LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o a Boloka—jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Loso lo Tla Nyelediwa, e le Mmaba wa Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Thekololo ya ga Keresete Tsela ya Modimo ya Poloko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Ke ntse ke tlhaloganya gore fa e sale motho a leofa Modimo o ile a dirisanya le batho ka Morwawe fela. Jalo Modimo o ne o ka dirisanya jang ka tlhamalalo le Satane, jaaka buka ya ga Jobe e bontsha?

Modimo o ile a dirisanya le batho ka Morwawe pele morago ga fa Adame a sena go leofa mme a tsala losika le le sa itekanelang​—Baroma 5:12

Bakolosa 1:16, 17, ya riana mabapi le Morwa Modimo wa motsalwapele: “Dilō cotlhe di bopilwe mo go èna, tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshin, dilō tse di bōnalañ, le dilō tse di sa bōnaleñ, . . . Dilō cotlhe di bopilwe ka èna, di bile di bopecwe èna; E ile èna o nntse pele ga dilō cotlhe, dilō cotlhe di bile di chwaraganye mo go èna.” Yohane 1:1-3 e tlhalosa ka tsela e e tshwanang, mme re ithuta gape gore Morwa yo ne e le Lefoko, kana Logos. Lefa batho botlhe ba ne ba itekanetse, pele ga Adame le Efa ba leofa, Modimo o ne a dirisanya le bone le go buisanya le bone ka mmueledi wa Gagwe, e bong Lefoko. Jalo ga re a tshwanela go akanya gore go dirisanya ga Modimo le batho ka Morwawe ke ka ntata ya go bo motho a ne a leofa le go sa itekanela.

Bibela ga e re tlhalosetse mo gontsintsi gore Jehofa Modimo o buisana jang le dibopiwa tsa semoya. Mo go Yobe kgaolo 1 le 2 go bolelwa gore Satane o kile a bonala “ha pele ga Yehofa” kwa kopanong ya baengele kwa legodimong. “Me Yehofa a raea Satane, a re, U cwa kae?” (Yobe 1:6, 7) Mo kgannyeng eno, buka ya ga Jobe ga e bontshe Satane a buisana le Jehofa ka motsereganyi mongwe. Gape, moperofeti Mika o ne a nna le ponatshegelo ya ga Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi Moperofeti yoo o ne a bona moengele mongwe a buisana le Jehofa, mme ga go umakiwe motsereganyi ope. (1 Dikgosi 22:19-23) Ga go buiwe sepe ka Logos mo dikgannyeng tseno tsoopedi. Ga go bolelwe ka tlhamalalo gore a o ne a kopanyelediwa ka tlhamalalo kana nnya.

Lemororo mokgwa o Jehofa Modimo a neng a buisanya le Adame ka one go ne go sa tlhokafale gore o fetoge morago ga motho wa ntlha a sena go leofa, kgang ya ga Adame kwa ntle ga pelaelo e ne e farologanye. Pele ga fa a leofa Adame e ne e le “morwa Modimo” wa senama (Luke 3:38) Morago ga moo e ne e sa tlhole e le ene. Bana ba ga Adame le bone ba ne ba sa itekanela, ba kgotletswe ke sebe. Ka tsela e e ntseng jalo, Jehofa o ne a se mo seemong sa go leba le eleng banna le basadi ba ba ikanyegang jaaka ‘bomorwawe,’ kana bana ba senama. Lefa go ntse jalo, o ne a rulaganyetsa phetogo. Jesu o ne a tla go ntsha setlhabelo sa thekololo, a dira motheo wa gore Jehofa a itshwarele dibe tsa bao ba dumelang mo setlhabelong seo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosetsa Bakeresete jaana: “E rile re sa nntse re le baba ra letlanwa le Modimo ka losho loa Morwa ōna.”​—Baroma 5:10; Baefesia 1:7.

Ee, Jehofa jaanong o ne a ka itshwarela dibe tsa batho ba ba nang le tumelo mme a ba leba jaaka ba ba phepa, barwa ba ba senang sebe ba senama, e le ba ba siametseng gore o ka ba tshola jaaka bomorwawe ba semoya, kwa ntle ga gore ene ka boene a nne mosiamolodi kana a itshekologe (Baroma 3:25, 26; 8:15-17) Lefa go ntse jalo, le eleng mo kgannyeng e, Modimo o ne a dirisa Morwawe, jaaka go bontshiwa ke tiragalo eo Jesu a neng a tsholola moya o o boitshepo ka Pentekosete mo go yone.​—Ditihō 2:33.

Ka jalo go dirisana ga Modimo le batho ka Lefoko e ne e se segolobogolo ka ntata ya boleo jwa motho, lefa e le gore go tshwanelwa ke go lejwa jaaka kganetso ya seo re se balang mo bukeng ya ga Jobe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela