A O A Gakologelwa?
A o fitlhetse ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo di na le mosola? Jalo he bona gore a o ka gakologelwa dilo tse di latelang:
◻ Ke eng fa go ka twe Bibela ke buka ya setho sotlhe?
Go tswa fela kwa tshimologong ya yone, Bibela e neelana ka pono ya lefatshe malebana le isagwe ya setho. (Genesise 1:28) E pota ka kwa ga ditihoano tsa lotso le mmala, bomorafe, le dilo tse dingwe tse di kgaoganyang tse di ileng tsa tlhasela setho. E bua le batho ba merafe yotlhe mme ebile e bua ka lefatshe jaaka legae le le lengwe le legolo la lotso lotlhe lwa motho. (Ditiho 17:26)—4/15, tsebe 5.
◻ Jesu o ne a raya goreng fa a ne a re: “Ke gōna ea re ha leitlhō ya gago le bōna sentlè, mmele otlhe oa gago o tlale lesedi”? (Mathaio 6:22)
Lefoko ‘go bona sentle’ le tswa mo lefokong la Segerika leo tota tota le rayang boikutlo bo le bongwe kana go ineela mo boikaelelong jo bo rileng. Ka go dira gore thato ya Modimo e nne mokgele wa rona mo botshelong, re tla batla go bontsha mafoko a a molemo a a galalelang kaga Bogosi mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona.—5/1, ditsebe 12, 13.
◻ Ke eng se se bolelwang ka go re Jehofa ke mothatayotlhe le yo o maatla a a feteletseng?
Jehofa o ne a raya Aberahame a re: “Ke nna Modimo, Mothata-eo-tlhe.” (Genesise 17:1) Go nna Mothatayotlhe—a le maatla a a feteletseng—Jehofa o ka dirisa thata ya gagwe go fenya sekgoreletsi lefa e ka nna sefe mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa gagwe le maikaelelo. Jehofa gape o itse sengwe le sengwe, o na le botlhale jotlhe—o maatla a a feteletseng. Ka gone o ka kgona go bonela-pele sengwe le sengwe se a eletsang go se bonela pele. Dinonofo tseno tse pedi di dira gore Jehofa a seka a palelwa ke sepe. (Isaia 14:24)—5/15, tsebe 4.
◻ Re ka bontsha boikokobetso jang fa re rapela phatlalatsa fa pele ga ba bangwe?
Re ka bontsha boikokobetso ka modumo wa lentswe la rona—re sa dirise mafoko a a bokete kana a go itshema. Ga re a tshwanela go batla ka kgang gore Jehofa a dire dilo tse di rileng. Go na le moo, re tshwanetse go kokotlela Jehofa tumalanong le thato ya gagwe, mme ditihaloso tsa rona ka metlha yotlhe di tshwanetse go nna le tlotlo le seriti, re itemoga kafa re seng ba sepe ka gone. (Mathaio 6:5; Isaia 66:2)—5/15, ditsebe 21, 22.
◻ Mokeresete o ka boloka jang boikutlo jo bontle fa a bogisiwa?
Ga a a tshwanela le ka motlha a dumelela gore mogopolo wa gagwe o akanye ka dilo tse di sa siamang. Go na le moo, o tshwanetse go tlhatlhanya ka seo batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ileng ba se dira fa ba ne ba le mo ditekong. Ba ne ba na le tumelo e e feletseng le ikanyo mo go Jehofa, ba ikanya gore o ka kgona go ba tsosa le go ba duela. (Tshenolō 2:10) Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete yo o mo pogisong gompieno o ka gopola thata thata ka tsholofelo ya gagwe mo tsamaisong e ntšha ya tshiamo ya ga Jehofa. (Bapisa Bahebera 12:2.)—6/1, tsebe 30.
◻ Ke mo kgannyeng efe e e botlhokwa eo Hus, Wycliffe, le Luther ba neng ba dumalana mo go yone?
Botlhe ba ne ba dumalana gore Lefoko la Modimo le tshwanetse go tla pele, go sa kgathalesege gore megopolo ya batho ke efe. Bakeresete ba ntlha ba ne ba nna le pono eno e e phepafetseng ka go bo ba ne ba rutilwe ke Jesu Keresete ka boene. (Ditihō 5:29; Yohane 17:17)—6/15, tsebe 31.
◻ A letlalo le le mmala o montsho le gone ka go bo Modimo a ne a hutsa Kanane le ditlogolwana tsa gagwe?
Nnya. Lotso lwa bantsho lo dule e seng mo go Kanane mme e leng mo go Kushe mme gongwe le e leng mo go Pute. Ga go na phutso epe e e neng ya neelwa ope wa ditlogolwana tseno tse pedi tsa ga Noa. (Genesise 9:24, 25; 10:1, 6)—7/1, tsebe 4.
◻ Jesu o ne a raya goreng fa a ne a bua kaga motho go ila bagagabo mme le e leng go ikila? (Luke 14:26)
Jesu o ne a raya gore fa motho a bapisa lorato lwa gagwe mo Modimong le boineelo mo go Keresete, kamano ya gagwe le ba-losika e ka lebega jaaka ekete ke letlhoo. (Bapisa Mathaio 12:46-50.)—7/1, tsebe 27.
◻ Jesu e ne e le “Morèna oa Sabata” jang, jaaka go tlhalositswe go Mathaio 12:8?
Jesu o ne a lebisitse pusong ya gagwe ya Bogosi ya kagiso ya dingwaga tse di sekete. Puso eno e kgolo ya Sabata ya ga Keresete e tla bo e le nako ya go ikhutsa mo pogong yotlhe le mo kgatelelong.—7/15, tsebe 9.
◻ Ke ka ntlha yang fa go tla bo go se botlhale gore ngwana a itlhomele mekgele ya gagwe mo botshelong?
Bana ba tlhaela maitemogelo thata gore ba ka itlhomela mekgele ya bone mo botshelong. Fa batsadi ba sa ba thuse go tlhoma mekgele e e ntseng jalo, mongwe o sele o tla dira jalo—gongwe bana kwa sekolong kana mogakolodi mongwe wa sekolo. Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa bana ba bone go tlhoma mekgele eo e dumalanang le kanaanelo ya bone mo dilong tsa semoya.—8/1, tsebe 28.