Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A Jonathane o ne a latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo fa a ne a ja mamepe morago ga gore Kgosi Saulo a hutse motlhabani ope yo o neng a ka ja pele ntwa e fela?
Kano ya ka bonako ya ga Saulo e ne ya baya Iseraele mo maemong a go hutsiwa, mme ga go bonale gore Jonathane o ne a seka a amogelwa ke Jehofa ka ntlha ya go nna kgatlhanong le kano.
Samuele wa Ntlha 14:24-45 e anela tiragalo eno. Baiseraele, ba kgothaditswe ke ditiro tsa ga Jonathane tsa bonatla, ba ne ba lwantsha baba ba Bafilisita. Kgosi Saulo o ne a re: “Go hutsègè motho eo otla yañ diyō go ea maitsiboeèñ, le go tsamaea ke itehetsa mo babeñ ba me.” (1Sa 14 Temana 24) A sa itse kano ya ga rragwe, Jonathane o ne a inaya maikatlapelo ka go ja mamepe. Batlhabani ba bangwe ba Baiseraele, bao le bone ba neng ba lapile, ba ne ba leofa ka go tlhaba kgomo le go ja ka bonako nama e e sa ntshiwang madi. Saulo o ne a aga sebeso malebana le boleo jono, mme o ne a sa itse seo morwa wa gagwe a neng a se dirile.
Fa Saulo a ne a batla kaelo ya Modimo go fenya ntwa, Jehofa o ne a seka a araba. Ka go dirisa Bola (gongwe go akareletsa ditaolo tse di boitshepo), Saulo o ne a lemoga gore morwawe o tlotse kano eno e e boeleele. Mme tota, Jonathane o ne a le molato jang?
Gakologelwa boikutlo jwa kgosi fa a ne a dira kano eno. O ne a seka a bontsha keletso ya go tlotla Modimo ka go fenya Bafilisitia. Go na le moo, Saulo o ne a potlakela go hutsa mongwe le mongwe yo o jang “go tsamaea ke itehetsa mo babeñ ba me.” Ee, kano e ne e tswa mo ponong e e ntseng jalo e e phoso ya maatla a kgosi kana tlhoafalo ya maaka. Kano eo e ne e ka se tshegediwe ke Modimo. Kano eno e ne ya baka boleo jwa batlhabani ba Baiseraele jwa madi a phologolo. Fa ba ne ba sa kgorelediwa ke kano, ba ne ba ka bo ba kgonne go bona dijo mme ba nnile le nonofo ya go leleka Bafilisita go fitlhela ba fenya ka mo go feletseng.
Modimo o ne a letlelela go dirisiwa ga Bola go bontsha gore Jonathane (ka go se itse) o ne a tlotse kano ya ga Saulo, mme seno ga se reye gore O ne a amogela kano eno ya ka bonako. Ga go na gope moo pego e reng Modimo o ne a leba Jonathane jaaka mosenyi gone. Tota, lemororo Jonathane a ne a batla go amogela matswela a go roba kano eno ya ka bonako ya ga rragwe, maemo a ne a pateletsa gore botshelo jwa ga Jonathane bo bolokiwe. Batlhabani ba Baiseraele ba ne ba re Jonathane o dirile ditiro tsa gagwe tsa bonatla “le Modimo,” mme ka tsela nngwe ba ne ba golola Jonathane. Mo dingwageng tse di latelang, e ne e le Jonathane yo o neng a tswelapele a amogelwa ke Jehofa fa Saulo a ne a dira diphoso tse di latelanang.
◼ Ke baatlhodi ba bakae, ba ba tshwanang le Samesone le Gideone, bao ba neng ba le gone?
Fa o bala baatlhodi, palo eo o e fitlhelelang e ikaegile ka moo o lebang Baiseraele ba bangwe ka gone. Mme go ka buiwa ka tlhomamo gore banna ba le 12 ba ne ba direla jaaka baatlhodi magareng ga Joshua le Samuele.
Mo metlheng ya ga Moshe le Joshua, banna bangwe ba bagolo mo phuthegong e ne e le baatlhodi ka mogopolo wa gore ba ne ba tlhophiwa go reetsa le go atlhola melato ya molao. (Ekesodo 18:21, 22; Joshua 8:33; 23:2) Morago ga loso lwa ga Joshua, Iseraele o ne a fapoga kobamelo ya boammaaruri mme a bogisiwa ke batho ba bangwe. Baatlhodi 2:16 e re: “Me Yehofa o ne a tla a cose baatlhodi, ba ba ba gololañ mo diatleñ tsa ba ba ba thukhuthañ.” Lantlha Jehofa o ne a tsosa monna yo o bidiwang Othaniele jaaka moatlhodi, kana ‘mogolodi.’ (Baatlhodi 3:9) Morago ga moo go ne ga tla Ehudi, Shamegare, Baraki, Gidione, Thola, Jairo, Jefeta, Ibisane, Elone, Abidone, le Samesone.
Kwantle ga bano ba ba 12, Bibela e umaka Debora, Eli le Samuele malebana le go atlhola. (Baatlhodi 4:4; 1 Samuele 4:16-18; 7:15, 16) Lefa go ntse jalo, Debora o bidiwa moperofeti wa ntlha wa mosadi, mme o golaganngwa le Moatlhodi Baraki, yoo ka mo go tlhomologileng a neng a etelela pele mo go gololeng batho mo kgatelelong. Ka mo go tshwanang, Eli e ne e le moperisiti yo mogolo ka mo go tlhomologileng, eseng ‘mogolodi’ yo o neng a golola Iseraele ka ntwa. (Nehemia 9:27) Ka gone, lefa Debora le Eli ba nnile le seabe mo go atlholeng Iseraele, go na le lebaka la go se ba umake le banna ba le 12 bao ka phepafalo le ka mo go tlhomologileng ba neng ba ‘tsositswe’ jaaka baatlhodi ka mo go kgethegileng. Ditihō 13:20 e re “[o ne a] ba naea baatlhodi, go tla go hitlha mo lobakeñ loa ga Samuele moperofeti.” Seo se lekanya seo se ka nnang sa bo se itsiwe jaaka nako ya baatlhodi, mme se bontsha lebaka la go bo Samuele le bomorwawe gantsi ba sa balwe mo baatlhoding.—1 Samuele 8:1.