Thuso mo Go Goleng
Go gola mo metlheng eno e e tletseng matshwenyego ga go motlhofo. Basha ba lebane le maemo a le mantsi a masha ao ba tshwanetseng go dira diphetso tse di masisi mo go one. A ke tshwanetse go goga? A ke amogele diokobatsi? Ke boitshwaro bofe jo bo tshwanetseng fa o na le motho wa bong lo bo fapaaneng? Go tweng kaga phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi le bosodoma? Mosha mongwe o ne a kwala a re:
“Ke setse jaanong ke tla tshwara dingwaga tse 13, mme ke ne ke rata fela go lo lebogela buka ya Bosha. Buka eno e nthusitse thatathata mo dipakeng tseno tse di boima tsa go gola. Ke eletsa ekete basha botlhe ba dingwaga tsa me kana ba bagolwane ba ne ba itse kaga buka eno.”
Buka eno, eo e tlotlang ka dipotso tsotlhe tse di fa godimo le tse dingwe tse dintsi, ke Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. lkamogelele sekaelo ka go tlatsa le go romela foromonyana eno. Ke R1,80 fela.
Tswee tswee nthomelelang, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192. ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Ke romela R1,80.