Daniele—Lokwalo lwa Boperofeti le le Tlhomamisegang
PEGO ya Bibela e re bolelela jaana: “E rile ka ñwaga oa ntlha oa ga Beleshasare kgosi ea Babelona, Daniele a lōra, me a bōna dipōnatshègèlō tsa tlhōgō ea gagwè mo bolaoñ yoa gagwè: hoñ a kwala tōrō, me a bolèla ka go shobokanya dilō tse o di bonyeñ.”—Daniele 7:1.
E ne e le mo karolong ya bobedi ya lekgolo la borataro B.C.E. fa Daniele a kwala toro e le ditoro tse dingwe le diponatshegelo tseo di re amang gompieno. Re na le ‘tshobokanyo’ ya diponatshegelo tse di ntseng jalo mo bukeng ya boperofeti ya ga Daniele.
Moperofeti yo o Tlhomamisegang
Keresete ka boene o file bosupi jwa gore Daniele e ne e le moperofeti. Se se kgatlhisang ke gore, Jesu o dirile jalo mo boperofeting jwa gagwe mo sesupong sa ‘go tla ga gagwe, le sa bokhutlo jwa lefatshe.’ Ka go dira jalo o ne a fitisetsa tiragatso e e tletseng ya boperofeti jwa ga Daniele mo motlheng wa rona, jaaka re iponela ka matlho dikarolo tse di farologanyeng tsa sesupo, jaaka dintwa tsa merafe yotlhe, tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe, le botlhoko jwa masetlapelo a a akaretsang lefatshe lotlhe.—Mathaio 24:3-8, 15.
Jesu o ne a tlhalosa a re: “Baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba tla coga, me ba tla timetsa batho ba le bantsi; . . . Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ. Me ke gōna e tla ren lo bōna se se makgapha a a shwahatsañ, se se bolecweñ ke moperofeti Daniele, se eme mo heloñ ga boitshèpō,—a eo o balañ a tlhaloganyè, Hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ. . . . Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.”—Mathaio 24:11-34.
Lebaka la go bo Jesu a ne a tlhagisa gore go tla a nna le baperofeti ba maaka pele ga a lebisa barutwa ba gagwe go “moperofeti Daniele” le supa gore o ne a leba Daniele jaaka moperofeti wa boammaaruri wa Modimo. Re ile ra lemoga mo setlhogong se se fetileng gore dingwe tsa dipolelo tsa boperofeti tse di tlhotlheleditsweng tsa ga Daniele, jaaka tse di boleletseng-pele botsenwa jwa nakwana jwa ga Nebukadenesare le go wa ga Babelona, di ile tsa diragadiwa fa Daniele a santse a tshela. Mme Daniele o ile a bolelelapele gape dilo tseo di neng di tla diragala makgolo a dingwaga morago. Bongwe jwa boperofeti jwa lobaka-loleele jo bo kwadilweng mo bukeng ya ga Daniele ke bofe?
Go tla ga ga Mesia le Loso lwa Gagwe
Boperofeti jo bo supang Daniele sentle jaaka moperofeti yo o tlhomamisegang bo itsege jaaka boperofeti jwa dibeke tse 70. Bontlha bongwe jwa bone bo balega jaana: “Batho ba ga eno le motse oa ga eno o o boitshèpō, go laolecwe diweke di le mashomè a shupa, tsa go wetsa tlolō, le go khutlisa maleo, le go dihèla boikèpō tetlanyō . . . Me ke gōna itse, u lemogè, go re, go thaèga ga go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema go ea go hitlha mo go eo o tlodicweñ, eboñ kgōsana, e tla nna diweke di shupa: le diweke di mashomè marataro le bobedi [mo go di dirang tse 69 tsotlhe]. . . . Me e tla re diweke tse di mashomè a marataro le bobedi di sena go heta, [ke gore, 7 + 62, kana morago ga beke ya bo 69] eo o tlodicweñ o tla kgaolwa, . . . Me e tla diha kgōlaganō e e tlhōmameñ le bantsi ka weke e le ñwe hèla [ya bo 70]: me ka bontlha ñwe yoa weke e tla khutlisa setlhabèlō le seromololō.”—Daniele 9:24-27.
Diithuti tse dintsi tsa Bibela tsa Bajuda, Makatoliki, le Maporotesetanta ba dumela gore “diweke” tse tsa boperofeti jono ke dibeke tsa dingwaga. The Revised Standard Version, Ecumenical Edition, e balega jaana: “Dibeke tse di masome a supa tsa dingwaga di laoletswe batho ba gago.” Dingwaga tse di 490 tseo di simologile ka 455 B.C.E. fa Nehemia a ne a laelwa ke Aretaserese kgosi ya Peresia go “shahatsa le go aga Yerusalema.” (Nehemia 2:1-8) Fa go sena go feta dibeke di le masome a marataro le borobabongwe tsa dingwaga, ke gore, ka 29 C.E., Jesu o ne a kolobediwa le go tlodiwa, mme a nna Keresete, kana Motlodiwa, Mesia. “Me ka bontlha ñwe yoa weke [ya bo 70],” ka 33 C.E, o ne a “kgaolwa.” Loso lwa gagwe lwa setlhabelo lo ne lwa tlosa maleo a setho, mme jalo seo sa “khutlisa” ditlhabelo tsa diphologolo tse di kafa tlase ga Molao wa ga Moshe.a
Ka ntata ya go ikanyega ga boperofeti jo, Bajuda ba lekgolo la ntlha “ba ne ba itse gore dibeke tse di masome a supa tsa dingwaga tse di boletsweng ke Daniele di ne di ya bokhutlong; go ne go sa gakgamatse ope go utlwa Johane wa Mokolobetsi a itsise gore bogosi jwa Modimo bo atametse.”—Manuel Biblique, ka Bacuez le Vigouroux.
Mebuso ya Lefatshe ya Seka-Dibatana
Boperofeti jo bongwe jwa lobaka-loleele, jo bo botlhokwa thata mo bathong ba ba tshelang gompieno, bo boleletsepele go tlhatlologana ga mebuso ya lefatshe, mo go tshwantsheditsweng ke dibatana tse di boitshegang, e e tla tshwanelwang ke go sutela Bogosi jwa Modimo.
Daniele o ne a anela jaana: “Ka leba mo pōnatshegelōñ ea me go le bosigo, . . . Me ga tlhatloga ditshedi di le nnè tse di tona mo lewatleñ, go sena sepè se se chwanañ le se señwe. Sa ntlha se ne se chwana le tau, . . . Me bōnañ, setshedi se señwe, e le sa bobedi, se chwana le bera, . . . me bōnañ se señwe, se chwana le nkwè, . . . Moragō ga mouō ka leba mo dipōnatshegeloñ tsa bosigo, me bōnañ, setshedi se señwe sa bonè, e le se se boitshègañ, se se nonohileñ, se le thata e e heteletseñ; . . . Ditshidi tse di tona tseuō, tse di leñ nnè, ke dikgōsi di le nnè, tse di tla cogañ mo lehatshiñ. Me baitshepi ba Mogodimodimo ba tla amogèla bogosi, ba tla rua bogosi ka bosakhutleñ.”—Daniele 7:2-18.
Go bonala sentle mo ponatshegelong e nngwe eo Daniele o neng a nna le yone gore dibatana tse di emela mebuso ya lefatshe. Fa a tlhalosa ponatshegelo e, o ne a kwala jaana: “Phelehu e u e bonyeñ e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia. Me phōkō e e maodi, ke kgosi ea Gerika.”—Daniele 8:20, 21.
Ka mo go tshwanang, dibatana tse nne tsa Daniele kgaolo 7 di emela mebuso e mene ya lefatshe go tloga ka lobaka lwa ga Daniele le go ya pele, go ya go fitlha fela kwa nakong eo go tlhomiwang Bogosi jwa Modimo. Go wa ga Mmuso wa lefatshe wa Babelona (tau) le go tla go fitlha mo tshimologong ya motlhatlhami wa one, Bameda le Baperesia (bera), go ne ga diragala Daniele a santse a tshela. Boperofeti jwa lobaka-loleele jwa ga Daniele bo boleletsepele go wa ga Bameda le Baperesia pele ga Gerika (nkwe), joo morago bo neng bo tla tseelwa sebaka ke “setshedi se señwe sa bonè,” Mmuso-mogolo wa Roma le letlhogela la one, ebong Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Ma-Amerika.b
Daniele o ne a tsepama mo go bolelelengpele tlhatlhamano ya dipuso tsa lefatshe, tseo tsotlhe di ileng tsa tsholola madi jaaka dibatana tsa naga mo bogagarung jwa tsona go batla go laola lefatshe lotlhe. Ka mo go tshwanang, Bogosi jwa tshiamo joo a ileng a bolelelapele ka jone mo bogautshwaneng bo tla tseela sebaka mebuso ya gompieno ya dipolotiki. Mo ponatshegelong, Daniele o ne a bona “eo mogologolo,” Jehofa Modimo, a neela “morwa motho,” Jesu Mesia, “pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.” A seno se tla fedisetsa ruri mathata otlhe a setho? Ee, ka gonne bobusi jwa ga Jesu bo tlhalosiwa fano jaaka “pushō ea gagwe ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.”—Daniele 7:13, 14; bapisa Mathaio 16:27, 28; 25:31.
Boperofeti jwa lobaka-lokhutshwane le jwa lobaka-loleele jo bo ileng jwa tlhalosiwa mo ditlhogong tseno tse pedi ke sekai fela sa ditoro, diponatshegelo, le dipolelelopele tse di fitlhelwang mo go Daniele. Dikai tse ke bosupi jwa gore Daniele ke buka ya boperofeti e e tlhomamisegang—histori e e kwadilweng go sale pele. Tirafatso ya dipolelelopele tseno e tswelelapele go fitlhelela mo lekgolong la bo-20 la dingwaga, mme e baakanyetsa ka tsholofelo e e molemo-lemo, jaaka ditokololo tse di latelang tsa makasine o di tla tlhalosa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona mo go oketsegileng kaga boperofeti jo, bona kgaolo 7 ya buka “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York Inc.
b Go bona ditlhaloso tse di oketsegileng tsa boperofeti jo, bona kgaolo 6 le 7 tsa buka Our Incoming World Government—God’s Kingdom, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
KGOPOLO YA “MOTLHA WA MORAGO”
BIBELA e kaya buka ya Daniele e le ya moperoteti wa leina leo, mo go supang go kwalwa ga buka e e le mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. (Daniele 7:1) Mme dipolelelopele tse e di tshotseng di opa kgomo lonaka mo e leng gore ba le bantsi ba belaela gore gongwe di ile tsa kwalwa morago ga ditirafalo tseo di boleletsweng pele. Batho bangwe bao eseng Bakeresete, tota le e leng babueledi bangwe ba Bibela bao ba ipitsang Bakeresete, ba ile ba jala dipelaelo mo go tlhomameng ga buka ya ga Daniele. Ba amogela se se bidiwang kgopolo ya motlha wa morago, kana motlha wa ga Maccabees, o go tswa kwa tshimologong o neng wa tsholediwa ke motlhalefi mongwe wa moganetsa-Bokeresete wa lekgolo la boraro la dingwaga C.E. yo o neng a bidiwa Porphyry. Dikganetso tse di tshegetsang kgopolo eno ke dife, mme di thusa eng?
Mo motheong wa gore ga gona polelelopele epe e e ka kgonegang, Porphyry o ne a gatelela gore buka e e tshotseng leina la Daniele tota e ne ya kwalwa ke Mojuda mongwe yo o sa itseweng ka nako ya ga Maccabees, mo lekgolong labobedi la dingwaga B.C.E., ke gore; morago ga bontsi jwa ditiragalo tse di boleletsweng-pele mo go Daniele di setse di diragetse. O ile a fopholetsa gore lefefefere le le kwadileng ka leina la ga Daniele le dirile jalo go tiisa megopolo ya Bajuda kgatlhanong le Ma-Seleucid ka nako ya tsogologo ya Maccabees mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. A mme Daniele le ditsala tsa gagwe tsa Bahebera tse tharo bao ba neng ba na le mowa wa tshisimogo le go sa tsenelele mo thubakanyong bao ba neng ba le kwa Babelona a ka tsela nngwe ba ka lebiwa jaaka bao ba ka kgothaletsang:tsogologelo ya ditlhabano? Gotlhelele nnyaa. (Daniele 1:8; 2:49; 3:16-18, 30) Go bonala ga “Eo o tlodicweñ, eboñ Kgōsana” fela mo nakong ka 29 C.E., kwa bokhutlong jwa “diweke” tse 69 tsa dingwaga tsa ga Daniele 9:25, le gone go dira gore maiphako a ga Porphyry a lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. a lebege e le a boeleele.
Go ya ka raditiragalo wa Mojuda Josephus, tekanyetso ya Dikwalo tsa Sehebera, e e akaretsang le Daniele, e ne ya digelwa ka nako ya ga Esere, ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Jaanong he, ke eng fa go ka twe Daniele o ne a ise a kwalwe go fitlhelela ka “motlha wa morago” wa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E.? Go feta moo, Memeno ya lewatle le le Suleng e supile gore buka ya ga Daniele e ne e setse e amogetswe ka bophara jaaka lekwalo ke Bajuda mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. A moo go ne go ka kgonagala fa e ne e le ya moragonyana?
Kganetso e nngwe e e dirisitsweng ke Porphyry le baganetsi ba bangwe ba bantsi ba ba kwa godimo ke gore buka ya ga Daniele e na le diphoso tsa ditiragalo. Mogopolo wa bone ke gore Daniele e kwadilwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. Mme ka nako eo, Bajuda ba ba nang le ditlhaloganyo ba ne ba sa amogele Buka ya Ntlha ya ga Maccabees gore ga e a tshwanela go tsenngwa mo tekanyetsong ya Dikwalo, lemororo ba ne ba dumela gore e tsepame mo ditiragalong. Bajuda ba ba rutegileng, bao ba neng ba kgona go bala dikwalo tsa sedumedi tsa bo-raditiragalo ba nako eo ba ba tshwanang le Herodotus, kwantle ga pelaelo ba ka bo ba ile ba gana buka ya ga Daniele fa e ne e na le diphoso tsa ditiragalo. Mo godimo ga moo, diphitlhelelo tsa boithutamarope di supile go nna gone ga ga Beleshasare le dintlha tse dingwe mo go Daniele tseo Porphyry le baganetsi ba bangwe ba bantsi ba ba kwa godimo ba neng ba di leba jaaka tse di senang boammaaruri.
Mabapi le go bona molato ga ga Porphyry gore dipolelelopele tsa ga Daniele di ne tsa kwalwa morago ga ditiragalo tse di boleletsweng pele, Philip R. Davies, wa Lephata la Boithuta Bibela, la University of Sheffield, ya Ennyelane, o kwadile jaana: “Mo ke katlholo e e sa siamang mo bukeng ya ga Daniele gore ke boferefere jwa ka bomo jo bo susumeditsweng (mo go se go tweng) ke batho bao ba leng dieleele, jaaka ekete ke, go itirela leina ka tsela e e seng ya boammaaruri . . . Ke go fitlhela go le bokete go pega boeleele jo bo ntseng jalo mo babading ba ntlha ba buka eno. Fa go na le boeleele bongwe mo kgannyeng e, bo tla bo bo le mo bakgading bao ba ikaegileng ka ditlhaloganyo tsa bone.”—Journal for the Study of the Old Testament, Tokololo 17, 1980.
Ga se mo go gakgamatsang gore motlhalefi yo o dumelang mo go Plato a ka ganetsa gore mokwadi wa Bibela o ne a tlhotlheleditswe ke Modimo go bolelelapele ditiragalo tsa isagwe. Mme go a swabisa gore babueledi ba Bibela bao ba ipolelang e le Bakeresete ba bo ba ka leka go senya go ikanya ga batho mo bukeng e e botlhokwa ya boperofeti ya dikwalo. Go bontsha go tlhoka tumelo mo go Ene yo o neng a re: “Go tswa kwa tshimologong ke senola isagwe, nako e sa ntse e le teng, mo go iseng go diragale.”—Isaia 46:10, The New Jerusalem Bible.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Dibeke tse 70 (dingwaga tse 490)
Dibeke tse 69 (dingwaga tse 483) Beke e le 1 (dingwaga tse 7)
455 B.C.E. 29 C.E. 33 C.E. 36 C.E.
“Go thaèga ga go “Go ea go hitlha “Eo o tlodicweñ “Me e tla diha
cwa ga taōlo mo go eo o (Mesia, NW) kgōlaganō
ea go shahatsa tlodicweñ eboñ o tla kgaolwa e e tlhōmameñ
le go aga kgōsana . . .” . . ka weke
Yerusalema, . .” e le ñwe
. . .” Daniel 9:24-27 hèla”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Babelona
Bameda le Baperesia
Gerika
Roma—Britane le U.S.A.