Guadeloupe—“Setlhaketlhake sa Metsi a Mantle”
GUADELOUPE, e e dimmaele tse 300 (480 km) ka kwa borwa-botlhaba jwa Puerto Rico, ke setlhopha sa ditlhaketlhake tse di batlileng di le mo bogareng jwa ditlhaketlhake tse di tlhomaganeng tsa Lesser Antilles. Mo mmapeng, ditlhaketlhake tse pedi tse dikgolo di batlile di tshwana le serurubele se se tsharolotseng diphuka. Basse-Terre e e dithaba, eo e nang le lekgwa-molelo le le sisibetseng la Soufrière, e kafa bophirimatsatsi, mme e e kwa tlasenyana ya Grande Terre e kafa botlhabatsatsi. Ditlhaketlhake tse pedi di kgaoganngwa ke molapo o mosesane wa Rivière Salée. Ditlhaketlhake tse dingwe tse dipotlana tse tlhano le tse dingwe tse dipotlana mo go tseo di bopa département ya moseja ga mawatle ya Fora, kana kgaolo ya moshate.
Pele ga fa Christopher Columbus a goroga mo go sone ka 1493 mme a se fa leina la sone la jaanong Guadeloupe, baagi ba sone ba Ba-Carib ba ne ba se bitsa Karukera—Setlhaketihake sa Metsi a Mantle. Kwantle ga pelaelo, ba ne ba gopotse ka melapo, melatswana, le diphororo tsa metsi o ditlhaketlhakeng tseo. Gompieno, leina leo le tshwanela le e leng go feta ka ntlha ya metsi a mantsintsi a boammaaruri a a elelelang mo baaging ba tsone ba ba 328 000. Lemororo bontsi jwa bone e le Bakatoliki, bontsi jwa batho bano ba ba bonolo le ba ba amogelang baeng ba nwa metsi a a itshekileng a boammaaruri go tswa Lefokong la Modimo, Bibela.
Metsi a Boammaaruri a Simolola go Elela
Lerothodi la ntlha la metsi a boammaaruri le ne la simolola go elela mo Guadeloupe ka 1938, pele fela ga go simologa ga Ntwa ya Lefatshe II. Cyril Winston le lelapa la gagwe ba ne ba tswa kwa setlhaketlhakeng se se bapileng le seo sa Dominica mme ba simolola go rerela baagi ba setlhaketlhake seo mafoko a a molemo. Ka bonakonyana batho ba le 5 ba ne ba simolola go kopana mmogo ka metlha, mme ka Seetebosigo 1940 phuthego ya ntlha e ne ya rulaganngwa, eo batho ba ka nna 15 ba neng ba nna gone beke le beke mo Thutong ya Tora ya Tebelo ka Sefora.
Lefa go ntse jalo, Ntwa ya Lefatshe II, e ne ya lere kgatelelo e e nonofileng mo goromenteng wa Fora yo o neng a laolwa ke wa Jeremane. Ka nako eo, thomelo yotlhe ya dibuka tse di neng di tswa kwa Brooklyn e ne ya jewa ka molelo kwa boemela-kepeng fa e goroga, mme dikamano le ntlo-kgolo kwa Brooklyn di ne tsa kgaolwa. Mokaulengwe Winston o ne a lwala thata mme a tshwanelwa ke go boela kwa Dominica, koo a neng a feta a tlhokafalela teng dikgwedi di le tharo moragonyana. Go elela ga metsi a boammaaruri go ne go le bonya; e ne e le lobaka lo lo bokete mo setlhopheng seno se sebotlana sa Bakeresete.
Morago ga ntwa, bakaulengwe ba ne ba simolola tiro ya bone gape ka maatlametlo a ba ka a kgonang. Gore ba tle ba fitlhelele batho ba le bantsi kafa ba ka kgonang ka teng, ba ne ba leka go tshwara dipolelo tea Bibela mo mafelong a botlhe mo maitseboeng. Sebui se ne se neela puo ya sone se eme ka dinao se palame sengwe se se fa godimo, mme batho bone ba se dikaganyeditse jaaka lesaka. Mokaulengwe yo mongwe ene o ne a bonesa ka go tsholetsa totšhe e e itiretsweng. Mo maitseboeng a a sisibetseng, a dinaga tsa dipula, bafeti-ka-tsela le baagelani ba ne ba ipelela go reetsa Lefoko la Modimo le le neng le buiwa mo patlelong.
Mme nako nngwe fa puo ya go nna jalo e ntse e tsweletse segopa sa batlhasedi ba Katoliki se ne sa bonala ka tshoganyetso. Fa ba sena go dikaganyetsa sebui, ba simolola go letsa diphala tsa bone le go itaaganya dikgamelo tse ditona, ba leka go hupetsa lentswe la sebui. Fa sebui se sena go lemoga gore go diragalang, ka bonolo fela a tswelela pele le puo ya gagwe mme a dirisa diatla fela le matsogo le go bebentsha dipounama. Ka bonakonyana, fa batlhasedi ba sena go lapa, ba itlhoboga ba tsamaya. Mme mokaulengwe a tswelela pele ka puo ya gagwe kafa go neng go rulagantswe ka teng.
Go Elela Ga Fefoga
Morago ga dingwaganyana barongwa ba le mmalwa ba ne ba romelwa kwa Guadeloupe go ya go thusa setlhopha se sebotlana sa baboledi ba lefelo leo se se tlhagafetseng. Lantlhantlha, bothata jwa puo bo ne jwa ba kgoreletsa mo go seo ba neng ba ka se dira. Lefa go ntse jalo, mo bogareng jwa bo-1950, barongwa bao ba neng ba bua Sefora ba ne ba simolola go goroga, mme tiro ya tswelela pele.
Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya kganetso e e nonofileng ya sedumedi, ba le bantsi ba ba neng ba amogela boammaaruri jwa Bibela ba ne ba tshwanelwa ke go ikemela ka bopelokgale jo bo sa tlwaelegang. Go ne ga nna jaana ka mosadi mongwe yo o neng a tshwanelwa ke go kolobelediwa mo lefifing ka nako ya botlhano mo mosong. Mosadi yono le monna wa gagwe ba ne ba simolotse go ithuta Bibela mmogo. Mme ya re fa baagelani ba simolola go ba gatelela, monna a latlha go ithuta ka ntlha ya go boifa go latlhegelwa ke bareki ba gagwe mo lebenkeleng la gagwe la dijo le lebotlana. Mosadi ene o ne a tswelela mme a dira botswelelopele jo bontle. Lefa go ntse jalo, moragonyana, kgatelelo e ne ya nonofa thata mo e leng gore monna wa gagwe o ne a tshosetsa ka gore o tla mmolaya.
Mo maitsiboeng mangwe, o ne a fitlhela monna a fitlhile thipa kafa tlase ga mosamo wa gagwe, mme a lemoga gore, boikutlo jwa gagwe bo ne bo mo tlhomamisetsa gore o batla go dirang. Ka go bona gore botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing, o ne a tshabela kwa lelapeng lengwe la Basupi, a tsamaya dimmaele di le some (16 km) ka dinao a raletse sekgwa se segolo le masimo a dipanana. Fa a ntse a iphitlhetse monna wa gagwe, o ne a ikopela go kolobediwa, a re: “Fa e le gore ke tla lebagana le loso ka ntlha ya tumelo ya me, ke batla go balelwa gareng ga batho ba ga Jehofa!” Moragonyana kgaitsadi yono yo o ikanyegang o ne a tsenelela tirelo ya nako e e tletseng mme o setse a feditse dingwaga tse 24 jaanong a ntse a le mmulatsela yo o kgethegileng. Lemororo a latlhegetswe ke lelapa la gagwe la kafa nameng ka ntlha ya tumelo ya gagwe, o bapetse lelapa le legolo la semoya, le Jesu a neng a le solofetsa go Mathaio 19:29. O ile a thusa batho bangwe ba ka tshwara 35 go ineela le go kolobediwa.
Metsi a boammaaruri a elela ka ditsela tse di sa lebelelwang. Banna bangwe ba le babedi ba Makatoliki mo motsaneng mongwe o o kgakala kwa bokone ba ne ba bona Bibela. Ba ne ba simolola go e bala ka malatsi otlhe mme ba senka mongwe yo o neng a ka ba thusa go e tlhaloganya. Moagelani mongwe o ne a ba bolelela gore o ne a ka ba batlela ntsalae, “Mo-Jehofa,” yo o ka itumelelang go ba thusa. Moo e ne e le la ntlha ba utlwang kaga leina la Modimo.
Ntsalae o ne a ba romelela dikaelo dingwe tsa makasine wa Awake! tse ba neng ba seka ba ipelela fela go di ipalela mme gape ba neng ba di abela le ba bangwe mo motsaneng oo. Fa ba tla go utlwalela gore go ne go tshwaretswe kopano gaufi le Pointe-à-Pitre, ba ne ba ya teng mme ba bolelela molebedi wa potologo ba re: “Re tlile mo kopanong eno, mme re tla rata go kolobediwa.” Legale, ba ne ba amogelwa ka bothitho mme gape ba thusiwa go tlhaloganya gore go na le dikgato dingwe tse di rileng tse di tsewang le diphetogo pele ga motho a ka tshwanelegela kolobetso. Jalo go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go ba thusa, mme ba ne ba kolobediwa mo kopanong e e latelang.
Maitemogelo a a tshwanang le ano a ne a lere boipelo jo bogolo le kgothatso mo bakaulengweng. Metsi a boammaaruri a ne a tswelela go elela, mme mo e ka nnang ka 1960, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 251 mo Guadeloupe.
Ga Lebaganwa le Kgwetlho
Bothata jo bogolo mo setlhaketlhakeng se sebotlana seno e ile ya nna go bona didirisiwa tse di lekanyeng sentle tsa dikopano. Ka lobaka lo loleele, go ne go na le ditsha di le pedi fela. Bakaulengwe ba ne ba eleditse thata thata go tshwarela dikopano mo setlhaketlhakeng sotlhe gore metsi a boammaaruri a tle a fitlhe mo bathong ba ba oketsegileng.
Kgabagare, bakaulengwe ba ne ba fetsa ka gore ba ikagele sedirisiwa se e leng sa bone. Ba ne ba tlhama, ba bo ba ntsha meneelo ya madi a a lekanyeng, gore ba dire moago o mmotlana o o dirilweng ka diphaephe tsa tshipi le go rulelwa ka disanka, jo bo lekanyeng sentle go tsenya batho ba le 700. Erile fa e le lantlha ba dirisa “holo ya bone ya dikopano” mo Basse-Terre ka Ferikgong 1966, boidiidi jo bo tlhagafetseng jwa batho ba le 907 bo ne jwa tla. Kwa tshimologong “holo” e ne e le potlana thata!
Ka paakanyetso e ntsha eno, go ile ga kgonega gore go tshwarwe dikopano le e leng mo ditlhaketlhakeng tse di kwa thoko. Seno se ile sa akofisa bofefo jwa go eledisa metsi a boammaaruri mo mafelong a le mantsi. A ko o akanye fela kafa batho ba lefelo la Grand Bourg, torotswana e potlana ya batho ba ba ka tshwarang 6 000 mo setlhaketlhakeng sa Marie Galante ba neng ba itshwara ka gone, fa ba ne ba “tlhaselwa” ke mekoro e le meraro e e neng e rwele batla-kopanong ba ba ka tshwarang sekete gammogo le dilwana tsa bone le diaparo. E ne e le selo se ba iseng ba ko ba se bone—mogolagang o moleele wa batho ba ba gwkntang go tloga kwa boemela-kepeng go ralala toropo go ya kwa lefelong la kopano. Seno se ne sa fa batho ba lefelo leo bosupi jo bo molemo, mme gompieno go na le diphuthego tse di tlhagafetseng di le tharo mo setlhaketlhakeng seno.
Morago ga dingwaga, “holo” e ile ya atolosiwa gantsintsi. Kgabagare, e ne ya nna moago wa ditone di le 30, o o neng o akaretsa setsha se se ka nnang 32 000 square feet (3 000 sq m), o o ka tsholang batho ba le 5 000. Ka phepafalo, e ne e le namane e tona ya tiro go rwala, go tlhoma, le go rutlolola sedirisiwa seno nako le nako fa kopano e tshwarwa. Go ketefatsa dilo, go ne go ntse go thatafalela pele go bona mafelo a a tshwanetseng a go tlhoma “holo” e e rwalwang ka diatla eo ka ntlha ya go bo lefatshe le le senang sepe le ne le ntse le tsewa ke dikago. Go ne ga bonala gore tharabololo fela e ne e tla nna go batla lefelo le le nnetseng ruri la “holo.”
Mme le gone foo Jehofa o ne a baakanyetsa ka ditlhokafalo tsa bakaulengwe. Setsha sengwe se se mo bogareng sa dikgato di ka nna bophara jwa halofo ya sedikadike (50 000 sq m) se ne sa bonwa. Ka meneelo ya boithatelo go tswa diphuthegong tsotlhe mo ditlhaketlha- keng, go ne ga rekwa setsha ka 1979. Se ne sa nna lefelo la ka metlha la kobamelo ya boammaaruri mo Guadeloupe.
Go Elela mo go Golelang-Pele ga Metsi a Boammaaruri
Bogologolo ka 1954 fa e ne e le lantlha lekala le tlhongwa mo Guadeloupe, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 128. Mme jaanong palo eo e ile ya gola go nna 4 500. Seno se raya gore a le mongwe mo bathong ba le 72 mo Guadeloupe ke Mosupi wa ga Jehofa. Mme mo Pointe-à-Pitre, motse-mogolo, palo ke motho a le mongwe mo bathong bangwe le bangwe ba ba 29—kwantle ga pelaelo ke nngwe ya dipalogare tse di molemo-lemo mo lefatsheng lotlhe!
Batho bano ba ba ikanyegang ba ile ba tshwarega mo go elediseng metsi a boammaaruri, ba tsamaisa dithuto tsa magae tsa Bibela di ka feta 7 300 le batho ba ba kgatlhegang mo tshimong eo yotlhe. Maiteko a bone a ne a segofadiwa fa batho ba le 12 553 ba ne ba kopanela mmogo go gopola loso lwa Morena Jesu Keresete ka 1986. Tota ruri, bakaulengwe mo Guadeloupe ba ikutlwa gore Jehofa o “reketlisa” ditlhaketlhake tsa bone go phutha “dilō tse di elètsègañ” mmogo.—Hagai 2:7.
“Setlhaketlhake sa metsi a mantle” se ntse se nnela sentle pele ka tsela ya semoya. Ba le bantsi ba arabela mokgosing o o reng: “Tla!” bao ba nwang ‘metsi a botshelo mahala.’—Tshenolō 22:17.
[Dimmapa mo go tsebe 27]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
GUADELOUPE
GRANDE TERRE
Pointe-à-Pitre
Soufrière
Rivière Salée
BASSE-TERRE
MARIE GALANTE
Grand Bourg