Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Kopana ga Ditso Tsotlhe mo Afrika Borwa!
IMBALI ke lekeisane la bantsho le le ka kwantle fela ga Pietermaritzburg, mo Natal, mo Afrika Borwa. Erile fa diphuthego tse pedi tsa Imbali tsa Basupi ba ga Jehofa di fiwa setsha, bagolwane ba diphuthego tsa basweu le tsa Makhalate mo Pietermaritzburg ba kopana ka bofefo go rulaganyetsa gore ba ka thusa jang bakaulengwe ba bone ba bantsho go aga Holo ya Bogosi ka nako e khutshwa-khutshwane. Lemororo tiro ya go aga e ne ya tsaya dikgwedi di ka hera bongwe, tota-tota e ne ya tsaya malatsi a tiro a le 48 go wetsa tiro, eo bogolo e neng e dirwa thata ka bo-Matlhatso.
Mo baaging ba Imbali, go agiwa ga Holo eno ya Bogosi go ne ga supa sengwe seo ba ka neng ba ile ba akanya gore se ka se kgonege. Akanya fela ka bontsintsi jwa Basupi ba basweu, Makhalate, le Maindia ba ba neng ba thelesegela mo lekeisaneng leo go tswa Pietermaritzburg le Durban mme ba dira ka tshwaragano le diphuthego tsa Maafrika! (Bapisa Sefania 3:9.) Banna, basadi, le bana botlhe ba ne ba fetisetsana dilwana le didirisiwa le go ja dijo mmogo mo tafoleng e le nngwe. Kutlwano e e ntseng jalo ya ditso ke selo se se sa itsegeng mo makeisaneng a Maafrika, segolo-bogolo mo nakong eno ya dikgoberego! Eleruri, jono ke bosupi jo bo sa belaetseng jwa gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba tshwaraganeng bao ruri ba amegang ka ba bangwe.
Fa a ne a akgela ka kutlwano eno, moagelani mongwe o ne a re: “Go bona basweu, bantsho, Makhalate, le Maindia, ba dirisana mmogo ka kutlwano go re gakgamaditse thata. Ga re nke re bona tshwaragano e e ntseng jaana mo dikerekeng tsa rona.” Ratoropo wa Imbali, Mr. Pakkies, o ne a nna gone fa go kgakolwa holo eno ka November 10, 1985, mme a supa fa a jesitswe kgakge ke kutlwano le boikemisetso jwa Basupi mo go wetseng namane e tona e e kalo ya tiro ka bobone. O ne a konela kafa ba dirileng ka gone ka go re, “Go ka dirwa fela ka lorato.” Abo go le boammaaruri jang ne! A mme Jesu ka boene ga a ka a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana”?—Yohane 13:35.
Jaaka bofelo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo bo atamela ka bofefo, Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa yotlhe ba lemoga kafa go tlhokafalang ka teng go aga Diholo tsa Bogosi mo makeisaneng a bantsho le mo metseng ya magae ka bofefo jo bo ka kgonegang. Holo ya Bogosi mo Soweto e ne ya kgakolwa ka February 1985. Di le mmalwa tse dingwe di mo tseleng ya go agiwa. Ka diphuthego tse 700 mo tshimong ya bantsho, tse di ka nnang 70 di na le Diholo tsa tsone tsa Bogosi, jalo go na le tlhokafalo e kgolo go fitlhelelwa. Holo ya Imbali e thusa go tlatsa tlhokafalo eno. E kgona go tsenya batho ba le 400, bao, ka go nna sentle, ba ka amogelang dijo tse di tlhokafalang tsa semoya tse di abiwang koo. Ee, mo mafelong a a ntseng jalo a go ruta Bibela, barati ba tshiamo ba ithuta kafa ba ka falolang ka gone bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo go bona botshelo mo tsamaisong e ntšha ya Modimo koo ditso tsotlhe tsa batho di tla tshelelang ruri gone jaaka lelapa le le lengwe le le utlwanang!