Moithuta-Marope Yo o Neng a Anaanela Boammaaruri jwa Bibela
“SEITSETSEPELO sa bofelo sa pelaelo epe ya gore a Dikwalo di tlile go rona fela jaaka di ne di kwadilwe la ntlha se tlositswe.” Mafoko ano aga Sir Frederic Kenyon, a a tserweng mo tsebeng 289 mo bukeng ya gagwe ya The Bible and Archæology (1940), a tsopotswe mo tsebeng 53 ya buka ya Mokgatlho wa Watch Tower ebong O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ke ka ntlhayang fa Kenyon a ile a fitlha mo phetsong eno? E ne e le ka ntlha ya go bo mekwalo ya papyrus e e neng e sa tswa go bonwa e ne e le malatsi magautshwane thata le nako ya go dirwa ga Dikwalo mo a neng a ka tlhalosa lobaka lo lo fa gare jaaka “lo lo ka tlhokomologiwang.” Lefa go le jalo mekwalo eno ya papyrus e ne ya seka ya bontsha dipharologano dipe tse di kalo-kalo mo mekwalong ya bosheng. Seno se ne sa tiisetsa “bommatota le bonnete jo bo feletseng” jwa mekwalo ya moragonyana eo Bibela e neng ya ranolwa go tswa mo go yone.
Ka mo go kgatlhisang, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o kwala jaana malebana le moithuta-marope yono yo o tumileng: “Sir Frederic Kenyon o ne a na le dikgatiso di le mmalwa tsa Mokgatlho, ka go bo ke ne ka fetsa dingwaganyana ke ntse ke bona tshiamelo ya go mo tlogelela dibuka tse di farologanyeng le go kwalelana le ene. Ke ne ka tlwaelana le ene masimologong a 1936. . . . Buka ya ga Dr. Kenyon ke yone e neng ya mpha lesedi kaga ditshimologo tsa Bibela. Ke ne ka kwala ka mmolelela seo. Buka ya gagwe ebong The Story of the Bible e ne ya romelwa go nna e na le mokwalo o o reng, ‘Ka dikeleletso tse di molemo-lemo tsa mokwadi, F. G. Kenyon, May 1, 1937.’
“Fa a sena go amogela buka e e reng ‘The Truth Shall Make You Free,’ e e neng e gatisitswe ke Mokgatlho wa rona, o ne a nkwalela a re: ‘Boitlhomo jwa lona bo tshwana fela le jwa me, go rotloetsa batho go bala le go dumela Bibela; mme lona lo akareletsa batho ba le bantsinyana. Dibuka tsa me di lebagantswe thata thata le ba ba tshwentsweng ke seo ba se bolelelwang kaga matswela a batshwaya-diphoso ba mo motlheng wa segompieno le diphitlhelelo, fa buka ya lona yone e bua le babadi ba ditlhopha tsotlhe le mefuta yotlhe. Ke lo eleletsa katlego mo tirong ya lona’.
“Fa a ne a kwala gape mabapi le dikgatiso tse dingwe tse pedi tsa Mokgatlho wa rona, o ne a bo gape a lebisa go boitlhomo jwa rona jwa kakaretso, ‘go kgothaletsa batho go bala Bibela, le go e bala ka botlhale,’ mme a oketsa ka go re: ‘Ke itumelela go utlwa gore dibuka tsa lona di anamisiwa thata mo mafatsheng a le mantsi.’ . . .
“Ka 1948 Sir Frederic o ne a gatisa buka e e reng The Bible and Modern Scholarship, go ganetsa buka e e neng e kwadilwe ke Dr. Barnes, Bishopo wa Birmingham, yo o neng a tlhalositse dikarolo dingwe tsa Bibela go akareletsa le tseo di buang ka kgololo ya ga Keresete Jesu, a re ke dikinane.’ Mo ketapeleng ya gagwe Dr. Kenyon o re: ‘Kanoko e e nonofileng ya buka ya ga Bishopo e ntlhatswitse pelo gore e ne e se patlisiso ya motlha wa segompieno e e mo nakong sentle, mme, phapaanong le seo, e ne e le tsosoloso ya megopolo ya batshwaya-diphoso eo e neng e tumile thata mo e ka nnang dingwaga tse di masome a supa tse di fetileng, mme e tlhokomologa gotlhelele matswela a dingwaga tse di fetileng tse di masome a matlhano.’ Malebana le buka ya gagwe, Kenyon o ne a re: ‘Ke dumela gore nako e gorogile jaanong ya go tsosolosa ikanyo mo Bibeleng jaaka mokaedi wa boammaaruri le motheo wa boitshwaro mo botshelong. . . . Ke solofela fela gore [buka eno] e ka thusa bao ba lebileng Bokereseteng jaaka tsholofelo e le yosi fela ya lefatshe la rona le le fapositsweng, le go Bibela jaaka motheo o o tlhomamisegang wa tumelo ya Bokeresete.’
“Moithuti yono yo o itsiweng thata mo lefatsheng wa Bibela, yo o ileng a kwala se se molemo thata mabapi le ditiro le dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa, e ne e le monna yo o boikokobetso, yo o neng a na le bopelonomi jwa mmatota. . . . Ka 1889, morago ga go fenya jaaka moithuti kwa Oxford, o ne a dira mo British Museum jaaka modiri mo Lephateng la Mekwalo. Moragonyana o ne a tlhatlosiwa maemo go dira mo kokoanyong ya mekwalo mme ka 1909 go nna Mookamedi le Ra-metlobo ya Dibuka wa British Museum. Mo tshimologong ya tiro ya gagwe ya lobaka lo loleele, mekwalo ya Bibela le ya patlisiso ya papyrus e ne e le boikaelelo jwa gagwe jo bogolo; moragonyana, o ne a nna le boikarabelo jwa go nna Mookamedi wa matsholo a go ithuta marope mo Carchemish le Ur. Fa a sena go lesa tiro o ne a thusa mo go bapaleng Codex Sinaiticus le mo kgatisong ya di-papyrus tsa Chester Beatty tseo di neng tsa thusa go tlhomamisa Dikwalo tsa Segerika.
“Fa re digela, go a tshwanela go tsopola mo bukeng ya gagwe The Story of the Bible jaana: ‘Bibela e tshotse ditiragalo tsa batho gammogo le tlhotlheletso ya bomodimo. Ke ditiragalo tse di kgatlhisang thata, mme ebile ke tse botlhe ba ba lebang Dibibela tsa bone di le botlhokwa ba tshwanetseng go di itse. . . . Ke mo go kgothatsang kwa bofelong go fitlhela gore phelelo e e bonalang sentle ya diphitlhelelo tseno tsotlhe le patlisiso eno ke go otlelela bosupi jwa bommatota jwa Dikwalo, le tlhatswego-pelo ya rona gore re tshotse, ka mmannete, Lefoko la Modimo je le boammaaruri tota tota ka diatla tsa rona.’”