Loeto lo lo Senang Bokhutlo
Jaaka go boletse Eva Carol Abbott
KE TSETSWE ka 1908, ka kgwedi ya December, ka letsatsi la bo 21, ke Grace Pearl le William Reuben Vaughan. Polasa e e gaufi le Emporia, Kansas, U.S.A., e ne e le legae la rona. Go tswa Emporia re ne ra fudugela kwa lefelong le le nang le bojang jo bontsi la Colorado, koo botshelo bo neng bo le thata ebile bo le bodutu gone. Re ne re na le kago ya go boloka dilo, le pompo ya metsi, le ntlo eo mmè a neng a ntlhalosetsa gore e ne e tshwana le koloi ya seporo. Go ne go na le phaposi e kgolo ya boapelo le phaposi e nngwe e kgolo e e nang le phaposi ya bonno le phaposi ya borobalo.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba baagelani ba se kae fela ba ne ba nna mo didakautong. Matlo ano bontlhanngwe jwa one bo ne bo tlhageletse kwa godimo ga mmu mme bontlhanngwe bo le kafa tlase ga mmu. Ka nako ya dikarolo tsa mariga a maleele, matlo a bone a ne a atisa go hupidiwa ke kapoko. Ka makgetlo ano batsadi ba me ba ne ba atisa go amogela mogala go tswa go baagelani bano ba ba thibetsweng ke kapoko (ba ntse ba humanegile jalo, ba ne ba na le megala) ba botsa nako, mme morago ga go ba bolelela, potso e e latelang e ne e le, ‘A o raya bosigo kana motshegare?’
Ka dinako di le mmalwa ka ngwaga batho ba ba nnang mo dipolotong, jaaka re ne re bidiwa, ba ne ba atisa go ya sekgweng gangwe ka matsatsi a le mantsi ka nako nngwe go ya go rema mekgoro. Mekgoro eo e ne e tlhatlaganngwa go fitlha kwa godimo mo dikoloing tse di gogiwang ke setlhopha se se tiileng sa dipitse mme di isiwa kwa toropong go ya go reka dijo, dijo tsa mariga, le dipeo tsa selemo ka tsone gore go lemiwe dijalo. Ka dinako tseno Mmè o ne a atisa go nna a le nosi le nna, mme o ne a atisa go bala Bibela ya gagwe a bo a nna a e bala go fitlhela bosigo bo tsena. O ne a dumela ka tlhomamo gore Modimo o na le batho, mme o ne a batlana le tsela ya bone.
Fa ke ne ke na le dingwaga di le tharo, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa polaseng nngwe mo Kansas gaufi le torotswana ya Kiowa. Bontlhanngwe jwa loeto loo lo ne lwa tsamaiwa ka koloi eo rre a neng a e khurumeditse ka seile kwa godimo. Ke ne ka lwatswa ke seo se neng se bidiwa mokgotlhwane, mme ke gakologelwa fa ke ne ke robetse mo fatshe mo koloing, go le monate ebile gole bothitho, ke lebeletse lantereng ya leokwane le le tswang mo malatlheng e akgegela kwa morago le kwa pele mo marulelong a seile a a fa godimo. Mmè o ne a ntshasa mafura a kolobe a a tlhakantsweng le teramotene, le leokwane le le tswang mo malatlheng. Ke sa ntsane ke gakologelwa ka fa ke neng ke ikutlwa monate ka teng mmogo le go thokgama le lorato tseo di neng di tsamaelana le gone.
Tshimologo ya Loeto
Sengwe sa dilo tseo ke neng ke di gakologelwa tsa fa ke ne ke sa le ngwana ke fa re fudugela kwa Alva, Oklahoma. Mmè o ne a santse a batlana le tsela e e isang kwa “bathong ba Modimo.” Letsatsi lengwe Mmè o ne a fitlhela dipampitshana dingwe tsa Bibela mo mokatakong wa rona. Ka bonako morago ga moo rre o ne a atamelwa ke mmulatsela mongwe (modihedi wa nako e e tletseng) kwa shopong eo a neng a bereka kwa go yone, yo o neng a mmontsha nngwe ya dibolumo tsa Studies in the Scriptures ka C. T. Russell, mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Society. Lemororo Rre a ne a reka buka eo, ke Mmè yo o neng a e bala le go lemoga fa molaetsa wa yone o tswa mo motsweding o o tshwanang le o dipampitshana tseo di neng di tlogetswe mo mokatakong di neng di tswa mo go one.
Rre o ne a lalediwa kwa dipokanong tsa thuto ya Bibela mo maitseboeng ao ke mmulatsela yoo. O ne a sa batle go ya koo, mme Mmè o ne a ya le nna. Ga ke kgone go gakologelwa fa ke ne ke le kwa pokanong eno, mme ke ne ka utlwa dintlha ka botlalo go tswa mo go mmè ka makgetlo a le mantsi. Go ne go na le ba ba ka nnang 10 kana 12 bao ba neng ba le gone, mme go ne ga bodiwa potso e e neng e re, “Re swa jang?” Kgaitsadi mongwe yo o neng a le gone o ne a araba jaana, “Jaaka sebatana.” Mmè o ne a gamarega. O ne a ba tsena ganong jaana: “Intshwareleng, a mme ke a go tlhaloganya fa ke dumela gore re swa jaaka sebatana?” Mokaulengwe yo o neng a tshwere pokano eo o ne a a araba jaana: “Bula mo go Moreri 3:19-21 mme o e ipalele?”
“Ba ne ba ntetlelela gore ke emise pokano eo yotlhe ka dipotso tsa me tse di latelanang, mme ba ne ba dirisetsa thapama eo yotlhe go di araba,” Mmè o ne a tle a itumelele go mpolelela jalo. Ke gopola Mmè a itumetse thata fa re boela gae. Ruri o ne a bone batho ba Modimo le tsela ya botshelo e a neng a batla go e latela. Se e ne e le tshimologo ya loeto!
Eno e ne e le 1913. Ka bonako go ne go bontshiwa pontsho ya ditshwantsho tse di tsamayang le ya dislide ya Watch Tower Society, “Photo-Drama of Creation.” Mmè o ne a itumetse thata go nna mongwe wa ba ba neng ba le gone ka nako eo e neng e botshiwa ka yone mo holong ya toropo. Dingwaga tseo mo Alva e ne e le tse di itumedisang mo go Mmè. Ke ne ke tle ke mo reye ke re, “Mmè, o a nyenya jaanong, mme o ne o tlhola o sa nyenye go le kalokalo.”
Jaanong Mmè o ne a emela boammaaruri ka nitamo. Seno e ne e le ka nako eo bangwe ba Diithuti tsa Bibela ba neng ba dumela gore ba ka nna ba tseelwa kwa legodimong “ka letsatsi lepe jaanong,”, jalo ba ne ba bonela go nna kwa ga mothakga goo go neng go tla akofa go diragala pele. Mme go ne go sa nna jalo ka Mmè. O ne a sa nwela thatathata mo ditebelelong tsa ka bonako tsa selegodimo. Mmè o ne a ‘tshwaregile tota,’ jaaka a ne a bolela, ‘a ithuta, a bala, a ya kwa dipokanong, le go nna le seabe mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi.’
Ka bonako Ntwa ya Lefatshe I e ne e lowa, mme seno se ne sa tlisa pogiso go tswa go batho ba toropo. Ke gopola ke patile Mmè go ya ka ntlo le ntlo re bona batho ba ba ikwadisitseng maina ba kopa goromente wa U.S. gore a golole Mokaulengwe Rutherford le bankane ba gagwe bale supa go tswa mo kgolegelong ya Atlanta, Georgia, koo ba neng ba tsentswe ka mo go sa tshwanelang mo kgolegelong teng. Mme gape go ne ga direga sengwe seo se neng sa re pateletsa go tsamaya.
Ntwa e ne ya khutla, mme leroborobo la mokgotlhwane le ne la tlhasela. Mokgotlhwane oo o ne wa tlogela Mmè a otile. Ngaka e ne ya gakolola Rre gore a mo fudusetse kwa California bokone koo maemo a bosa a neng a le botoka gone. Re ne ra goroga kwa Los Angeles mme ra aga mo Alhambra, nngwe ya dikgaolo tse di dikologileng toropo. Koo ke ne ka lebana le tshwetso e kgolo go gaisa mo botshelong jwa me.
Ka 1924 nna le tsala ya me re ne ra tsaya loeto ka terena go ya kwa Los Angeles go tsenelela phitlho ya kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo re neng re mo rata thata. Fa re boa mo loetong leo, re ne ra tlotla ka kgang ya go kgethiwa (eo jaanong e bidiwang boineelo). Ke ne ka simolola go akanya ka botshelo jwa me ka masisi mme ke ne ka tlotla le Mmè ka seno. Seno se ne sa felela ka gore ke dire patlisiso ka setlhogo seno ka go dirisa dikgatiso tsa Watch Tower tse di gatisitsweng sesha, ke bala sengwe le sengwe se se malebana le go kgethiwa go boela kwa ngwageng wa 1908. Ka bonako morago ga moo ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa, mme ka October 1925 ke ne ka kolobetswa.
Balekane mo Loetong
Ka letsatsi lengwe ka 1927, ke ne ka bolelelwa gore go na le mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Herbert Abbott yo o neng a batla go kopana le nna. Ke ne ka gakgamala, ereka ke ne ke sa mo itse le eleng gore ke mang. Mme go ne ga seka ga ntsaya nako e telele gore ke itse. Fa a sena go itse gore ke na le dingwaga di le 18 le gore ke setse ke ineetse ka dingwaga di le pedi go ne ga mo itumedisa. Re ne ra bolelana maina a rona, re ne ra foreiyana ka dikgwedi di le tharo, mme ra nyalana ka July 1927.
Nna le Herbert re ne ra reka ntlo mo dithabeng tse dintle tsa Pasadena. Ka letsatsi lengwe ka dikgakologo tsa ngwaga wa 1928, ke ne ka tla ka lekwalo, leo le neng le na le boikitsiso jo bo malebana le tirelo ya bobulatsela. Maitsiboa fa Herbert a boa kwa tirong, ke ne ka tlhagisa mogopolo wa gore re rekise ntlo ya rona re bo re tsenela tirelo ya nako e e tletseng ya bobulatsela. O ne a re fa e le gore ke ikemiseditse go tlogela tsela ya rona ya bosheng eo re neng re tshela ka yone, o ne a ka seke a gane.
Re ne ra amogela tshimo kwa Charles City, Iowa, e e neng e tshwanetse go berekwa fa re boa kwa kopanong kwa Detroit, Michigan. Fa selemo se tsena dithulaganyo tsa rona tsa bobulatsela di ne di konetswe, mme ra gakgamadiwa ke gore ke ne ke le moimana. Re ne re tlile go dira eng? Fa re ne re ka fetola dithulaganyo tsa rona jaanong go ne go tla tshwana le go re: “Re a itse, Jehofa, gore o ne o tla re tlhokomela re le babedi mme eseng re le bararo.”
Morago ga kopano eo, Herbert le nna re ne ra ya kwa kabelong ya rona kwa Charles City. Mme mo e ka nnang mo kgweding ya me ya borobedi ke le moimana, go ne go bonala go le botlhale gore re boele kwa Los Angeles. Mo masimologong a January 1929, morwadia rona yo montle ebong Perousia Carol o ne a belegwa. Lefa go ntse jalo, boitumelo jwa rona le ene bo ne jwa tsaya dikgwedi di le robongwe fela; o ne a tlhokafala ka October.
Tsholofetso ya ga Jehofa ya tsogo e ne e le yone ya konokono mo megopolong ya rona. Lefa go ntse jalo, loso ke mmaba, mme go bona morwadia rona yo mmotlana a sule go ne go utlwisa botlhoko! Kgopolo ya rona e e botlhoko ya moratiwa wa rona yo mmotlana a robetse mo lefatsheng le le tsididi e ne ya gomodiwa ke go itse ga rona Lefoko la Modimo. O ne a robetse fela; Jehofa o ne a se kitla a mo lebala. (Yohane 11:11-14, 23-25) Eleruri, o robetse nako e telele, mme tsatsi lengwe mo isagweng o tla tsoga le go supa fa Lefoko la Modimo le le boammaaruri. Ke tswela pele go eletsa ekete a ka tlisetsa leina le legolo la ga Jehofa pako e e sa khutleng.
Ditsela le Dikolotsana
Gape re ne ra dira dithulaganyo tsa go bula tsela. Ka March o o latelang re ne ra reka kolotsana e e khurumeditsweng ka seile e e menwang kwa godimo mme ra reka Model A Ford ka Studebaker ya rona e e pegang batho ba le supa gore re goge kolotsana eo ka yone. Ka gone re ne ra simolola dingwaga tsa rona di le 25 tsa ditsela le dikolotsana.
Kolotsana eo re neng re kgokologa ka yone mo tseleng ka boitumelo jaana e ne ya re tsaya dingwaga tse di fetang di le robedi. Sebaka sa fa fatshe se ne se le dikgato di le 4 x 5 (1,2 x 1,5 m), mme sebaka sa boapelo e ne e le tafole ya diintšhi di le 11 x 12 (28 x 30cm) e e neng e tlhagelela kwa ntle. Go ne go na le malao a mabedi a mantle, setofo sa parafine sa dipitsa di le pedi, kgamelo ya metsi, lantereng ya parafine, hitara ya lookwane le le tswang mo malatlheng, bata ya go tlhatswetsa, polanka ya go tlhatswetsa, aene ya parafine, tafole e e aenelang. Gape go ne go na le shelofo e nnyane fa godimo ga setofo, e na le raka e nnye koo ke neng ke baya dilwana tsa rona tse dintle tsa letsopa tsa Haviland gone, eo e neng e le mpho ya lenyalo. Bosigo bongwe meburu e e tshwereng kobotlo eo e ne ya robega, mme kobotlo eo e ne ya fologa e tsositse leratla. Lantereng ya parafine le yone e ne ya fologa e thulame, ga seka ga senyega sepe fa e se dijana tsa rona tse dintle tse di neng tsa thubagana diphatsaphatsa fela!
Re ne ra tshwanelwa ke go ntsha seile e e apesitseng kolotsana kwa godimo le go tsenya e ntšha. Re ne ra atisa go dira seno ka go reka seile e e bokete e e khurumetsang eo e neng e dirisiwa ke bajadi ba maungo go khurumetsa ditlhare tsa dinamune go thibela ditshenekegi tse di senyang. Re ne re atisa go sega seile eo ka bosesane re bo re di roka ka dimmao tse di kgogoropo go fitlhela kolotsana e khurumediwa kwa godimo.
Mosupulogo e ne e le letsatsi la go tlhatswa diaparo. Re ne re atisa go tlhatswa diaparo le go di tsokotsa ka metsi a a giwang mo molapong, mo nokeng, kana mo sedibeng sa toropo mme a thutafadiwa ka molelo wa kwa ntle. Gape re ne re na le onto e e menwang, eo ke neng ke tle ke e dirisetse go bakela dijo tsa motshegare tsa dibeke tse di tlang kuku. Jaanong re ne re iketleeleditse go lebana le kgwetlho ya tshimo ya rona.
Ka bo 1930 go ne go na le khudugo e kgolo go tswa kwa dipolaseng go ya kwa ditoropong. Ka dinako dingwe re ne re atisa go tsamaya ka tsela e e fetang e e itsoketsa dimaele di le dintsi go kgabaganya dithaba le mekgatsha e ya kwa ntlong nngwe, mme re bo re fitlhela e le gore go fudugilwe mo ntlong eo. Gore re fenye bothata jono, re ne ra dirisa dibonelakgakala go bona gore a go na le diaparo mo terateng, fa e le gore go na le mosi o of tswang mo diphaepeng tsa ditofo kana fa e le gore gongwe go na le dikgomo fa gaufi. Seno se ne sa re bolokela nako le peterolo. Tota gone, gantsi re ne re sa bone gore go ne go na le ntlo nngwe mo tseleng, ka jalo re ne re a tle re botse baagelani gore a tsela eo e ne e ya kwa ntlong nngwe.
Ka nako nngwe re ne re sa itse gore re ka dirang. Go ne go na le polasi nngwe e e dimmaele di le 15 (24 km) go kgabaganya dithaba, mme baagelani ba ne ba sa tlhomamise gore a go na le mongwe mo gae. Go ne go tshwanetse ga akanyediwa peterolo ya letsatsi le le latelang. Re ne re le gaufi le molatswana mongwe o o phepa o o mo thabeng o ka nna dikgato di le 4 kana di le 5 (1,2-1,5 m) ka bophara, mme Herb o ne a nyorilwe. O ne a sena go khubama gore nwe, fa a ne a gaodisa sengwe se se phatsimang. O ne a se fitlhelela mme a bega madi a a neng e le didolara di le mmalwa fa thoko ga molapo. Jalo, re ne re sa tlhole re sa itse gore re direng mme ra gagamalela pele. E ne e le loeto lo lo leele, lo lo thata mme rapolase eo o ne a sa kgatlhege, mme re ne re itse gore tshimo eo e ne e weditswe le rapolase yoo o ne a amogetse bosupi.
Maitemogelo a Tsela
Go kgabaganya dingwaga, re ne re na le maitemogelo a le mantsi a a kgatlhisang, gape le a a tshegisang. Ka sekai, go ne go na le nako nngwe eo re neng ra lebana le tirisadikgoka ya dikebekwa ka yone mo Corning, California. Nna gammogo le bokgatsadi ba bangwe ba le bane re ne ra thusa Aleck Bangle (yo jaanong eleng morongwa kwa Jamaica) fa a ne a bediwa. Go ne go na le babogedi ba le lekgolo mo mmileng oo, botlhe ba rotloetsa mmogisi. Go a tshegisa jaanong fa ke gakologelwa gore ke ne ka rola setlhako sa me sa kwaekwae ke bo ke betsa mmogisi yoo mo tlhogong ka sone jaaka a ne a inama gore a gololele mokaulengwe wa rona Aleck lebole le le bogale!
Tokololo ya May 29, 1940 ya Consolation (jaanong ke Awake!) e ne e na le setshwantsho sa tautona wa boraro wa Amerika kafa ntle, Thomas Jefferson, le folaga ya Amerika. Ereka metlha eo e ne e le ya dipharagobe le pogiso, ke ne ka akanya gore go ne go tla nna molemo gore ka metlha ke nne le ditokololo tseno di le mmalwa mo kgetsaneng ya me ya dimakasine, gore fa re ka tlhoka e le nngwe. Fela jaaka ke ne ke lebeletse, ka Matlhatso mangwe fa ke ntse ke supa mo mmileng ka dimakasine, ke ne ka atamela banna bangwe ba le babedi ba ba neng ba le fa sekhutlong. Yo mongwe, yo o neng a lebega jaaka monna yo o bogale tota, o ne a re jaana ka bogale: “Kgarejana, fa o ne o na le nngwe e e nang le folaga ya Amerika, ke ne ke tla e tsaya, mme lona Basupi ba ga Jeh—” Pele a ka bua lefoko le lengwe, ke ne ka mo araba ka go re: “Ee, Motlotlegi, ke itumetse tota go bo ke na le yone e o e batlang eo,” mme ka ntsha tokololo eo mo kgetsing ya me ya dimakasine. O ne a tlogela go rasisa madi a a setseng mo kgetsing ya gagwe, a nna mohibidu, a kokoetsa, mme a nnaya moneelo—mme ka mo naya makasine!
Ke ne ka nna le nako e nngwe e e tshegisang fa re ne re tsamaisetsa baruti botlhe bukana e e kgethegileng—The Kingdom, the Hope of the World. Kwa ntlong nngwe, go ne ga araba moruti mongwe. O ne a sa kgatlhegele go e amogela le eseng, mme re ne re laetswe gore re e tlogele fa mojako fa go kgonega, jalo ke ne ka bua jaana ka boitumelo: “Motlotlegi, seno ke sekaelo sa gago, mme ke tla go se beela fano.” Ke ne ka retologa go tsamaya, mme fa ke ntse ke fologa le tsela, bukana eo e ne ya feta fa go nna e fofa mme ya wena fa fatshe gaufi le metsi a a seretse. Ke ne ka e sela, ke ne ke sa eletse go e tlogela foo, mme ka nako eno ntša e e boitshegang e ne ya tla e rora fa morago ga me, ya phamola bukana eo mo matsogong a me mme ya siela kwa go mong wa yone, ebong moruti. Jalo seo ke neng ke sa kgona go se tsamaisa, se ne sa tsamasiwa ke ntša!
Ka 1953, Mmè, Herbert, le nna re ne ra aga mo Sacramento. Ereka Herbert a ne a sa tsoge sentle, re ne ra tshwanelwa ke go fetola ka fa re neng re tshela ka gone roobabedi. Ka metlha ke leboga Jehofa go bo ke ile ka segofadiwa ka Mmè yo o ikanyegang gammogo le monna yo o ikanyegang. Jaanong boobabedi ba ile, fa ba sena go amogela moputso wa bone wa selegodimo. Mmè o tlhokafetse ka 1975; Herbert o feditse tirelo ya gagwe ya mo lefatsheng ka September 1980, a na le dingwaga di le 82. Ke santse ke jewa ke bodutu thata, mme fa ke akanya ka dingwaga tseo re neng re direla mmogo ka tsone, ke a gomotsega. Mme ke a itse gore loeto lono ga lo kitla lo tsamaya lo khutla, gonne Jehofa, ka Morwawe Jesu Keresete, ke Bakaedi mo loetong lono lo lo atologang ka bo sena bokhutlo.