Go Dira Ditlhabelo ka Bana—Ke ka Ntlhayang Fa go le Makgapha Jaana?
“Ba bile ba agile mahelō a a tlotlometseñ a Tofetha, eo o mo mogogoroñ oa morwa Hinoma, go tla ba hisa bana ba bōnè ba basimane le ba basetsana mo moleloñ; e le mo ke sa go laolañ, le gōna go se ka ga tla ga coga mo peduñ ea me.”—Yeremia 7:31.
MO METLHENG ya dikgosi tsa Bajuda ebong Ahase le Manase, morafe wa Baiseraele o ne wa wela mo lemeneng la kobamelo e e tlontlololang ya merafe e ba neng ba agalane le yone. Seno se ne se akareletsa go direla Moleke setlhabelo ka bana ba bone. (2 Ditihalō 28:3; 33:6, 9) Lemororo kgosi Josia moragonyana ga moo a ne a fedisa ditiro tse dintsi tse di “makgapha,” “Yehofa o na a se ka a boea mo phisoñ ea bogale yo bogolo yoa gagwè, e bogale yoa gagwè, bo no bo tukèla ba Yuda ka eōna, ka ntlha ea dithumolō cotlhe tse Manase o na a mo rumola ka cōna.” (2 Dikgosi 23:10, 26) Ka ntlhayang? Ke eng se se dirileng gore boleo jono bo nne jo bo ‘rumolang’ jaana mo eleng gore bo ne bo ka seke bo itshwarelwe?
“Go dira ditlhabelo ka bana e ne e le karolo e e tumileng mo kobamelong ya Malik-Baal-Kronos, ya Bafenishi,” go bolela Jewish Encyclopedia ya ga Funk le Wagnalls. Kwa tshimologong Bafonishi ba ne ba agile kwa dikarolong tse di kwa bokone tsa lebopo tsa Kanana. Ereka e ne e le batho ba ba tsamayang mo lebopong, ba ne ba dira dikoloni go kgabaganya Mediterranean, mme koo ba neng ba ya teng ba ne ba tsamaya le tirelo ya bone e e makgapha ya go dira ditlhabelo ka bana. Phitlhelelo ya bosheng jaana ya thutamarope kwa toropong ya Carthage ya bogologolo ya Mafonishi (eo gompieno eleng motsana wa Tunise kwa Tunesia, Bokone jwa Afrika) e ile ya sedimosa malebana le ka moo tlwaelo eno e bodileng mo go maswe ka gone.
Lefelo leo le ribolotswe la ntlha ka 1921. Mme go simolola ka bo 1970, go ne ga epiwa thata ka ntlha ya go atologela kwa lefelong leo ga toropo eo ya segompieno. Go epa goo go ne ga fetoga go nna lefelo le legolo la go fitlhela masaledi a bana ba go neng go dirilwe ditlhabelo ka bone. Makasine mongwe wa Biblical Archaeology Review o bega jaana:
“Fano, go tloga lekgolong la borobedi la dingwaga B.C. go fitlhela lekgolong la bobedi la dingwaga B.C., bommè le borre ba Carthage ba ne ba fitlha marapo a bana ba bone bao go neng go diretswe modimo Baale Hammon le modimogadi Tanit setlhabelo ka bone. Mo lekgolong la bone la dingwaga B.C. Tofete [go tswa go Tofethe yo o mo Bibeleng] e ka nna ya bo e ne e le bogolo jwa disekwere-futi di le 64 800 (disekwere-metara di le 6 000), e na le mabitla a a tlhatlaganeng ga robongwe.”
Mafelo a a tshwanang a ile a ribololwa kwa Sicily, kwa Sardinia, le gongwe kwa Tunesia. Ka nako nngwe, tseo tsotlhe di kile tsa nna dikoloni tsa Mafonisi. Mo lefatsheng le go fitlhelwang mo go lone la Carthage, babatlisisi ba ne ba fitlhela difikantswe tse di nang le ditshwantsho tsa modimogadi Tanit, yo o tshwantshiwang le modimogadi wa Kanana ebong Ashtoreth, kana Astarte, mosadi wa ga Baale. Kafa tlase ga difikantswe tseno go fitlhelwa dinkgwana tsa mmopa, tse dingwe tsa tsone di kgabisitswe ka go phatsima, tseo di nang le marapo a a fisitsweng a batswa-setlhabelo.
Go supa gore tlwaelo eno e ne e le kgolo go le kana kang, pego eo e a re: “Fa re lekanya ka go dirisa palo ya dinkgwana tse di leng mo lefelong la rona le le epilweng, re phopholetsa gore dinkgwana tse dika nnang 20 000 ka bontsi di ka bo di ile tsa bewa koo mo gare ga 400 le 200 B.C.” Palo eno e e boitshegang le e e boifisang le go feta fa motho a gopola gore, ka letsatsi la Carthage la boitumelo, go ya ka setlhogo seo, baagi ba yone e ne e ka nna 250 000.
Mafoko a a mo difikantsweng a bontsha gore bana ba ne ba dirwa setlhabelo gore go diragadiwe ikano eo batsadi ba neng ba e dirile go Baale kana Tanit go emela bobelonomi jo ba bo bontshitsweng. Maemo le direto tseo di leng mo difikantsweng tseno di supa gore tlwaelo eno e ne e tumile segolo-bogolo mo gare ga batho ba maemo, ka phepafalo e le go kopa medimo gore e segofatse maiteko a bone a gore ba nne le khumo le maatla a bone le go a boloka. Dingwe tsa dinkgwana tseo di ne tsa fitlhelwa di na le masalela a bana ba babedi kana ba bararo, go banala e le ba lelapa le le lengwe, fa go lebiwa go ya go farologana ga dingwaga tsa bone.
Fa e le gore tlwaelo eo ya Mafonishi ea boifisa, ka gone gakologelwa gore “Manase a timetsa ba Yuda le banni ba Yerusalema, ba ba ba tla ba diha boshula bogolo go ba merahe e Yehofa o kileñ a e senya ha pele ga bana ba Iseraela.” (2 Ditihalō 33:9) Jehofa o ne a sa feteletse dilo fa a ne a re: “Ba tladitse madi a ba ba senañ molato mo heloñ ha.” (Yeremia 19:4) Go opa kgomo lonaka, setlhogo sa Review se akgela jaana: “Bosupi jo bo golang jwa thutamarope le jwa thuta mekwalo e e radilweng (epigraph), joo bo neelwang ke batho ba Carthage ka sebele, bo bontsha ka tlhomamo gore bakwadi ba semolao le ba Bibela ba ne ba itse seo ba neng ba bua ka sone.”
Ka gone, jaaka Jehofa a ne a ‘nyeleleletsa ruri’ medimo ya disetwa ya “merahe” ya Bakanana, ga a ka a tlogela Baiseraele ba ba sa ikanyegeng. Ba ne ba amogela tuelo e e ba tshwanetseng mo diatleng tsa Bababelona ka 607 B.C.E. Ka mo go tshwanang, bao gompieno ba nnang le seabe, ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo, mo go tshololeng madi a dimilione-milione ka ditlwaelo tse di ntseng jalo tse di makgapha tse di jaaka dintwa, bokebekwa, go bolaya, le go senya dimpa, ba tla ikarabelela mo go ene.—Tshenolō 19:11-15.