LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 7/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Na le Modimo yo o Esi Fela wa Boammaaruri?
    Tsogang!—2006
  • Go Tweng ka “Ditemana Tse Di Tshegetsang” Tharo-Nngwe?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Tsheko ya Lobopo Lotlhe E e Go Kopanyeletsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Lehoko a bo a Nntse A Na Le Modimo, me Lehoko ea bo e le Èna . . .”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 7/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Jesu o ne a ka nna jang “modimo” yo o bopilweng ke Jehofa fa mo go Isaia 43;10 Jehofa a re: “E rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna ope moragō ga me”?

Go itsege thata gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta go tswa Bibeleng gore Jesu ke Morwa yo o bopilweng ke Modimo ebile o ikobetse Rraagwe. (Yohane 14:28; 1 Bakorintha 11:3) Mme ebile, jaaka Yo o maatla yo o direlang jaaka Mmueledi wa Modimo, kana Lefoko, o ka nna a tlhaolwa jaaka “modimo.” Diphetolelo di le mmalwa tsa Bibela di kwala Yohane 1:1 gore e re Lefoko o ne a le “modimo.” Ka sekai, Das Evangelium nach Johannes (1979) ka Jürgen Becker e balega jaana “. . . und der Logos war bei dem Gott, und ein Gott war der Logos.” (thanolo ya Setswana: . . . me Logos o ne a na le Modimo mongwe.”)a

Lefa go le jalo, jaaka mmotsi a supa, seno se ka bonala se thulana le Isaia 43:10, 11, e e reng: “Lona lo bashupi ba me, go bua Yehofa, u bile u motlhanka oa me eo ke gu itshenketseñ; gore lo tlè lo itse, lo ntumèlè, lo bo lo tlhaloganyè ha ke le èna: E rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna ope moragō ga me. Nna, e leñ Nna, ke Yehofa; me kwa ntlè ga me ga go na mmoloki opè.”

Moithuti yo o pelo-e-phepa wa Bibela o thusiwa go lemoga ka kelotlhoko mokwalo-kakaretso wa mafoko ao. Modimo Mothatayotlhe Jehofa o ne a ipapisa le medimo ya disetwa e e itiretsweng ke batho mo merafeng e e neng e dikologile Iseraele. Jehofa o a botsa: “Hoñ loa bo lo ka chwantsha Modimo le mañ? goñwe sechwancho ke sehe se lo tla boñ lo se chwantsha le ōna?” Tota ruri e seng setshwantsho se se dirilweng ke modiri wa ditshipi kana se se setilweng mo setlhareng. (Isaia 40:18-20; 41:7) “Medimo” e e ntseng jalo e ne e ka se ‘phutholole magodimo jaaka sesiro,’ jaaka Jehofa a dirile. (Isaia 40:21-26) Gape, Jehofa o kgona go bolelelapele isagwe; ruri medimo ya disetwa ya merafe e ka se ‘kakanye dilo tse di tla namang di tla, gore re tle re itse gore ke medimo.’ (Isaia 41:23) Ntlha eno e boelelwa gape go Isaia 43:9, koo Jehofa a tlhalosang a re: “A merahe eotlhe e phuthwè, a dichaba di kokoañwè; emañ mo go bōnè eo o ka bolèlañ go mo, a re shupetsa dilō tsa pele? A ba tlisè bashupi ba bōnè.” Kafa tshwanelong he, Mothatayotlhe o re: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.”​—Isaia 42:8.

Jalo mokwalo ka kakaretso o tiisetsa gore Mothatayotlhe o gwetlha e go tweng ke medimo ya merafe. Ereka e le medimo ya disetwa fela e sena maatla ape a bomodimo, tota ruri ga se medimo e e ka obamelwang; ke dilo tse e seng tsa sepe. Jehofa o a tswelela: “A go na le Modimo moñwe kwa ntlè ga me? E, ga go na Lehika lepè: Nna, ga ke itse lepè. Ba ba betlañ sechwanchō se se sètwañ ba boithamako botlhe hèla: dilō tse di eletsègañ tsa bōnè [tse di dirilweng ka tshipi kana logong lo lo setilweng], ga di ketla di thusa sepè.” (Isaia 44:8-17) Jalo he, mokwalo ka kakaretso wa Isaia 43:10 o phepafatsa gore ga go umakiwe Jesu; “medimo” e e umakiwang ke medimo ya disetwa e e sa tsheleng ya merafe.

Lefoko “Modimo” kana “modimo” le dirisiwa gantsi go raya selo se se fetang motho e le sa kobamelo. Ka gone, mo megopolong ya batho ba le bantsi, “modimo” o ka ne a raya (1) Motho yo Mogolo, Mothatayotlhe, kana (2) modimo wa maaka, jaaka modimo wa disetwa. Lefa go ntse jalo, Bibela e amogela tiriso e nngwe. Re ka bona seno go tswa go Pesalema 82:1, 2. Koo yo e leng Modimo (Jehofa Modimo) o tlhaolwa mo baatlhoding ba batho bao Pesalema a ba bitsang “medimo.” Jesu ka boene moragonyana o ne a lebisa mafokong ano. Ka go bo a ne a rile Jehofa Modimo ke Rraagwe, Bajuda bangwe ba ne ba batla go mo kgobotletsa ka maje. Fa ba ne ba mo latofatsa gore o ne a ‘itira modimo,’ Jesu o ne a arabela ka go re: “A ga goa kwalwa mo molaoñ oa lona, ga twe, Ke rile, Lo medimo? Ha a biditse bōnè [baatlhodi bao ba batho] medimo . . . A lo raea èna eo Rara o mo itshepisitseñ, a mo roma mo lehatshiñ, loa re, Ua tlhapatsa; ka go bo ke rile, Ke Morwa Modimo?”​—Yohane 10:31-36.

Kwantle ga pelaelo go na le Modimo Mothatayotlhe a le esi, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwala a re: “Gonne leha go na le e e bidiwañ medimo, kwa legodimoñ le mo lehatshiñ; yaka go na le medimo e le mentsi, le barèna ba le bantsi; Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, le rona re nnetse èna; e bile go Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete, eo dilō cotlhe di emeñ ka èna, le rona ka èna.” (1 Bakorintha 8:5, 6) Morena Jesu Keresete ga se modimo wa maaka, ga se modimo wa sedimona, ga se modimo fela wa disetwa. Ke ‘kgalalelo ya ga Jehofa Modimo.’ (Bahebera 1:3) Ka gone go a tshwanela gore Yohane 1:1 e kaya Jesu jaaka “modimo,” kana “sekamodimo” (Johannes Schneider).

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Lereo ho theos [Modimo, kana Modimo], leo jaanong le tlhaolang Rara jaaka motho ka sebele, ga le dirisiwe mo T[estamenteng] e N[tšha] go Jesu ka Boene; Jesu ke Morwa Modimo (wa ga ho theos). . . . Jn 1:1 e tshwanetse go ranolwa jaana ka tlhamalalo ‘lefoko o ne a na le Modimo [=Rara], mme lefoko o ne a le motho wa bomodimo.’”​—Dictionary of the Bible (1965), ka John L. McKenzie, S.J.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela