Tshegofatso ya ga Jehofa Ea Humisa
“Go tla thatahalèla mohumi go tsena mo bogosiñ yoa legodimo.”—MATHAIO 19:23.
1, 2. Ke pharologanyo efe e e ka dirwang mo mefuteng ya dikhumo?
GO TWENG fa mongwe a ne a go bolelela gore, “O humile”? Ba le bantsi ba ne ba tla itumedisiwa ke go bolelelwa jalo, fa go ne go raya gore ba ne ba humile ka madi, lefatshe, kana ba nna mo manobonobong. Mme akanya ka kgang ya mahumo mo ntlheng eno: “Tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”—Diane 10:22.
2 Jaaka Modimo o dirisane le ditlhogo tsa lotso tsa bogologolo le morafe wa Iseraele, o ne a segofatsa boikanyego jwa bone ka go atlega. (Genesise 13:2; Duteronome 28:11, 12; Yobe 42:10-12) Kgosi Solomone e ne e le mongwe yo o neng a segofaditswe thata. O ne a huma thata. Lefa go le jalo o ne a ithuta ka boitemogelo gore botshelo jo bo tlhomilweng mo dikhumong “e ne e le boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.” (Moreri 2:4-11; 1 Dikgosi 3:11-13; 9:14, 28; 10:10) Jalo fa Solomone a ne a kwala jaana, “Tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa,” o ne a sa otlelele dikhumo. O ne a bolela boammaaruri jwa gore fa o na le tshegofatso ya Modimo, botshelo jwa gago bo humile go gaisa kgakala jwa bao ba sa mo direleng. Jang jalo?
3. Tota o humile ka ditsela dife, fa o na le tshegofatso ya Modimo?
3 Fa o le Mokeresete, o ka ipelela go amogelwa ke Jehofa jaanong mme wa amogela masego a a tswang mo go ene a a jaaka botlhale jwa bomodimo. O ka amogelwa mo phuthegong ya lelapa la Bakeresete bao eleruri ba itumetseng, ba ba go ikanyang, ebile ba go kgatlhegela. Melao ya Modimo e go sireletsa mo malwetsing le mo dikotsing tse dintsi. Gape o na le lebaka la go solofela tshireletso ya bomodimo go ralala “sepitla se segolo” se se kwa pele ga tsamaiso eno e e boikepo, mme, morago ga moo botshelo mo Paradaiseng e e sa feleng e e tlang mo lefatsheng. Jalo, oa bona, ka ntlha ya masego le ditebelelo tseo tse di gakgamatsang ruri o ka re: “Ke humile!”—Mathaio 24:21, 22.
4. O ka senya go huma ga gago semoyeng jang? (Tshenolō 3:17, 18)
4 Go “huma” ga gago ka masego a ga Jehofa lefa go ntse jalo, go ka bewa kotsing ke dikhumo tse dingwe—madi kana dithoto. Ba sekae ba rona (go sa kgathalesege gore ba eme sentle ka madi kana ba dikobo dikhutshwane) ba tla dumela kwantle ga tikatiko gore, ‘Ke lebane le kotsi ya tota ya go timetswa ke go rata madi.’ Lefa go ntse jalo, gopola tlhagiso eno: “Go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Timotheo 6:10) Seo se ne sa kwalwa ka nako ya fa Bakeresete botlhe ba ba amogelwang ba ne ba tlodiwa ka moya wa Modimo jaaka sesupo sa gore ba tla nna babusi ba selegodimo le Keresete. Ka mo go tshwanang ba le bantsi ba ile ba kopana le baaposetoloi le ba bangwe ba ba ileng ba tsamaya le Jesu ka namana. Fa madi a ne a ‘timetsa’ bangwe ba bone, abo e le kotsi e kgolo jang ne go rona!—2 Bakorintha 5:5; Baroma 8:17, 23.
Mohumi le Kamela
5. Pono ya ga Jesu ka dikhumo e ne e le efe?
5 Jesu gangwe le gape o ne a tlhagisa kotsi ya dikhumo, gonne ke kotsi e e lebaneng le mongwe le mongwe, bao ba humileng le bao ba sa humang. (Mathaio 6:24-32; Luke 6:24; 12:15-21) Jaaka motheo wa boitlhatlhobo jwa botho, akanya ka seo Jesu a se buileng mo tiragalong nngwe, jaaka go boletswe go Mathaio 19:16-24; Mareko 10:17-30; le Luke 18:18-30. Tota, ke ka ntlhayang fa o sa eme go le gonnye jaanong go bala nngwe kana dipego tseo tsotlhe?
6, 7. (a) Go ne ga simologa eng magareng ga ga Jesu le monna yo mmotlana? (b) Moragonyana ga moo, ke kgakololo efe eo Jesu a neng a e neela?
6 Molaodi yo mmotlana o ne a tla go Jesu mme a mmotsa a re: “Ke tla dihañ gore ke ruè botshelō yo bo sa khutleñ?” Jesu o ne a mo lebisa kwa Molaong, ka jalo a bontsha gore Jehofa o ne a sa palelwa go supa se se neng se le botlhokwa. Monna yoo o ne a araba ka gore o ne a bolokile ditaolo tsa Modimo go tswa ‘bokaung jwa gagwe.’Go ne go tshwana jaaka ekete o ne a le fa kgorong, mme o ne a ikutlwa gore o ne a santse a tlhoka sengwe. Gongwe o ne a akanya gore go ne go na le molemo mongwe oo go neng go okeditswe ka one, tiro nngwe ya bonatla, tseo di neng di tla nna kgato ya bofelo ya go tsena ka kgoro e e isang botshelong jo bosakhutleng. Karabo ya ga Jesu e ne ya neela kakantsho eno: “Rekisa cotlhe tse u nañ nacō, me u abèlè bahumanegi; me u tla na le lohumō kwa legodimoñ; me u tlè, u ntshalè moragō.” Go ne ga diragalang? “Me ea re a utlwa yalo, a hutsahala thata; ka a na a humile thata [kana, a ne a na le dithoto tse dintsi].” Jalo monna yono a tsamaya.—Luke 18:18, 21-23; Mareko 10:22.
7 Morago ga moo Jesu o ne a akgela jaana: “Ana go thata yañ mo go ba ba nañ le mahumō go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo! Gonne go ka nna boheho kamela go tsèna ka lecoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” (Luke 18:24, 25) A kgakololo eo e ne e le ya molaodi yole yo o humileng fela? Kana a o a akarelediwa, go sa kgathalesege gore o humile kana o humanegile? A re boneng.
8. (a) Molaodi wa Mojuda yo mmotlana o ne a ntse jang? (b) Ke phoso efe e o neng a na nayo, mme ke ka ntlhayang fa seo se tshwanetse go re ama?
8 O ka nna wa thusiwa go tlhaloganya boemo jwa molaodi yo mmotlana yoo fa o akanya ka yo o tshwanang le ene gompieno—mosha yo o phepa wa Mokeresete yo o nang le kitso e e molemo ya Bibela, le maitsholo a a siameng, ebile a tswa mo lelapeng le le itsholetseng. O ne o ka nna wa eletsa motho yo o ntseng jalo gompieno. Mme Jesu o ne a bona tlhaelo e kgolo mo lekawaneng leno la Mojuda: Khumo ya gagwe kana dithoto e ne e le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. Ka gone Jesu o ne a gakolola jaaka a dirile. O ka bona ka moo tiragalo eno ya Bibela eleng ya rona rotlhe ka gone, go sa kgathalesege gore re humile kana nnya. Madi le dithoto di ka nna tsa nna tse di botlhokwa thata go ope wa rona, go sa kgathalesege gore re setse re na le tsone kana re eletsa fela go nna le tsone.
9. Re itse jang gore Jesu o ne a sa senye dikhumo?
9 Keresete o ne a sa reye gore motho yo o nang le dikhumo a ka se direle Modimo. Ba bantsi ba mo diretse. Lekawana lele la Mojuda le ne le mo direla, ka selekanyo se se rileng. Go ne go na le mokgethisi Sakaio, yo o neng “a humile.” (Luke 19:2-10) Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba humile mme ka jalo ba ne ba nna le kgwetlho e e kgethegileng ya go ‘iketleeletsa go aba, le go itumelela go abalana.’ (1 Timotheo 6:17, 18; Yakobe 1:9, 10) Mme go na le Bakeresete bangwe ba ba humileng le gompieno. Gantsi ba ile ba neelana ka bopelotshweu go tshegetsa tiro ya Bogosi, ba bulela matlo a bone dipokano, le go dirisa dikoloi tsa bone mo bodiheding. Ke ka ntlhayang, he, fa Jesu a ne a bua ka tsela e a buileng ka yone ka mohumi le kamela? Re ka ithutang go tswa go yone?
10. Re ka konesetsa ka go reng go tswa mo kgakololong ya ga Jesu mo tiragalong eo?
10 Jaaka o ka lemoga, go simolola go obamela Modimo ke selo se sengwe; go itshupa o ikanyega go ya bokhutlong ke selo se sengwe gape. (Mathaio 24:13; Bafilipi 3:12-14) Jesu a ka tswa a ne a akantse ka seno fa a ne a re: “Go ka nna boheho kamela go tsèna ka lechoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” (Mareko 10:25) Ga go kamela epe e e neng e ka pitlagana go tsena ka lesoba la lomao, jalo Jesu ka phepafalo o ne a dirisa papiso, pheteletso eo e neng e sa direlwa go tsewa ka moo e leng ka gone. Lefa go ntse jalo, go bontsha ka moo go leng thata ka gone gore mohumi a dire sengwe. Eng? Eseng fela go simolola go direla Modimo. Nnya, mme “go tsèna mo bogosiñ,” tota-tota go bona botshelo jo bo sa khutleng. Go sa kgathalesege gore o eme jang kafa mading, kgakololo ya ga Jesu e ka thusa go akanya ga gago, tswelelopele ya gago ya semoya, le go bona ga gago botshelo jo bo sa khutleng.
Ke ka Ntlhayang fa go Thatafalela Mohumi Jaana?
11. Bahumi le bahumanegi ba ne ba amiwa jang ke thero ya ga Jesu?
11 Go ya ka thero e e dirilweng ke Jesu le baaposetoloi, ‘bahumanegi ba ne ba rerelwa mafoko a a molemo.’ (Mathaio 11:5) Go ne go sa kgethololwe mohumi. Lefa go le jalo go bonala gore bontsi jwa bahumanegi bo ne bo lemoga tlhokafalo ya bone ya semoya mme ba arabela mo molaetseng wa tsholofelo. (Mathaio 5:3, 6; 9:35, 36) Bajuda ba ba humileng ba ne ba kgotsofaletse thata ka moo dilo di neng di tsamaya ka gone. (Bapisa Luke 6:20, 24, 25.) Lefa go ntse jalo, go ne go na le bao ba sa tshwaneng le bone ka nako eo. Ba teng le gompieno. Batho bangwe ba ba humileng ba amogela molaetsa wa Bibela ba bo ba direla Modimo. Matswela a bone a ka nna a a gakgamatsang. Go ne go ntse jalo ka Paulo, yo o neng a sa letlelele boemo jwa gagwe mo botshelong gore bo mo emise. (Bafilipi 3:4-8) Lefa go ntse jalo, Jesu o boletse gore go ne go tla thatafalela mohumi segolo.
“Tsieco ea Mahumō”
12, 13. (a) Mo setshwantshong, ke ntlha efe eo Jesu a neng a e dire ka ditlhobaelo? (b) Ke ka ntlhayang fa bahumi ba lebane le dikgoreletsi tse dintsi?
12 Mo setshwantshong sa gagwe sa dipeo tse di neng tsa wela mo mebung e e farologaneng, Jesu o ne a re dingwe di ne “tsa wèla mo mitlweñ; me mitlwa ea gola, ea di hupetsa.” O ne a tlhalosa jaana: “Me oa peo e e yadilweñ mo mitlweñ, ke eo o utlwañ lehoko; me go bapalwa ke lehatshe, le tsieco ea mahumō, di hupetse lehoko, me a uñwologe.” (Mathaio 13:7, 22) E batlile e nna batho botlhe bao ba itemogelang “go bapalwa ke lehatshe.” Go bonolo go bona gore ke ka ntlhayang fa go le jalo mabapi le motho yo o humanegileng, yo o sa direng, kana yo o golofetseng. Motho yo o nang le madi a mantsi a ka tswa a sena ditlhobaelo tse di tshwanang, lefa go ntse jalo le ene a ka tlhobaela thata ka ntlha ya matswela a go tlhatloga ga ditlhotlhwa, diphetogo mo lekgethong, kana kotsi ya bogodu. Jalo mohumi le mohumanegi ka go tshwana ba ka nna le ditlhobaelo.—Mathaio 6:19-21.
13 Jesu o bontshitse gore bangwe ba ne ba tla kgorelediwa gape ke “tsieco ea mahumō.” Go atlega ka madi go ka go fetsa. Aristotle Onassis yo o humileng go gaisa o kile a re: “Morago ga fa o sena go fitlha mo seemong se se rileng, madi ga a sa tlhole a le botlhokwa. Se se tshwenyang ke katlego. Selo se se botlhale e tla bo e le gore ke emise jaanong. Mme ga ke kgone. Ke tshwanetse go nna ke lekela go nna kwa godimo-go ikgatlha fela.” Ka mo go tshwanang, Mokeresete a ka go fitlhela go itumedisa go kgaratlhela go ya kwa godimodimo. Kana a ka nna a tsiediwa gore a oketse kgwebo ya gagwe morago ga go fitlhelela seo pelenyana mo botshelong a neng a ka se leba jaaka “se se lekaneng.” Go na le go fokotsa tiro ya gagwe (kana go e tlogela) gore a tle a nne modihedi wa nako e e tletseng, o ‘rutla matlo a gagwe a mabolokelo [kana matlo], a aga a sele, a magolo.’ (Bona Luke 12:15-21.) A seo se ka diragala mo go wena? A o akanya gore Modimo o ne a tla atlhola ope mo boemong joo fa a mo direla ka moya otlhe?—Mathaio 22:37.
14. Go ka tshwantshiwa jang gore dikhumo di ka kgoreletsa Mokeresete? (Diane 28:20)
14 Lefa go ntse jalo go na le ditsela tse dingwe tseo dikhumo (kana kgatlhego ya go di rua) di ka kgoreletsang Mokeresete go ‘rua botshelo jo bo sa khutleng’ ka tsone. E nngwe ke gore lorato lwa dikhumo lo ka mo tlhotlheletsa go tsaya mekgwa ya selefatshe, jaaka go bega dipoelo tse di kwa tlase go na le ka moo a amogetseng ka gone kana go dirisa mekgwa mengwe ya go se ikanyege mme e le e e tlwaelegileng. Kana fa a thapa Bakeresete ka ene bao ba ikanyegang le ba ba dirang ka natla, o ka nna a baya papadi ya gagwe ya botho kwa pele ga bomoya jwa bone. Ka sekai, gore a tle a ba lotlelele mo tirong ya bone, o ka nna a ba kgothaletsa go simolola mokgwa wa botshelo o o tlhotlhwa kgolo (kana le eleng go nna le dikoloto ka ntlha ya manobonobo). Mme ereka e le mong wa bone, kamano eo e ka nna ya fetela mo go dirisaneng ga bone ga mo phuthegong
15. Bakeresete bangwe ba pele ba ka tswa ba ile ba utlwa matswela a a botlhoko a dikhumo jang? (Pesalema 73:3-8, 12, 27, 28)
15 Bakeresete bangwe bao ba neng ba humile mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ka ne ba nnile mo go bao ba neng ba wela mo go ‘tsiediweng ke mahumo.’ Jakobe o ne a kwala ka ‘dilo tse di matladika tse di tla welang lona bahumi.’ Ba ne ba na le diaparo tse di tlhotlhwa kgolo, ba ne ba kokoanya gauda le selefera ka go duela bathapiwa madi a mannye, ba ne ba nontshiwa ke monate. (Yakobe 5:1-5) Go a tshwana le gompieno. Khumo gantsi e letla motho go nna le dijo le dino tse di nontshang tseo di ka senyang mmele wa gagwe. Go ka nna ga letla gape go eta ka metlha go go mo kgaoganyang le phuthego ya gagwe. Seno ga se reye gore diaparo tse di lebegang, gauda, dijo, le go eta ka botsone di a gobatsa. Lefa go ntse jalo, “bahumi” bao Jakobe a kwadileng ka bone ba ne ba sa thusiwe ke tsone; ka bomoya jwa bone jo bo kwa tlase le kemo ya bone fa pele ga Modimo, ba ne ba na le lebaka la go ‘lela le go bokolelela dilo tse di matladika tse di tlang.’
16. Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a neela kgakololo e e phepafetseng jaana kaga dikhumo, mme o tshwanetse go ipotsa eng?
16 Jesu ka phepafalo o ne a itse ka ga botlhoko le dikgoreletsi tsa semoya tseo gantsi bahumi ba itemogelang tsone. O ne a itse gape gore dithoto di ka bola ka tota kana tsa fetoga malele fela, seo se se kitlang se diragala ka dikhumo tsa Bokeresete. (Diane 11:28; Mareko 10:29, 30) Ka jalo, Jesu o ne a re direla tirelo ya mmatota rotlhe ka go re tlhagisa jaana: “Ana go thata yañ mo go ba ba nañ le mahumō go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo!” (Luke 18:24) Tlhagiso ya gagwe e ka re thusa le eleng fa re na le dithoto tse di lekanyeditsweng. Jang? Ka go kganela keletso epe ya go batla go huma jaanong. Bakeresete ba dumela gore Jesu o ne a bua boammaaruri. Re a dumela ebile re tshela ka seo Jesu a se buileng kaga Rragwe, kaga bofelo jwa tsamaiso eno, le ka go tlhagolela lorato. Sebui seno sa Boammaaruri gape se rile: “Go ka nna boheho kamela go tsèna ka lechoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” (Mathaio 19:24) A ruri o dumela seo? A ditiro tsa gago, mokgwa wa botshelo, le maikutlo di supa gore o dira jalo?
Tswelapele o Huma—Ka Tsela ya Modimo
17. Bakeresete ba bantsi ba dumalana le go humisiwa ke Jehofa jang?
17 Bosupi boa tla go tswa lefatsheng lotlhe gore bontsi jwa batlhanka ba Modimo ba tseela kwa pelong kgakololo e e tshwanang le e e go Mathaio 19:16-24. Bakeresete ba bantsi ba basha ba ikaeletse gore gangwe fela fa ba fetsa selekanyo se se tlwaelegileng sa thuto ya sekolo ba tla latelela bodihedi jwa nako e e tletseng. Basadi ba ba nyetsweng bao ba neng ba ka dira tiro ya boitshediso go oketsa madi a a tsenang mo lapeng, go na le moo, ba neela nako e ntsi mo ditirong tsa Bokeresete, ba dira gore bone le ba bangwe ba hume thata semoyeng. Le eleng banna ba ba nang le boikarabelo jwa Dikwalo jwa go tlamela malapa a bone ka dilo tse di bonalang ba bona ditsela tsa go nna le seabe se segolwane mo bodiheding.
18, 19. Ke dikgato dife tse bangwe bao ba ileng ba batla masego a ga Jehofa ba ileng ba di tsaya?
18 Mogolwane mongwe mo dingwageng tsa gagwe tse di mo bogareng ga bo-30 o dumela gore “go nna modihedi wa nako e e tletseng e ne e le mafoko fela a a neng a tswa mo molomong wa me ka metlha.” O ne a amogela go feta R50 000 ka ngwaga, go akaretsa le madi a ditshenyegelo ebile a dirisa koloi ya khampani. Mme o ne a kopiwa go neela puo ya kopano ya 1983 “Go Tlhoma Mekgele e e Siameng le go e Gagamalela.” O dumela ka gore: “Jaaka ke ne ke ntse ke bala kgang ka tlhoafalo, ke ne ka swaba le go tlhabiwa ke ditlhong gore segakolodi sa me se ne se mpolaya fela.” Pele kopano e fitlha ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tlotla ka boemo jwa bone. Ka bonakonyana fela a bona tiro ya nakwana mme a kopanela le mosadi wa gagwe jaaka mmulatsela. Ba santse ba bula tsela, ba itumelela masego a mantsi a semoya.
19 Ba bangwe ba ile ba fuduga go tswa kwa mafelong ao a tletseng ka dikgonego tsa go bona madi go ya kwa mafelong ao ba ka kgonang go oketsa ditiro tsa bone tsa semoya gona. Banyalani ba Canada ba ne ba kwala jaana kaga go bula tsela ga bone mo Latin America: “Lemororo go na le khumanego e kgolo fano mo bakaulengweng, ba na le tlhoafalo e e gakgamatsang ya boammaaruri. Ba ka nna ba bo ba humanegile ka tsela ya lefatshe, mme semoyeng ke bora-dimilione. Re na le baboledi ba le 38, ba le 10 ba bone ke babulatsela ba ka metlha. Dipokano tse di gabedi di a tlhokafala gonne go na le ba bantsi thata ba ba nnang gone—palogare ya go tloga go 110 go ya go 140. Bagolwane ba babedi le batlhanka ba bodihedi ba le bararo ba tshwanetse go tlhokomela dipokano tsotlhe tseno. Re ithuta gape go tswa mo bakaulengweng ba rona fano ba ba ikokobeditseng seo tota se bolelwang ke go baya Jehofa pele mo matshelong a rona. Ba re bontsha gore Jehofa a ka direlwa ka moya otlhe go sa kgathalesege gore maemo a rona ke afe.”
20. Re tshwanetse go ikutlwa jang mo dipelong tsa rona kaga go huma dilo tse di bonalang?
20 Bakeresete bao ga ba na lebaka lepe le le utlwalang la go eletsa motho yo o humileng, a le ka kwantle kana mo teng ga phuthego, kana go tshwarega ka dikeletso tsa dilo tse di bonalang. Ba lemoga gore madi mangwe a tlhokafalela botshelo jo bo tlwaelegileng (Moreri 5:3; 7:12) Mme ba anaanela gape gore Jesu o boletse boammaaruri—bahumi ba lebana le dikgoreletsi dikgwetlho le dikotsi di le dintsi tsa semoya. Kgwetlho e le nngwe e e thata ke ya “ba ba humileñ mo motlheñ ono, gore ba se ka ba ipègèla godimo, leha e le go sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla.”—1 Timotheo 6:17.
21. Kabelo ya bao ba lelekisang dikhumo tsa semoya ke efe?
21 Ka maswabi, molaodi yo mmotlana yo o neng a bua le Jesu o ne a palelwa ke go lebana le kgwetlho eo. Ba bangwe ba ba tshwanang le ene ba ile ba direla Modimo ka nakwana mme moragonyana ba boga botlhoko le go palelwa semoyeng tse di amanang le khumo ya bone. Go fapaana le seo go na le dimilione tsa Bakeresete ba ba ikanyegang bao ba tswelang pele go supa gore “tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.” (Diane 10:22) Matshelo a bone a na le bokao; ba na le mekgele ya botlhokwa le boikutlo jwa gore ba fitlheletse sengwe. Ditiro tsa bone tse di molemo ditla nnela ruri, di ba neela boipelo jo bogolo jaanong le mo isagweng. (Bafilipi 4:1; 1 Bathesalonia 2:19, 20) A rotlhe re lweleng go huma ka tsela eo.
Dikakanyo tse di ka Sekasekiwang
◻ Go rewa mofuta ofe wa dikhumo go Diane 10:22?
◻ Ntlha ya ga Jesu e ne e le efe fa a bua kaga mohumi le kamela?
◻ Ke ka ntlhayang fa ka gale botshelo bo le boima thata go bahumi?
◻ Re ka ganela jang go huma ka tsela ya Modimo?
[Lebokoso mo go tsebe 10]
Khumo le Lelapa
FA O akanya kaga matswela a a leng gone a khumo, o seka wa tlodisa lelapa la gago matlho. Sekaseka dilo tseno:
Go tswa Canada go tla pego e e tswang go baitseanape ba mogopolo ba ba ithutileng ka bana ba bahumi ba bagolo: “Botshelo boa ba tena. Ga ba na mekgele epe go na le go iitumedisa ka bobone mme ga ba kgone go itshokela le eleng go swabisiwa go gonnye. Ba itemogela maikutlo a se kae fela a mofuta ope o mongwe. Ditelekiso tsa bone tse dikgolo ke go reka dilo, go eta, le go hukutsa metswedi e mesha ya boitlhapediso.”
New York Times e rile jaana ka radimilione mongwe wa nako e e fetileng: “Jaaka fa a ntse a atlega ka mo go oketsegileng mo kgwebong mme a bapala khumo, o bolela gore o ne a bona lelapa la gagwe le fetoga. ‘Mosadi wa me le morwadiake ba ne baa ke ba lekanye batho ka madi ao ba nang le one, mme fa ke ne ke naya mosetsana a le mongwe ntlo ya [R600 000] ke ne ke tla tshwanelwa ke go naya mosetsana yo mongwe [R600 000] mo seatleng.’” Morago ga go tlhaselwa ke pelo, “go akaretsa le seo khumo e se dirileng mo mosading wa gagwe le bana,” o ne a fetola tsela ya gagwe ya botshelo.
Mabapi le lefatshe le le humileng ka oli mo Botlhaba Gare, Arnold Hottinger o ne a tlhokomela jaana: ‘Go dirisa boitseanape jwa go ithuta mofuta wa malwetsi le seo se a bakang gore o bone khumo ke sengwe gape se se tlwaelegileng mo dingakeng di le dintsi tsa seeng tseo di tlang mono go bona madi a a kwa godimo. . . . Ba bega gore, ga go gope koo go nang le malwetsi ao a amang mmele le tlhaloganyo a a anameng jaaka mono—malwetsi a a bakang go boga ga mmatota mme ga a bakiwe ke go palelwa gope go go bonalang ga ditogwa tsa mmele. Ba re, go na le batho ba basha bao ba bontshang lotshwao longwe le longwe lwa go nna bagodi, le batho ba bagolo bao ba itshwarang jaaka bana.’