Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ Morago ga go leofa ga ga Dafide le Bathesheba, ke ka ntlhayang fa morwa wa bone a ne a tshwanela ke go swa, ereka Duteronome 24:16 le Esekiele 18:20 di bolela gore morwa ga a tshwanela go swela phoso ya ga rragwe?
Dafide le Bathesheba e ne e le batho ba ba nyetseng ka bobedi fa ba ne ba dira boaka mme a ithwala. Boaka jwa bone e ne e le boleo jo bo masisi joo kotlhao ya jone e neng e le loso mo molaong wa Modimo. (2 Samuele 11:1-5; Duteronome 5:18; 22:22) Jalo fa Modimo o ne o ba dumeletse gore ba atlholwe ke batho bao ba leng tlase ga Molao, morwa yo o neng a gola mo popelong a gagwe o ne a tla swa le mmagwe. Mme Jehofa a tlhopha go atlhola kgang ya bone ka mo go farologaneng, eo jaaka “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe” tota a neng a na le tshiamelo ya go e dira.—Genesise 18:25.
Fa a lebane le phoso ya gagwe, Dafide o ne a dumela ka gore: “Ke leohetse Yehofa.” Mme morongwa wa Modimo a raya Dafide a re: “Yehofa le èna o tlositse boleo yoa gago; ga u ketla u shwa “ (2 Samuele 12:13) Dafide o ne a utlwelwa botlhoko ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi. Go feta moo, ereka Modimo a kgona go bona dipelo, o tshwanetse a bo a lekantse bommatota jwa go ikwatlhaya ga ga Dafide mme a konela ka gore go ne go na le motheo a go utlwela Dafide le Bathesheba botlhoko. Lefa go ntse jalo ba ne ba se kitla ba falola maduo a otlhe a phoso ya bona. Ba ne ba bolelelwa gore: “Leha go nntse yalo, ereka u neile baba ba ga Yehofa thata e kgolo ea ga tlhapatsa ka tihō e, le nwana eo u mmonyen o tla tla shwa rure.”—2 Samuele 12:14.
Modimo ‘a ba itaya’ go akareletsa le ngwana wa bona yo o neng a sa ba tshwanela; mosimane a lwala mme a swa. Gompieno motho a ka lebelela loso lwa ngwana mme a akanye gore katlholo e e bogale e ne ya neelwa. Lefa go ntse jalo, go molemo go gakologelwa gore fa kgang eno ya kgokafalo e ne e tshotswe le go tlhatlhobiwa ke baatlhodi ba batho bao ba leng tlase ga Molao, botlhe ka boraro (Dafide, Bathesheba, le morwa mo popelong ya gagwe) ba ka bo ba latlhegetswe ke matshelo a bone. Fa e lebelelwa mo leseding leo, go letlelela ga Modimo gore bobedi jwa bone go falola e ne e le kutlwelo-botlhoko. Go feta moo, mo nakong eno ya morago ga re na dintlha tsotlhe, jaaka boikitsiso kaga boitekanelo jwa lesea ka bonako morago ga go tsalwa. Lefa go ntse jalo, re ka amogela go atlhola ga Modimo kgang eno, re ikanya gore seo a se dirileng se ne se itekanetse, se le botlhale ebile se siame. Tota le Dafide moragonyana o ne a dumela ka go re: “Kaga Modimo [wa boammaaruri], tsela ea ōna e itekantse.”—2 Samuele 22:31; bapisa Yobe 34:12; Isaia 55:11.
Seo se tumalanong le boitshwaro jwa Dafide morago ga go utlwa katlholo ya Modimo. Fa ngwana a ne a lwala, Dafide o ne a hutsafala le go itima dijo. Mme morago fela fa loso le sena go diragala, Dafide a lemoga gore kgang e fedile. (2 Samuele 12:22, 23) Jalo, ka go ikanya katlholo ya Modimo, Dafide a tswela pele ka go gomotsa Bathesheba (jaanong e le mosadi wa gagwe wa semolao), a mo tlhomamisetsa gore kamano ya bone ya lenyalo e tla tswelela. Moragonyana ba ne ba tsala Solomone mme a nna motlhatlhami wa ga Dafide.
Go atlholwa ga kgang eo ke Modimo ga go a tshwanelwa go lebiwa jaaka go go lwantshanang le Duteronome 24:16 kana Esekiele 18:20.
Jaaka karolo ya Molao, Modimo o kaela jaana: “A borra bana ba se bolaelwe bana, le bana a ba se bolaèlwè borrabō: a motho moñwe le moñwe a bolaelwe boleo yoa gagwè.” (Duterenome 24:16) Dikaelo tseo e ne e le tsa baatlhodi ba lseraele ba ba atlholang dikgetse tsa semolao. Baatlhodi ba ne ba sa kgone go bona dipelo. Ba ne ba tshwanetse go atlhola motho mongwe le mongwe ka motheo wa boitshwaro jwa gagwe jaaka bo ne bo tlhalosiwa ke mabaka.
Ka mo go tshwanang, Esekiele 18:20 e re: “Nwana ga a ketla a bèlèga boikèpō yoa ga rragwè, le rra motho ga a ketla a bèlèga boikepo yoa ñwana; tshiamō ea mosiami e tla nna mo go èna, le boikèpō bo tla nna mo go èna.” Seno se ne se lebisa segolo go bagolo. Temana e bua ka morwa yo o boneng boikepo jwa ga rragwe mme a gana go nna le seabe mo go jone; go na le moo, morwa o ne a tsweletsa dikatlholo tsa ga Jehofa le go sepela mo melaong ya Gagwe. Morwa yo o ntseng jalo o ne a tla bolokwa fa rragwe a swa.—Esekiele 18:14-17.
Lefa go ntse jalo, go ka se ganwe gore bana ba ka boga ka ntlha ya matswela a ditiro tsa batsadi ba bone. Batsadi bao ba senyang kana ba dieleele ba ka tlisetsa lelapa lotlhe bodidi. Kana akanya ka phelelo mo baneng fa motsadi a atlholetswe go ya kgolegelong ka ntlha ya tiro ya tlolo molao. Tota le masetlapelo ao Modimo ka tshiamo o a tliseditseng Baiseraele ka ntlha ya boikepo jwa bone a ne a ama bana ba motlha oo. (Duteronome 28:15, 20-32; Esekiele 8:6-18; 9:5-10) Ka mo go fapaaneng, Modimo o tlhotlheleditse batho ba gagwe jaana: “Itshenkèlè botshelō, gore u tshelè, wèna le losika loa gago: gore o ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñgaparela: gonne ke èna botshelō yoa gago, le bolele yoa malatsi a gago.”—Duteronome 30:19, 20.
Ka gone, boitemogelo jwa ga Dafide le Bathesheba bo tshwanetse go otlelela go batsadi gore boitshwaro jwa bone bo ka ama bana ba bone thata. Fa batsadi ba boifa leina la Modimo, letsatsi la tshiamo le tla tlhabela tshegofatso ya lelapa lotlhe.—Malaki 4:2.