Dipotso tse di Tswang Go Babadi
◼ Ke mang kana ke eng se se tshwantshediwang ke “Seinyoki” go Isaia 27:1?
Isaia 27:1 e balega jaana: “Mo letsatsiñ yeuō Yehofa o tla betsa seinyoki se segolo, sa nōga e e sehadima, le seinyoki sa nōga se se ikgarañ, ka chaka ea gagwe e e botlhoko, e e tona, ele thata; me o tla bolaea kgōgèla a e mo nokeñ.” Re tlhaloganya fa polelelopele eno e raya Satane Diabolo le tsamaiso ya gagwe e e boikepo e e mo lefatsheng.
Tora ya Tebelo ya October 15, 1985, e ne ya tlhalosa gore Isaia kgaolo 27 ke polelelopele ya tsosoloso. Tiragatso ya yone ya pele e ne e kopanyeletsa morafe wa bogologolo wa Iseraele, o o neng o tla tsosolosediwa nagagaeng ya one morago ga dingwaga tse 70 tsa botshwarwa mo Babelona. Lemororo bontsi jwa batshwarwa ba ne ba tswa Babelona, bangwe ba ne ba tla boa go tswa Egepeto le go tswa kgaolong ya Asiria. Jehofa Modimo o ne a tlhomamisa gore batho ba gagwe ba gololwe, mme jalo merafe e e ntseng jalo e ne e ka seka ya mo kganela ka maatla a jone a a ikarotseng kana a a kopanyeng. Mo bathong a ka nna a bo e ne a lebega a nonofile ebile a le boferefere, jaaka Seinyoki sa bogologolo (gongwe go tewa kwena), lefa go le jalo Jehofa o ne a tla fenya mo boemong jwa Iseraele wa bogologolo.—Bapisa Yobe 41:1-34.
Lefa go le jalo, ke eng seo se neng se tla tshwantshediwa ke “Seinyoki” e le tiragalsong e kgolwane ya Isaia kgaolo 27? Ka mo go utlwalang, Satane Diabolo ke ene a tlang mo mogopolong ka go bo Tshenolō 12:9 e mo tlhalosa jaaka “kgōgèla e kgolo” le “nōga ea bogologolo.” Ga a bolo go nna mmaba wa Modimo le wa batho ba Gagwe. Gape, Dikwalo di tlhalosa ka papamalo gore Satane o tla tla bokhutlong. Modimo o tlhomile letsatsi leo a tla dirisang thata ya gagwe ka Morwawe go fedisa Diabolo. Jalo “kgōgéla” kana “nōga” e tla kgaolwa ka tšhaka e kgolo e e nonofileng.—Bahebera 2:14; Tshenolō 20:1-3, 10.
Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore mmaba yo o neng a le gaufi thata le Iseraele wa bogologolo e ne e le baganetsi ba merafe e e bonalang, jaaka Egepeto, Asiria, le Babelona. Ka tsela e e tshwanang gompieno, batlhanka ba Bakeresete ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba lebana le baganetsi ba ba bonalang gareng ga lewatle le le kgaphaselang la setho se se ikgogonneng mo Modimong. (Tshenolō 17:1, 15) Satane o laola tsamaiso ya lefatshe lotlhe eo a e dirisang go kgoreletsa “ba ba nntseñ ba bolokile dilaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.” (Tshenolō 12:17) Phuthego eno e e okametsweng ke Diabolo e ile ya itshupa e le boferefere e bile e le pelompe, fela jaaka seinyoki. Lefa go le jalo, masimologong fela a lekgolo leno la dingwaga “seinyoki” seno se ne sa palelwa ke Iseraele wa semoya, ebong, basupi ba Bakeresete ba ba tloditsweng ba ga Jehofa. Mme se tla kgaolwa ka botlalo fa, Jesu, a patilwe ke batlhabani ba gagwe ba baengele, a tla patakelang ka lobelo a tshotse “Chaka e e bogale, gore a kgèmèthè merahe ka eōna.”—Tshenolō 19:11-16.
Jalo lemororo ka tsela e nngwe Satane a ka kaiwa jaaka Seinyoki mo go Isaia 27:1, polelelopele eo e akareletsa se se fetang “nōga ea bogologolo.” E lebisa segolo-bogolo mo phuthegong ya selefatshe e e bonalang e a e okametseng. Ka gone, Tora ya Tebelo e e umakilweng fa godimo e ile ya lebisa babadi ba yone nakong ya fa “tsamaiso e e boikepo ya motlha wa segompieno eo Satane Diabolo a ileng a nna a e laola jaaka Modimo wa yone, e se kitlang e nna teng. Jehofa o tla bo a ile a retolosetsa tlhokomelo ya gagwe go Seinyoki sa tshwantshetso, se se lelemelang, noga e e ikgarileng e e leng mo bogareng jwa lewatle la batho. Ene le merafe, le eleng makgotla a merafe, ba tla bo ba seyo.”