Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ A Jehofa Modimo o ne a bua le Adame ka tlhamalalo, kana a o ne a bua le ene ka Lefoko, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo?
Bibela ga e re neye karabo e e tlhamaletseng ya potso eno. Lemororo Modimo a ka tswa a ne a bua ka tlhamalalo le morwawe yo o itekanetseng yono kwa Edena, go lebega o ne wa bua le Adame ka Lefoko.
Bibela gantsi e bua gore Modimo o dirile dilo fa tota a di dirile ka mongwe wa baengele ba gagwe. Ka sekai, Genesise 1:1 e re bolelela jaana: “Erile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” Fa e le gore seo ke sotlhe seo Bibela e neng e se bua ka tshimologo ya lobopo, re ne re tla swetsa ka gore Modimo o le dirile ka tlhamalalo, jaaka ekete ke ka diatla tsa gagwe. Lefa go ntse jalo, Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di oketsa kutlwisiso ya rona mo go seno. Re bala jaana: “Dilō cotlhe di bopilwe mo go èna [Morwa Modimo], tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshiñ, dilō tse di bōnalañ, le dilō tse di sa bonaleñ . . . dilō cotlhe di bopilwe ka èna, di bile di bopecwe èna.” (Bakolosa 1:16, 17) Ditemana tse dingwe di tlhomamisa seabe sa Morwa mo go bopiweng ga lobopo. (Yohane 1:3, 10; Bahebera 1:1, 2) Lefa go le jalo, seabe sa gagwe e ne e le sa modiri yo a neng a dira kafa tlase ga ga Jehofa, yo a simolotseng a bo a nonotsha, a bo a kaela lobopo.—Pesalema 19:1.
Modimo o ne wa raya motho wa ntlha wa re: “U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata.” (Genesise 2:16, 17) Jehofa o ne a sa tlhoke sedirisiwa sengwe se se kaelwang ke motho kana sa eleketeroniki, jaaka sengwe seo se tsamaisang modumo kana radio. Ke fela jaaka Tora ya Tebelo ya August 1, 1989, e ne ya bua jaana: “Monna yono o ne a seka a bona motho yo o neng a bua. Lentswe le le neng le tswa kwa bosabonaleng, kwa lefelong leo le sa bonaleng, le ne le bua nae. E ne e le lentswe la Modiri wa monna yono, Mmopi wa gagwe! . . . Monna yono o ne a sa tlhoke mogala ope wa segompieno wa boitseanape wa seromamowa e le gore a tle a kgone go utlwa lentswe leo la Modimo. Modimo o ne wa buisana nae ka tlhamalalo jaaka sebopiwa sa gagwe.”
A Modimo o ne a bua ka moengele, gongwe ka Lefoko, leo le neng la nna Jesu? Go ka tswa go ne go le jalo. Lefa re sa batle go nna ba ba gagametseng thata, C. T. Russell o ne a kwala jaana: “Gongwe Jesu e ne e le Moemedi wa Modimo mo go Adame kwa Tshimong ya Edena.” (The Watch Tower, February 1, 1915) Morwa wa leitibolo wa Modimo o ne a sa bolo go direla mo boemong jono jo bo goletsegileng jaaka “Lefoko” la ga Rraagwe, kana Mmueledi, wa baengele le batho. (Yohane 1:1; 12:49, 50; Tshenolō 1:1, 2) Ka jalo le eleng lefa pego ya Genesise e akantsha gore Modimo o buile ka tlhamalalo le Adame yo a neng a le esi, seno ga se reye gore O ne a ka seka a bo a buile ka moengele, go akaretsa le Lefoko, Morwa wa selegodimo wa ga Jehofa. Segolobogolo seno se ne se ka nna jalo fa re akanya gore Jehofa o ne a dirisa Lefoko go bopa motho, mme ‘natefelo ya gagwe e ne e le mo baneng ba batho.’—Diane 8:22, 31; Yohane 1:3.
Ka sekai, tlhokomela nako ya fa Moshe a ne a tlhatlogela kwa Thabeng ya Sinai. Ekesodo 19:21-24 e re bolelela jaana: “Me Yehofa a raea Moshe, a re, . . . Me Moshe a raea Yehofa, a re, . . . Me Yehofa a mo raea, a re.” Mme pego eo mo go yone a neng a neelwa Melao e e Lesome e itsisiwe ka tsela eno: “Me Modimo a bua mahoko a aotlhe.” (Ekesodo 20:1) A seno se utlwala jaaka ekete Modimo o ne wa bua mafoko a Molao ka boene? Re ka nna ra akanya gore seo se ntse jalo ka re bolelelwa gore Moshe o ne a bua le Modimo “go lebanywe ka dihatlhōgō.”—Ekesodo 33:11.
Lefa go le jalo, re santse re senolelwa go le gontsi ka seno. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka Molao: “Me oa tlhōñwa ke baengele ka seatla sa motseriganyi.” (Bagalatia 3:19) Moragonyana, Paulo ka mo go kgethegileng o ne a bapisa ditaolo tseo Modimo o neng o di neetse ka Molao le tseo Bakeresete ba neng ba di amogela ka Jesu jaana: “Ha lehoko ye le builweñ ka baengele le hitlhecwe le le tlhōmamō, me tlolō ñwe le ñwe, le go gana go utlwa, ga bōna tuèlō ea tehishō e e lekalekanyeñ . . . Ana rona re tla halola yañ, ha re tlhokomologa polokō e e kalō? e e rileñ e sena go bolèlwa pele ka Morèna [Jesu], ra e tlhōmamisediwa ke ba ba e utlwileñ.” (Bahebera 2:2, 3) Ka jalo Modimo ga o a ka wa bua mafoko a Molao ka lentswe la gagwe, kana lefa e le gone go dirisa Lefoko. Go na le moo, o ne a dirisa baengele.
Ntlha ya motheo fano ke efe? Gantsi fa re bala ka gore Modimo o ne wa bua le batho, re tlhokomela gore o dirile seo ka dibopiwa tse di kutlo tsa semoya tseo di neng di bua mo boemong jwa gagwe. (Bapisa Genesise 18:2, 3, 33; 19:1; Ekesodo 3:2-4; Baatlhodi 6:11, 12, 20-22.) Go bidiwa ga ga Jesu Lefoko go akantsha gore e ne e le ene yo Modimo a neng a mo dirisa go bua le dibopiwa tse dingwe. A seo se ne se kopanyeletsa morwa yo o itekanetseng wa Modimo, Adame? Gongwe.—Luke 3:38.
Go boammaaruri gore fa Lefoko morago a ne a le mo lefatsheng, Rraagwe o ne a bua le ene ka makgetlo a le mararo a utlwiwa mo “Adame oa moragō” a neng a ka kgona go utlwa. (1 Bakorintha 15:45; Mathaio 3:16, 17; 17:1-5; Yohane 12:28-30) Mo makgetlong ano, ke ka ntlhayang fa Modimo o ne wa bua le kana kaga Morwawe yo o botlhokwa ka moengele mongwe? Go a utlwala he gore Jehofa o ne a ka bua le ene ka tlhamalalo; Morwawe yo o itekanetseng, le eleng batho bangwe ba ba sa itekanelang ba ba neng ba le gaufi le foo, ba ne ba utlwa lentswe le eleng la Modimo. Ka jalo fa motho yo o itekanetseng Adame a ne a bopiwa, Rraagwe yo o lorato o ka nna a tswa a ne a dirisana le sebopiwa seno se se itekanetseng se sesha ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, malebana le se se setseng se umakilwe, go lebega gore o ne a dirisa Lefoko.