go Reetsa Jehofa Jaaka Bokhutlo bo Atamela
“Go segō motho eo o nkutlwañ, . . . Gonne eo o mpōnañ o bōna botshelō.”—DIANE 8:34, 35.
1, 2. (a) Go sa kgathalesege go tlhoka kagiso mo ditiragalong tsotlhe tsa motho, ke eng se bangwe ba se buang jaanong? (b) Ke ka ntlha yang fa kagiso ya boammaaruri ka maiteko a batho e ka seka ya kgonega?
GO SA kgathalesege letlhoko la kagiso go kgabaganya ditiragalo, bogolo jang mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, bangwe ba bolela gore merafe e tsaya dikgato tsa go rarabolola mathata a yone. Ba supa lebaka la gore baeteledi-pele ba lefatshe ba tshwara diphuthego tsa ba ba di gogang kwa pele go bua kaga kagiso le go saenela ditumalano tse di farologaneng. Ee, Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le bile la ba la itsese fa ngwaga o o fetileng o ne o tla nna “Ngwaga wa Kagiso ya Lefatshe Lotlhe”! Go ne go solofelwa gore seno e ne e tla nna tshimologo ya boiteko jo bo oketsegileng jwa merafe go oketsa kagiso, ba solofela go atlega mo isagweng e e seng kgakala.
2 Lefa go ntse jalo, a maiteko a a tshwanang le ao a kile a lere kagiso e e nnetseng ruri mo ditiragalong tsotlhe? Fa seo se ne se ka kgonwa ke batho, kagiso e ka bo e sa bolo go nna teng bogologolo—pele ga go ise go nne batho ba ba dikete tse tlhano tsa dimilione ba ba kgaoganeng ka merafe e e fetang 160, ka matlhale a a farologaneng a a senang palo a sepolotiki, itsholelo, le a tsa bodumedi. Mme kagiso ga e ise e ko e nne teng, le gone kagiso ga e kitla e lerwe ke maiteko a baeteledi-pele ba lefatshe leno. Ka ntlha yang go sa kake ga nna jalo? Lebaka le legolo ke gore mathata a setho a masisi fela thata mo eleng gore ga a kake a kgona go rarabololwa ka maiteko a batho ka bobone. Jaaka Yeremia 10:23 e bua ka boammaaruri e re: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”
Lebaka la go bo Maiteko a Batho a ka Seka a Atlega
3. Ke ka ntlha ya lebaka lefe le lengwe le batho le merafe ba se kitlang ba lere kagiso ya boammaruri ka lone?
3 Go na le lebaka le lengwe la go bo maiteko a batho le a merafe a ka seka a lere kagiso ya boammaaruri Bibela e lebisa go lone mo go 1 Yohane 5:19, ka go re: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Tshenolō 12:9 e supa gore “eo o boshula” yoo ke ‘yo o bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe.’ Bakorintha wa Bobedi 4:4 e mmitsa “modimo oa lehatshe yeno.” Ka gone, tsamaiso yotlhe ya gompieno ya puso ya sepolotiki, ya tsa itsholelo, le ya sedumedi e e dirileng thubakanyo e e kana-kana e dirilwe ke puso ya ga Satane, e seng puso ya Modimo. Ke gone ka moo, fa 1 Bakorintha 2:8 e bua ka botlhale jo bo tswang kwa Modimong, e reng: “E le yo go señ opè oa babusi ba lehatshe yeno eo o bo itseñ.”—Luke 4:5, 6.
4. Go ne ga felela ka eng morago ga batsadi ba rona ba ntlha ba sena o lesa go reetsa Jehofa?
4 Fa Satane a ne a tsuologela Modimo, o ne a pateletsa batsadi ba rona ba ntlha go mo reetsa go na le go reetsa Modimo. Ka baka leo, ba ne ba tlogela go utlwa Modimo mme ba leretse lelapa la motho dingwaga tse 6 000 tsa tlalelo. Bibela e re bolelela ka phepafalo gore, Satane o ne a pateletsa batho go dumela gore dilo di ne di ka apara tshiamo fela fa ba ne ba sa reetse Mmopi wa bone. (Genesise 3:1-5) Ka botlhale jwa gagwe, Jehofa o ne a lesa lefatshe la setho ka kakaretso go tswelela ka bolone, le sa kaelwe ke ene, go fitlha nakong eno. Mme ebile tota, mo makgolo-kgolong a otlhe a dingwaga, go supegile ka botlalo gore puso ya motho e reteletswe.—Duteronome 32:5; Moreri 8:9.
5. Lefa kagiso e ka tla a maiteko a batho, ke eng se se tla bong se santse se le mo go rona?
5 Go feta moo, fa Adame le Efa ba ne ba khutlela go reetsa Jehofa, Motswedi wa botshelo jo bo itekanetseng, ba ne ba nna ba ba sa itekanelang mme phelelong ba swa. Ka gone, ditlogolwana tsotlhe tsa bone di ne tsa tsholwa di sa itekanela. Bolwetsi, botsofe, le loso di ne tsa apara setho. (Baroma 5:12) Ka gone he, lefa batho ba ne ba ka atlega mo go lereng kagiso, ba santse ba sa kake ba kgona go alafa bosaitekanelang jo bo ruilweng. Re santse re tla nna re lwala, re tsofala, le go swa. Ereka Satane a ne a ikarabelela mo go se, Jesu o ne a bua jaana ka ene: “Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ.” (Yohane 8:44) Totatota, fa o akanya ka dimilione tse di diketekete tsa batho ba ba kileng ba tshela ba bile ba sule, go ntse jaaka ekete Satane o ba bolaile botlhe fela.
6. Basinyi ba kagiso ke bomang, mme ba tshwanetse go diragalelwa ke eng?
6 Satane gape o ne a pateletsa dibopiwa tse dingwe tsa semoya go kopanela le ene mo go tsuololeng, mme botlhe ba ba bosula bano ba ne ba gana go reetsa fa Jehofa a bua. Jalo ke Satane, badimona ba gagwe, le batho ba ba tsuologileng ba ba lerileng lefatshe leno mo seemong se le leng mo go sone gompieno. Ba tshwanetse go fedisiwa botlhe, go fedisa dingwaga tse di tletseng tshenyo tseno tse 6 000 tsa tekeletso ya go tshela kwantle ga go busiwa ke Modimo. Baroma 16:20 e re tlhomamisetsa gore, ‘Modimo wa kagiso o tla akoha o tapeta Satane,’ gammogo le badimona ba gagwe le batho botlhe ba ba ganang go reetsa fa Modimo o bua.—Mathaio 25:41.
Tlhokafalo e Kgolo ya Go Reetsa Jaanong
7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gotetsa maiteko a rona mo go direleng Jehofa jaanong?
7 Jaanong re setse re tseneletse thata mo karolong ya bofelo ya ‘metlha eno ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5) Ka baka leo, go na le tlhokafalo e kgolo go feta ya go reetsa se Jehofa a se re bolelelang. Go bile go na le tlhokafalo e e tshwanang ya go oketsa boikemisetso jwa rona jwa go intsha ditlhabelo go mo direla. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gotetsa maiteko a rona? Ka gonne Satane o itse gore “lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshwane.” (Tshenolō 12:12) Jalo ruri o tla oketsa maiteko a gagwe a go bodisa le go senya.
8. (a) Ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera e ka seka ya emisiwa ke baba ba yone? (b) Re tshwanetse go dirang go boloka tshegetso ya bomodimo?
8 Satane o tla batla segolo thata go emisa Basupi ba ga Jehofa go rera mafoko a a molemo a Bogosi. Mme ga a kake a kgona, ka gonne Jehofa o ba solofeditse jaana: “Ga go na sebolaō sepè se se thudilweñ kaga gago se se tla segōhalañ.” (Isaia 54:17) Bao ba ganetsang batlhanka ba gagwe ba tla ‘fitlhelwa ba bile ba tlhabana le Modimo.’ (Ditihō 5:38, 39) Jalo, tiro ya go bolelwa ga Bogosi go gola ka maatla ngwaga le ngwaga, ka baka la tshegetso e e maatla ya moya wa ga Jehofa, Jesu Keresete, le matshutitshuti a matsholo a seengele. Go boloka tshegetso eo ya bomodimo, batlhanka ba ga Jehofa ba kelotlhoko go utlwa kgakololo e e mo go Yakobe 4:7, 8 e e reng: “Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ; me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba. Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.”
9. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go nyatsa Satane?
9 O seka wa nyatsa kgono ya ga Satane ya go tsietsa le go gobatsa. Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ: Lo èmalanè naè lo nitame mo tumeloñ ea lona.” (1 Petere 5:8, 9) Fa o ne o itse gore tau e e bogale thata e tlhagile gaufi le lona, o ne o tla nna podimatseba go itshireletsa le ba lelapa la gago. Fa go buiwa ka Satane, re tshwanetse go nna re le podimatseba le go feta, ka gobo o ka re gobatsa ka bosakhutleng. Ka bohutsana, bontsi jwa batho ga bo a itshireletsa ka gonne ga ba dumele le e leng gore Satane o gone. Ka ntlha yang go ntse jalo? Ka gonne ba itlhophela go sa reetse Lefoko la ga Jehofa. Mme tlhopho e e maswe eo e tla felela jang? “Se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.”—Bagalatia 6:7.
Fa ba Goeletsa ba re “Kagishō le Thagamō”
10, 11. (a) Ke eng seo re tshwanetseng go se gakologelwa malebana le go atlega gope goo merafe e ka nnang le gone mo go lereng kagiso? (b) Ke boperofeti bofe jwa Bibela jo bo supelang go senka kagiso ga merafe mo motlheng wa rona? (c) Kagiso epe fela ya mofuta oo e tla nna lobaka lo lo kae?
10 O seka wa tsiediwa ke katlego epe e merafe e ka nnang nayo mo go lereng kagiso. Ka metlha gakologelwa gore Jehofa ga a dirise barongwa bape ba lefatshe leno mo go direng seo. Jehofa o na le tsela ya gagwe ya go lere kagiso ya boammaaruri, mme o tla dira jalo fela ka Bogosi jwa gagwe tlase ga Keresete. Jalo katlego epe fela e merafe e ka nnang nayo mo go tlhomeng kagiso, ga e na go tsaya sebaka gape e tla nna maphaphai fela. Go tla bo go sa fetoga sepe tota. Bokebekwa, bothubaki, ntwa, tlala, khumanego, go thubega ga malapa, boitsholo jo bo maswe, bolwetsi, loso, gammogo le Satane le badimona ba gagwe ba tla bo ba santse ba na le rona go fitlhelela Jehofa a di fedisa tsotlhe. “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.”—Pesalema 127:1.
11 Boperofeti jwa Bibela bo supa gore merafe e tla tshwaragana mo boitekong jwa go lere kagiso mo motlheng wa rona. Bo bolela jaana: “Gonne le lona ka losi lo itse sentlè ha letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo. E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle, yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.” (1 Bathesalonia 5:2, 3) Go goa moo ga “Kagishō le thagamō,” ga go kake ga raya gore go senyega ga lefatshe leno go fedile. Timotheo wa Bobedi 3:13 e bolela gore “batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele hèla.” Tota-tota go tla bo go santse go ntse fela jaaka go ne ga bolela moeteledipele wa lekgotla la tsa tikologo yo o neng a re: “Bothata jo bogolo jo batho ba lebaneng najo ke gore jaanong ga ba laolesege.”
12. Batlhanka ba ga Jehofa ba itseng kaga seo tota se kaiwang ke go goeletsa “Kagishō le thaga- mō” mo go tlang?
12 Batho ba bantsi mo lefatsheng ba tlile go tsiediwa ke ditsholofelo tse di sa kakeng tsa diragala fa go tla bo go goelediwa “Kagishō le thagamō”! Mme batlhanka ba ga Jehofa ga ba na go tsietsega, gonne ba reetsa fa Modimo o bua. Ka gone, ba itse go tswa Lefokong la gagwe gore polelo eo ga e na go lere kagiso ya boammaaruri le polokesego. Go na le moo, tota-tota e tla bo e le sesupo sa bofelo sa gore ‘tshenyego ya tshoganetso e tloga e ba wela.’ E tla bo e itsese go simologa mo go gaufi ga “sepitla se segolo” se Jesu a neng a bolelelapele fa se tla diragala mo motlheng wa rona. O ne a re: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.”—Mathaio 24:21.
13. Bibela e tlhalosa go fedisiwa ga mebuso ya batho jang?
13 Puso ya motho e tla khutlisiwa ka “sepitla se segolo.” Pesalema 2:2-6 ya re: “Dikgosi tsa lehatshe dia ikemisa, le balaodi ba logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa oa gagwè, ba re, A re kgaoleñ dithapō tsa bōnè, le megala ea bōnè re e latlhè mo go rona. Ena eo o dutseñ mo magodimoñ o tla tshèga: Yehofa o tla ba shotla. Ke gōna hoñ o tla buañ nabō ka bogale yoa gagwè yo bogolo, o tla ba rèma marapō ka bogale yoa gagwè yo bo tukañ: Leha go nntse yalo ke tlhomile kgosi ea me mo thabaneñ ea me e e boitshèpō ea Siona [wa selegodimo].” Pesalema 110:5, 6 e oketsa ka go re: “Yehofa, . . . o tla phololetsa dikgosi mo letsatsiñ ya kgalehō ea gagwè. O tla atlhola mo merahiñ.” Maano otlhe a sepolotiki a tla fela, ka gonne Isaia 8:9, 10 e bolela jaana: “Itlameñ, me lo tla thubagañwa. Gakololanañ, me go tla cwa lehèla; buañ lehoko, me ga le ketla le èma; gonne Modimo o nntse le rona.”
Go Tlhomamisega ka Phalolo
14. Ke ka ntlha yang fa re tlhomamisega gore go tla nna le bafalodi ba bokhutlo jwa lefatshe leno?
14 Re tshepa gore Jehofa o tla nna a itsese batho ba gagwe e le gore ba tle ba tsee dikgato tse di tshwanetseng go falola “sepitla se segolo” se se tlang. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega jalo? Ka gonne boperofeti jo bo mo go Tshenolō 7:9, 14 bo bontsha gore “boidiidi yo bogolo” ruri bo tla falola. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya go reetsa fa Jehofa a bua gape ba laiwa sentle. Ka tsela eno ba “boidiidi yo bogolo” ba kgona go dira se Tshenolō 7:15 e se bolelang: “Ba o dihèla motshegare le bosigo.” Ka gone ba dira thato ya Modimo, ba amogelwa ke ene, gape ba sirelediwa go falola bokhutlo jwa lefatshe leno.—1 Yohane 2:15-17.
15. Joele o tlhalosa jang go thubaganngwa ga tsamaiso eno, mme go tla nna le phelelo efe mo batlhankeng ba Modimo?
15 Yoele 3:13-16 le yone e bua ka phalolo ya batlhanka ba Modimo fa tsamaiso eno e tšhwetliwa jaaka mofine mo kgatisetsong. E bolela jaana: “Tsenyañ thipa ea mabèlè, gonne mabèlè a budule: . . . didibelecō dia penologa; gonne boikèpō yoa bōnè bo bogolo. A bontsintsi, bontsintsi yoa batho mo molapoñ oa katlholèlō! gonne motlha oa ga Yehofa o atametse mo molapoñ oa katlholèlō. Letsatsi le hihetse le kgwedi, le dinaledi di gonyetsa go phatsima ga cōna. Me Yehofa o tla karatla a le mo Siona [wa selegodimo], . . . magodimo a tla tlakasèla le lehatshe: me Yehofa o tla nna botshabèlō yoa batho ba gagwè.”
16. Ke boperofeti bofe jo bongwe jo bo bontshang gore Jehofa o tla boloka batho ba gagwe mo tshenyegong ya lefatshe?
16 Ka go tshwana, mo go Isaia 26:20, 21 Jehofa o bolela jaana ka nako e e tlang eo: “Ntlo, wèna chaba ea me, u tsènè mo matlunyaneñ a gago, u icwalèlè meyakō u le kwa teñ; u iphitlhè ka lobaka lo lonyenyane, go tsamaee kgakalō e hete. Gonne, bōnañ, Yehofa o cwa mo heloñ ga gagwè, a cwèla go beletsa banni ba lehatshe boikèpō yoa bōnè.” Ka gone he, Sefania 2:2, 3 e kgothatsa jaana: “Letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa le e se le tle mo go lona. Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”
Go “Sianèla” kwa go Jehofa
17. (a) Go tshwanetse ga dirwang go bona tshireletso ya ga Jehofa? (b) Batho ba lefatshe la pele ga Morwalela ba ne ba dira phoso efe?
17 Diane 18:10 e bolela jaana: “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.” A o “sianèla” kwa go Jehofa? Gakologelwa se Jesu a se buileng kaga batho ba motlha wa ga Noa. Ba ne ba “ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.” (Mathaio 24:38, 39) Se se neng se le phoso e ne e le go tshwarega ga bone ka sengwe le sengwe kwantle ga go reetsa Modimo fa o bua ka motlhanka wa one Noa, “moreri oa tshiamō.” (2 Petere 2:5) Ka gobo ba ne ba seka ba reetsa, fa Morwalela o tla o ne “oa ba tlosa botlhe” wa ba senya.
18. Ke ka ntlha yang fa go nna batho “ba ba siameng” fela go ne ga seka ga boloka bao ba neng ba senngwa ke Morwalela?
18 Kwantle ga pelaelo bontsi jwa bao ba neng ba bolawa ke Morwalela ba ne ba ipona e le batho ba ba “siameng,” ba ba sa kopanyelediweng mo bothubaking jo bo neng bo tletse mo bathong ba metlha eo. Mme go “siama” fela ga go a ka ga ba boloka. Ka go tlhokomologa ga bone ba ne ba mpampetsa bosula jwa motlha wa bone. Selo sa botlhokwa-tlhokwa e ne e le gore ba ne ba seka ba “sianèla” kwa go Jehofa; ba ne ba seka ba reetsa fa motlhanka wa Modimo a bua. Ka jalo ba seka ba tsaya dikgato tse di tshwanetseng go bona phalolo. Mo letlhakoreng je lengwe, ba ba neng ba reetsa ba ne ba falola.
19. Bat hanka ba ga Jehofa ba roba melemo efe e e gakgamatsang le eleng jaanong, mme ka ntlha yang.
19 Gompieno Modimo o bua le ba ba mo reetsang kaga kagiso. Mo go tla nnang le phelelo efe mo go bone? Isaia 54:13 ya re: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” Ee, “Yehofa o tla segōhatsa batho ba gagwè ka kagishō.” (Pesalema 29:11) Ka gone, mo gare ga lefatshe leno le le tletseng thubakanyo, Basupi ba ga Jehofa ba na le kagiso ya boammaaruri, e e sa senyegeng gareng ga bone. Ba na le bokaulengwe jo bo lorato jwa merafeyotlhe joo baeteledipele ba lefatshe, merafe ya bone, le bodumedi jwa bone ba sa kgoneng go nna najo. Ka ntlha yang? Ka gonne bano ga ba reetse tota fa Modimo o bua. Jalo ga ba dire se o se buang. Mme Basupi ba ga Jehofa ba reetsa Modimo. Ba tsaya mafoko a a mo go Moreri 12:13 ka masisi a a reng: “Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.”
20. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go giranog go falolela mo lefatsheng je lesha la Modimo?
20 Seo ke se mongwe le mongwe—ee, botlhe ba ba batlang go tshela mo lefatsheng je lesha la Modimo—ba tshwanetseng go se dira. Ba tshwanetse go “sianèla” kwa go Jehofa kwantle ga tiego. Tota-tota, ba tshwanetse go kaelwa ke botlhale jo ba bo filweng ke Modimo jo bo tlhalosiwang jaana: “Ntheetsañ: gonne go segō ba ba tshegetsañ ditsela tsa me. Utlwañ thutō, lo tlhalehè, me lo se ka loa e gana. Go segō motho eo o nkutlwañ, . . . Gonne eo o mpōnañ o bōna botshelō.”—Diane 8:32-35.
O Ne O Tla Arabela Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa maiteko a batho a se kitla a atlega mo go lereng kagiso?
◻ Ke ka ntlha yang fa jaanong go reetsa Jehofa go tlhokafala thata?
◻ Go goa ga “Kagishō le thagamō,” mo go tlang tota go tla kayang?
◻ Re tshwanetse go dirang fa re batla go falolela mo tsamaisong ya Modimo e ntsha?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Satane o gatetse maiteko a gagwe a go bodisa le go senya, jaaka tau e e dumang
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Fa tsamaiso eno e tsamaiso eno e tshwetliwa jaaka mofine mo kgatisetsong, “Yehofa o tla nna botshebelo yoa batho ba gagwe”