Pokano ya Ngwaga le Ngwaga October 4, 1986
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka October 4, 1986, e tla tshwarelwa kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Go tla simolola ka pokano ya maloko fela ka 9:30 a.m., e latelwa ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m., Matlhatso, October 4, 1986.
Go tla anaanelwa fa maloko a Setlhopha seno sa Semolao a ka itsise Ofisi ya Mokwaledi ka phetogo epe mo diatereseng tsa bone tsa poso mo ngwageng o o fetileng e le gore makwalo a bone a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go letla mongwe go go direla ditlhopho di ka fitlha go bone ka bonako morago ga August 15.
Diforomo tsa go letla mongwe go go direla ditlhopho tseo di tla romelelwang maloko mmogo le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse go busiwa e le gore di fitlhe go Ofisi ya Mokwaledi wa Mokgatlho eseng morago ga September 1. Jaaka leloko lengwe le lengwe le itse, le tshwanetse go tlatsa le go busetsa foromo nngwe le nngwe ya lone ya go letla mongwe go le direla ditlhopho ka bonako, le itsise fa le tla nna gone mo pokanong eno ka namana kana nnyaa. Tshedimosetso e e neelwang mo foromong nngwe le nngwe ya go letla mongwe go go direla ditlhopho e tshwanetse ya bo e feletse mo ntlheng eno, ereka go tla ikaegiwa ka yone fa go tlhomamisiwa esale gale bao tota ba tla nnang gone ka namana.
Go solofelwa gore thulaganyo yotlhe, go akareletsa le pokano ya ntlha ya kgwebo le dipego, di tla konelwa ka 1:00 p.m. kana ka bonako morago ga moo. Ga go kitla go nna le thulaganyo epe ya thapama. Ka ntlha ya sebaka se sennyane, go tla tsena fela bao ba nang le ditekete. Ga go na dithulaganyo dipe tseo di tla dirwang tsa go golaganya pokano eno ya ngwaga le ngwaga le mafelo a mangwe ka megala.