“U Ratè Oa Ga Eno”—Ke Tsela Efe e e Mosola Go Gaisa?
FA O BONA batho ka wena ba le mo lehumeng, o ikutlwa jang? Ka sekai, setshwantsho sa bana ba ba bolawang ke tlala se go dira gore o batle go dirang? O tla re, ‘Ke tlhomoga pelo, ebile ke batla go thusa.’ Madi a le mantsi a a neelwang mekgatlho e e pelotshweu le matsholo-phaloso ngwaga le ngwaga a supa gore batho ba le bantsi ka phepafalo ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang.
Go dira ditiro tse di ntseng jalo tse di molemo gore batho ba ba tlhokang ba solegelwe molemo go a akgolelwa, segolo-bogolo ka ntlha ya taolo ya ga Jesu ya gore re rate bankarona jaaka re ithata. (Mathaio 19:19) Batho ba le bantsi ba ba pelo-e-phepa ba dumela gore tsela e e mosola go gaisa ya go bontsha bankabone lorato ke ka go aga le go ema maokelo le dikolo nokeng, ka go ntshetsa maikaelelo a a molemo meneelo, le ka go nna le seabe mo tirong ya loago ya mefuta e e farologaneng. Ba ka nna ba re, ‘Seo ke sone se Bokeresete bo se bolelang,’ gongwe, fa ba bua le Basupi ba ga Jehofa ba oketsa ka gore, ‘goo kwantle ga pelaelo go leng mosola go gaisa go senya nako le maikatlapelo a lona ka go rera ka ntlo le ntlo ka bodumedi jaaka lona lo dira.’
A mme go ntse jalo? Tota re ka rata bankarona jang ka tsela e e mosola go gaisa le goo go tla ba solegelang molemo o mogolo ka lobaka lo loleele?
Madi a Gago a Fitlhelelang?
Bao go solofelwang mo go bone ba ba ntshetsang mekgele e e botlhokwa meneelo ba na le lebaka la go botsa jaana: ‘Batho bao moneelo wa me o rulaganyeditsweng gore o ba thuse ba tla solegelwa molemo ke bokae mo go one ka tlhamalalo?’ Ka sekai, patlisiso nngwe ya 1978 mo mekgatlhong e e pelotshweu e e tumileng e le 15 kwa Federal Republic of Germany, e bontshitse gore ka nako eo ditshenyegelo tsa botsamaisi le tsa kabo di jele mo e ka nnang 42 lekgolong ya madi otlhe a lotseno a mekgatlho eo.
Fa basimegi ba thelebishene ba ne ba sekaseka diakhaonto tse di nang le morokotso tsa “bana” ba le barataro kwa Bolivia “ba ba ikgodisediwang ke batho ba bangwe,” ba ne ba lemoga gore ke fela 6 go ya go 15 lekgolong ya madi otlhe a meneelo a a ntshitsweng ke “batsadi bao ba ba ikgodisetsang” kwa Federal Republic of Germany a a neng a tsentswe mo diakhaontong tsa banka tsa bana bao. Lefa go ntse jalo, mosadi mongwe wa mmueledi wa mokgatlho oo o ne a gana ditatofatso tsa boferefere, a tlhalosa gore ba go solofetsweng mo go bone bao ba ntshang meneelo ba bolelelwa ka phepafalo gore bana ba tla amogela mo e ka nnang nngwe-tharong fela ya meneelo ya “batsadi” ba bone. A a setseng, morago ga go sena go tlhokomelwa ditshenyegelo tsa botsamaisi, go begiwa gore a tla dirisetswa mabaka a thuto le a kalafi.
Legale, dikai tsa go sa dirise bopelotshweu sentle a a itsiwe. Seno se boammaaruri ka dikgato tsa kgololo tse di mabapi le go bolawa ke tlala ga jaana kwa Afrika. Kwa Ethiopia, mathata a sepolotiki a ne a kgoreletsa dijo di le dintsi gore di fitlhelele bao ba tlhokang, mme mo makgetlong a mangwe go begiwa fa dijo tse di neetsweng di ne tsa rekisiwa—ka ditlhotlhwa tse di kwa godimo—go na le gore di neelwe mahala.
Kgatiso ya ga Carl Bakal eleng Charity U.S.A. e tlhagisa jaana: “Koo lebaka la gone eleng le le molemo gone, ga go ke go bo go bodiwa ka moo madi a dirisiwang ka gone. Ga ke batle gore batho ba khutle go ntsha meneelo. Ke ne ke akanya fela gore dipotso di tshwanetse go arabiwa ka gonne ba ne ba ntshetsa meneelo mo lefifing fela jaana.” Ka phepafalo, go ntshetsa meneelo mo lefifing fela ga go botlhale mme ga go kake ga bo ga tsewa jaaka go go mosola.
Go Latela Sekao se se Tlhomilweng ke Jesu
Tota gone, dintlha tseno di a swabisa, a mme di tla nna lebaka la go gana go tshegetsa maikaelelo a a ntseng jalo a a botlhokwa? Tota gone, a Jesu ga a ka a fodisa ba ba bobolang le go fepa ba ba bolailweng ke tlala ka kgakgamatso, ka gone a tlhomela Bakeresete sekao gompieno?
Ke boammaaruri gore Jesu o ne a tlhomoga pelo fa a ne a bona batho ba ba tlhokang. Ditemana di le robedi tsa Bibela di umaka seno. Tse pedi di lebisa go go tllhoka ga batho dijo (Mathaio 15:32; Mareko 8:2), tse tharo go go tlhoka ga bone gore ba fodisiwe mo mmeleng (Mathaio 14:14; 20:34; Mareko 1:41), mme e le nngwe go go tlhoka ga bone gore ba gomodiwe ka ntlha ya loso lwa batho bao ba ba ratang. (Luke 7:13) Mme ditemana tse dingwe tse pedi di lebisa go tlhokafalo e kgolwane go di feta. Mathaio 9:36 e a re: “Me ea re a bōna machutichuti a batho, a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” Mme Mareko 6:34 e bega jaana: “Me a hitlhèla bontsi yo bogolo yoa batho, me a ba tlhomogèla pelo, ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa: me a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.”
Tota gone, lemororo Jesu a ne a tlhotlhelediwa ke go tlhomogela batho pelo gore a ba tlhokomele ka tsela ya senama, o ne a kgatlhegela thata gore a ba neele thuso ya semoya eo baeteledipele ba bone ba bodumedi ba neng ba paletswe ke go e neela. (Bona Mathaio, kgaolo 23.) Jesu e ne e le “modisa eo o molemō,” motho yo o neng a iketleeleditse go ntshetsa “dinku botshelō yoa gagwè.” (Yohane 10:11) Ka ntlha ya gore tiro eno ya go rera e ne e tla pele mo botshelong—eseng tiro ya loago kana go aga maokelo kana go tsamaisa matsholo-phaloso—moragonyana ga moo o ne a kgona go bolelela Pilatwe jaana: “Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.”—Yohane 18:37.
Lemororo Jesu a ne a neela baaposetoloi ba gagwe nonofo ya gore ba dire ditiro tse di molemo tse di gakgamatsang tsa go fodisa, ga a ka a umaka seno ka gope fa a ba neela ditaolo tsa gagwe tsa bofelo pele ga a tlhatlogela kwa legodimong. Go na le moo, o ne a laela jaana: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” Ka phepafalo, he, tiro ya botlhokwatlhokwa e ne e le gore go ‘dirwe barutwa, ba kolobediwe, ba rutiwe.’—Mathaio 28:19, 20.
Lebaka la go bo go Rera go le Mosola Jaana
Go rera go mosola gonne go thusa batho gore ba dirise melao-metheo ya Bibela. Seno kwa bofelong se ba thusa go tila mathata ao gongwe a ka ba tsenyang mo go tlhokeng. Ka sekai, go dirisa melao-metheo ya Bibela e e malebana le tiro le boikutlo jwa rona ka dilo tse di bonalang, go ka thusa go thibela lehuma. (Diane 10:4; Baefesia 4:28; 1 Timotheo 6:6-8) Kana go latela kgakololo ya Bibela malebana le go dirisa diokobatsi le go boloka tekanyetso ya yone ya boitsholo go ka tokafatsa boitekanelo jwa rona mme ga re tlhomamisetsa botshelo jwa lelapa jo bo itumetseng ka mo go golwane.
Tsaya sekao sa mongwe wa kwa Yugoslavia yo o nang le dingwaga di le 35, yo o nnang kwa Federal Republic of Germany, yo o dumelang ka gore: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 18 kana 19 ke ne ke setse ke fetoga letlhapelwa. Fa ke na le dingwaga di le 20 ke ne ke nwa litara ya bojalwa jo bo bogale le bobotlana kheise ya dibiri [dibotlolo di le 20] ka letsatsi. Ke ne ka robadiwa ga raro kwa kokelong jaaka go ne go dirwa boiteko jwa go nkalafela mokgwa wa me, mme dingaka tseo di ne tsa tlholega go nthusa. Lemororo ke ne ke amogela DM1 300 [R1 566] ka kgwedi, ke ne ke tlisetsa lelapa la me sengwe mo go one sewelo.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mmolelela seo ka nako ya tiro ya bone ya go rera seo se neng sa godisa mo go ene keletso ya gore a nne le botsalano jo bo botoka le Mmopi wa gagwe. O tswela pele a re, “Ka ntlha ya thapelo, ke ne ka kgona go fitlhelela seo dingaka di neng di ka se se kgone.” Re ka akanya fela ka ditlamorago tse di molemo tse seno se nnileng le tsone mo lelapeng la gagwe.
Kwantle ga pelaelo, go rera ga go kitla go rarabolola bothata bongwe le bongwe. Lefa go ntse jalo go mosola gonne go neela tsholofelo. Kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo bothata bongwe le bongwe bo tla rarabololwa. Ka nako eo Jesu o tla direla mongwe le mongwe yo o tshelang dikgakgamatso tsa mofuta wa mmatota, eseng ba se kae fela. Go na le go neela thuso ya nakwana, melemo eo e tla nnela ruri, tota, e tla nna ya go ya go ile. (Bona Yohane 17:3.) Jalo go ruta batho gore ba bontshe tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu le dipaakanyetso tsa sone di tla fitlhelela molemo o mogolo mo nakong e telele.
Mekgatlho e le mentsi e e mo go La-Bodumedi e supa “ditiro” tsa yone tse di “molemo” ka mabela tsa go tlhokomela babobodi, batlhoki, le ba ba seng lesego. Mme ba ne ba tla dira botoka go otlelela ka mo go oketsegileng gore go neelwe thuso ya semoya, le eleng jaaka Jesu a dirile. Jaaka baeteledipele ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ile ba palelwa ke go dira tiro ya botlhokwa ka mo go oketsegileng. Ba ka ne ba tladitse dimpa tsa batho bangwe ba ba humanegileng ka dijo tsa mmatota, mme ba tlogetse megopolo le dipelo tsa bone di bolaetswe mafoko a boammaaruri ke tlala. (Bona Amose 8:11.) Ba ka ne ba ntshitse meneelo ya madi gore ba thuse batlhoki ba merafe, mme ga ba ise ba bolelele “Badichaba mahumō a a sa kakeñ a hukudiwa a ga Keresete” kana mmuso wa Bogosi jwa Modimo. (Baefesia 3:8) Barongwa ba bone ba ka nna ba bo ba ile ba thusa merafe e e sa tlhabologang gore e nne botswerere ka mo go oketsegileng mo go diriseng mogoma, mme ga ba ise ba ba tlhotlheletse go “thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè.”—Isaia 2:4.
Rata Monka Wena ka Tekatekano
Tota gone, go otlelela thuso ya semoya thata ka tshwanelo, ga go re golole mo go neeleng thuso kafa nameng—e ka tswa e le go batho ka bongwe kana go ditlhopha—fa go tlhokafala ebile re kgona go dira jalo. Re tshwanetse gore re batle go latela sekao se se tlhomilweng ke Bakeresete ba pele. (Bona Ditihō 11:27-30.) Mo dinakong tsa go tlhoka ga mmatota kana tsa masetlapelo, re tshwanetse go potlakela go latela kgakololo ya ga Paulo ya go ‘dira se se molemo mo bathong botlhe, mme bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.’ (Bagalatia 6:10) Go tlhomamisega gore ba fitlhelele molemo o mogolo go gaisa, Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso ba dira seno ka motheo wa botho. Ereka Basupi bao ba thusang mo ditirong tse di ntseng jalo tsa phaloso ba direla kwantle ga tuelo, ditshenyegelo tsa botsamaisi ga di nne gone.
Mme lemororo ba thusa ba bangwe ka tsela ya senama, Bakeresete le ka motlha ga ba batle go tlhokomologa boikarabelo jo bogolo jwa bone, go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng. Bogosi joo bo tla akofa bo tlosa malwetsi, lehuma, le go tlhoka mo lefatsheng. Abo go itumedisa jang ne go kgona go thusa batho gore ba bone botshelo mo lefatsheng koo lefoko “go tlhomoga pelo” le se kitlang le tlhola le tshwanela go dirisiwa gone. A go ne go ka kgonagala gore o rate monka wena ka tsela e e mosola go feta eo?