Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A Basupi ba ga Jehofa ba nitame ka bohatlha mo malokong a bone jaaka ba ntse ka mokgwa o o gobatsang wa tiriso ya motsoko?
Basupi ba ga Jehofa ba dumela se Bibela e se buang kgatlhanong le motsoko, mme ebile ka mo go tshwanang ba a go amogela fa Dikwalo di kgala bohatlha.
Ba dumela gore go goga go tlola melao-metheo ya Bibela. Go goga go kopanyeletsa go tshwakgolwa ke bokgakga. Gape, ga se selo sa tlholego go hema mosi. Go goga go leswefatsa mmele, go baka mathata a boitekanelo, go bile go khutshwafaditse matshelo ao a ka bong a diriseditswe go baka Modimo. Go goga gape go kgotlhela moya o ba bangwe ba o hemang ka mo go diphatsa; mme ruri, seo ga se go rata wa gaeno.—2 Bakorintha 7:1; Baroma 12:1; Mareko 12:33.
Lefa go le jalo, go tweng kaga go ja ka bohatlha? Bibela ka tlhamalalo e nyatsa bohatlha, mo eleng go ja mo go feteletseng ka bogagapa, kana go ja thata ka bogagaru. Mosimane wa moiseraela yo o neng a sa ikotlhae a le “motho eo o ditlhapèlō [bohatlha] mo go tsheleñ ga gagwè, e bile [e le] letagwa” o ne a tshwanetse go bolawa. (Duteronome 21:18-21) Diane di tlhagisa kgatlhanong le go nna “monkana oa diapu [dihatlha].” (Diane 28:7; 23:20, 21)Bohatlha bo bile bo phoso ereka jaana re bolelelwa gore “ba ba bohula” ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10; bapisa 1 Petere 4:3; Bafilipi 3:18, 19.) Balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse “go ikgapa” eseng go nna “diyabele [dihatlha] tse di bobodu hèla” (Tito 1:8, 12) Seno se masisi thata mo e leng gore balebedi bangwe ba ile ba tlosiwa ka ntlha ya go sa laole go ja ga bone.
Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe ga lemogiwa gore, go tlhomamisa gore a motho o sehatlha kana nnya ga go motlhofo. Go ja (ka go sa tshwane le go metsa mosi wa motsoko) ke ga tlholego ebile o tshwanetse. Lefa e le gore go nona ke gone fela go supang gore motho ke sehatlha; motho yo mosesane thata le ene a ka nna a nna sehatlha. Bibela ga e kgalemele go nna mokima thata, mme go na le moo, go ja mo go feteletseng, moo go ka nnang ga felela kana ga se felele ka mmele o mogolo.
Batho bangwe ba bakima thata ka ntlha ya go sa itekanelang ga ditokololo kana bolwetsi, lemororo Moporofesara Judith Rodin a tsaya gore ke “5 lekgolong fela ya bokima jotlhe jo bo bakiwang thatathata ke mathata a tsa kalafi.” Segotso le sone se ka dira gore motho a ganelele go nna mokgaraga. Dr. William Bennett o akgela jaana: “Batho ba le bantsi ba bakima ba boloka bokima jwa bone ka go ja se motho mongwe le mongwe wa bokima jo bo tlwaelegileng a se jang . . . tsela ya bone ya go sila dijo ke e farologaneng.” Baitseanape bangwe ba ikutlwa le eleng gore fa motho yo mokima a sa je thata, mmele wa gagwe o fokotsa selekanyo sa ona sa go sila dijo mo e leng gore o gamola dikalori ka bonya thata. Mme lefa motho yo mokima a se sehatlha ka tsela ya go nna moji yo o bogagaru, o ka nna a tshwanelwa ke gore a dirise kgakololo ya Modimo ka masisi.
Ka sekai, Bakeresete ba tshwanetse go tlhagolela boikgapo, joo bo dirang gape le mo go jeng. (Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 1:5-8) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba tshwane le motabogi yoo o ‘tshelang ka tekano mo dilong tsotlhe.’ Paulo o ne a ‘ikgoba mmele, a o baya mo taolong gore a seka a tla a ganwa.’ (1 Bakorintha 9:24-27) Go ka nna le lebaka le le utlwalang la gore motho yo o mokgaraga a ‘ikgobe mmele’ gore o ja go le kana kang, gore ke eng se a se jang, le gore o jang leng.a
Go nna mokima go ka nna diphatsa. Dipego di bontsha gore mmele o mogolo o ka baka madi a a pompiwang ka bogolo le dilekanyo tse dikgolwane tsa cholesterol, bolwetsi jwa sukiri mo bagolong, mefuta e le mmalwa ya kankere, malwetsi a pelo le a santlhokwe, arthritis, le mathata a go hema. “Motho yo o fetileng bokete jwa mmele wa gagwe ka 20 lekgolong o lebanwe ke selekanyo sa loso se se nngwe-tharong go feta mongwe le mongwe; mo go ba ba fetileng bokete jwa bone ka 30 le 50 lekgolong, dilekanyo ke 50 le 100 lekgolong go feta, mo go mongwe le mongwe.” (The New York Times, February 27, 1985) Go na le dipego tse di tshwanang kaga mathata a boitekanelo go tswa kwa Engelane, Jeremane le Itali.
Mokeresete ruri o batla go ‘rata Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe, moya [kana, botshelo], tlhaloganyo le nonofo.’ (Mareko 12:30) Ba le bantsi, morago ga fa ba sena go ithuta Bokeresete, ba lesa go goga go sireletsa boitekanelo jwa bone le botshelo. A Bakeresete ga ba a tshwanela go amega ka mo go tshwanang gore go nna mokima thata ka ntlha ya go ja mo go feteletseng go ka gobatsa boitekanelo jwa bone le botshelo jwa bone jo bo neetsweng Jehofa?
Batho bangwe ba ja thata fa ba hutsafetse, fa ba le mo tlalelong, fa ba bolawa ke bodutu kana ba gaketse. Lemororo go nna Mokeresete go sa kganele maikutlo a a ntseng jalo gotlhelele, go na le gore ba leke go iphalotsa ka go ja mo go sa tlhokafaleng, Mokeresete a ka retologela go Modimo le go bakaulengwe ba gagwe. Mabapi le seno bala Bafilipi 4:6, 7, 11-13. Le eleng baitseanape bao ba tsayang gore motho o na le tshekamelo ya tlholego go nna wa selekanyo se se rileng sa bokete jwa mmele ba dumalana gore seo se ka fetolwa. Ba otlelela mo go reng motho a fokotse go ja dijo tse di nang le mafura a mantsi le go oketsa tiriso ya mmele. Ka mo go kgatlhisang, mo dikarolong tse dintsi Mokeresete yo o arolang ka metlha mo bodiheding jwa ntlo le ntlo o bona boitekanelo jo bontsi ka go tsamaya le go etla a palama. Paulo, le ene, o ne a nna “mo tihoñ le mo tapisegoñ“ mo bodiheding.—2 Bakorintha 11:26, 27.
Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ga ba dumelele bohatlha ka ntlha ya se Bibela e se bolelang. Lefa bokete jwa mebele ya bone bo ka ne bo le kana kang,ba leka go “tshela ka tekanō mo diloñ cotlhe,” go akareletsa le go ja. Seno ga se jalo thatathata ka ntlha ya dipono tsa mokgwa wa botshelo kaga feshene mme ka ntlha ya go bo ba batla go tshela go ya ka melaometheo ya Bibela le go nna Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba ba amogelwang ke Modimo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go le kana kang: go fokotsa go ja ka selekanyo se se tshwanang se se tlhomameng. Eng: go fokotsa go ja dijo tse di tlhakatlhakaneng tse di loileng le dino tse di motlholo, le dilekere le mahura, jaaka botoro le dioli, mme motho a je dijo tse di nang le dikotla, le tse di tlisang boitekanelo. Leng: go sa je sepe pele ga dijo kana ka sephiri. Jang: go ja ka iketlo.